< ヤコブの手紙 1 >

1 神及び我主イエズス、キリストの僕ヤコボ、離散せる十二族に挨拶す。
Lokwalo lo lo tswa kwa go nna: Jakobe, motlhanka wa Modimo le Morena Jesu Keresete.
2 第一項 患難及び誘惑に於る忍耐を勧む 我兄弟等よ、汝等種々の試に陥りたる時は、之を最も喜ぶべき事と思へ。
Lo ya kwa: Bajuteng ba ba rategang, Bakaulengwe a botshelo jwa lona bo mo mathateng le dithaelong? Ke gone he itumeleng,
3 其は汝等の信仰の試は、忍耐を生ずるを知ればなり。
gonne fa tsela e na le dikgopi, bopelotelele jwa lona bo nna le nako e ntle ya go gola.
4 然れど汝等が完全無缺にして、何事も乏しき所なからん為に、忍耐は完全なる業を為さざるべからず。
Ke gone mmang bopelotelele jwa lona bo gole, le gone lo seka lwa leka go intsha mo mathateng a lona ka go iphethekganya. Gonne bopelotelele jwa lona bo setse bo godile, jalo lo tlaa bo lo ipaakanyeditse go lebagana le sengwe le sengwe, lo itekanetse mo mokgweng, lo tletse ebile lo feletse.
5 汝等の中に知識を要する人あらば、誰をも咎めめ給はずして吝なく賜ふ神に願ひ奉るべし、然らば與へられん。
Fa lo batla go itse se Modimo o batlang lo se dira, o kopeng, mme o tlaa lo bolelela ka boitumelo, gonne o ipaakanyeditse ka malatsi otlhe go naya botlhe ba ba o kopang botlhale jo bogolo; o sa kgopege.
6 但疑ふ事なく信仰を以て願はざるべからず、蓋疑ふ者は風に動かされて、漂へる海の波に似たれば、
Mme fa lo o kopa, tlhomamisang ka botlalo gore lo lebeletse gore o tlaa lo bolelela, gonne tlhaloganyo e e belaelang e tlaa etsaetsega fela jaaka lekhubu la lewatle le le kgwekgweediwang le phailakwa ke phefo;
7 斯る人は主より何物をも受けんと期する事勿れ、
jalo maikaelelo mangwe le mangwe a o a dirang a tlaa bo a sa tlhomama, ka ntlha ya gore o leba kwa le kwa. Fa o sa kgope ka tumelo, se solofele Morena go go naya karabo nngwe e e tlhomameng.
8 是二心ある人にして、其凡ての道に於て定まり無ければなり。
9 兄弟の卑き者は其高められしを大いに喜ぶべく、
Mokeresete yo o lebelwang kwa tlase mo lefatsheng leno a itumele, gonne o mogolo mo matlhong a Morena.
10 富める者は、己が卑きによりて喜ぶべし。是将に草の花の如くに過ぎんとすればなり。
Mme mohumi o tshwanetse go itumelela gore dikhumo tsa gagwe ga di reye sepe mo Moreneng, gonne o tlaa tloga a nyelela, jaaka sethunya se se latlhegetsweng ke bontle jwa sone se bo se e swa se swabile, se bolailwe ke mogote wa letsatsi la selemo. Go ntse fela jalo mo bahuming. Ba tlaa tloga ba a swa ba bo ba tlogela ditiro tsa bone tse dintsi kwa morago.
11 夫日出でて焦くれば、草は枯れて其花は落ち、其面の美しさは失せたり。富める者の其道に於て凋むべき事も亦斯の如し。
12 試を忍ぶ人は福なり、其は鍛錬を経て後、神の己を愛奉る人々に約し給ひし生命の冠を得べければなり。
Go sego motho yo o sa ineeleng mo go direng boleo fa a lekwa, gonne e tlaa re kwa morago o tlaa amogela serwalo sa botshelo e le tuelo ya gagwe, serwalo se Modimo o se solofeditseng ba ba o ratang.
13 誰も誘はるるに當りて、神より誘はると謂ふべからず。蓋神は惡に誘はれ給ふ事能はざれば、誰をも誘ひ給ふ事なし。
Mme gakologelwang, fa mongwe a batla go dira boleo ga se Modimo o mo raelang, gonne Modimo ga o ke o batla go dira boleo le gone ga o ke o raela ope gore a bo dire.
14 各の誘はるるは、己の慾に惹かれ惑はされてなり、
Thaelo ke go gogwa ke dikakanyo tse di bosula tsa motho le dikeletso tsa gagwe.
15 斯て慾の孕むや罪を産み、罪の全うせらるるや死を生ず。
Dikakanyo tse di bosula tse, di gogela mo ditirong tse di bosula mme morago go bo go nna katlholelo loso e tswa kwa Modimong.
16 然れば我至愛なる兄弟等よ、過つ事勿れ、
Ke gone se tsietsegeng, bakaulengwe ba ba rategang.
17 総て善き賜と完全なる恵とは上よりして、變更なく回転の影なき光の父より降る。
Mme le fa e le eng se se molemo ebile se itekanetse se tla kwa go rona se tswa kwa Modimong Motlhodi wa lesedi lotlhe, mme o phatshimela ruri ka bosakhutleng go sena phetogo epe kgotsa moriti.
18 蓋被造物の初穂の如きものたらしめん為に、御心よりして眞理の言を以て我等を生み給ひしなり。
Gape e ne e le letsatsi le le itumedisang mo go One fa o re naya matshelo a masha, ka boammaaruri jwa Lefoko la one, mme re ne ra nna jaaka ekete re bana ba One ba ntlha mo go ba ntlo ya One e ncha.
19 第二項 活動する信仰の必要 我至愛なる兄弟等よ、汝等は知れり、人総て聞くに疾く、語るに遅かるべし。
Bakaulengwe, se lebaleng gore go botoka go reetsa thata, le go bua go le gonnye mme o sa tlale bogale;
20 其は人の怒は神の義を為さざればなり。
gonne bogale ga bo re siamise, jaaka Modimo o batla re siama.
21 然れば汝等一切の穢らはしき事と、夥しき惡事とを脱棄て、汝等に植ゑられて汝等の霊魂を救ふべき御言を穏に承容れよ。
Ke gone latlhang gotlhe mo go sa siamang mo botshelong jwa lona, ke gore ka fa teng ga gago le ka fa ntle, mme ka boingotlo itumeleleng molaetsa o montle o re o amogetseng, gonne o nonofile go boloka mewa ya rona jaaka e le One o o tshwereng dipelo tsa lona.
22 斯て汝等自ら欺きて聴聞者たるに止らず、言の實行者と成れ。
Gape gakologelwang gore molaetsa o, o tshwanetse go obamelwa, eseng go reediwa fela. Ke gone se itsietseng.
23 蓋人もし言の聴聞者にして實行者に非ずば、鏡に寫して生來の顔を見る人に似たるべし。
Gonne fa motho a reetsa fela a sa o obamele o tshwana le motho yo o itebileng sefatlhogo mo seiponeng;
24 即ち己が姿を見て退くや、直に其如何に在りしかを忘る。
gonne fela jaaka a tsamaya, ga a tlhole a ipona, gape ga a sa tlhole a gakologelwa gore o lebega jang.
25 然れども自由の完全なる律法を鑑みて之に止る者は、忘れ勝ちなる聴聞者と成らずして業の實行者と成る。斯る人は、其為す所に由りて福なるべし。
Mme fa mongwe a tswelela ka go lebela pele mo molaong wa Modimo wa batho ba ba gololesegileng, ga a kitla a o gakologelwa fela, mme o tlaa dira se o se buang, mme Modimo o tlaa mo segofatsa thata mo go sengwe le sengwe se o se dirang.
26 人若自ら宗教家なりと思ひつつ、其舌を制せずして己が心を欺かば、其宗教は無益なり。
Lefa e le mang yo o reng ke Mokeresete mme a sa laole loleme lwa gagwe lo lo bogale, o itsietsa fela, le tumelo ya gagwe ga e na molemo ope.
27 父にて在す神の御前に潔くして穢れなき宗教は、孤児寡婦を其困難に當りて訪問し、自ら守りて世間に穢されざる事是なり。
Mokeresete yo o phepa a bile a sena molato, ka fa ponong ya Modimo ke yo o tlhokomelang masiela le batlholagadi, le yo mowa wa gagwe o emeng ka boammaaruri mo Moreneng, a sa marwa gope ke dibe tsa lefatshe.

< ヤコブの手紙 1 >