< ヨハネの手紙第一 3 >

1 我等が神の子等と稱せられ、且然あらん為に父の我等に賜ひし愛の如何なるかを看よ。世の我等を知らざるは、彼を知り奉らざるが故なり。
Bonang ka fa Rraarona wa legodimo a re ratang ka teng, gonne o re letla go bidiwa bana ba gagwe, akanyang ka gone, re bana ba gagwe tota! Mme ka batho ba le bantsi ba sa itse Modimo, ka tlholego ga ba tlhaloganye gore re bana ba One.
2 至愛なる者よ、我等は今實に神の子等たり、然れど其如何に成るべきかは未顕れず、我等は其顕れん時、我等が神に似奉るべきを知れり、其は之を有の儘に見奉るべければなり。
Ee, ditsala tse di rategang, re setse re le bana ba Modimo gone jaanong jaana, ebile ga re kake ra akanyetsa gore go tlaa nna jang kwa morago. Mme re itse se, gore fa a tla re tshwana nae, gonne re tlaa mmona fela jaaka a ntse.
3 総て此希望を有する人は、尚彼も潔く在すが如く、己を潔からしむ。
Mme mongwe le mongwe yo o dumelang se, ka botlalo, o tlaa leka go nna phepa gonne Keresete o phepa.
4 総て罪を犯す人は律法を犯す、即ち罪は律法を犯す事なり。
Mme ba ba tswelelang ka go leofa ba kgatlhanong le Modimo, gonne sebe sengwe le sengwe se dirwa kgatlhanong le keletso ya Modimo.
5 又イエズスの顕れ給ひしは我等の罪を除かん為にして、彼に聊の罪なき事は汝等の知る所なり。
Ebile lo itse gore o ne a nna motho gore a tle a tlose dibe tsa rona, le gore ga gona boleo mo go ene, thato ya Modimo ga e ke e tlhokafala mo go ene.
6 総て彼に止る者は罪を犯さず、総て罪を犯す人は彼を見奉りし事なく彼を識り奉る事なし。
Mme jalo fa re nna mo go ene re mo obamela, re tlaa bo re sa leofe ka tsela epe; mme kaga ba ba tswelelang ba leofa, ba tshwanetse go lemoga se: gore ba leofa ka ntlha ya gore ga ba ise ba ke ba bo ba mo itse kgotsa ba nne ba gagwe.
7 小子よ、誰にも惑はさるる事勿れ、義を為す者は義人なり、猶彼が義人にて在すがごとし。
Ao bana ba me ba ba rategang, se letleng ope go lo tsietsa kaga se: fa lo dira se se molemo ka malatsi otlhe, ke ka ntlha ya gore lo molemo, fela jaaka a ntse.
8 罪を為す者は惡魔よりの者なり、其は惡魔は初より罪を為す者なればなり。神の御子の顕れ給ひしは、惡魔の業を亡ぼし給はん為なり。
Mme fa lo tswelela lo leofa, go supa gore lo ba ga Satane, yo o saleng e re a simolola go leofa a bo a nna fela mo boleong. Mme Morwa Modimo o tletse go senya tsone ditiro tse tsa ga diabolo.
9 総て神によりて生れ奉りし人は罪を為さず、其は御種之に存すればなり。又罪を為す能はず、其は神によりて生れ奉りたればなり。
Motho yo o tsaletsweng mo go ba ntlo ya Modimo ga a leofe, gonne jaanong botshelo jwa Modimo bo mo go ene: jalo ga a kake a nna a tswelela ka go leofa, gonne botshelo jo bosha bo tsetswe mo go ene ebile bo a mo laola, o tsetswe sesha.
10 神の子等と惡魔の子等とは、是に於て乎明に顕る、即ち総て義を為さざる人は神よりの者に非ず、兄弟を愛せざる人も亦然り、
Jaanong re ka bolela gore ngwana wa Modimo ke ofe le gore yo e leng wa ga Satane ke ofe. Le fa e le mang yo o tshelang botshelo jwa sebe ebile a sa rate mogagabo o supa gore ga se wa ba ntlo ya Modimo;
11 其は互に相愛せよとは汝等が初より聞きし告なればなり。
gonne molaetsa o o tsileng mo go rona go tswa tshimologong wa re re ratane.
12 カインの如く為すべからず、彼は惡しきものより[の人]にして弟を絞殺ししが、之を絞殺ししは何故ぞ、己が業は惡くして弟の業は正しかりし故なり。
Ga re a tshwanela go nna jaaka Kaene, yo a neng a nna wa ga Satane a bo a bolaya monnawe? O mmolaetse eng? Ke ka ntlha ya gore Kaene o ne a ntse a dira bosula ebile a itse sentle gore botshelo jwa ga monnawe bo botoka go na le jwa gagwe.
13 兄弟等よ、世の汝等を憎むを怪しむ事勿れ、
Ke gone se hakgamaleng ditsala tse di rategang fa lefatshe le lo ila.
14 我等は兄弟を愛するによりて死より生命に移されたるを知れり、愛せざる人は死に止る。
Fa re rata Bakeresete ba bangwe, go supa gore re golotswe mo moleteng re filwe botshelo ja bo sa khutleng. Mme motho yo o senang lorato mo go ba bangwe o emetswe ke loso lo lo kwa pele.
15 総て己が兄弟を憎む人は人殺者なり、総て人殺者は永遠の生命の其身に止る事なきは汝等の知る所なり。 (aiōnios g166)
Le fa e le mang yo o ilang Mokeresete ka ene ke mmolai tota mo pelong; mme lo itse gore ga go na mmolai ope yo botshelo ja bosakhutleng bo leng mo go ene. (aiōnios g166)
16 我等が愛を覚りたるは、キリストが我等の為に生命を棄て給ひしを以てなり、我等も亦兄弟の為に生命を棄つべし。
Re itse gore lorato lwa boammaaruri ke eng ka go tsaya malebela mo go re sweleng ga ga Keresete e le sesupo. Mme le rona re tshwanetse go ntshetsa ba ga rona ba Bakeresetse matshelo a rona setlhabelo.
17 此世の財産を有てるもの、兄弟の窮乏せるを見つつ、之に己が腸を閉ぢなば、争でか神に對する愛の之に止る事を得んや。
Mme fa mongwe yo o tshwanetseng go bo e le Mokeresete tota a na le madi a a lekanyeng gore a mo tshedise sentle, go bo go diragala gore a bone mogagabo yo o tlhokang, mme a bo a sa mo thuse, lorato lwa Modimo lo ka nna jang mo go ene.
18 我小子よ、我等は言と舌とを以て愛すべからず、行と眞とを以てすべし。
Bananyana, re khutliseng go nna re bua puo ya molomo fela re re re rata batho; a re ba rateng ka boammaaruri, re bo re go supe ka ditiro tsa rona.
19 之を以て我等が自ら眞理によれる事を知る、又御前に於て我心を勧めん、
Hong re tlaa itse tota ka ditiro tsa rona gore re ka fa lotlhakoreng lwa Modimo, le matswalo a rona a tlaa sedimosega, le fa re ema fa pele ga Morena.
20 蓋我等の心我等を咎むるも、神は我等の心より偉大に在して萬事を知り給ふなり。
Mme fa re na le matswalo a a sa siamang re bo re ikutlwa gore re dirile molato, Morena o tlaa ikutlwa fela jalo ka rona gonne o itse sengwe le sengwe se re se dirang.
21 至愛なる者よ、若我等の心我等を咎めずば、神の御前に於て憚る所なし、
Mme ditsala tse di rategang, fa matswalo a rona a siame, re ka tla kwa Moreneng ka go tlhomamisa le go ikanya,
22 又何事を願ふも之を賜はるなり、其は神の掟を守りて御意に適ふことを行へばなり。
gore re amogele sengwe le sengwe se re se lopang gonne re a mo obamela ebile re dira dilo tse di mo itumedisang.
23 斯て其掟は、即ち御子イエズス、キリストの御名を信じ奉り、且其我等に命じ給ひし如く互に相愛すべき事是なり。
Mme se ke sone se Modimo o reng re se dire: re dumele mo leineng la Morwaone Jesu Keresete, re bo re ratane.
24 神の掟を守る人は神に止り奉り、神も亦是に止り給ふ。我等が神の我等に止り給ふ事を知るは、其我等に賜ひし[聖]霊によりてなり。
Ba ba dirang se Modimo o se buang, ba nna le Modimo mme le One o nna nabo, re itse gore se ke boammaaruri gonne Mowa O O Boitshepo o o o re neileng o re bolelela jalo.

< ヨハネの手紙第一 3 >