< ヤコブの手紙 5 >

1 第五項 種々の勧告。 偖も富める人々よ、汝等が身に到來すべき禍の為に叫び歎け。
Bonang, lona bahumi, jaanong ke nako ya go lela le go bokolela ka bohutsana jo bogolo ka ntlha ya go bona matshwenyego otlhe a a boitshegang a a kwa pele ga lona.
2 汝等の富は腐敗し、汝等の衣服は蠧まれ、
Gonne khumo ya lona e setse jaanong e bola, le diaparo tsa lona tse dintle di fetoga makgasa a a jelweng ke motoutwane.
3 汝等の金銀は銹びたり。斯て其銹は汝等に證據と成て、火の如くに汝等の肉を食まん、汝等は末の日に對して怒を貯へたるなり。
Tlhwatlhwa ya gouta le selefera ya lona e wela kwa tlase ka bofefo, go ntse jalo e tlaa nna e le bosupi jo bo lo tlhabantshang, e bo e e ja nama ya lona jaaka molelo. Ke sone se lo se ipeetseng go se amogela mo letsatsing leo la tshekiso.
4 看よ、汝等が欺きて、汝等の土地を刈取りし作人に與へざりし賃金は叫ぶ、彼等の叫は萬軍の主の耳に入れり。
Mme reetsang! Reetsang selelo sa badiri ba ba dirang mo masimong a lona ba lo ba tsieditseng ka tuelo ya bone. Selelo sa bone se tsenye mo ditsebeng tsa Morena wa Masomosomo.
5 汝等は地上に在りて歓樂し、身を放蕩に委ね、殺害の日に當りても心を満足せしめ、
Lo dirisitse dingwaga tsa lona mo lefatsheng lo le mo letlepung, lo itumedisa dikeletso tsotlhe tsa dipelo tsa lona, mme jaanong dipelo tsa lona tse di nonneng di siametse polao.
6 義人を罪に定めて之を殺ししも、彼は汝等に抵抗せざりき。
Lo atlhotshe ebile lo bolaile batho ba ba molemo ba ba neng ba sena nonofo go itshireletsa mo go lona.
7 然れば兄弟等よ、主の降臨まで忍耐せよ、看よや農夫が地の尊き果を待ちて、春秋の雨を受くるまで忍耐するを。
Ke lona bagaetsho, bakaulengwe ba ba rategang, ba lo letetseng go bowa ga Morena, nnang pelotelele, jaaka molemi yo o letelang go fitlhelela letlhabula fa thobo ya gagwe ya botlhokwa e butswa.
8 然れば汝等も忍耐して心を堅うせよ、蓋主の降臨は近きに在り。
Ee nnang, pelotelele. Lo bo lo kgothale, gonne go tla ga Morena go gaufi.
9 兄弟等よ、汝等審判せられざらん為に、相怨む事勿れ、看よ審判者は門前に立ち給ふ。
Lo se ka lwa ngongoregela bakaulengwe. A lona ka bolona lo setse lo fetile go nyadiwa? Gonne bonang! Moatlhodi yo mogolo o e tla. O setse a le gaufi mo leseng e nne ene yo o tshwayang diphoso tsotlhe tse di tshwanetseng go supiwa.
10 兄弟等よ、汝等主の御名によりて語りし預言者等を以て、苦痛と忍耐との模範とせよ。
Mo dikaing tsa bopelotelele mo dipogisegong, tsayang malebela mo baporofiting ba Morena.
11 我等が忍耐したる人々を福なりとするを思へ、汝等曾てヨブの忍耐を聞き、又終に主の為し給ひし事を見たり。即ち主は慈悲深く在して、憫を垂れ給ふ者なり。
Re itse ka fa ba itumelang ka teng jaanong gonne ba ne ba le boammaruri mo go ene ka nako eo, le fa ba ne ba go bogela thata. Jobe ke sesupo sa motho yo o neng a tsweletse a ikanya Morena mo matshwenyegong; mo maitemogelong a gagwe re bona ka fa leano la Modimo le neng la felela ka bomolemo ka teng, gonne Morena o tletse bopelotlhomogi le kutlwelo-botlhoko.
12 我兄弟等よ、汝等第一に、或は天、或は地、或は他の何物を以ても誓ふ事勿れ、唯然りは然り、否は否と云へ、之審判に罹らざらん為なり。
Mme mo godimo ga dilo tsotlhe, bakaulengwe ba ba rategang, se ikaneng ka legodimo kgotsa ka lefatshe kgotsa le fa e le ka eng; lo re “ee” kgotsa “nnyaa” fela, gore lo seka lwa leofa lwa tloga lwa welwa ke phutso ya Modimo.
13 汝等の中に憂ふる者あらんか、其人は祈るべきなり。喜ぶ者あらんか、其人は聖詩を謳ふべきなり。
A mongwe mo go lona o tlhokofetse? A a nne a tswelele a rapele ka gone. Mme ba ba nang le lobaka lwa go leboga ba tshwanetse go tswelela ba opelela Morena dipako.
14 汝等の中に病める者あらんか、其人は教會の長老等を喚ぶべく、彼等は主の御名によりて之に注油し、之が上に祈るべし。
A mongwe o a lwala? O tshwanetse go bitsa bagolwane ba phuthego mme ba mo rapelele ba bo ba mo tshele lookwane ba kope Morena go mo fodisa.
15 斯て信仰の祈は病者を救ひ、主之を引立て給ひ、若罪あらば赦さるべきなり。
Mme thapelo ya bone, fa e dirwa ka tumelo, e tlaa mo fodisa, gonne o tlaa mo kakatlolola mme fa e le gore bolwetse jwa gagwe bo ne bo dirwa ke sebe sengwe, Morena o tlaa mo itshwarela.
16 然れば互ひに己が罪を告白して、互の為に祈れ、是汝等の醫されん為なり。義人の篤き祈は大いなる効力あり。
Ipolelaneng ditlolo mme lo rapelelane gore lo tle lo fodisiwe. Thapelo ya mosiami e e tlhomameng e na le nonofo e kgolo le maungo a mantle.
17 エリアは我等と同様の人なりしも、雨の地上に降らざらん事を切に祈りしかば、降らざる事三年六箇月なりき。
Elija e ne e le motho fela jaaka rona, mme le fa go ntse jalo e ne ya re a rapela ka tlhoafalo gore pula e seka ya na ya se ka ya na mo dingwageng tse tharo le dikgwedi tse thataro tse di latelang!
18 斯て再び祈りしかば、天は雨を與へ地は果を與へたりき。
Mme a rapela gape, gore jaanong e ne, mme ya simolola go na mme bojang jwa nna botala le masingwana a simolola go ungwa gape.
19 我兄弟等よ、若汝等の中に眞理を過てる者あり、人ありて之を立歸らしめんか、
Bagaetsho, ha mongwe mo go lona a timeletswe ke boammaruri, mme mongwe a mo sokolola;
20 罪人を其道の迷より立歸らしめたる者は、其魂を死より救ひ、多くの罪を覆ふべしと識るべきなり。
a a itse ha yo o sokololang moleofi mo timelong ya tsela ya gagwe, a tlaa golola mowa mo losong, mme a ba a bipa bontsi jwa dibe.

< ヤコブの手紙 5 >