< マルコの福音書 1 >

1 第一項 キリストの先駆者 神の御子イエズス、キリストの福音の始。
E ke tshimologo ya polelo e ntle ya ga Jesu Mesia, Morwa Modimo.
2 預言者イザヤ[の書]に録して、「看よ我わが使を汝の面前に遣はさん、彼汝の前に汝の道を備ふべし。
Mo bukeng e e kwadilweng ke moporofiti Isaia, Modimo o ile wa anamisa gore o tla romela morwaa one, mo lefatsheng, pele ga moo go tlaa tla morongwa yo o faphegileng go tla go baakanyetsa lefatshe go tla ga gagwe.
3 荒野に呼はる人の聲ありて、曰く、汝等主の道を備へよ、其徑を直くせよ」とあるが如く、
“Mme morongwa yo o tlaa nna kwa ntle mo sekakeng se se senang sepe,” Isaia o bua jaana a re, “O tlaa anamisa gore mongwe le mongwe o tshwanetse go ipaakanyetsa go tla ga Morena.”
4 ヨハネ荒野に在りて洗し、且罪を赦されん為に、改心の洗禮を受けん事を宣教へしが、
Morongwa yo e ne e le Johane wa Mokolobetsi. O ne a nna mo sekakeng a ruta botlhe gore ba tshwanetse go kolobediwa e le molaetsa mo go botlhe gore ba sokologe mo dibeng tsa bone, gore Modimo o tle o ba itshwarele.
5 ユデアの全地方及エルザレムの人、皆彼の許に出來り、己が罪を告白して、ヨルダン[河]にて彼に洗せられ居たりき。
Batho botlhe ba kwa Jerusalema le botlhe ba Judea ba ne ba tswela mo mafatsheng a Judea go tla go bona le go utlwa Johane, mme e re fa ba sena go ipolela dibe a ba kolobetse mo nokeng ya Jorodane.
6 ヨハネは駱駝の毛織を着、腰に皮帯を締め、蝗と野蜜とを食し居りしが、宣教して云ひけるは、
Diaparo tsa gagwe di ne di logilwe ka boboa jwa kamela mme o ne a itlamile ka moitlamo wa letlalo mo lothekeng; tsie le dinotshe tsa naga e ne e le dijo tsa gagwe.
7 我よりも力ある者我後に來り給ふ。我は屈みて、其履の紐を解くにも堪へず、
Sekai sa thero ya gagwe ke se; “Mongwe o etla ka bonako yo o leng mogolo mo go nna, yo o leng mogolo thata go mpheta yo ruri ke sa tshwanelang go ka nna motlhanka wa gagwe.
8 我は水にて汝等を洗したれども、彼は聖霊にて汝等を洗し給ふべし、と。
Nna ke lo kolobetsa ka metsi mme ene o tla lo kolobetsa ka Mowa o o Boitshepo!”
9 斯て當時イエズス、ガリレアのナザレトより來り、ヨルダン[河]にてヨハネに洗せられ給ひしが、
Erile letsatsi lengwe Jesu a tswa kwa Nasaretha wa Galalea, a kolobediwa ke Johane teng mo nokeng ya Jorodane.
10 軈て水より上り給ふや、天開け、[聖]霊鳩の如く降りて、我上に止り給ふを見給へり。
Mme erile ka bonako fa Jesu a tswa mo metsing, a bona magodimo a bulega le Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi o fologela mo go ene.
11 又天より聲して[曰く]、汝は我愛子なり、我汝に因りて心を安んぜり、と。
Mme lentswe la tswa kwa legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang; o boitumelo jwa me.”
12 [聖]霊直に彼を荒野に往かしめ給ひしが、
Ka bofefo Mowa o o Boitshepo wa gogela Jesu kwa nageng. A nna malatsi a le masome a mane, a nna teng mmogo le diphologolo tsa naga. O ne a tsentswe mo ditekong tsa ga Satane gore a leofe. Mme morago ga moo baengele ba tla ba mo direla.
13 四十日四十夜荒野に在りて、サタンに試みられ、野獣と共に居給ひ、天使等彼に事へ居たり。
14 第二項 キリストの宣教の初 ヨハネの囚はれし後、イエズス、ガリレアに至り、神の國の福音を宣傳へて、
Morago ga moo Johane a sena go tshwarwa ke Kgosi Herode, Jesu a ya Galalea a ya go rera Mafoko a a Molemo a Modimo.
15 曰ひけるは、期は満ちて神の國は近づけり、汝等改心して福音を信ぜよ、と。
Mme la bofelo a ba bolelela a re, “Nako e tsile. Bogosi jwa Modimo bo atametse! Sokologang lo tswe mo dibeng, mme lo dire ka fa mafokong a a molemo a.”
16 斯てガリレアの湖辺を過ぎ給ふに、シモンと其兄弟アンデレアとが湖に網打てるを見て、――即ち漁師なりき――
Letsatsi lengwe fa Jesu a tsamaya fa lotshitshing lwa lewatle la Galalea, a bona Simone le Anterea monnawe ba tshwara ditlhapi ka matloa, gonne e ne e le batshwari ba ditlhapi ba ba di rekisang.
17 イエズス彼等に向ひ、我に從へ、我汝等を人を漁る者と成らしめん、と曰ひしかば、
Jesu a ba bitsa a re, “Tlang lo ntshale morago! Mme ke tla lo dira batshwari ba mewa ya batho!”
18 彼等直に網を舍きて從へり。
Ka bofefo ba tlogela matloa a bone ba tsamaya nae.
19 尚少しく進み給ひて、ゼベデオの子ヤコボと其兄弟ヨハネとが、亦船の中に網を補ひつつ居るを見て、
Mme kgakajana fa lotshitshing lwa lewatle, a bona bomorwa Sebede, Jakobe le Johane, ba le mo mokorong ba baakanya matloa a bone.
20 直に彼等を召し給ひしに、彼等其父ゼベデオを、雇人と共に船に舍きて從へり。
Le bone a ba bitsa, ka bofefo ba tlogela rraabo Sebede le badiri ba bangwe mo mokorong ba mo sala morago.
21 [一同]カファルナウムに入りしが、イエズス軈て安息日毎に會堂に入りて教へ給ひければ、
Mme Jesu le bapati ba gagwe ba fitlha mo motseng wa Kaperanama ka letsatsi la Sabata mo mosong mme ba tsena fa felong ga kobamelo ya Sejuta fa go bidiwang Senagoge (Tempele) kwa o neng a ruta gone.
22 人其教に驚き居たり。其は律法學士等の如くせずして、権威ある者の如くに教へ給へばなり。
Hong phuthego ya gakgamala thata go utlwa thero ya gagwe gonne o ne a ruta se se builweng ke ba bangwe gona le kafa ba tlwaetseng go utlwa ka teng.
23 然るに惡鬼に憑かれたる人、其會堂に在りしが、呼はりて、
Mme ga bo go le monna mongwe yo o tsenweng ke mewa e e maswe, mme a simolola go goa; a re,
24 云ひけるは、ナザレトのイエズスよ、我等汝と何の関係かあらん、我等を亡ぼさんとて來り給へるか、我汝の誰なるかを知れり、即ち神の聖なる者なり、と。
“Ke ka ntlha yang fa o re tshwenya, Jesu wa Nasaretha a o tsile go re nyeletsa rona Mewa e e maswe? Ke a itse fa o le Morwa Modimo o o Boitshepo.”
25 イエズス之を責めて、汝黙して其人より出でよ、と曰ひしに、
Jesu a laola moya o o maswe gore o didimale o tswe mo go ene.
26 汚鬼其人を抅攣けさせ、聲高く叫びつつ出去れり。
Mme mowa o o maswe wa goa wa mo kgaratlhisa wa tswa mo go ene.
27 斯て人皆恐入りて、是は何事ぞ、何等の新しき教ぞ。彼は権威を以て汚鬼等にすら命じ給へば、彼等之に從ふよ、と互に僉議するに至りければ、
Batho ba gakgamala mme ba simolola go bua ka ga se se diragetseng. Ba botsanya ka kakabalo ba re, “Ke mofuta ofe wa tumelo e ncha e? Ke ka ntlha yang, fa le mewa e e maswe e utlwa ditaolo tsa gagwe!”
28 イエズスの名聲、忽ガリレアの全地方に播がれり。
Mme dikgang ka ga se o se dirileng tsa akofa tsa utlwala mo lefatsheng lotlhe la Galalea.
29 彼等軈て會堂を出で、ヤコボヨハネと共に、シモンとアンデレアとの家に至りしが、
Mme e rile fa a tswa mo tempeleng, ene le barutwa ba gagwe ba tsena kwa ga bo Simone le Anterea, kwa ba fitlhetseng mogwagwadia Simone wa mosadi a namaletse mo bolaong a lwala bolwetse jwa letshoroma. Mme ya re fela ka bofefo ba bolelela Jesu ka gagwe.
30 シモンの姑、熱を患ひて臥し居ければ、直に其事をイエズスに白したるに、
31 近づきて其手を取り、之を起し給ひしかば、熱立所に去りて彼婦彼等に給仕したり。
A ya fa thoko ga bolao jwa gagwe, mme a mo kakatlolola gore a nne sentle, ka bofefo letshoroma la mo tlogela, mme a ema a ba baakanyetsa dijo!
32 夕暮に至り日没りて後、人々病める者及惡魔に憑かれたる者を、悉くイエズスの許に齎し、
Mme e rile letsatsi le phirima lolwapa lwa bo lo tletse balwetse le ba ba neng ba tsenwe ke mewa e e maswe, ba lerilwe kwa go ene go fodisiwa; bontsi jwa batho ba ba tswang kwa metseng ya Kaperanama ba kgobokanela kwa ntle ga kgoro go lebelela.
33 街の人挙りて門に集り居たりしが、
34 イエズス様々の病を患へる人を多く醫し、又惡魔を多く逐出して、言ふことを許し給はざりき、其は彼等イエズスを知ればなり。
Mme Jesu a fodisa ba le bantsi ba ba neng ba lwala mo maitseboeng ao, a ba a laola mewa e e maswe go tswa mo go ba e neng e ba tsenye. (Mme a gana go letla mewa e e maswe go bua gonne e ne e itse gore ke mang).
35 イエズス未明に起出で、寂しき處に至りて祈り居給へるを、
Erile mo mosong o o latelang a phakela thata a tsamaya a le esi go ya go rapela mo nageng.
36 シモン及共に居りし人々後を慕ひ行きて、
Mme morago ga moo Simone le ba bangwe ba ya go mmatla, ba mo raya ba re, “Mongwe le mongwe o a go batla.”
37 是に遇ひしかば、人皆汝を尋ぬ、と云ひしに、
38 イエズス彼等に曰ひけるは、我等比鄰の村落市街へ往かん、彼處にも亦宣教すべし、我は是が為に來りたればなり、と。
Mme a araba a re, “Re tshwanetse go ya le kwa metseng e mengwe, gore le bone ke ba neele molaetsa wame, gonne ke lone lebaka le ke le tletseng.”
39 斯て處々の會堂及ガリレア一般に宣教し、且惡魔を逐払ひ居給へり。
Mme a tsamaya le lefatshe lotlhe la Galalea, a rera mo ditempeleng ebile a golola ba le bantsi mo thateng ya Mewa e e maswe.
40 時に一個の癩病者イエズスの許に來り、跪きて願ひ云ひけるは、思召ならば我を潔くする事を得給ふ、と。
Mme ka bofefo ga tla moleperwa a khubama fa pele ga gagwe a kopa gore a fodisiwe. A mo rapela a re, “Fa o rata o ka mphodisa.”
41 イエズス之を憫み給ひ、手を伸べ、是に触れて曰ひけるは、我意なり、潔くなれ、と。
Mme Jesu a mo utlwela botlhoko a mo ama a re, “Ke a rata! fola!”
42 之を曰ふや、癩病直に彼を去りて彼潔くなれり。
Ka bofefo leperwa la tloga, monna a fola!
43 イエズス之を戒め給ひ、
Mme Jesu a mo laya thata a re, “Tsamaya o ye go tlhatlhobiwa ka bonako ke moperesiti wa Sejuta. O seka wa ema go bolelela ope mo tseleng. Tsaya neo ya gago ka fa molaong wa ga Moshe wa moleperwa yo o fodisitsweng, gore mongwe le mongwe a tle a nne le bosupi jwa gore o fodile.”
44 汝慎みて人に語ること勿れ、但往きて己を司祭に見せ、潔くなりたる為に、彼等への證據として、モイゼの命ぜしものを献げよ、と曰ひて、直に彼を去らしめ給へり。
45 然れども彼出でて其事を語り、言弘め始めしかば、イエズス最早顕然に町に入り難く成りて、外の寂しき處に居給ひしが、人々八方より其許に集ひ來り居たり。
Erile fa moleperwa a ntse a tsamaya mo tseleng a simolola go goeletsa mafoko a a molemo a gore o fodile. Mme yare ka ntlha ya moo, bontsi jwa batho jwa dikaganyetsa Jesu gore a ba a retelelwe ke go tsena mo motseng, mme a tshwanelwa ke go nna kwa ntle mo sekakeng. Mme batho ba tswa gongwe le gongwe ba tla kwa go ene.

< マルコの福音書 1 >