< 1 Tessalonikerne 4 >

1 Elles no, brør, bed og påminner me dykk i Herren Jesus, at liksom de hev lært av oss korleis de skal ferdast og tekkjast Gud, som de og gjer, so må de alt meir fremdast deri.
Mmang ke oketse ka se, bakaulengwe ba ba rategang: Lo setse lo itse go itumedisa Modimo mo botshelong jwa lona jwa malatsi otlhe, gonne lo itse melao e re e lo neetseng e tswa kwa go Morena Jesu ka sebele. Jaanong re a lo kopa, ee, re batla se mo go lona ka leina la Morena Jesu, gore lo tshele lo le gautshwane le one mogopolo oo.
2 For de veit kva bod me gav dykk ved Herren Jesus.
3 Dette er Guds vilje, dykkar helging: at de skal halda dykk frå utukt;
Gonne Modimo o batla gore lo nne boitshepo le bophepa, le go ikgapha mo sebeng sa boaka gore mongwe le mongwe wa lona a tle a nyale ka boitshepo le ka tlotlo,
4 at kvar og ein av dykk veit å vinna seg sin eigen make i helging og æra,
5 ikkje med ovhug i lyst, so som heidningarne som ikkje kjenner Gud;
e seng mo dikeletsong tsa nama jaaka baheitane ba dira, mo bosenakitsong jwa bone ka Modimo le ditsela tsa one.
6 at ingen skal gjera bror sin uskil eller svik i det som han hev å gjera med honom; for Herren er hemnar for alt slikt, som me og fyrr hev sagt og vitna for dykk.
Mme gape le mo ke go rata ga Modimo: gore o seka wa tsietsa mo selong se, ka go tsaya mosadi wa monna yo mongwe, gonne Morena o tlaa go otlhaela go dira jalo ka kwatlhao e e botlhoko, jaaka re lo boleletse pele ka tlhwaafalo.
7 For Gud kalla oss ikkje til ureinskap, men til helging.
Gonne Modimo ga o a re biletsa go nna le megopolo e e maswe le go tlala dikeletso tsa nama, mme o re bileditse go nna boitshepo le bophepa.
8 Den som då mismæter dette, han mismæter ikkje eit menneskje, men Gud, som og gjev sin Heilage Ande i dykk.
Fa mongwe a gana go tshela ka fa ditaolong tse, ga se gore o gana ditaolo tsa batho mme o gana tsa Modimo o o lo nayang Mowa O O Boitshepo.
9 Men um broderkjærleiken treng de ikkje til at nokon skriv til dykk; for de er sjølve lærde av Gud til å elska kvarandre;
Mme kaga lorato lwa sekaulengwe lo lo itshe-kileng lo lo tshwanetseng go nna mo bathong ba Modimo, ga ke tlhoke go bua thata, ke a tlhomamisa! Gonne Modimo ka bo One o lo ruta go ratana.
10 for de gjer det og mot alle brørne i heile Makedonia. Men me legg dykk på hjarta, brør, at de alt meir må fremdast deri
Ke a tlhomamisa, fa lorato lwa lona lo setse lo nonofile go tswela kwa bakaulengweng botlhe ba Bakeresete mo chabeng yotlhe ya ga lona. Le fa go ntse jalo, ditsala tse di rategang, re lo kopa go ba rata segolo bogolo.
11 og setja dykkar æra i å liva stilt og taka vare på dykkar eigne saker og arbeida med henderne, som me hev bode dykk,
Se e tshwanetseng go nna keletso ya lona ke se: go tshela botshelo jo bo ritibetseng, lo beile mogopolo mo go se se amang matshelo a lona lo dira tiro e e leng ya lona ka sebele, jaaka re lo boleletse pele.
12 so de må ferdast sømeleg med deim som er utanfor, og ikkje trenga til nokon.
Ka go dira jalo batho ba e seng Bakeresete ba tlaa lo ikanya ba bo ba lo tlotla, mme ga lo kitla lo tlhokana le go baya mo go ope gore a lo fe madi a a lekanyeng go duela melato ya lona.
13 Men eg vil ikkje, brør, at de skal vera uvitande um deim som er avsovna, so de ikkje skal syrgja liksom dei andre, som ikkje hev nokor von.
Mme jaanong, bakaulengwe ba ba rategang, ke batla gore lo itse se se diragalang mo Mokereseteng fa aa swa gore e tle e re fa loso lo tla, lo seka lwa utlwa botlhoko thata, jaaka ba ba se nang tsholofelo.
14 So sant som me trur at Jesus døydde og stod upp, so skal og Gud ved Jesus føra deim som er avsovna saman med honom.
Gonne e re ka re dumela gore Jesu o ne a swa a bo a tsoga mo losong gape, re ka dumela gape gore fa Jesu a bowa gape, Modimo o tlaa mmusa le Bakeresete botlhe ba ba suleng.
15 For dette segjer me dykk med eit ord av Herren, at me som liver, som vert att til dess Herren kjem, ikkje skal koma i fyrevegen for deim som er avsovna;
Ke ka lo bolelela se, se tswa kwa Moreneng ka sebele: Gore rona ba re santseng re tshela, fa Morena a boa ga re kitla re tlhatloga go ya go mo kgatlhantsha pele ga ba ba mo mabitleng a bone.
16 for Herren sjølv skal koma ned frå himmelen med bjodande rop, med yverengels røyst og med Guds basun, for dei som er avlidne i Kristus, skal fyrst standa upp;
Gonne Morena ka sebele o tlaa fologa kwa legodimong ka loshalaba lo logolo le go gowa ga moengele mo go amang mowa le go galaotega ga torompeta ya Modimo. Mme Bakeresete ba ba suleng ba tlaa nna ba ntlha go tlhatloga ba ya go kgatlhantsha Morena.
17 so skal me som liver, som vert att, saman med deim verta rykte i skyer upp i lufti til å møta Herren, og so skal me alltid vera med Herren.
Mme rona ba re santseng re tshela re tlogetswe mo lefatsheng re tlaa tsholelediwa mmogo nabo mo marung go kgatlhantsha Morena mo loaping le go nna nae ka bosenabokhutlo.
18 So trøysta då kvarandre med desse ord!
Ke gone gomotsanang lo kgothatsane ka mafoko a.

< 1 Tessalonikerne 4 >