< ヘブル人への手紙 1 >

1 第一款 キリストは大いに天使等に優り給ふ 神は昔預言者等を以て、幾度にも幾様にも先祖等に語り給ひしに、
Erile bogologolo Modimo wa bua le bo rraa rona ka baporofiti ka ditsela di le dintsi tse di farologanyeng (ka diponatshegelo, le ditoro, le e leng ka difatlhogo di lebaganye), o ba bolelela bonnye ka bonnye ka leano la one.
2 此末の日に至り、曾て萬物の世嗣に立て、又之によりて世を造り給ひたる御子を以て、我等に語り給へり。 (aiōn g165)
Mme jaanong mo malatsing ano, o buile le rona ka Morwaa One yo o mo neileng sengwe le sengwe, yo gape ka ene o dirileng lefatshe le sengwe le sengwe se se leng teng. (aiōn g165)
3 彼は神の光榮の輝、其本體の印章に在して、己が権能の言を以て、萬物を保ち、罪の潔を為し給ひて、天に於て稜威の右に坐し給ふなり。
Morwa Modimo o galalela ka kgalalelo ya Modimo, mme gotlhe mo Morwa Modimo a leng gone ebile a go dira, go mo supa fa e le Modimo tota. O tshegeditse lobopo ka nonofo ya gagwe e kgolo ya taolo. Ke ene yo o suleng go re ntlafatsa le go phimola dibe tsa rona tsotlhe tse di neng di kwadilwe, mme morago ga moo a nna fa fatshe ka tlotlo e kgolo fa lotlhakoreng lwa Modimo o mogolo wa legodimo.
4 彼が天使等に優る者と成り給へるは、猶其受け給ひし御名の彼等に優れるが如し。
Jalo a nna mogolo thata mo baengeleng, jaaka go supiwa ke boammaaruri jo bo reng, leina la gagwe ke “Morwa Modimo,” le a neng a le rewa ke Rraagwe, le legolo thata mo maineng a baengele le maina a a supang maemo a bone.
5 蓋神曾て天使等の敦れに斯は曰ひしぞ、[曰く]、「汝は我子なり、我今日汝を生めり」と、又「我彼に父たり彼我に子たらん」と。
Gonne Modimo ga o ise o ke o reye moengele ope o re, “O Mo-rwaake.” Mme gape erile ka lobaka longwe, fa Morwaa one yo o tsetsweng pele a tla mo lefatsheng, Modimo o ne wa re, “A baengele ba botlhe ba Modimo ba mo obamele.”
6 又冢子を更に世に入れ給ひし時に曰く、「神の天使皆之を禮拝すべし」、と。
7 而して天使等に就きては、「彼風を其使者と為し、焔を其の役者となし給ふ」と言へるに、
Modimo o bua kaga baengele e le barongwa ba ba bofefo jaaka phefo le jaaka batlhanka ba ba dirilweng ka dikgabo tsa molelo;
8 御子に就きては、「神よ、汝の玉座は世々に在り、汝の王位の笏は義の笏なり、 (aiōn g165)
mme kaga Morwawe a re, “Bogosi jwa gago, Modimo, bo tlaa nna ka bosakhutleng; ditaolo tsa jone ka malatsi otlhe di siame ebile di boammaaruri. (aiōn g165)
9 汝正義を愛し不義を憎めり、故に汝の神たる神は、喜の油を汝が同輩に優りて汝に注ぎ給へり、」と言ふ。
O rata boammaaruri o ila bosula; jalo Modimo, le e leng Modimo wa gago, o goromeleditse boitumelo jo bogolo go feta motho le fa e le mang.”
10 又曰く、「主よ、汝初に地を据置き給へり、而して諸の天も御手の業なり、
Modimo gape o mmiditse “Morena” fa o re, “Morena, mo tshimologong o dirile lefatshe, le magodimo ke tiro ya diatla tsa gago.
11 是等は亡びん、然れど汝は永存し給ひ、是等は皆衣服の如く古びん。
Tsotlhe di tlaa nyelelela ruri, mme wena o tlaa tshelela ruri. Di tlaa onala jaaka diaparo tse di kgologolo,
12 汝之を上衣の如く畳み給はんに、是等は變るべしと雖も、汝は同じきものにして變る事なく、汝の齢終なかるべし」と。
mme letsatsi lengwe o tlaa di phutha o bo o di emisetsa. Mme wena ka sebele ga o kitla o fetoga, le dingwaga tsa gago ga di kitla di khutla.”
13 然るに曾て天使等の敦れに向ひてか、「我汝の敵を汝の足台と成らしむるまで我右に坐せよ」、と曰ひし事ある、
A mme Modimo o kile wa raya moengele wa re, “Nna fa, fa thoko ga me ka tlotlo go fitlhelela ke ripitla baba ba gago botlhe ka fa tlase ga dinao tsa gago,” fela jaaka o raya Morwa One?
14 天使は悉く役者と成る霊にして、救霊の世嗣を受くべき人々の為に役者として遣はさるるに非ずや。
Nnyaa, gonne baengele ke mewa e e rongwang go thusa le go tlhokomela ba ba tshwanetseng go amogela poloko ya One.

< ヘブル人への手紙 1 >