< マルコの福音書 15 >

1 天明けて直に、大司祭等は、律法學士長老等及全議會と謀りてイエズスを縛り、召連れてピラトに付ししが、
Mme ya re mo mosong ditlhogo tsa bapereesiti le bagolwane ba phuthego, baruti ba tumelo le botlhe ba Kgotla kgolo, ba kopana go buisana kaga se ba neng ba tshwanetse go se dira. Maikaelelo a bone e ne e le gore masole a ise Jesu kwa go Pilatwe mmusi wa Seroma.
2 ピラトイエズスに向ひ、汝はユデア人の王なるか、と問ひしに、答へて、汝の云へる[如し]、と曰へり。
Pilatwe a mmotsa a re, “A o Kgosi ya Bajuta?” Hong Jesu a fetola a re, “Ee, ke jaaka o bolela.”
3 斯て大司祭等數多の事を以て訟へければ、
Hong baperesiti ba bagolo ba mmaya molato ka dilo di le dintsi, mme Pilatwe a mmotsa a re, “Ke ka ntlha yang fa o sa bue sepe? Wa reng ka ga melato e ba e go pegang.”
4 ピラト復イエズスに問ひて、汝は何をも答へざるか、彼等の汝を訟ふる事柄の如何ばかりなるかを看よ、と云ひしも、
5 イエズス尚何をも答へ給はざりしかば、ピラトは之を感嘆し居たり。
Mme Jesu a seka a tlhola a bua sepe, mo go neng ga gakgamatsa Pilatwe thata.
6 然て祭日に當り、総督が、人々の乞ふ所の囚人一個を、彼等に釈すの例ありしが、
Mme jaana, e ne e le tlwaelo ya ga Pilatwe go golola legolegwa le le lengwe la Mojuta ngwaga e nngwe le e nngwe ka nako ya Paseka, legolegwa lengwe fela le batho ba lopang gore le gololwe.
7 茲に一揆の時人を殺して、一揆の者等と共に入獄したるバラバといへる者ありき。
Mongwe wa magolegwa ka nako eo e ne e le Barabase yo o neng a atlhotswe le ba bangwe ka molato wa polao ya motho, ka nako ya ba tsogologela mmuso.
8 群衆出頭して例の如く為られん事を願出でしに、
Hong lesomo la simolola go kokoanela Pilatwe, la mo kopa gore a golole legolegwa jaaka gale.
9 ピラト答へて、汝等、ユデア人の王を我より釈されん事を欲するか、と云へり。
Pilatwe a botsa a re, “Go ka nna jang gore ke lo gololele kgosi ya Bajuta? A ke ene yo lo batlang a gololwa?”
10 是大司祭等が嫉によりて之を付したることを知ればなり。
Gonne o ne a lemoga gore se ke segwenegwene, se se neng se tlhotlhelediwa ke baperesiti ba bagolo gonne ba ne ba fufegela go tuma ga ga Jesu.
11 然るに大司祭等、寧バラバを己等に釈さしむべく、群衆を唆ししかば、
Mme ka nako e, baperesiti ba bagolo ba tlhotlheletsa lesomo gore le batle gore go gololwe Barabase boemong jwa ga Jesu.
12 ピラト又答へて、然らばユデア人の王を我が如何に處分せん事を欲するか、と云ひしに、
Mme Pilatwe a botsa a re, “Fa ke golola Barabase, Ke tlaa dirang ka monna yo lo mmitsang kgosi ya lona yo?”
13 彼等又、十字架に釘けよ、と叫びたり。
Mme ba goa ba re, “Mmapole!”
14 ピラト、彼は何の惡を為ししぞ、と云ひたれど、彼等益々、彼を十字架に釘けよ、と叫び居たり。
Pilatwe a ba galefela a re, “Ka ntlha yang? O dirileng sa bosula?” Ba tswelela ba goa thata ba re, “Mmapole!”
15 ピラト人民を満足せしめんと欲して、バラバを彼等に釈し、イエズスをば鞭ちて後、十字架に釘けん為に引行せり。
Mme Pilatwe ka ntlha ya go tshaba mokubukubu gape a rata go itumedisa batho, a ba gololela Barabase. A laola gore ba iteye Jesu ka kubu, a ba mo neela gore a bapolwe.
16 是に於て兵卒等、イエズスを廰の中庭に引出だして、全隊を呼集め、
Mme, masole a Roma a mo tsaya a mo isa kwa teng ga lolwapa lwa bogosi, ba bitsa mapodise a kgotla otlhe, ba mo apesa kobo e e bohibidu jo bo mokgona, ba mo direla serwalo sa mitlwa e meleele ba se mo rwesa.
17 イエズスに赤き袍を着せ、茨の冠を編みて冠らせ、
18 ユデア人の王よ安かれ、と云ひて、禮し始め、
Ba simolola go mo dumedisa ba re, “Ahee! Kgosi ya Bajuta!”
19 尚葦もて其頭を撃ち、唾吐きかけ、跪きて拝し居たり。
Mme ba mo itaya mo tlhogong ka lotlhaka ba mo kgwela mathe, ba khubama ka mangole ba mo “obamela”.
20 嘲弄して後、赤き袍を褫ぎて、原の衣服を着せ、十字架に釘けんとて引出ししが、
Erile ba sena go lapisiwa ke go mo sotla, ba mo apola seaparo sa gagwe se se bohibidu jo bo mokgona, mme ba mo apesa diaparo tsa gagwe gape, ba mo kgwakgwaetsa go ya go bapolwa.
21 一個のシレネ人、名をシモンと呼びて、アレキサンデルとルフォとの父なるもの、田舎より來りて通りかかりければ、強て是に其十字架を負はせ、
Simone wa Kurene yo o neng a tswa kwa ga bone ka nako eo, a patelediwa go sikara mokgoro wa ga Jesu. (Simone ke rraagwe Alekasantarea le Rufase).
22 イエズスを、ゴルゴタと云ふ處に引行けり。ゴルゴタは(カルヴァリオ)即髑髏の處と訳せらる。
Mme ba tsaya Jesu ba mo isa kwa felong fa go bidiwang Gologotha (Ke gore felo ga logata).
23 又没薬を和ぜたる葡萄酒を、イエズスに飲ましめんとしたれど、受け給はざりき。
Ba mo naya mofine o o tlhakantsweng le ditlhare tse di babang mme a o gana.
24 斯て之を十字架に釘くるや、誰が何を取るべきと、籤を抽きて其衣服を分てり。
Mme ba mmapola, ba tshelela diaparo tsa gagwe bola.
25 九時頃イエズスを十字架に釘けしが、
E ne e ka ne e le ka nako ya bofera-bongwe mo mosong fa papolo e diragala.
26 其罪標にはユデア人の王と記されたりき。
Lokwalo lo lo bolelang molato wa gagwe lo ne lo kokotetswe mo mokgorong fa godimo ga tlhogo ya gagwe lo balega jaana, “Kgosi ya Bajuta.”
27 是と共に二人の強盗、一人は其右に、一人は其左に十字架に釘けられたり。
Mme ga bo go bapotswe nae magodu a le mabedi mo mosong oo, mekgoro ya bone e tsentse wa gagwe fa gare.
28 斯て[聖]書に、「彼は罪人に列せられたり」とある事成就せり。
Mme lokwalo lwa diragadiwa lo lo reng, “O baletswe le baleofi.”
29 往來の人々イエズスを罵り、首を揺りて云ひけるは、吁神殿を毀ちて三日の内に建直す者よ、
Batho ba ne ba mo kgala fa ba feta, ba tshikinya ditlhogo tsa bone ka tshotlo, ba goeletsa kwa go ene ba re, “Ahee! Ipone jaanong; Ammaaruri o ka senya Tempele wa ba wa e aga mo malatsing a le mararo! Fa e le gore o nonofile go le kalo, ipoloke o fologe mo mokgorong.”
30 十字架より下りて自らを救へ、と。
31 大司祭等も亦同じく嘲りて、律法學士等と語合ひけるは、彼は他人を救ひしに、自らを救ふ能はず。
Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo le bone ba bo ba eme foo ba sotla Jesu. Ba re, “O botlhale thata go boloka ba bangwe, mme ene ga a kgone go ipoloka!”
32 イスラエルの王キリスト、今十字架より下りよ、然らば我等見て信ぜん、と。共に十字架に釘けられたる者等も、亦之を罵り居たり。
Ba goa ba re, “Hee, wena Mesia!” “Wena Kgosi ya Iseraela! Fologa mo mokgorong mme re tlaa go dumela!” Le magodu a mabedi tota a a neng a swa nae a mo kgoba.
33 十二時に至り、地上徧く暗黒となりて三時に及びしが、
Erile e ka ne e le motshegare wa sethoboloko, lefatshe lotlhe la fifala go fitlhelela ka nako ya boraro mo tshokologong eo.
34 時にイエズス、聲高く呼はりて、エロイ、エロイ、ラマ、サバクタニと曰へり。是は、我神我神、曷ぞ我を棄て給ひしや、と云ふ義なり。
Hong Jesu a bitsa ka lentswe le legolo a re, “Eli, Eli Lamasabakatani?” (“Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng?”)
35 傍に立てる人々の中、或者等聞きて、エリアを呼ぶよ、と云ひけるに、
Bangwe ba batho ba ba neng ba eme foo ba gopola gore o ka ne a bitsa Elija moporofiti.
36 一人走り行きて、酢を海綿に含ませ、葦に附けて飲ましめつつ、措け、エリア來りて彼を下すや否やを見ん、と云ひけるが、
Hong mongwe a tla a taboga a ina ngami mo mofineng o o botlha a e tlhomela ka lotlhaka a re, “A re ke re bone gore a Elija o tlaa tla go mo folosa.”
37 イエズス聲高く呼はりて、息絶え給へり。
38 時に[神]殿の幕上より下まで二に裂けしが、
Mme sesiro mo Tempeleng sa gagoga ka bogare go simologa kwa godimo go ya kwa tlase.
39 イエズスの對面に立てる百夫長、斯く呼はりて息絶え給ひしを見て云ひけるは、實に此人は神の子なりき、と。
E rile fa lesole la Se-Roma le le neng le eme gaufi le mokgoro wa gagwe le bona ka fa o neng a neela mowa wa gagwe ka gone la re, “Ruri e ne e le Morwa Modimo!”
40 又遥に眺め居たりし婦人等ありて、其中にはマグダレナ、マリア及小ヤコボとヨゼフとの母マリア、並にサロメありき。
Basadi bangwe ba bo ba le foo ba lebeletse ba le kgakala, e le Marea Magatalena, Marea (mmaagwe Jakobe yo mmotlana le Josese), Salome le ba bangwe.
41 彼等はイエズスのガリレアに居給ひし時、從ひて事へ居りしが、此外にイエズスと共にエルザレムに上りたりし婦人も多く居たりき。
Bone le basadi ba bangwe ba bantsi ba Galalea ba e neng e le balatedi ba gagwe ba mo direla fa a le kwa Galalea, ba tsile nae mo Jerusalema.
42 夕暮に及びて、安息日の前なる用意日なれば、
Dilo tse tsotlhe di ne tsa diragala pele ga Sabata. Mme ya re tshokologong ya letsatsi leo Josefe wa Arimathea, yo o neng a le leloko le le tlotlegang la Kgotla Kgolo ya Sejuta (yo o neng a lebeletse go tla ga Bogosi jwa Modimo), a nna pelokgale go ya kwa go Pilatwe go lopa setopo sa ga Jesu.
43 頭立ちたる議員アリマテアのヨゼフ來り、己も神の國を待てる者なれば、憚らずしてピラトの許に至り、イエズスの屍を求めしが、
44 ピラトはイエズス最早死亡したりやと訝り、百夫長を召して、既に死したりやと問ひ、
Pilatwe o ne a sa dumele gore Jesu o ne a setse a sule, hong a bitsa mogolwane wa Roma a mmotsa.
45 百夫長より聞知りて後、ヨゼフに其屍を與へたり。
Mogolwane a tlhomamisa mafoko ao, Pilatwe a raya Josefe a re, “O ka nna wa tsaya setopo.”
46 ヨゼフ布を買ひて、イエズスを下して其布に包み、岩に鑿りたる墓に納め、其墓の入口に石を転ばし置けり。
Mme Josefe a ya go reka letsela le letelele la leloba a pagolola setopo sa ga Jesu mo mokgorong, a se phuthela ka letsela leo a se baya mo phupung e e neng e gabilwe mo lefikeng, a pitikela leje mo kgorong ya phupu.
47 マグダレナ、マリアとヨゼフの[母]マリアとは、イエズスの置かれ給ふ處を眺め居たりき。
Marea Magatalena le Marea MmaJosese ba ne ba le teng ba lebile Jesu fa a fitlhwa.

< マルコの福音書 15 >