< エペソ人への手紙 1 >

1 神の思召によりてイエズス、キリストの使徒たるパウロ、エフェゾに在る(凡ての)聖徒、並にキリスト、イエズスに於る信徒に[書簡を贈る]。
Ditsala tsa me tsa Bakeresete mo Efeso tse di rategang, tse ka malatsi otlhe di ikanyegang mo Moreneng: ke nna Paulo yo ke lo kwalelang, yo ke tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete.
2 願はくは我父にて在す神及び主イエズス、キリストより、恩寵と平安とを汝等に賜はらん事を。
A masego a gagwe le kagiso a nne le lona, a lo a romeletsweng ke Modimo Rraetsho le Jesu Keresete Morena wa rona.
3 第一項 エフェゾ信徒の為に感謝し祈祷す 第一編 聖會の比なき光榮 祝すべき哉、我主イエズス、キリストの神及び父、是はキリストに於て諸の霊的祝福を以て我等を天より祝し給ひ、
Mme re galaletsa Modimo thata jang, Ra-Morena wa rona ebong Jesu Keresete, yo o re segofaditseng ka lesego lengwe le lengwe mo legodimong ka gobo re le ba ga Keresete.
4 御前に於て聖にして汚なき者たらしめんとて、寵愛を以て、世界開闢以前よりキリストによりて選み給ひ、
Erile bogologolo, le pele ga o dira lefatshe, Modimo o ne wa re itlhophela go nna baone tota, ka se Keresete o neng a tlaa se re direla; o ne wa ikaelela go re itshepisa mo matlhong a One, re sena molato ope rona ba re emeng fa pele ga one re apere lorato lwa one.
5 思召のまにまに、イエズス、キリストを以て己が子とならしめん事を預定し給ひたればなり。
Leano la one le le sa fetogeng e ntse ka malatsi otlhe e le go re dira ba lelwapa la One ka go roma Jesu Keresete go tla go re swela. Mme o ne o dira jaana ka gore o ne o batla go dira jalo!
6 是最愛なる御子に於て我等に賜ひし榮光ある恩寵の誉の為なり。
Jaanong a pako yotlhe e nne go Modimo ka ntlha ya bopelonomi jwa one jo bo hakgamatsang mo go rona, le botsalano jo o re bo neileng ka ntlha ya go bo re le ba Morwaa One yo o rategang thata.
7 我等が贖を得、罪の赦を得るは、キリストに在りて其御血によれり、即ち神の豊なる恩寵に由れるなり。
Jalo he, bopelonomi jwa One bo a penologa mo go rona gonne o ne wa tlosa dibe tsotlhe tsa rona ka madi a Morwaa One, yo re bolokwang ka ene;
8 其恩寵我等に溢れて、諸の智恵及び悟を開けり、
gape o re neseditse khumo ya tshegofatso ya One, gonne o re tlhaloganya sentle thata ebile o itse se se re siametseng ka dinako tsotlhe.
9 是御旨に從ひて、キリストを以て預定し給ひし思召の奥義を、我等に諭し給はん為なり。
Modimo o re boleletse lebaka la sephiri sa One sa go romela Keresete, leano la kutlwelobotlhoko le o sa bolong go le akanya;
10 此思召は、時期の満つるに及びて一切のもの、即ち天に在るものをも地に在るものをも悉くキリストに於て一の首の下に輯め給ふに在り。
mme maikaelelo a One e ne e le a: gore e re fa lobaka lo setse lo siame o re phuthe rotlhe gongwe le gongwe kwa re leng teng, mo legodimong kgotsa mo lefatsheng, go nna le one mo go Keresete, ka bosakhutleng.
11 我等もキリストに於て選まれ、思召す儘に萬事を行ひ給ふものの量に從ひて預定せられたり、
Segolo jang ka ntlha ya se Keresete a se dirileng, re nnile dimpho tsa Modimo tse o di itulelang, mme ka ele bontlhabongwe jwa leano la bogosi re sale re tlhophiwa go nna ba One go tswa tshimologong, mme dilo tsotlhe di diragala fela jaaka o sale o ikaeletse bogologolo.
12 是先んじてキリストを希望せし我等が、其光榮の誉とならん為なり。
Maikaelelo a Modimo mo go lone leano le, e ne e le gore re galaletse Modimo re bo re o neye kgalalelo ka ntlha ya go re direla dilo tse dikgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go re direla dilo tse di kgolo tse, rona ba re neng ra nna ba ntlha go ikanya Keresete.
13 汝等も亦キリストに於て、眞理の言なる汝等の救霊の福音を聞き、且之を信じて約束せられ給ひたりし聖霊を以て證印せられしが、
Mme ka ntlha ya se Keresete o se dirileng, le lona lotlhe ba bangwe, ba lo utlwileng Mafoko a a Molemo a ka fa lo ka bolokwang ka teng, lwa ba lwa ikanya Keresete, lo ne lwa tshwaiwa ke Mowa O O Boitshepo gore lo ba ga Keresete, o e rileng bogologolo ra o solofediwa rotlhe rona Bakeresete.
14 之汝等の世嗣の保證として、獲られたる人々の贖となり、其光榮の誉と成らん為に賜はりたるなり。
Go nna teng ga gagwe mo go rona ke tlhomamiso ya Modimo gore tota o tlaa re neela gotlhe mo o go re solofeditseng; mme sekano sa mowa O O Boitshepo mo go rona se raya gore Modimo o setse o re rekile, le gore o tlhomamisa go re busetsa kwa go one. Ke lone fela lebaka le lengwe le re tshwanetseng go galaletsa Modimo wa rona wa kgalalelo ka lone.
15 故に我も、主イエズスに於る汝等の信仰と、凡ての聖徒に對する愛情とを聞きて、
Ke gone ka mo e leng gore, fa e sale fela e re ke sena go utlwalela kaga tumelo ya lona e e nonofileng mo go Morena Jesu le kaga lorato lo lo nang nalo mo Bakereseteng gongwe le gongwe,
16 不絶汝等の為に感謝し、我祈祷の中に汝等を記念す。
ga ke ise ke ko ke khutle go leboga Modimo kaga lona. Ke lo rapelela gangwe le gape, ke kopa Mo-dimo, Rara yo o galalelang wa Morena wa rona Jesu Keresete, go lo naya botlhale go bona sentle le go tlhaloganya tota gore Jesu ke mang le gotlhe mo o go lo diretseng.
17 祈る所は我主イエズス、キリストの神、光榮の父が、汝等に知識と黙示との霊を賜ひて神を識らしめ、
18 汝等の心の眼を明にして、其召によれる希望の如何を識らしめ、聖徒等に賜ふべき世嗣の光榮富の如何を識らしめ
Ke rapelela gore dipelo tsa lona di tlale lesedi gore lo tle lo bone sengwe sa malatsi a a saleng kwa pele se a se lo bileditseng go nna le seabe mo go sone. Ke batla gore lo lemoge gore Modimo o humile gonne rona ba re leng ba ga Keresete re ba one.
19 其全能の勢力の作為によりて、信奉る我等に於て、其勢力の如何に優れて偉大なるかを識らしめ給はん事是なり。
Ke rapelela gore lo simolole go tlhaloganya ka fa nonofo ya One e leng kgolo ka teng go thusa ba ba dumelang mo go One. Mme e ntse ke yone fela nonofo e kgolo eo,
20 其勢力をキリストに於て顕し、之を死者の中より復活せしめ、天に於て之を己の右に置き、
e e tsositseng Keresete mo baswing ya mmaya mo lefelong la tlotlo ka fa lebogong le legolo la Modimo mo legodimong,
21 一切の権勢と能力と、勢力と主権との上、又凡て今世のみならず來世にも名けられて名[あるもの]の上に置き給ひ、 (aiōn g165)
kwa godimo-dimo thata go feta kgosi le fa e ka ne e le efe kgotsa mmusi kgotsa molaodi yo o sa fetolweng kgotsa moeteledipele. Ee, tlotlo ya gagwe e galalela thata go feta le fa e le ya ga mang mo lefatsheng leno kgotsa mo lefatsheng le le tlang. (aiōn g165)
22 萬物を其御足の下に服せしめ、教會の萬事の上に頭となし給へり。
Mme Modimo o beile dilo tsotlhe ka fa tlase ga dinao tsa gagwe wa bo wa mo dira Tlhogo kgolo ya phuthego,
23 即ち教會はキリストの御體にして、萬物に萬事を満たし給へるものの充満ち給ふ所なり。
e e leng mmele wa gagwe, e e tladitsweng ka ene, Motlhodi le Moabi wa dilo tsotlhe gongwe le gongwe.

< エペソ人への手紙 1 >