< ペテロの手紙第一 3 >

1 斯の如く、妻たる者も亦己が夫に服すべし、是夫が、假令御言を信ぜざるも、妻の行状によりて無言の裏に、
Basadi ba lo nyetsweng, kopanelang dithulagaganyo le banna ba lona; gonne fa ba gana go reetsa fa lo bua le bone kaga Morena, ba tlaa fenngwa ke maitseo a lona, le matshelo a a itshekileng.
2 汝等の畏敬に在る操の行状を鑑みて儲けられん為なり。
Matshelo a lona a BoModimo a tlaa bua le bone botoka go gaisa mafoko a lona.
3 其飾は表面の縮らし髪、金の飾環、身に着けたる衣服に在らずして、
Se kgatlhweng ke bontle jo bo ka fa ntle jo bo mo mekgabong ya gauta, kgotsa diaparo tse di maphatsi-phatsi, kgotsa go itoga moriri.
4 心の中に隠れたる人、即ち貞淑、謹慎なる精神の變らざるに在るべし、是こそは神の御前に價高きものなれ。
Nnang bantle mo teng, mo teng ga dipelo tsa lona, ka bontle jo bo sa feleng jo bo siameng le ka mowa o o didimetseng o o leng botlhokwa thata mo Modimong.
5 蓋古代の聖女等も神を希望し奉りて、己が夫に服しつつ斯の如く身を飾りたりしが、
Bontle joo, jo bo mo teng, bo bonywe mo basading ba baitshepi ba bogologolo, ba ba neng ba ikanya Modimo ebile ba dirisanya sentle le banna ba bone mo dithulaganyong.
6 其如くサラは[其夫]アブラハムを主と呼びて之に從ひ居たり。汝等は彼が女として善を為し、何の變動をも懼れざるなり。
Jaaka Sara, a ne a utlwa monna wa gagwe Aberahame, a mo tlotla jaaka tlhogo ya lolwapa. Mme fa lo dira jalo lo tlaabo lo latela dikgato tsa gagwe jaaka barwadie ba ba siameng ebile ba dira se se molemo; jalo ga lo kitla lo boifa gore e ka re kgotsa lwa kgopisa banna ba lona.
7 夫たる者よ、同じく知識に從ひて同居し、婦を我よりも弱き器として、而も相共に生命の恩寵を嗣ぐ者として、之を尊重し、汝等の祈を妨げられざる様にせよ。
Lona banna ba lo nyetseng, lo tshwanetse go nna kelotlhoko mo basading ba lona, lo itse se basadi ba lona ba se tlhokang, lo bo lo ba tlotle jaaka tokololo e e bokoa. Gakologelwang gore lona le basadi ba lona lo barui mmogo mo go amogeleng tshegofatso ya Modimo, mme fa lo sa ba direle jaaka lo tshwanetse dithapelo tsa lona ga di kitla di arabiwa.
8 第二項 信徒一般に對する教訓。 終に[言はん]、汝等皆心を同じうして相勞り、兄弟を愛し、慈悲謙遜にして、
Mme jaanong se ke lefoko la lona lotlhe: Lo tshwanetse go nna jaaka lolwapa lo lo itumelang; lo tletse kutlwelo botlhoko mo go ba bangwe, lo ratana ka dipelo tse di bonolo le dikakanyo tse di kokobetseng.
9 惡を以て惡に報いず、罵を以て罵に報いず、却て祝福せよ。是世嗣として祝福を得ん為之に召されたる汝等なればなり。
Se dueleng bosula ka jo bongwe. Se ipusolosetseng mo go ba ba buang bosula ka lona. Mo boemong jwa moo, rapelelang gore Modimo o ba thuse, gonne re tshwanetse ra nna tshiamo mo go ba bangwe, mme Modimo o tlaa re go segofaletsa.
10 蓋生命を愛して佳日を見んと欲する人は、其舌をして惡を避けしめ、其唇偽を語らず、
Fa o batla botshelo jo bo itumedisang, jo bo siameng, laola loleme lwa gago, o bo o tlhokomele dipounama tsa gago mo go bueng maaka.
11 惡に遠ざかりて善を為し、平和を求めて之を追ふべきなり。
Fapoga mo bosuleng mme o dire tshiamo. Leka go tshelela mo kagisong le fa o tshwanetse go e latela go fitlhelela o e bona!
12 是主の御目は義人等の上を顧み、御耳は彼等の祈に傾き、御顔は惡を為す人々に怒り給へばなり。
Gonne Morena o lebeletse baba ba gagwe, o reeditse dithapelo tsa bone; mme sefatlhogo sa gagwe se kgatlhanong thata le ba ba dirang bosula.
13 抑汝等若善に熱心ならば、誰か汝等に害を為すべき。
Mme ka metlha yotlhe ga go na ope yo o tlaa lo utlwisang botlhoko go batla gore lo dire tshiamo.
14 又假令義の為に苦しめらるるも福なり、人々の威を懼れず、心を騒がさず、
Mme le fa ba tshwanetse, lo tshwanetse go fufegelwa, gonne Modimo o tlaa go lo duelela.
15 心の中に主キリストを聖なるものとせよ。常に汝等に在る所の希望の所以に就きて、問ふ人毎に満足を與ふる準備あれよ、
O ikanye Keresete Morena wa gago mme fa mongwe a botsa gore ke eng fa o dumela ka tsela e o dumelang ka yone e, ipaakanyetse go mmolelela, mme o mmolelele ka tshiamo le maitseo.
16 但善き良心を有して柔和と畏敬とを以て答弁せよ。是キリストに於る汝等の善き振舞を讒言する人々の、其譏る所に就きて自ら耻ぢん為なり。
Dirang tshiamo; mme fa batho ba bua ka lona, ba lo raya maina a a sa siamang, ba tlaa tlhajwa ke ditlhong ka ntlha ya go lo akela fa lo ne lo dira tshiamo fela.
17 蓋神の思召ならば善を為して苦しむは惡を為して苦しむに優れり。
Gakologelwang gore, fa Modimo o batla gore lo boge, go molemo go bogela tshiamo go na le go bogela se se sa siamang!
18 即ちキリストも一度我等の罪の為に、即ち義人として不義者の為に死し給ひしが、是我等を神に献げ給はん為にして、肉にては殺され給ひしかど、霊にては活かされ給ひ、
Keresete le ene o ile a boga. O swetse dibe tsa rona rotlhe baleofi gangwe fela, le fa ene a ne a sena sebe, gore a tle a re ise gae kwa Modimong re babalesegile. Mme le fa mmele wa gagwe o ne wa a swa, mowa wa gagwe o ne wa tswelela wa tshela,
19 其霊は獄に在りし霊に至りて救を宣傳へ給へり。
mme e ne e le mo moeng fa a etela mewa e e mo kgolegelong, a e rerela,
20 是等の者は、昔ノエの時代に神の忍耐の待ちをりしに、方舟の造らるる間服せざりし者なりしが、此方舟に於て水より救はれし者僅に八人なりき。
mewa ya ba ba neng ba gana go reetsa Modimo, bogologolo pele ga malatsi a ga Noa, ba ganne go reetsa Modimo, le fa o ne wa ba letela ka bopelo-telele fa Noa a ntse a aga araka (ntlo e e kokobalang). Le fa go ntse jalo e ne e le batho ba ferabobedi fela ba ba neng ba bolokwa mo go nweleng mo morwaleleng o o boitshegang oo.
21 之に前表せられたる洗禮こそ今汝等をも救へるなれ。是肉身の穢を去る故に非ずして、イエズス、キリストの御復活によりて善き良心が神に為し奉る約束の故なり。
(Seo, ke se kolobetso e se re supegetsang: Mo kolobetsong re supa gore re bolokilwe mo losong le mo tshekisong ka tsogo ya ga Keresete; e seng gore mebele ya rona e tlhatswiwe ka metse fela, mme eleng gore mo go kolobediweng, re boela mo Modimong re o kopa go tlhatswa dipelo tsa rona mo sebeng).
22 彼は(我等に永遠の生命を得しめん為に、死を亡ぼして)天に往き給ひ神の御右に在して天使、権勢、能力は之に服せしめられたるなり。
Mme jaanong Keresete o kwa legodimong, o ntse mo felong ga tlotlego go bapa le Modimo Rara, baengele botlhe le dinonofo di a mo obamela, di a mo utlwa.

< ペテロの手紙第一 3 >