< ヘブル人への手紙 13 >

1 第一款 社交的義務 汝等の間に兄弟的相愛あるべし。
Tswelelang ka go ratana ka lorato lwa boammaaruri lwa sekaulengwe.
2 又旅人を接待する事を忘るる勿れ、或人々は、是によりて知らず識らず天使等を宿したり。
Lo seka lwa lebala go nna pelonomi mo go ba eleng baeng, gonne bangwe ba ba kileng ba dira jaana ba ne ba tshogana ka ba tshotse baengele ba sa itse gore a ke bone.
3 囚人を思遣ること、我身も共に囚人たるが如く、己も肉身にあるを思ひて苦勞せる人を思遣るべし。
Lo seka lwa lebala ba ba mo kgolegelong. Bogang le bone jaaka o ka re le lona lo mo kgolegelong nabo. Tlhakanelang kutlobotlhoko le ba ba sotlwang, gonne lo itse gore tshotlego e utlwala jang.
4 婚姻は萬事に於て尊かるべし、又寝床は汚さるべからず、神は私通者及び姦淫者を審判し給ふべければなり。
Tlotlang lenyalo la lona le maikano a lone, lo bo lo nne phepa; gonne ruri Modimo o tlaa otlhaya botlhe ba ba bosula kgotsa ba ba dirang boaka.
5 行状に於ては、金銭を貪らず、現に在る所を以て満足せよ。蓋神御自ら曰く、「我は汝を離れず、又汝を捨てじ」と。
Ikgogeng mo go rateng madi; itumeleleng se lo nang naso. Gonne Modimo o rile, “Ga ke kitla, ke go tlogela le fa e le go go latlha.”
6 然れば我等は信頼を以て、「主は我が補助者にて在す、我は懼れじ、人我に何をか為さん」、と言ふことを得るなり。
Ke gone ka moo re ka buang kwa ntle ga pelaelo kgotsa poifo re re, “Morena ke mothusi wa me mme ga ke boife sepe se motho fela o ka se ntirang.”
7 第二款 宗教的義務 汝等に神の御言を語りし教導師等を記憶し、其齢の終を鑑みて其信仰に倣へ。
Gakologelwang baeteledipele ba lona ba ba lo rutileng Lefoko la Modimo. Akanyang kaga bomolemo jotlhe jo bo duleng mo matshelong a bone, lo bo lo leke go ikanya Morena fela jaaka ba mo ikanya.
8 イエズス、キリストは昨日も今日も同一に在して、世々にも亦然り。 (aiōn g165)
Jesu Keresete e ntse ke ene wa maabane, wa gompieno, le wa bosakhutleng. (aiōn g165)
9 汝等種々様々の異なる教に迷はさるること勿れ。恩寵を以て心を固むるは、是最も善き事にして、倚縋れる人々に有益ならざりし食物を以てすべきには非ず。
Ke gone lo se ka lwa gapiwa mewa ke dithuto tse dintsha tsa seeng. Nonofo ya lona ya semowa e tla e le neo e e tswang kwa Modimong, ga e tswe mo melaong e e itiretsweng ya go ja dijo dingwe, tsamaiso e e sa thusang ka sepe ba ba neng ba e dirisa.
10 我等に祭壇あり、幕屋に事ふる人々は、この祭壇より食する権を有せず、
Re na le sebeso, mokgoro o Keresete o neng a ntshiwa setlhabelo mo go one, kwa ba ba tswelelang ka go batla poloko ka go obamela melao ya Sejuta ba ka sekeng ba thusiwa teng.
11 蓋獣の血は罪の為に、大司祭によりて聖所の内に携へらるれども、軀は陣の外に焼かる。
Ka fa tsamaisong ya melao ya Sejuta moperesiti yo mogolo o ne a lere madi a diruiwa tse di bolailweng mo felong ga boitshepo e le setlhabelo sa sebe, mme morago ga moo ditoto tsa diruiwa tseo di ne di fisediwa ka molelo ka kwa ntle ga metse.
12 イエズスが、己の血を以て民を聖とならしめん為に門外に苦を受け給ひしも此故なり。
Ke gone ka moo a neng a boga a ba a swela ka kwa ntle ga motse kwa madi a gagwe a neng a tlhatswa dibe tsa rona teng.
13 然れば我等は陣を出でて、イエズスの耻辱を擔つ御許に至り奉るべし、
Ke gone a re tsweleng kwa go ene kwa ntle ga motse (ke gore, kwa ntle ga dikgatlhego tsa lefatshe leno, re ineele go nyadiwa) go boga nae teng koo, re rwele kgobo nae.
14 蓋我等は此處にては、永存する都會を有せずして、未來のものを求む。
Gonne lefatshe leno ga se legae la rona; re lebeletse legae la rona la bosena-bokhutlo kwa legodimong.
15 是を以て我等は、彼によりて、絶えず賛美の祭、即ち御名を稱ふる唇の果を神に献ぐべし。
Ka thuso ya ga Keresete re tlaa tswelela re ntshetsa Modimo setlhabelo sa rona sa kgalaletso ka go bolelela ba bangwe kaga kgalalelo ya leina la gagwe.
16 慈善及び施を為すを忘るる勿れ、其は斯る祭を以てこそ神の御意に適へばなり。
Lo se ka lwa lebala go dira tshiamo le go abalana se lo nang naso le ba ba tlhokang, gonne ditlhabelo tse di ntseng jaana di itumedisa Modimo thata.
17 汝等己が教導師に從ひて之に歸服せよ、彼等は汝等の霊魂に就きて、自ら報告の責めあるものとして警戒すればなり。之を喞ちながらに為ずして、喜びて為す事を得させよ、喞ちながらに為すは汝等に益あらざればなり。
Ikobeleng baeteledipele ba lona ba semowa lo bo lo ineele go dira se ba se buang. Gonne tiro ya bone ke go tlhokomela mewa ya lona, mme Modimo o tlaa ba atlhola ka fa ba dirang tiro e ka teng. Dirang gore ba bolelele Morena ka lona ba itumetse mme e seng ka bohutsana, gonne le lona lo tlaa boga kaga dilo tseo.
18 結末 請ふ我等の為に祈れ、其は我等が、萬事に就きて宜しく行はん事を欲して、善き良心を有せるを確信すればなり。
Re rapeleleng, gonne segakolodi sa rona se siame mme re batla go tswelela fela jalo.
19 然せん事を、我が尚切に冀ふは、我が速に汝等に返されん為なり。
Nna tota ke tlhoka dithapelo tsa lona thata gone jaanong gore ke tle ke tle kwa go lona ka bofefo.
20 願はくは永遠の約の御血に由て、羊の大牧者にて在す我主イエズス、キリストを、死より復活せしめ給ひし平和の神、 (aiōnios g166)
A jaanong Modimo wa kagiso, o o tsositseng Morena wa rona Jesu mo losong, o lo neye tsotlhe tse lo di tlhokang go dira go rata ga One. A ene yo o Modisa yo mogolo wa dinku ka kgolagano e e sa khutleng fa gare ga Modimo le lona, yo o kanetseng ka madi a gagwe, a ntshe mo go lona ka nonofo ya ga Keresete tsotlhe tse di mo itumedisang. A Kgalalelo e nne kwa go ene ka metlha le metlha Amen. (aiōn g165, aiōnios g166)
21 御旨を行はしめん為に、汝等を凡ての善事に完全ならしめ、御前に於て御意に適ふ所を、イエズス、キリストによりて、汝等の中に為し給はん事を。光榮世々之に歸す、アメン。 (aiōn g165)
22 兄弟等よ、請ふ我勧の言を容れよ、蓋我は簡単に書贈れり。
Bakaulengwe, tswee-tswee reetsang ka bopelotelele se ke se buileng mo lokwalong lo, gonne ke lokwalo lo lo khutshwane.
23 我等の兄弟チモテオは放免せられしと知れ、彼若速に來らば、我彼と共に汝等を見んとす。
Ke batla gore lo itse gore Mokaulengwe Timotheo o dule mo kgolegelong; fa a tla kwano ka bofefo, ke tlaa tla le ene go lo bona.
24 総て汝等の教導師と聖徒とに宜しく傳へよ。イタリアの兄弟等、汝等に宜しくと言へり。
Ntumedisetsang baeteledipele ba lona botlhe le badumedi ba bangwe koo. Bakeresete ba ba kwano ba ba tswang kwa Itale ba a lo dumedisa. A tshegofatso ya Modimo e nne le lona lotlhe. Salang sentle.
25 願はくは恩寵汝等一同と共に在らん事を、アメン。

< ヘブル人への手紙 13 >