< ピレモンへの手紙 1 >

1 キリスト、イエズスの囚人たるパウロ及び兄弟チモテオ、我等が愛する所の助力者フィレモン、最愛の姉妹たるアッピア、戰友たるアルキッポ、
Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo yo ke leng mo kgolegelong ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo kaga Jesu Keresete le kwa go mokaulengwe Timotheo.
2 及び汝の家に在る教會に[書簡を贈る]。
Ke lo kwalela wena: Filimone, modiri ka rona yo o rategang thata, le phuthego e e kopanelang mo tlung ya gago, le Apefia kgaitsadia rona, le Arekipo yo jaaka nna e leng lesole la mokgoro.
3 願はくは我父にて在す神、及び主イエズス、キリストより、恩寵と平安とを汝等に賜はらん事を。
A Modimo Rraa rona le Morena Jesu Keresete a lo neye masego a gagwe le kagiso.
4 我は神に感謝し奉り、我祈の中に常に汝を記念し、主イエズス、キリストに於る、
Ke leboga Modimo ka malatsi otlhe fa ke lo rapelela, Filimone yo o rategang,
5 又凡ての聖徒に對する汝の愛と信仰とを聞きて、
gonne ke ntse ke utlwalela lorato lwa gago le ka fa o ikanyang Morena Jesu ka teng mmogo le batho ba gagwe.
6 キリスト、イエズスに對して我等の中に在る善業の悉く知渡れる事によりて、汝が信仰の施の有効ならん事を冀ふ。
Mme ke rapelela gore e re o ntse o abalana tumelo ya gago le ba bangwe le bone e gape matshelo a bone, ka ba bona khumo ya dilo tse di molemo mo go wena tse di tswang kwa go Keresete Jesu.
7 兄弟よ、聖徒等の腸汝によりて安んぜられたるが故に、我は汝の愛に就きて大いなる喜と慰とを得たり。
Nna ka sebele ke bonye boitumelo jo bogolo le kgomotso mo loratong lwa gago, mokaulengwe wa me, gonne bopelonomijwa gago ga bo bolo go nna bo nchafatsa dipelo tsa batho ba Modimo.
8 然ればキリスト、イエズスに於て、事に應じて為すべき所を命ずるは、我が敢て憚らざる所なりと雖も、
Jaanong ke batla go lo lopa gore lo ntirele sengwe. Ke ka se batla mo go lona ka leina la ga Keresete gonne ke selo se se lo siametseng go se dira, mme ke a lo rata ebile ke bona go tlhamaletse gore ke lo kope, nna Paulo, yo ke leng monnamogolo jaanong ke le kwano mo kgolegelong ka ntlha ya ga Jesu Keresete.
9 寧愛に對して勧め、斯の如くなる我、即ち老人にして而も現にイエズス、キリストの囚人たるパウロ、
10 鎖に在りて生みし所の我子オネジモの為に汝に希ふ。
Kopo ya me ke gore lo supe bopelonomi mo go ngwanake Onesimo, yo ke mo gapetseng mo Moreneng fa ke santse ke le mo kgolegelong.
11 彼は曾て汝に無益なりしかど、今は我にも汝にも有益なり、
Onesimo (yo leina la gagwe le rayang “Thuso”) o ne a se botlhokwa thata mo go wena mo lobakeng lo lo fetileng, mme jaanong o tsile go nna botlhokwa mo go rona rotlhe.
12 我は之を汝に送返す、願はくは汝我腸の如くに之を受けん事を。
Ke mo romela gape kwa go wena, mme o tla ka pelo ya me yotlhe.
13 我は彼をして、汝に代りて福音の為に鎖に繋がるる我に仕へしむる様、我と共に留らしめん事を欲したれど、
Mme tota ke ne ke ratile go mo tshegetsa kwano go nna fa ke santse ke le mo dikeetaneng ka ntlha ya go rera Mafoko a a Molemo, mme o ne o tlaa bo o ne o ntse o nthusa ka ene,
14 汝に聞かずしては何事をも為すを好まざりき。是汝の善業をして、已むを得ざるが如くならず、篤志に由らしめんが為なり。
mme ke ne ke sa batle go dira jalo ke sa dumalana nao. Ke ne ke sa batle gore o nne pelonomi gonne o ne o tshwanetse go nna jalo mme ke ka gore o ne o batla go nna pelonomi.
15 彼が一時汝を離れしは、或は汝が永遠に之を受けて、 (aiōnios g166)
Gongwe o ne o ka go akanya jaana: gore o siile kwa go wena ka lobakanyana gore jaanong a nne wa gago ka malatsi otlhe, (aiōnios g166)
16 最早奴隷としてには非ず、奴隷に優りて至愛の兄弟と成さん為には非ずや。我には、殊に然ある者なれば、况て汝に取りては、肉身に於ても主に於ても然らん。
e sa tlhole e le motlhanka fela, mme a le mongwe yo o botoka, mokaulengwe yo o rategang, segolo jang mo go nna. Jaanong le wena o tlaa go solegela molemo thata, gonne ga se motlhanka fela mme gape ke mokaulengwe wa gago mo go Keresete.
17 然れば汝若我を友とせば、彼を承容るる事我に於るが如くせよ。
Fa ke le tsala ya gago tota, mo amogele ka boitumelo jo o neng o ka nkamogela ka jone fa e ne e le nna yo ke tlang.
18 彼若汝に損害を與へ、或は負債あらば、之を我に負はせよ。
Fa a go utlwisitse botlhoko ka tsela nngwe kgotsa a go utsweditse sengwe, se nkatlholele.
19 我パウロ手づから書記せり、我必ず償ふべし。汝が己を以て我に償ふべき負債ある事は、我之を言はじ。
Ke tlaa se busa (nna Paulo ka sebele, ke solofetsa go dira jaana ka go kwala jalo ka seatla se e leng sa me) mme ga ke na go go bolelela gore o nkolota bokae! Boammaaruri ke gore, o nkolota le one mowa wa gago tota!
20 然り、兄弟よ、我は主に於て汝を樂しまん、請ふ主に於て我腸を安んぜしめよ。
Ee, mokaulengwe yo o rategang, intumedise ka yone tiro e e rategang e, mme pelo ya me e e lapileng e tlaa galaletsa Morena.
21 我汝の從順を信じ、其為さんとする所は我が言ふ所に優れるを知りて、汝に書贈れるなり。
Ke go kwaletse lokwalo lo gonne ke tlhomamisa gore o tlaa dira se ke se kopang, ebile o tlaa se dira go gaisa jaaka ke se batla!
22 然て同時に我為に宿を備へよ、蓋我は我身の、汝等の祈によりて汝等に與へられん事を希望す。
Tswee-tswee mpaakanyetsa ntlo ya baeng, gonne ke solofela gore Modimo o tlaa araba dithapelo tsa lona o baa o ntetla go tla kwa go lona ka bofefo.
23 キリスト、イエズスに在りて我と共に囚人たるエパフラ、汝に宜しくと言へり。
Epaferase legolegwa ka nna yo le ene a leng kwano ka ntlha ya go rera Keresete Jesu, o a lo dumedisa.
24 我助力者たるマルコ、アリスタルコ、デマス、ルカも亦同じ。
Mareko, Arisetareko, Demase le Luke, badiri ka nna le bone ba a lo dumedisa.
25 願はくは我主イエズス、キリストの恩寵、汝等の霊と共に在らん事を、アメン。
A masego a Morena wa rona Jesu Keresete a nne mo moweng wa lona.

< ピレモンへの手紙 1 >