< マタイの福音書 16 >

1 ファリザイ人とサドカイ人と、イエズスを試みんとて近づき、天よりの徴を示されん事を請ひしかば、
Mme ka letsatsi lengwe Bafarasai le Basadukai ba tla go leka Jesu mabapi le polelo ya gagwe ya gore ke Mesia ka go mo kopa go ba supegetsa ditshupo dingwe tse di tona mo magodimong.
2 答へて曰ひけるは、汝等夕暮には、空紅ければ、晴天ならんと云ひ、
A fetola a re, “Lo siame mo go baleng ditshupo tsa seemo sa mawapi; lo a tle lo re bohibidu jwa loapi maitseboeng bo raya seemo se sentle sa mawapi; lo a tle lo re bohibidu jwa loapi maitseboeng ano bo raya seemo se sentle sa loapi ka moso; lo bo lo re loapi lo lo hibidu mo mosong lo raya seemo se se bosula sa loapi motshegare otlhe, mme ga lo kgone go bala ditshupo tse di itlhalosang ka botsone tsa metlha!
3 朝には、空曇りて赤味あれば、今日暴風あらんと云ふ。
4 然れば空の景色を見分くる事を知りて、時の徴を知る事を得ざるか。奸惡なる現代は徴を求むれども、預言者ヨナの徴の外には徴を與へられじ、と。遂に彼等を離れて去り給へり。
Sechaba se se bosula se, se se sa dumeleng se batla tshupo nngwe e e sa tlwaelesegang mo magodimong, mme ga go na sesupo sepe se se tlaa dirwang fa e se mofuta o o neetsweng Jona.” Hong Jesu a tswela kwa ntle a ba tlogela.
5 弟子等湖の彼方に至りしに、麪を携ふる事を忘れたり。
Erile ba sena go kgabaganya lecha, barutwa ba lemoga gore ba lebetse go tla le dijo.
6 イエズス彼等に向ひ、慎みてファリザイ人サドカイ人の麪酵に用心せよ、と曰ひしかば、
Mme Jesu a ba tlhagisa a re, “Itlhokomeleng! Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai.”
7 彼等案じ合ひて、我等が麪を携へざりし故ならん、と云へるを、
Ba gopola gore o na a bua jaana ka gore ba ne ba lebetse go tla le senkgwe.
8 イエズス悟りて曰ひけるは、信仰薄き者よ、何ぞ麪を有たぬ事を案じ合へる。
Jesu a ba a itse se ba se akanyang mme a ba raya a re, batho ba tumelo potlana! Ke eng fa lo tshwenyegile jaana ka go tlhoka senkgwe?
9 未暁らざるか、五の麪を五千人に分ちて、尚幾筐を拾ひ、
A ga lo kitla lo tlhaloganya? A ga lo gakologelwe bontsi jwa batho bo le dikete tse ke di hephileng ka dinkgwe di le tlhano, le diroto tse di neng tsa tlogelwa di tletse masalela? A ga lo gakologelwe dikete tse nne tse ke di hephileng le gotlhe mo go neng ga sala?
10 又七の麪を四千人に分ちて、尚幾筐を拾ひしを記憶せざるか
11 ファリザイ人サドカイ人の麪酵に用心せよ、と汝等に云ひしは、麪の事に非ざるものを、何ぞ暁らざる、と。
Lo ka akanya jang gore ke ne ke bua ka dijo? Mme gape ka re, “Itiseng mo sebidisong sa Bafarasai le Basadukai.”
12 是に於て彼等、イエズスの用心すべしと曰ひしは麪の酵に非ずして、ファリザイ人サドカイ人の教なる事を暁れり。
Hong kwa bofelong ba tlhaloganya gore ka ‘sebidiso’ o na a raya thuto e e sa siamang ya Bafarasai le Basadukai.
13 第四款 ガリレアに於るイエズス布教の盛時 イエズスフィリッポのカイザリア地方に至り、弟子等に問ひて、人々は人の子を誰なりと云ふか、と曰ひしかば、
Erile a goroga kwa Kaesarea Filipi, a botsa barutwa ba gagwe a re, “Batho ba re ke mang?”
14 彼等云ひけるは、或人は洗者ヨハネなりと云ひ、或人はエリアなりと云ひ、或人はエレミア若くは預言者の一人なり[と云ふ]、と。
Ba fetola ba re, “Bangwe ba re Johane wa Mokolobetsi; bangwe ba re Elija, bangwe ba re Jeremia kgotsa mongwe wa baporofiti ba bangwe.”
15 イエズス彼等に曰ひけるは、然るに汝等は我を誰なりと云ふか、
Hong a ba botsa a re, “Lona lo akanya gore ke mang?”
16 シモンペトロ答へて、汝は活ける神御子キリストなり、と云ひしに、
Simone Petere a fetola a re, “Keresete Mesia Morwa Modimo o o tshedileng”.
17 イエズス答へて曰ひけるは、汝は福なり、ヨナの子シモン、其は之を汝に示したるは血肉に非ずして、天に在す我父なればなり。
Jesu a mo raya a re, “Modimo o go segofaditse, Simone, morwa Jona. Gonne Rara yo o kwa legodimong ke ene yo o go senoletseng dilo tse ka boene, ga go a tswa mo go ope.
18 我も亦汝に告ぐ、汝は磐なり、我此磐の上に我教會を建てん、斯て地獄の門是に勝たざるべし。 (Hadēs g86)
O Petere, lefika, mme ke aga phuthego ya me mo lefikeng le, mme dinonofo tsotlhe tsa molete ga di kitla di e fenya. (Hadēs g86)
19 我尚天國の鍵を汝に與へん、総て汝が地上にて繋がん所は、天にても繋がるべし、又総て汝が地上にて釈かん所は、天にても釈かるべし。
Mme ke tlaa go neela dilotlolo tsa bogosi jwa legodimo, dikgoro dingwe le dingwe tse o di lotlelang mo lefatshing, di tla lotlelwa kwa legodimong; mme dikgoro dingwe le dingwe tse o di lotlololang mo lefatsheng, di tlaa lotlololwa kwa legodimong!”
20 然て我がイエズス、キリストたる事を誰にも語ること勿れ、と弟子等を戒め給へり。
Hong a laya barutwa gore ba se ka ba bolelela bape fa e le Mesia.
21 此時よりイエズス、己のエルザレムに往きて、長老律法學士司祭長等より多くの苦を受け、而して殺され、而して三日目に復活すべき事を、弟子等に示し始め給ひしかば、
Go tswa foo Jesu a simolola go tlhalosetsa barutwa ba gagwe kaga go ya kwa Jerusalema, le se se tlaa mo diragalelang teng, gore o tlaa boga mo diatleng tsa baeteledipele ba Sejuta, le gore o tla bolawa le gore e tlaa re morago ga malatsi a le mararo a tsosiwe gape.
22 ペトロイエズスを呼退けて、諌め出でて云ひけるは、主よ、然らざるべし、此事御身上に在るまじ、と。
Mme Petere a mo tseela fa thoko go mo kgalemela a mo raya a re, “A mogopolo oo o nyelele Morena. Mo ga go kitla go go diragalela!”
23 イエズス顧みてペトロに曰ひけるは、サタンよ退け、汝我を躓かせんとす、其は汝が味へるは、神の事に非ずして人の事なればなり、と。
Jesu a retologela kwa go Petere a re, “Tloga fa go nna, Satane ke wena! O lemena le le diphatsa mo go nna. O akanya ka fa batho ba bonang ka teng, e seng ka fa Modimo o akanyang ka teng.”
24 時にイエズス弟子等に曰ひけるは、人若我後に跟きて來らんと欲せば、己を棄て、己が十字架を取りて我に從ふべし、
Hong Jesu a raya barutwa a re, “Fa motho le fa e le mang a rata go nna molatedi wa me, a a iitatole a tseye mokgoro wa gagwe a ntshale morago.
25 其は己が生命を救はんと欲する人は之を失ひ、我為に生命を失ふ人は之を得べければなり。
Gonne le fa e le mang yo o ipolokelang botshelo jwa gagwe bo tlaa mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me o tlaa bo bona gape.
26 人全世界を贏くとも、若其生命を失はば何の益かあらん、又人何物を以てか其魂に易えん。
Go na le poelo ya eng fa motho a rua lefatshe lotlhe, mme a latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng? Se se ka tshwantshiwang le letlotlo la botshelo jo bo sa khutleng ke eng?
27 蓋人の子は、其父の光榮の衷に、其使等と共に來らん、其時人毎に其行に從ひて報ゆべし。
Gonne Nna, Morwa Motho, ke tlaa tla le baengele ba me mo kgalalelong ya ga Rre go atlhola mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe.
28 我誠に汝等に告ぐ、茲に立てる者の中、人の子が其國を以て來るを見るまで死なざるもの數人あり、と。
Mme bangwe ba lona ba ba emeng fano jaanong jaana ba tshelela go mpona ke tla mo Bogosing jwa me.”

< マタイの福音書 16 >