< マタイの福音書 17 >

1 六日の後イエズス、ペトロとヤコボと其兄弟ヨハネとを別に、高き山に連行き給ひしに、
Mme erile morago ga malatsi a le marataro Jesu a tsaya Petere, Jakobe le Johane monnawe go tlhatlogela kwa setlhoweng sa thaba e e godileng e e kwa thoko.
2 彼等の前にて御容變り、御顔は日の如く輝き、其衣服は雪の如く白くなれり。
Mme erile ba etse tlhoko, ponalo ya gagwe ya fetoga mo e leng gore sefatlhego sa gagwe se ne sa phatshima jaaka letsatsi, le diaparo tsa gagwe tsa nna bosweu jo bo fatlhang.
3 折しもモイゼとエリアと、彼等に現れてイエズスと語り居りしが、
Ka tshoganetso ga bonala Moshe le Elija ba bua nae.
4 ペトロ答へてイエズスに云ひけるは、主よ、善哉我等が此處に居る事。思召ならば、此處に三の廬を造り、一は汝の為、一はモイゼの為、一はエリアの為にせん、と。
Petere a bua ka tshoganetso a re, “Morena, go molemo gore re be re le fano. Fa o rata, ke tlaa aga metlaagana e le meraro o mongwe e le wa gago, o mongwe e nne wa ga Moshe, o mongwe e nne wa ga Elija.”
5 彼尚語れるに、折しも輝ける雲彼等を蔽ひ、雲より聲して曰はく、「是ぞ能く我心を安んぜる我愛子なる、是に聴け」、と。
Mme erile a sa bua jalo, leru le le sedifetseng la tla fa godimo ga bone, mme lentswe le le tswang mo lerung la re, “Yo ke morwaake yo o rategang, mme ke itumela thata mo go ene. Mo utlweng.”
6 弟子等聴きつつ倒伏し、懼るる事甚しかりき。
Mo tiragalong e, barutwa ba wela fa fatshe ka difatlhogo ba tsenywe ke letshogo le legolo.
7 イエズス近づきて彼等に触れ、起きよ、懼るること勿れ、と曰ひしかば、
Jesu a tla kwa go bone a ba ama a ba raya a re, “Tsogang, se boifeng.”
8 彼等目を翹げしに、イエズスの外誰をも見ざりき。
Mme ya re ba leba, ya bo e le Jesu fela yo o nang nabo.
9 彼等が山を下る時、イエズス是を戒めて、人の子死人の中より蘇る迄は、汝等が見し事を誰にも語ること勿れ、と曰ひしに、
Mme ya re ba fologa thaba, a ba laya gore ba se ka ba itsise ope se ba se boneng go fitlhelela a tsoga mo baswing.
10 弟子等問ひて云ひけるは、然らばエリア先に來るべし、と律法學士等の云へるは何ぞや。
Barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, “Ke eng fa baeteledipele ba Sejuda ba gatelela gore Elija o tshwanetse go boa pele ga Mesia a tla?”
11 答へて曰ひけるは、實にエリアは來りて萬事を改むべし。
Jesu a fetola a re, “Ba bua sentle. Elija o tshwanetse go tla go baya sengwe le sengwe ka fa thulaganyong.
12 但我汝等に告ぐ、エリアは既に來れり、然れど人々之を識らず、而も縦に遇へり。斯の如く、人の子も亦彼等より苦を受けんとす、と。
Mme legale o setse a tsile, mme ga a a ka a lemogwa, o na a sotlwa ke batho thata. Mme le Nna Morwa Motho ke tlaa sotlega mo diatleng tsa bone.”
13 是に於て弟子等、是洗者ヨハネを斥して曰ひしものなる事を暁れり。
Hong barutwa ba lemoga fa a bua kaga Johane wa Mokolobetsi.
14 イエズス群衆の處に來り給ひしに、或人是に近づき、前に跪きて云ひけるは、
Erile ba goroga kwa tlase ga thaba, bontsintsi jo bogolo jwa bo bo ba letile. Monna mongwe a tla a khubamela Jesu a re,
15 主よ、我子を憐み給へ、癲癇にて屡火の中に倒れ、苦しむこと甚し、
“Morena, utlwela morwaake botlhoko, ka gore o tlhakatlhakanye tlhaloganyo, re mo bothatengjo bogolo, ka gore o a tle a wele mo molelong kgotsa mo metsing.
16 之を汝の弟子等に差出したれど、彼等は醫すこと能はざりき、と。
Jalo ke ne ka mo lere mo barutweng ba gago, mme ba retelelwa ke go mo fodisa.”
17 イエズス答へて、嗚呼不信邪惡の代なる哉。我何時まで汝等と共に居らんや、何時まで汝等を忍ばんや。彼を我に携へ來れ、と曰ひて、
Jesu a fetola a re, “Ao batho ke lona ba ba ditlhogo di thata ba ba senang tumelo! Ke tlaa nna le lona boleele bo le kae? Mo lereng kwano go nna.”
18 惡魔を戒め給ひしかば、惡魔出でて子は即時に痊えたり。
Hong Jesu a kgalemela mowa o o maswe o o mo mosimaneng mme wa tswa mo go ene, mme go simolola ka lobaka loo mosimane a fola.
19 時に弟子等竊にイエズスに近づきて、我等が之を逐出す能はざりしは何故ぞ、と云ひしに、
Moragonyana barutwa ba botsa Jesu mo sephiring ba re, “Ke ka ntlha yang fa re ne re sa kgone go kgoromeletsa mowa o o maswe kwa ntle?”
20 イエズス曰ひけるは、汝等の不信仰に由れり。我誠に汝等に告ぐ、汝等若芥種ほどの信仰だにあらば、此山に向ひて、此處より彼處に移れと云はんに、山移らん、斯て汝等に能はざる事なからん。
Mme Jesu a ba raya a re, “Ke ka ntlha ya tumelo ya lona e potlana. Gonne fa lo no lo na le tumelo le fa e le e nnyennyane jaaka peo e tshesane ya mosetara lo no lo ka raya thaba e lwa re ‘Suta!’ mme e ne e tlaa sutela kgakala. Ga go na se se neng se ka retela.
21 然れど此類は、祈祷と断食とに由らざれば逐出されざるなり、と。
Mme mofuta o wa mowa o o maswe ga o ka ke wa tsamaya fa e se fela lo rapetse lo ikiditse dijo.”
22 弟子等ガリレアに居れるに、イエズス曰ひけるは、人の子は人々の手に付されんとす、
Letsatsi lengwe fa ba sale mo Galalea Jesu a ba raya a re, “Ke ya go okelwa mo nonofong ya ba ba tlaa mpolayang, mme e tla re ka letsatsi la boraro ke tlaa tsoga mo baswing.” Mme dipelo tsa barutwa tsa tlala khutsafalo le poifo.
23 彼等は之を殺すべく、斯て三日目に蘇るべし、と。弟子等憂ふる事甚しかりき。
24 彼等カファルナウムに來りし時、二ドラクマ銀貨を取立つる人々ペトロに近づき、汝等の師は二ドラクマ銀貨を納めざるか、と云ひしかばペトロ、
Mo kgorogong ya bone kwa Kaperanama, baphuthi ba lekgetho la tempele ba tla mo go Petere ba mmotsa ba re, “A mong wa lona ga a duele lekgetho?”
25 納む、と云ひしが、頓て家に入りしに、イエズス先ちて之に曰ひけるは、シモンよ汝如何に思ふぞ、世の帝王は、貢又は税を誰より取るぞ、己が子等よりか、他人よりか、と。
Petere a araba a re, “Ee, o a le duela.” Hong a tsena mo ntlung go bolelela Jesu ka potso ya makgetho, mme e rile pele ga a ka bua, Jesu a mmotsa a re, “O akanyang Petere? A dikgosi di phutha makgetho mo bathung ba tsone, kgotsa mo go batswakwa ba ba fentsweng?”
26 ペトロ、他人より取るなり、と云ひしに、イエズス曰ひけるは、然らば子等は自由なり。
Mme Petere a fetola a re, “Mo go batswakwa.” Jalo he, Jesu a re, “Go siame.” “Beng-ba legae ba gololesegile! Le fa go ntse jalo, ga re batle go ba kgopisa, jalo fologela kwa lotshitshing o konopele sekgoge (huku e e tshwarang ditlhapi), o atlhamolole molomo wa tlhapi ya ntlha e o e tshwarang. O tlaa bona ledi le le tlaa lekanang makgetho a rona rotlhe; le tseye mme o ba duele!”
27 然れど彼等を躓かせざる為に、汝湖に往きて釣を垂れよ、さて初に上る魚を取りて其口を開かば、スタテル銀貨を得べし、之を取りて我と汝との為に彼等に納めよ、と。

< マタイの福音書 17 >