< ペテロの手紙第一 1 >

1 イエズス、キリストの使徒たるペトロ、ポント、ガラチア、カパドシア[小]アジア及びビチニアに離散して寄留せる人々、
Lokwalo lo lo tswang kwa go: Petere, mo rongwa wa ga Jesu Keresete. A kwalela: Bakeresete ba Bajuta ba ba lelekilweng mo Jerusalema mme ba falalela mo Pontose, Galalea, Kapadosia, Ausia, le Bethania.
2 父にて在す神の預知に從ひて、[聖]霊によりて聖とせられ、且服從し、イエズス、キリストの御血を沃がれん為に選まれたる人々に[書簡を贈る]。願はくは恩寵と平安と汝等に加はらん事を。
Ditsala tse di rategang, Modimo Rara o lo tlhophile bogologolo e bile o itsile gore lo tlaa nna bana ba one. Mme Mowa o o Boitshepo o ntse o dira mo dipelong tsa lona, o lo tlhatswa ka madi a ga Jesu Keresete go lo dira gore lo mo itumedise. A Modimo o lo segofatse thata mme o lo okeletse kgololesego mo tlalelong yotlhe le poifo.
3 第一項 信徒の賜はりし恵を神に感謝す。 第一編 キリスト信徒の特典及び其要する聖徳。 祝すべき哉我主イエズス、キリストの父にて在す神、蓋其大いなる憫に從ひて、イエズスの死者の中よりの復活を以て、我等を新に生れしめて、活ける希望を懐かしめ、
A tlotlo yotlhe e nne mo Modimong, Modimo Rara wa Morena wa rona Jesu Keresete: gonne ke kutlwelo-botlhoko ya gagwe ya kgololesego e e re neileng tshwanelo e e faphegileng ya go tsalwa sesha; gore jaanong re bo re le maloko mo lwapeng lwa Modimo. Jaanong re tshela mo tsholofelong ya botshelo jo bo sa khutleng ka ntlha ya gore Keresete o tsogile gape mo baswing.
4 天に於て汝等に備はりたる、屈せず穢れざる而も萎まざる世嗣を得させんとし給ふ。
Mme Modimo o beetse bana ba one mpho e e sa rekweng ya botshelo jo bo sa khutleng; lo e beetswe kwa legodimong, mpho e e itshekileng ebile e sa leswafala, e e sa fetogeng ebile e sa bole.
5 汝等は神の能力により、終の日に顕るべく備はりたる救霊を得ん為に、信仰を以て守らるるものなり。
Mme Modimo, mo nonofong ya one e kgolo, o tlaa tlhomamisa gore lo tsene koo lo babalesegile go e amogela, ka gonne lo a o ikanya. E tlaa nna ya lona mo letsatsing leo la bofelo gore lo e bone lotlhe.
6 是によりて、假令暫くは種々の試に悩まさるべきも、汝等は喜に勝へざるべし。
Jalo itumeleng ka boammaaruri! Go na le boitumelo jo bogolo kwa pele, le fa go tsamaya go sa itumedise ka lobakanyana fano.
7 蓋汝等が信仰の試みらるるは、金が火を以て試るるよりも遥に尊き事にして、イエズス、キリストの公現の時、誉と榮と尊とを得べき者として認められん為なり。
Diteko tse ke go leka tumelo ya lona fela, go bona gore a e nonofile ebile e itshekile kgotsa nnyaa. E lekwa jaaka molelo o leka gauta o bo o e tlhatswa, mme tumelo ya lona e botlhokwa thata mo Modimong go gaisa gauta; jalo fa tumelo ya lona e sala e nonofile e sena go lekwa ka molelo, e tlaa lo tlisetsa pako le kgalalelo le tlotlo mo letsatsing la go bowa go gagwe.
8 汝等はイエズス、キリストを見ざりしも、之を愛し奉り、今も尚見ずして之を信じ奉り、信じ奉りて而も光榮を帯びたる言ひ難き喜に勝へざるならん。
Lo a mo rata ntswa lo ise lo ke lo mmone; le fa lo sa mmone, lo a mo ikanya; mme jaanong lo itumela ka boitumelo jo bo bonalang bo tswa legodimong ka bo lone.
9 其は汝等の信仰の目的たる魂の救を得べければなり。
Mme tuelo ya lona ya go mo ikanya e tlaa nna poloko ya mewa ya lona.
10 此救霊に就きては、汝等に於る将來の恩寵の事を預言せし預言者等、穿鑿して之を探求せり。
Poloko e, e ne e le sengwe se baporofiti ba neng ba sa se tlhaloganye ka botlalo. Le fa ba kwadile ka yone, ba ne ba nna le dipotso tse di ntsi gore e ka ne e ne e raya eng?
11 即ちキリストの霊は彼等に在して、キリストに於る苦難と其後の光榮とを豫告げ給ひしかば、何時の頃如何なる時を示し給へるぞと探求したりしに、
Ba ne ba hakgamala gore Mowa wa ga Keresete o o mo teng ga bone o ne o bua kaga eng, gonne o ba reile wa re ba kwale ditiragalo, tse di setseng di diragaletse Keresete go tloga ka lobaka loo: ebong go boga ga gagwe, le kgalalelo ya gagwe e kgolo e e ileng ya diragala kwa morago. Mme ba hakgamala gore mo gotlhe go tlaa diragala leng ebile go diragalela mang.
12 其傳ふる所は、彼等自らの為に非ずして汝等の為なりとの黙示を得たり。其傳ふる所とは、天より遣はされ給ひし聖霊によりて汝等に福音を宣べし人々より、汝等が今既に告げられたる所にして、天使等も亦之を鑑みる事を欲せるなり。
Ba ne ba bolelelwa kwa morago gore dilo tse ga di kitla di diragala mo lobakeng lwa botshelo jwa bone, mme e leng morago ga dingwaga tse di tlang, mo lobakeng lwa lona. Mme jaanong kwa bofelong Mafoko a a Molemo a, re a boleletswe sentle rotlhe. Re a reretswe ka nonofo ya Mowa o o Boitshepo o o buileng le bone; mme ga go a tlwaelesega ebile go a hakgamatsa gore le e leng bone baengele kwa legodimong ba tlaa dira thata go itse kaga gone.
13 第二項 神の御恵に應じて生活すべし。 是故に汝等心に帯して節制し、イエズス、キリストの公現の時汝等に賜はる恩寵を缺くる所なく希望し、
Jaanong lo ka lebelela ka tlhoafalo le tlhalefo ya tshiamo ya Modimo fa Keresete Jesu a bowa.
14 從順なる子兒の如く、最初の不知の望に從ふ事なく、
Utlwang Modimo gonne lo bana ba One; se boeleng gape mo mekgweng ya lona ya bogologolo, lo dira bosula ka go bo lo ne lo sa itse tshiamo.
15 汝等を召し給ひし聖なるものに象りて、凡ての行状に於て汝等も亦聖と成れ。
Mme nnang boitshepo jaanong mo go sengwe le sengwe se lo se dirang, fela jaaka Morena yo o lo bileditseng go nna bana ba gagwe a le Boitshepo.
16 其は録して、「我は聖なるにより汝等も聖と成るべし」とあればなり。
Ene ka boene o rile, “Lo tshwanetse go nna Boitshepo, gonne ke Boitshepo.”
17 人に依怙ある事なく、各の業によりて審判し給ふ者を父と呼び奉るならば、畏を以て汝等が世に住める時を過せ。
Mme gakologelwang gore Rraeno yo o kwa legodimong yo lo mo rapelang ga a na ba o ba ratang thata go gaisa ba bangwe fa a atlhola. O tlaa lo atlhola ka katlholo e e siametseng sengwe le sengwe se lo se dirang; jalo dirang ka poifo e e masisi mo go ene go tloga gompieno go fitlhelela lo tsena kwa legodimong.
18 是汝等が先祖傳來の空しき行状より贖はれしは、金銀の如き壊るべきものによらずして、
Modimo o duetse thekololo go lo boloka mo tseleng e e thata go ya legodimong e borraeno ba lekileng go e tsaya, mme thekololo e o e duetseng e ne e se gauta kgotsa selefera, jaaka lo itse sentle.
19 無缺無垢の羔の如きキリストの尊き御血によれる事を知ればなり。
Mme o lo duetse ka madi a botlhokwa a botshelo a ga Keresete, yo o senang boleo, Kwana ya Modimo e e senang selabe.
20 彼は世界開闢以前より豫知せられ給ひたりしかど、彼によりて神を信仰せる汝等の為に、世の末に顕れ給ひたるものにして、
Modimo o mo tlhophile ka maikaelelo a bogologolo pele ga tshimologo ya lefatshe, mme o senotswe mo lobakanyaneng lo lo fetileng, mo malatsing ano a bofelo, e le tshegofatso mo go lona.
21 神が之を死者の中より復活せしめ之に光榮を賜ひしは、汝等の信仰と希望とを神によらしめ給はんとてなり。
Ka ntlha ya se, go ikanya ga lona go ka nna mo Modimong o o tsositseng Keresete mo baswing wa bo wa mo naya kgalalelo e kgolo. Jaanong tumelo ya lona le tshegofatso di ka nna mo go ene a le nosi.
22 汝等偽なき兄弟的相愛を生ぜしめんが為に、眞理に服從する事によりて魂を潔め、一層深く心より相愛せよ。
Jaanong lo ka nna le lorato mo go mongwe le mongwe ka ntlha ya gore mewa ya lona e tlhatswitswe bohula le kilo fa lo ikanya Keresete go lo boloka; jalo ratanang thata, ka dipelo tsa lona tsotlhe.
23 汝等が新に生れたるは、腐るべき種によらず、腐るべからざる種により、活きて永遠に存する神の御言によれり。 (aiōn g165)
Gonne lo na le botshelo jo bosha. Ga lo a bo newa ke batsadi ba lona, gonne botshelo jo ba neng ba lo bo neile bo tlaa nyelela. Jo bosha jo bo tlaa nna ka bosakhutleng. (aiōn g165)
24 蓋一切の肉身は草の如く、其榮は草の花の如し、草は枯れ其花は落つれども、
Ee, botshelo jwa rona jwa tlholego bo tlaa nyelela jaaka bojang fa bo nna bosetlha bo omelela. Bogolo jwa rona jotlhe bo tshwana le sethunya se se kgolegang se bo se wela fa fatshe;
25 主の御言は永遠に存す。汝等に福音と成りし言は即ち是なり。 (aiōn g165)
mme Lefoko la Morena le tlaa nna ka bosakhutleng. Le molaetsa wa gagwe ke Mafoko a a Molemo a lo a reretsweng. (aiōn g165)

< ペテロの手紙第一 1 >