< Kolossenserne 1 >

1 Paulus, Kristi Jesu apostel ved Guds vilje, og broderen Timoteus
Lokwalo lo lo tswa kwa go: Paulo yo o tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete, le kwa go mokaulengwe Timotheo.
2 til dei heilage og truande brør i Kristus i Kolossæ: Nåde vere med dykk og fred frå Gud vår Fader!
Lo ya kwa: Bakaulengweng ba Bakeresete ba ba ikanyegang, batho ba Modimo, mo motseng wa Kolosa. A Modimo Rara wa rona o lo nesetse matlhogonolo o bo o lo tlatse ka kagiso ya One e kgolo.
3 Me takkar alltid Gud og vår Herre Jesu Kristi Fader, når me bed for dykk,
Nako nngwe le nngwe fa re lo rapelela re simolola ka go leboga Modimo Rraa Morena wa rona Jesu Keresete,
4 sidan me høyrde um dykkar tru på Kristus Jesus og den kjærleik de hev til alle dei heilage,
gonne re utlwile gore lo ikanya Modimo go le kae, le gore lo rata batho ba one go le kae.
5 for den von skuld som er gøymd åt dykk i himmelen, den som de fyrr hev høyrt um gjenom sannings-ordet i evangeliet,
Ebile lo solofetse go amogela dilo tse di itumedisang tsa legodimo, le gone ga lo bolo go nna lo di solofela go simolola ka nako e Mafoko a a Molemo a neng a simolola go rerwa ka yone mo go lona.
6 som er kome til dykk, liksom det og er i heile verdi og ber frukt og veks som hjå dykk frå den dag då de høyrde det og lærde å kjenna Guds nåde i sanning,
One Mafoko a a Molemo a, a a tsileng kwa go lona, a anamela mo lefatsheng lotlhe ebile a fetola matshelo a batho gongwe le gongwe, fela jaaka a fetotse matshelo a lona ka lone letsatsi le lo neng lo a utlwa ka lone lwa ba lwa tlhaloganya ka ga kutlwelo botlhoko e kgolo ya Modimo mo baleofing.
7 so som de hev lært av Epafras, vår kjære medtenar, som er ein tru Kristi tenar for dykk,
Epafarase modiri ka rona yo o rategang thata ke ene yo o neng a lo leretse Mafoko a a Molemo a. Ke motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jesu Keresete, go re thusa mo boemong jwa lona.
8 som og hev fortalt oss um dykkar kjærleik i Anden.
Gape ke ene yo o re boleletseng kaga lorato lo logolo mo go ba bangwe lo Mowa O O Boitshepo o lo lo neileng.
9 Difor held me, frå den dag me høyrde det, ikkje heller upp med å gjera bøn for dykk og beda um at de må verta fyllte med kunnskap um hans vilje i all åndeleg visdom og skynsemd,
Jalo he, e sale e re fela re utlwa kaga lona re bo re tswelela re rapela re kopa Modimo go lo thusa go tlhaloganya se o batlang lo se dira, le go tlhaloganya dilo tsa semowa;
10 so de må ferdast verdigt for Herren til all hugnad, so de ber frukt og veks i all god gjerning ved kunnskapen um Gud,
le go kopa gore tsela e lo tshelang ka yone e itumedise Morena ka metlha yotlhe lo bo lo mo tlotle, gore lo age lo dira, dilo tse di molemo mo go ba bangwe, lo ntse lo tswelela go ithuta go itse Modimo botoka.
11 so de vert styrkte med all styrke etter hans herlegdoms kraft til alt tolmod og langmod,
Re rapelela gape gore lo tladiwe ka nonofo ya one e kgolo e e galalelang gore lo tle lo kgone go tswelela pele le go le mathata, lo tletse boitumelo jwa Morena ka metlha yotlhe,
12 so de med gleda takkar Faderen som gjorde oss duglege til å få arvlut med dei heilage i ljoset,
ebile lo leboga ka metlha yotlhe Rara yo o re nonotshitseng go nna le seabe mo dilong tsotlhe tse dintle tse e leng tse ba ba nnang mo Bogosing jwa Lesedi.
13 han som fria oss ut frå myrkers magt og sette oss yver sin kjære Sons rike.
Gonne o re falotshitse ka go re ntsha mo lefifing le mo phifalong ya bogosi jwa ga Satane mme wa re tsenya mo bogosing jwa Morwa One yo o rategang,
14 I honom hev me utløysingi, forlating for synderne.
yo o rekileng kgololo ya rona ka madi a gagwe a bo a itshwarela dibe tsa rona tsotlhe.
15 Og han er eit bilæte av Gud den usynlege, den fyrstefødde framfor all skapning;
Keresete ke setshwano tota sa Modimo o o sa bonweng ka matlho, O ne a le teng pele ga Modimo o tlhola lobopo lotlhe, mme tota,
16 for i honom er alle ting skapte, dei i himmelen og dei på jordi, dei synlege og dei usynlege, anten det so er kongssæte eller herredøme eller magter eller yverråder; alle saman er dei skapte ved honom, og til honom,
Keresete ka sebele ke mmopi yo o tlhodileng sengwe le sengwe mo legodimong le mo lefasheng, dilo tse re ka di bonang le tse re se ka keng ra di bona; lefatshe la semowa ka dikgosi tse lone le mebuso ya lone, babusi ba lone le maotlana a lone; gotlhe go dirilwe ke Keresete go dirisiwa ke ene mo kgalalelong ya gagwe.
17 og han er fyrr enn alle ting, og alle ting stend ved lag i honom.
O ne a le teng pele ga sengwe le sengwe se simologa, mme gape ke nonofo ya gagwe e e tshwaragantseng sengwe le sengwe.
18 Og han er hovudet for likamen, som er kyrkja, han som er upphavet, den fyrstefødde av dei daude, for at han i alle måtar skulde vera den fremste.
Ke ene tlhogo ya mmele o o dirilweng ka batho ba gagwe, ke gore, phuthego ya gagwe e a e simolo-tseng; gape ke Moeteledipele wa botlhe ba ba tsogang mo baswing, gore a nne wa ntlha mo dilong tsotlhe;
19 For i honom tektest det Gud, at heile hans fylla skulde bu,
gonne Modimo o ne o batla gore gotlhe mo e leng ga one go nne mo go Morwa One.
20 og ved honom å forlika alle ting med seg, med di han gjorde fred med blodet på krossen hans - ved honom, anten det so er dei på jordi eller dei i himmelen.
E ne e le ka ntlha ya se Morwa One a se dirileng, mo Modimo o neng wa betlela sengwe le sengwe tsela ya go tla kwa go one, dilo tsotlhe mo legodimong le mo lefatsheng, gonne loso lwa ga Keresete mo mokgorong lo diretse botlhe kagiso mo Modimong ka madi a gagwe.
21 Ogso dykk som fordom var framande vortne og fiendar ved dykkar huglag, i dei vonde gjerningar,
Mo go balelwa le lona ba lo kileng lwa ne lo le kgakala thata le Modimo. Lo ne lo le baba ba one, lo o ila ebile lo ne lo kgaogantswe le one ke megopolo ya lona e e bosula le ditiro tsa lona mme le fa go ntse jalo jaanong o lo buseditse mo go one go nna ditsala tsa one.
22 dykk hev han no forlikt i hans kjøts likam ved dauden, for å stella dykk fram heilage og ulastande og uklandrande for si åsyn,
O dirile jaana ka ntlha ya go swa ga mmele wa gagwe wa botho mo mokgorong, mme ka ntlha ya go dira jalo Keresete o lo tlisitse fa pele ga Modimo ka sebele, mme lo eme foo fa pele ga gagwe go se na sepe se se setseng kgatlhanong le lona, go se na sepe se se setseng se a neng a ka se lo omanyetsa;
23 so framt de vert verande i trui, grunnfeste og trauste, og ikkje let dykk rikka frå den voni evangeliet gjev, det som de hev høyrt, som er forkynt for kvar skapning under himmelen, og som eg, Paulus, vart tenar for.
se se batlwang fela mo go lona ke gore lo dumele Boammaaruri ka botlalo, lo eme mo go jone lo sa reketle ebile lo nitame, lo nonofile mo Moreneng, lo dumela ka botlalo mo Mafokong a a Molemo gore Jesu o lo swetse, ebile lo sa sute mo go mo ikanyeng go lo boloka. Se mafoko a mantle a a hakgamatsang a a tsileng mo go mongwe le mongwe wa lona mme jaanong a aname le lefatshe lotlhe. Mme nna Paulo, ke na le boitumelo jwa go a bolelela ba bangwe.
24 No gleder eg meg yver mine lidingar for dykk og utfyller i mitt kjøt det som endå vantar i Kristi trengslor, for hans likam som er kyrkja,
Mme bontlha bongwe jwa tiro ya me ke go lo bogela; gape ke a itumela, gonne ke thusa go feleletsa masalela a dipogiso tsa mmele wa ga Keresete, ebong phuthego.
25 som eg hev vorte tenar til etter det Guds hushald som eg hev fenge millom dykk, det vil segja å fullføra Guds ord,
Modimo o nthomile go thusa phuthego ya one, le go lo bolelela lona Badichaba leano la one le le fitlhegileng.
26 den løyndomen som var duld frå alle tider og ætter vart til, men no er openberra for hans heilage, (aiōn g165)
Ga o bolo go fitlha bosaitsiweng jo mo dingwageng tse di makgolokgolo le mo dikokomaneng tse di fetileng, mme jaanong kwa bofelong go mo itumedisitse go bo bolelela ba ba o ratang ebile ba o tshelela, mme mahumo le kga-lalelo ya maikaelelo a one ke a lona le Badichaba. Mme bosaitsiweng joo ke jo: gore Keresete mo dipelong tsa lona ke ene fela tsholofelo ya lona ya kgalalelo. (aiōn g165)
27 som Gud vilde kunngjera, kor rik på herlegdom denne løyndomen er millom heidningarne, det er Kristus millom dykk, voni um herlegdom.
28 Og honom forkynner me, med di me påminner kvart menneskje og lærer kvart menneskje med all visdom, so me kann framstella kvart menneskje fullkome i Kristus.
Jalo gongwe le gongwe kwa re yang teng re bua kaga Keresete mo go botlhe ba ba tlaa ree-tsang, re ba tlhagisa ebile re ba ruta ka fa re itseng ka teng ka ntlha ya se Keresete a se diretseng mongwe le mongwe wa bone.
29 For dette arbeider eg og, med di eg strider med hans kraft som verkar i meg med styrke.
Ke yone tiro ya me e, mme ke ka e dira fela ka ntlha ya gore nonofo e kgolo ya ga Keresete e dira mo go nna.

< Kolossenserne 1 >