< マルコの福音書 16 >

1 安息日過ぎて後マグダレナ、マリアとヤコボの母マリアとサロメと往きて、イエズスに塗らんとて香料を買ひ、
Mme mo maitseboeng a a latelang, fa Sabata e setse e fetile, Marea Magatalena le Salome le Marea mmaagwe Jakobe ba tsamaya ba ya go reka ditlolo go tlotsa setopo sa ga Jesu. Mo maphakeleng a magolo a letsatsi le le latelang fa letsatsi le tlhaba, ba tsaya ditlolo tseo ba ya natso kwa phupung.
2 一週の首の日に、朝早く出でて日既に昇れる頃墓に至り、
3 誰か我等の為に墓の入口より石を転ばし退くべき、と互いに云ひ居りしが、
Mo tseleng ba bo ba ntse ba buisanya ka gore ba tlaa feta ba tlosa jang letlapa le legolo fa kgorong ya phupu.
4 目を翔げて見れば、石は既に取除きてあり、其は甚だ巨いなるものなりき。
Mme ya re ba goroga ba leba ba bona gore letlapa le legolo le le bokete thata, le ne le setse le tlositswe mme kgoro ya lebitla ya bo e setse e bulegile!
5 斯て墓に入るに及びて、右の方に白き衣服を着たる少年の坐せるを見て、驚怖れしかば、
Hong ba tsena mo phupung, mme mo letsogong le legolo ga bo go ntse lekau le apere diaparo tse di tshweu. Mme basadi ba gamarega.
6 彼婦人達に云ひけるは、怖るること勿れ。汝等は十字架に釘けられ給ひしナザレトのイエズスを尋ぬれども、彼は復活し給ひて、此處には在さず。其置かれ給ひし處を見よ。
Mme moengele a re, “Se boifeng. A ga lo batle Jesu wa Monasara yo o neng a bapotswe? Ga a yo fa! Bonang fa mmele wa gagwe o neng o robaditswe teng.
7 但往きて、其弟子等とペテロとに至り、彼は汝等に先ちてガリレアに往き給ひ、曾て汝等に曰ひし如く、汝等彼處にて彼を見ん、と告げよ、と。
Jaanong tsamayang lo ise molaetsa o kwa barutweng ba gagwe le kwa go Petere lo re: Jesu o lo eteletse pele go ya Galalea; lo tlaa mmona gone, fela jaaka a lo boleletse pele ga aa swa!”
8 婦人等怖れ戰きつつ墳より逃出でしが、恐怖の為に何事をも人に語らざりき。
Basadi ba taboga ba tswa fa phupung, ba roroma ba tshogile thata mo ba neng ba palelwa ke go bua.
9 (note: The most reliable and earliest manuscripts do not include Mark 16:9-20.) 然てイエズスは一週の首の日の朝復活し給ひて、先マグダレナ、マリアに現れ給ひしが、是曾て七個の惡魔を其身より逐出されし婦なり。
(note: The most reliable and earliest manuscripts do not include Mark 16:9-20.) E ne e le maphakela ka letsatsi la Tshipi mo mosong fa Jesu a tsoga mo baswing, mme motho wa ntlha go mmona e ne e le Marea Magatalena, mosadi yo Jesu o kileng a kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e supa mo go ene.
10 彼往きて、イエズスと偕に在りし人々の哀哭きつつあるに告げしかど、
Hong a fitlhela barutwa ba lela ka kutlobotlhoko mme a ba bolelela gore o bonye Jesu, le gore o tshedile. Mme ga ba a ka ba mo dumela!
11 彼等之を聞きて、イエズスが活きて此婦に見え給ひし事を信ぜざりき。
12 其後彼等の中の二人、田舎に往かんとして歩む途中、イエズス異なる姿にて現れ給ひしを、
Morago ga letsatsi leo a iponatsa mo go ba babedi ba ba neng ba tsamaya ba tswa Jerusalema ba ya kwa nageng, mme ga ba a ka ba mo lemoga lwa ntlha ka gore o ne a fetogile setshwano.
13 彼等往きて他の人々に告げしかど、亦之をも信ぜざりき。
Mme ya re kwa bofelong fa ba lemoga gore ke mang, ba tabogela kwa Jerusalema go ya go bolelela ba bangwe, mme ga se ka ga nna le yo o ba dumelang.
14 最後にイエズス、彼十一人の會食せるに現れ給ひ、己が復活し給へるを見たる人々の言を信ぜざりしを以て、彼等の不信仰と、心の頑固なる事を咎め給へり。
Kwa moragonyana a iponatsha mo barutweng ba ba lesome le motso ba sa ntse ba a ja. Mme a ba omanyetsa thata go tlhoka go dumela ga bone, ka botlhogo-e-thata jwa bone le go gana go dumela ba ba mmonyeng a sena go tsoga.
15 斯て之に曰ひけるは、汝等、全世界に往きて、凡ての被造物に福音を宣べよ。
Mme a ba raya a re, “Lo tshwanetse go ya mo lefatsheng lotlhe lwa rerela mongwe le mongwe Mafoko a a Molemo, gongwe le gongwe.
16 信じ且洗せらるる人は救はれ、信ぜざる人は罪に定められん。
Ba ba dumelang ba bo ba kolobediwa ba tlaa bolokwa. Mme ba ba ganang go dumela ba tlaa sekisiwa.
17 然て信ずる人々には是等の徴伴はん、即ち彼等は我名によりて惡魔を逐払ひ、新しき言語を話し、
Mme ba ba dumelang ba tlaa dirisa thata ya me go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe, ba tlaa bua dipuo tse di ncha.
18 蛇を捕へ、死毒を飲むも身に害なく、病人に按手せば其病癒えん、と。
Ba tlaa nna le thata ya go tshwara dinoga ba babalesegile, mme fa ba a nwa le fa e le eng se se bolayang ga se kitla se ba utlwisa botlhoko: Ba tlaa kgona go baya balwetse diatla ba ba fodisa.”
19 彼等に語り給ひて後、主イエズス天に上げられ給ひて、神の右に坐し給ふ。
Erile Morena Jesu a sena go fetsa go bua le bone, a tsholelediwa kwa legodimong a ya go nna ka fa letsogong le legolo la Modimo.
20 弟子等は出立して、徧く教を宣べしが、主力を加へ給ひて、伴へる徴によりて言を證し給ひたりき。
Mme barutwa ba tswa ba ya gongwe le gongwe ba rera, mme Morena a bo a na le bone, a tlhomamisa se ba se buang ka dikgakgamatso tse di diragalang morago ga melaetsa ya bone.

< マルコの福音書 16 >