< ヘブル人への手紙 2 >

1 故に我等は漂流する事なき様、承りし所を一層能く守らざるべからず。
Jalo re tshwanetse go reetsa sentle thata boammaaruri jo re bo utlwileng, e seng jalo re ka tloga ra tswa mo go jone.
2 其は天使等を以て告げられし言すら固くせられ、犯罪と不從順とは悉く正しき報を受けたれば、
Gonne ka melaetsa e e tswang kwa baengeleng e aga e le boammaaruri le batho ba ne ba aga ba otlhaelwa go tlhoka go e obamela,
3 若我等にして斯も大いなる救を等閑にせば、争でか迯るることを得ん。此救は原主より示されて始りたるに、承りし人々より我等に言證められ、
se se re dirang gore re itheye re re re ka falola ke eng fa re tlhokomologa poloko e kgolo e, e e anamisiwang ke Morena Jesu ka sebele, ebile e tsile mo go rona ka ba ba mo utlwileng a bua?
4 神も亦思召に從ひて、徴と奇蹟と、能力の様々の業と、聖霊の賜の分配を以て、彼人々と共に之を保證し給ひしなり。
Modimo ka malatsi otlhe o ntse o re kaela gore melaetsa e, e boammaaruri ka ditshupo le dikgakgamatso le ka ditiro tsa nonofo tse di farologanyeng le ka go naya ba ba dumelang dineo tsa botlhokwa tse di tswang mo Moweng O O Boitshepo; ee, Modimo o neetse mongwe le mongwe wa rona dineo tse di ntseng jalo.
5 蓋今言ふ所の将來の世界を天使等に從はせ給ひしには非ず、
Mme lefatshe le le tlang le re buang ka lone ga le na go laolwa ke baengele.
6 或人何處かに證して曰く、「人は誰なれば主之を記憶し給ひ、人の子は誰なれば之を訪問し給ふぞ、
Nnyaa, gonne mo lokwalong lwa Dipesalema Dafide o raya Modimo a re, “Kana motho e bo e le eng fa o tshwenyega thata ka ene? Le Morwa Motho yo o mo tlotlang thata ke mang?
7 主之をして少しく天使等に劣らしめ、冠らしむるに光榮と名誉とを以てし、御手の業の上に之を立て、
“Gonne le fa o mo dirile go nna monnye mo baengeleng ka lobakanyana, jaanong o mo rwesitse kgalalelo le tlotlo.
8 萬物を其足の下に服せしめ給ひしなり」と。然て萬物を之に服せしめ給ひし上は、服せざるものを殘し給はざりしならんに、我等は現に未だ萬物の之に服するを見ざるなり。
Ebile o mo tlhomile go nna motlhokomedi wa sengwe le sengwe se se leng teng. Ga gona sepe se se tlogetsweng”. Ga re ise re bo re bone gotlhe mo go diragala,
9 然れど天使等に少しく劣らせられしもの、即ちイエズスを見奉るに、神の恩寵により一切の人間の為に死を嘗め給はんとて、死の苦の故に、冠らしむるに光榮と名誉とを以てせられ給ひしなり。
mme re bona ene Jesu, yo ka lobakanyana a neng a le kwa tlase ga baengele go le gonnye, jaanong a rwesiwa kgalalelo le tlotlo ke Modimo gonne o re bogetse ka loso. Ee, gonne ka kutlwelobotlhoko ya Modimo e kgolo, Jesu o ne a utlwa loso ka ntlha ya batho botlhe mo lefatsheng lotlhe.
10 蓋萬物は神の為に、又神によりて造られたるものなれば、多くの子を光榮に導き給へるもの、即ち彼等の救霊の原に在せるものをば、宜しく苦を以て全うし給ふべきは、神に於て適當なる事なりき。
Mme go ne go siame ebile go tlhamaletse gore Modimo o o tlhodileng sengwe le sengwe ka ntlha ya kgalalelo ya one, o leseletse Jesu go boga, gonne ka go dira jaana o ne o lere bontsintsi jo bogolo jwa batho ba Modimo kwa legodimong; gonne go boga ga gagwe go dirile Jesu moeteledipele yo o senang selabe, yo o nonofileng go ba lere mo polokong ya bone.
11 然て聖と成らしめ給ふものも、聖と為らるる人々も、共に同一のものより出づ、故に彼、人々を兄弟と呼ぶを耻とせずして曰はく、
Rona ba re itshepisitsweng ke Jesu, jaanong re na le Rara a le mongwe nae. Ke sone se Jesu a sa tlhabiweng ke ditlhong go re bitsa barwaa-rraagwe.
12 「我御名を我兄弟等に告げん、集會の中に汝を賛美し奉らん」と。
Gonne mo lokwalong lwa Dipesalema a re, “Ke tlaa bua le barwa rre kaga Modimo Rara, mme re tlaa opela dipako tsa one mmogo.”
13 又「我彼に信頼せん」と、又「我と神の我に賜ひし子等とを見よ」と。
Ka lobaka longwe o ne a re, “Ke tlaa baya tshepo ya me mo Modimong ga mmogo le barwa rre.” Mme gape ka lobaka longwe a bua a re, “Bonang, ke fano le bana ba Modimo o ba nneetseng.”
14 抑子等は血肉を有する者なれば、彼も亦之を有し給へり。是死を司れるもの、即ち惡魔を亡ぼすに死を以てし、
Ka rona bana ba Modimo, re le batho ba ba dirilweng ka nama le madi, le ene o ne a nna nama le madi ka go tsalwa mo setshwanong sa motho; gonne o ne a ka swa fela fa e le motho mme mo go sweng a fenya nonofo ya ga diabolo yo o neng a na le nonofo ya loso.
15 且死を懼るるが為に生涯奴隷に属せる人々を救ひ給はん為なり。
Ke gone fela ka tsela eo, a neng a ka golola ba ka ntlha ya poifo ya loso ba neng ba ntse ba tshela botshelo jwa bone jotlhe e le magolegwa mo letsho-gong le legolo le le tsweletseng pele.
16 蓋曾て天使等を救ひ給はずして、アブラハムの裔を救ひ給ひしかば、
Rotlhe re itse gore o ne a sa tla e le moengele mme e ne e le motho ee, Mojuta.
17 萬事兄弟等に似るべき筈なりき、是神の御前に慈悲にして忠信なる大司祭と成り、民の罪を贖ひ給はん為なりき。
Mme go ne go tlhokega gore Jesu a nne jaaka rona, barwa-rraagwe, gore a tle a nne Moperesiti yo Mogolo wa rona yo o kutlwelo-botlhoko mo go rona ebile a ikanyega mo Modimong, go tlhabantsha dibe tsa batho.
18 蓋御自ら苦みて試みられ給ひたれば、試みらるる人々をも助くるを得給ふなり。
Gonne e re ka ene ka sebele a bogile ebile a tsamaile mo thaelong, o itse gore go utlwala jang fa re bogisega ebile re raelwa, mme o nonofile thata go re thusa.

< ヘブル人への手紙 2 >