< ガラテヤ人への手紙 6 >

1 第二項 特別の勧告 兄弟等よ、人若誘はれて過つ事ありとも、汝等は霊に導かるる者なれば、己も亦誘はるる事あるべきを省みて、柔和なる精神を以て之を改善せしめよ。
Bakaulengwe ba ba rategang, fa Mokeresete a fentswe ke sebe sengwe, lona ba ba boifang Modimo lo mo thuse ka tshiamo le boikokobetso go mmusetsa mo tseleng e e siameng, lo gakologelwa gore nako nngwe e ka ne e le mongwe wa lona yo o mo molatong.
2 汝等は互の荷を負へ、然らばキリストの律法を全うすべし。
Rwadisanyang matshwenyego le mathata, jalo lo obamele taolo ya Morena.
3 蓋人何者にも非ざるに、何者かなりと思ふは自ら欺くなり。
Fa mongwe a ithaya a re o mogolo thata go ka ingotlela mafoko a, o a itsietsa. Tota ga a sepe.
4 各己が行状を試し見よ、然らば他人に對して誇らず、己のみによりて誇るならん、
A mongwe le mongwe a tlhomamise gore o leka bojotlhe jwa gagwe, gonne ka go dira jalo o tlaa ipelafatsa ka tiro e a e dirileng sentle, le gone ga a na go tlhokana le go itshwantshanya le ope.
5 其は人各己が荷を負ふべければなり。
Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itshwaya diphoso le go ithwalela merwalo. Gonne ga go ope wa rona yo o itekanetseng.
6 教を學ぶ人は、學ばしむる人に一切の所有物の内を分與へよ。
Ba ba ru-twang lefoko la Modimo ba tshwanetse go thusa barutintshi ba bone ka go ba duela.
7 自ら欺く勿れ、神は侮られ給ふものに非ず、人は其撒きし所を刈取らん、
Se tsietsegeng, gakologelwang gore ga lo kake lwa itlhokomolosa Modimo mme lwa fenya: motho o tlaa roba seo fela se a se jalang!
8 即ち己が肉の為に蒔く人は、又肉より腐敗を刈取り、霊の為に撒く人は、又霊より永遠の生命を刈取らん。 (aiōnios g166)
Fa a jalela go itumedisa dithato tsa gagwe tse di sa siamang, o tlaa bo a jala dipeo tsa bosula mme ka go dira jalo ammaaruri o tlaa roba thobo ya mowa o o bodileng le loso; mme fa a jala dilo tse di molemo tsa semowa o tlaa roba botshelo jo bo sa khutleng jo Mowa O O Boitshepo o bo mo nayang. (aiōnios g166)
9 我等は善を為すに倦むべからず、其は時機至らば、倦まずして刈取るべければなり。
Mme a re se lapeng go dira se se siameng, gonne morago ga lobakanyana re tlaa roba thobo ya letlhogonolo fa re sa kgobega marapo re bo re itlhoboga.
10 然れば暇ある間は、我等は衆人特に信仰の家人に善を為すべし。
Ke sone se e leng gore fa go kgonega re tshwanetse go nna pelonomi mo go mongwe le mongwe malatsi otlhe, segolo jang bakaulengwe ba rona ba Bakeresete:
11 結末 看よ、我手づから如何なる大字にて汝等に書贈れるかを。
Ke tlaa feletsa ka go kwala mafoko a ka seatla se e leng sa me. Bonang ka fa ke tlamegang go kwala ditlhaka tse dikgolo ka teng.
12 凡肉に於て人心を獲んと欲する人は、強ひて汝等に割禮を受けしむ、是唯キリストの十字架によりて迫害を受けざらん為のみ。
Baruti bao ba lona ba ba lekang go lo fenya gore lo rupisiwe, ba dira jalo ka ntlha ya lebaka le le lengwe fela: gore ba itsege ba bo ba kganele pogiso e ba neng ba tlaa wela mo go yone fa ba ne ba ka dumela gore mokgoro wa ga Keresete o le nosi fela o ka boloka.
13 斯く割禮を受くる人々が、自ら律法を守らずして汝等に割禮を受けしめんとするは、汝等の肉身に就きて誇らん為なり。
Mme le bone baruti bao ba ba ineelang mo thupisong ga ba leke go tshegetsa melao e mengwe ya Sejuta; mme ba batla gore lo rupisiwe gore ba tle ba ipelafatse ka gore lo barutwa ba bone.
14 我は我主イエズス、キリストの十字架に於ての外は決して誇る事なかるべし。彼を以て世は我に取りて十字架に釘けられたるものにして、我が世に於るも亦然り。
Mme fa e le ka ga me, Modimo ga o ntetlelele gore ke ipelafatse ka sepe fa e se mokgoro wa Morena wa rona Jesu Keresete. Ka ntlha ya mokgoro oo, kgatlhego ya me mo dilong tsotlhe tse di gapang maikutlo tsa lefatshe ga e bolo go bolawa, le kgatlhego ya lefatshe mo go nna ga e bolo go swa.
15 蓋キリスト、イエズスに於て價値あるは、割禮に非ず無割禮に非ず、新なる被造物なり。
Jaanong ga go a tota re fetoletswe mo go nneng batho ba basha ba ba pharologanyo.
16 誰にもあれ、此法に從へる人々の上に、冀はくは平安と慈悲とあれかし、神のイスラエルの上にも亦然あれかし。
A kutlwelo botlhoko ya Modimo le kagiso e nne le lona lotlhe ba lo tshelang ka tsela e, le mo go botlhe ba e leng ba Modimo tota gongwe le gongwe.
17 今より後誰も我を煩はすべからず、其は我主イエズスの傷痕を身に負へばなり。
Go simologa gompieno tswee-tswee se ngangisanyeng le nna kaga dilo tse, gonne mo mmeleng wa me go tletse mabadi a dithupa le dintho tse di dirilweng ke baba ba ga Jesu tse di ntshupang gore ke motlhanka wa gagwe.
18 兄弟等よ、願はくは我主イエズス、キリストの恩寵、汝等の霊と共に在らん事を、アメン。
Bakaulengwe ba ba rategang, a tshegofatso ya Morena wa rona Jesu Keresete e nne le lona lotlhe. Ke nna wa lona ruri, Paulo

< ガラテヤ人への手紙 6 >