< マルコの福音書 6 >

1 イエズス、此處を去りて我故郷に至り給ひ、弟子等是に從ひいたりしが、
Mme ka bofefo morago ga moo a tloga mo kgaolong eo a boela le barutwa ba gagwe ba ya Nasaretha, motse wa ga gabo.
2 安息日に當り會堂にて教を説始め給ひしかば、聞く人多く其教に驚きて云ひけるは、彼は是等の事を何處より得たるぞ、其授けられたる智恵と、其手に行はるる斯ばかりの奇蹟とは、如何なるものぞ。
Mme ka Sabata se se latelang a ya kwa Tempeleng go ya go ruta, mme batho ba gakgamalela botlhale jwa gagwe le dikgakgamatso tsa gagwe ka ntlha ya gore e ne e le motho fela yo o tshwanang le bone. Mme ba bua ba tenegile ba re, “Ga a botoka go na le rona. Ke mmetli fela, morwa Marea, mogoloa Jakobe le Josefe, Judase le Simone. Le bokgaitsadie re agile nabo.”
3 彼はマリアの子にして、ヤコボ、ヨゼフ、ユダ及びシモンの兄弟たる職工にあらずや、其姉妹等も我等と共に此處に在るに非ずや、と。斯て遂に彼に躓き居たり。
4 イエズス彼等に曰ひけるは、預言者の敬はれざるは唯其故郷、其家、其親戚の中に於てのみ、と。
Hong Jesu a ba raya a re, “Moporofiti o tlotlwa gongwe le gongwe fela fa e se mo ga gabo le mo losikeng lwa gagwe le mo go ba ntlo ya gagwe.”
5 然れば此處にては、少數の病者を按手して醫し給ひし外、何等の奇蹟をも為し得給はず、
Mme ka ntlha ya go tlhoka go dumela ga bone a se ka a kgona go dira dikgakgamatso tse di tona mo go bone, fa e se fela go baya diatla mo baboboding ba se kae, a ba fodisa.
6 彼等の不信仰に驚き、其辺の邑々を巡りて教へ居給へり。
Mme a gakgamalela go tlhoka tumelo ga bone. Hong a tswa a tsamaya mo metseng, a ruta.
7 イエズス十二人を呼びて、之を二人づつ遣はすに臨み、汚鬼等[に對する]の権能を授け、
A bitsa barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi a ba roma ka bobedi le bobedi, a ba neetse nonofo ya go kgoromeletsa ntle mewa e e maswe.
8 且途中杖の外に何物をも携へざる事、旅嚢、麪又は帯に銭を持つまじき事、
A ba raya a re, ba se ka ba tsaya sepe fa e se dithobane tse ba tsamayang ka tsone (diikokotlelo) le fa e le dijo, le fa e le kgetsana le fa e le madi, le fa e le ditlhako kgotsa diaparo tse dingwe.
9 普通の履物を穿くも、二枚の下着を着まじき事を命じ、
10 然て彼等に曰ひけるは、何處にても、或家に入らば、其地を去るまで其處に留れ。
A ba raya a re, “Fa lo tsena mo motsing nnang mo lwapeng lo le longwe, se suteng fa lo leng teng go tsena ntlo le ntlwana fa lo sa ntse lo le mo motsing oo.
11 又総て汝等を承けず、汝等に聴かざる者あらば、其處を立去りて、彼等への證據として足の塵を払え、と。
Fa e le gore ba motse ga ba lo amogele kgotsa ga ba lo reetse itlhotlhoreng lorole mo dinaung tsa lona lo tsamaye; ke sesupo sa gore lo tlogeletse motse oo tshekiso.”
12 斯て弟子等出でて改心すべきことを人々に説教し、
Barutwa ba tsamaya, ba bolelela mongwe le mongwe yo ba kopanang nae gore a sokologe mo dibeng.
13 許多の惡魔を逐払ひ、注油して多くの病者を醫し居たり。
Mme ba kgoromeletsa ntle mewa e e maswe e le mentsi ba fodisa babobodi ba le bantsi ba ba tlotsa ka lookwane.
14 第五項 イエズスガリレアを巡り給ふ 斯てイエズスの名顕れしかば、ヘロデ王聞きて、洗者ヨハネは死者の中より蘇りたり、故に奇蹟彼に行はるるなり、と云へるに、
Mme ka bofefo Kgosi Herode a utlwa kaga Jesu, gonne dikgakgamatso tsa gagwe di ne di buiwa gongwe le gongwe. Kgosi e ne e akanya gore Jesu ke Johane wa Mokolobetsi a boetse mo botshelong. Hong batho ba ne ba re, “Ga go gakgamatse fa a ka dira dikgakgamatso tse di kalo.”
15 或人々は、是エリアなりと云ひ、又或人々は、預言者なり、預言者の一人の如し、と云へば、
Mme ba bangwe ba ne ba gopola gore Jesu ke Elija Moporofiti wa bogologolo o ka ne a boetse gape mo botshelong; ba bangwe ba gopola gore ke moporofiti yo mosha yo o tshwanang le bangwe ba ba tona ba bogologolo.
16 ヘロデ之を聞きて我が馘りし彼ヨハネは、死者の中より蘇りたり、と云へり。
Herode a re, “Nnyaa, ke Johane, monna yo ke mo kgaotseng tlhogo. O tsogile mo baswing.”
17 蓋ヘロデ曾て其兄弟フィリッポの妻ヘロヂアデを娶りたれば、彼が為に人を遣はしてヨハネを捕へ、監獄に繋ぎたりき。
Gonne Herode o ne a rometse masole go tshwara Johane go mo isa kgolegelong ka ntlha ya gore o ne a tswelela a ntse a re, ke phoso fa kgosi e nyala Herodiase, mogatsa Filipo monnawe kgosi.
18 其はヨハネヘロデに向ひ、汝兄弟の妻を納るるは可からず、と云ひ居たればなり。
19 然ればヘロヂアデ彼を恨みて殺さんと欲すれども、能はざりき、
Herodiase o ne a batla gore Johane a bolawe a ipusulosetse, le fa go ntse jalo, kwa ntle ga tumalano ya ga Herode, Herodiase a palelwa.
20 是ヘロデはヨハネの義人たり聖人たるを知りて、之を畏れ且護り、是に聴きて多くの事を行ひ、好みて彼に聴き居たるを以てなり。
Herode o ne a tlotla Johane, a itse fa e le motho yo o molemo a bile a le boitshepo, foo a mmaya ka fa tlase ga tshireletso ya gagwe. Herode o ne a tshwenyega nako tsotlhe fa a bua le Johane, le fa go ntse jalo o ne a rata go mo reetsa.
21 斯て便宜好き日來り、ヘロデ、大官、千夫長及ガリレアの貴族等を招待して誕生日の饗宴を開きしが、
Mme ya re la bofelo lobaka lwa ga Herodiase la tla. Ya re letsatsi la botsalo jwa ga Herode, Herode a direla bagolwane ba bogosi jwa gagwe mokete le bagolwane ba sesole, le baeteledipele ba baagedi ba motse wa Galalea.
22 彼ヘロヂアデの女入來りて踊を為し、ヘロデ及列席の人々の意に適ひしかば、王女に云ひけるは、欲しきものを我に求めよ、我必之を與へん、と。
Hong ngwana wa mosetsana wa ga Herodiase a tla a bina fa pele ga bone ka botswerere a ba itumedisa fela botlhe. Kgosi ya mo raya ya re, “Nkopa sengwe se o se ratang,” “Le fa e le bontlha jwa bogosi jwa me, mme ke tla bo go naya!”
23 又誓ひて曰く、何事を求むるも、例へば我國の半にても、我之を汝に與へん、と。
24 其時女出でて、我何を求むべきか、と母に云ひしに、彼、洗者ヨハネの頭を、と云ひければ、
Mme a tsamaya a ya go itsise mmaagwe, yo o neng a mo raya a re, “Lopa tlhogo ya ga Johone wa Mokolobetsi!”
25 女直に王の許に急ぎ行き、洗者ヨハネの頭を盆に載せて、速に我に賜はん事を欲す、と云へり。
Hong a boela kwa morago kwa kgosing a ya go e bolelela, a re, “Ke batla tlhogo ya ga Johane wa Mokolobetsi e le mo mogopong.”
26 王憂ひしかど、誓に對し且は列席の人々に對して女に否む事を欲せず、
Mme kgosi ya hutsahala thata, ya tlhajwa ke ditlhong go roba maikano a yone fa pele ga baeng ba yone.
27 刑吏を遣はし、ヨハネの頭を盆に載せて持來る事を命ぜり。刑吏監獄にヨハネを馘り、
Hong a roma mongwe wa batlhokomedi ba gagwe kwa kgolegelong go ya go kgaola tlhogo ya ga Johane le go e lere kwa go ene. Mme lesole la ya go bolaya Johane mo kgolegelong,
28 其頭を盆に載せ齎して、女に與へしかば、女は之を母に與へたり。
a tla ka tlhogo ya ga Johane e le mo mogopong, a e naya mosetsana, mosetsana ene a ya go e naya mmaagwe.
29 ヨハネの弟子等聞きて來り、其屍を取りて墓に葬れり。
Erile barutwa ba ga Johane ba utlwa se se diragetseng, ba tla ba tsaya mmele wa gagwe ba ya go o boloka mo lebitleng.
30 然て使徒等イエズスの許に集り、総ての為しし事、教へし事を告げしかば、
Mme baaposetoloi ba boela kwa go Jesu ba tswa loetong lwa bone ba mmolelela gotlhe mo ba go dirileng le mo ba go buileng le batho ba ba neng ba ba etela.
31 イエズス彼等に向ひ、別に寂しき處に來りて暫し休め、と曰へり。其は往來する人多くして、食する暇だにあらざればなり。
Hong Jesu a ba raya a re, “A re tsweng mo bontsing jwa batho ka lobakanyana re yeng go itapolosa.” Gonne go ne go na le batho ba le bantsi ba ba tlang le ba ba tsamayang ba sena nako le ya go ja tota.
32 斯て船に乗りて、別に寂しき處に往けり。
Mme ba tsamaya ka mokoro ba ya fa lefelong le le tuuletseng.
33 彼等の往くを見て、多くの人之を知り、凡ての町より徒歩にて彼等に先ちて、彼處に馳集りしが、
Mme batho ba le bantsi ba ba bona ba tsamaya mme ba tabogela kwa pele ba le mo lotshitshing ba ba kgatlhantsha fa ba tswa mo mokorong.
34 イエズス出でて群衆の夥しきを見給ひ、其牧者なき羊の如くなるを憫み、多くの事を教へ始め給へり。
Fela jaaka gale, bontsi jwa batho jwa bo bo le teng fa a tswa mo mokorong; mme a ba tlhomogela pelo ka ntlha ya gore ba ne ba tshwana le dinku tse di senang modisa a ba ruta dilo di le dintsi tse ba tshwanetseng go di itse.
35 日既に暮れかかりしかば、弟子等近づきて云ひけるは、處は寂しく時は既に遅し。
Mme morago ga tshokologo ya letsatsi barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene ba re, “Bolelela batho gore ba tsamaye ba ye kwa metsing e e gaufi le masimo ba ye go itshenkela dijo, gonne ga go na sepe se se ka jewang mo thoteng e, gape go nna bosigo.”
36 人々を還し、四辺の田家及邑に往きて面々に食物を買ふことを得しめ給へ、と。
37 イエズス答へて、汝等是に食物を與へよ、と曰ひしかば、彼等云ひけるは、我等往きて二百デナリオにて麪を沽ひ、彼等に食せしめんか、と。
Hong Jesu a re, “Ba fepeng.” Mme ba botsa ba re, “Ka eng? Go tlaa lopa madi a le mantsi go reka dijo tsa bontsi jo bo kana!”
38 イエズス、汝等幾個の麪をか有てる、往きて見よ、と曰ひしに、彼等尋ね知りて、五個と二尾の魚とあり、と云へり。
Mme a ba botsa a re, “Re na le dijo di le kana kang? Tsamayang lo yeng go bona.” Mme ba tla gape go tla go mmolelela gore go na le dinkgwe di le tlhano le ditlhapi di le pedi.
39 斯て命じて、人々を皆青草の上に組々に坐せしめ給ひ、
Hong Jesu a bolelela bontsi jwa batho gore ba nne fa fatshe, mme ka bonako ba kgaoganngwa ka ditlhopha tsa masome a matlhano kgotsa lekgolo mme botlhe ba bo ba ntse mo bojannyeng jo botala.
40 人々百人五十人づつ坐したるに、
41 イエズス五個の麪と二尾の魚とを取り、天を仰ぎて祝し、麪を擘きて弟子等に與へ、之を人々の前に置かしめ、又二尾の魚を一同に分ち給ひしかば、
Hong a tsaya dinkgwe tse tlhano le ditlhapi tse pedi a leba kwa legodimong, a lebogela dijo tseo. A ngathoganya dinkgwe go nna dikapetlana, a neela barutwa ba gagwe bontlha bongwe jwa dinkgwe le ditlhapi go di fa batho.
42 皆食して飽足れり。
Mme batho baa ja botlhe ba kgora!
43 殘れる屑を拾ひしに、魚を併せて十二の筐に満ちしが、
Go ne go le banna ba ka nna dikete di le tlhano ka nako ya dijo, morago ga moo ditlatlana di le lesome le bobedi tsa tlala masalela a a neng a selwa fa fatshe mo bojannyeng!
44 食せし男子は五千人なりき。
45 イエズス直に弟子等を強て船に乗らしめ、己が人民を去らしむる間に湖を渡り、先ちてベッサイダへ赴かしめ給ひ、
Mme ka bonako morago ga moo Jesu a laola barutwa ba gagwe gore ba boele mo mokorong ba kgabaganye lecha ba ye Bethesaida, kwa o neng a tlaa kopana le bone teng morago. Fa Ene a ne a sa ntse a saletse go sadisa batho sentle gore ba boele gae.
46 人を去らしめて後、祈らんとて山に往き給へり。
Morago ga moo a tsamaya a ya kwa dithabeng go rapela.
47 夜更けて船は湖の中央に在り、イエズスは獨陸に居給ひしが、
Mme ya re bosigo, fa barutwa ba gagwe ba le mo mokorong mo gare ga lecha, ene a bo a le nosi ka kwa ntle ga lecha.
48 イエズス弟子等の逆風の為に漕ぎ悩めるを見給ひ、朝の三時頃湖の上を歩みて彼等に至り、行過ぎんとし給ひしに、
Mme a bona fa ba le mo matshwenyegong a magolo, ba hudua ka bothata le go kgaratlha kgatlhanong le phefo e e tsubutlang le makhubu a lewatle. Erile e ka ne e le nako ya boraro mo mosong a tsamaela kwa go bone mo godimo ga metsi. Mme ya re ekete o a ba feta,
49 弟子等其湖の上を歩み給ふを見るや、怪物ならんと思ひて叫出せり。
ba bona sengwe se tsamaya tsamaya fa thoko ga bone ba goa ka letshogo, ba gopola fa e le sepoko,
50 其は皆彼を見て心擾ぎたればなり。イエズス直に言を出して、頼もしかれ、我なるぞ、懼るること勿れ、と曰ひ、
gonne ba ne ba mmona botlhe. Mme a bua le bone a re, “Go siame, se boifeng! Ke nna.”
51 船に乗りて彼等に至り給ひしに、風止みたれば、彼等愈益心の中に驚きたり。
Hong a palama mo mokorong, phefo ya didimala! Ba nna fela foo ba gakgametse.
52 其は彼等の心頑固にして、彼の麪の事を暁らざりければなり。
Gonne ba ne ba ise ba lemoge gore ke mang le fa e le morago ga kgakgamatso ya maabane maitsiboa! Gonne ba ne ba sa batle go dumela.
53 航りて、ゲネザレトの地に至り、岸に船を着けしが、
Mme ya re ba fitlha kwa Geneseretha ka fa ntlheng e nngwe ya lecha ba bohelela mokoro,
54 船より出づるや、人々忽イエズスを認めて、
ba fologa. Mme batho ba ba neng ba eme mo tikologong eo ba mo lemoga fela ka nako eo,
55 其全地方を馳廻り、イエズスの居給ふと聞く處に、病る者を床の儘に舁きて、何處までも廻り始めたり。
mme ba taboga le tikologo yotlhe ba anamisa dikgang kaga kgorogo ya gagwe, ba simolola go rwalela balwetse kwa go ene ka mapara le ka meseme.
56 斯て至る處、或は邑、或は街、或は田家に、人々病者を衢に置き、彼の衣服の総にだも触れん事を願ひ居りしが、触るる人は悉く醫されつつありき。
Gongwe le gongwe mo a neng a tsamaya teng, mo metsaneng le mo metseng e megolo, le kwa ntle kwa masimo, ba baya balwetse mo dipatlelong tsa marekelo le mo ditseleng ba mo rapela gore a ba letle ba ame makantsa a diaparo tsa gagwe; mme botlhe ba ba mo amileng ba fodisiwa.

< マルコの福音書 6 >