< ガラテヤ人への手紙 5 >

1 第一項 自由を奴隷の身分に更ふべからず 毅然として再び奴隷の軛に制せらるること勿れ。
Jalo he, Keresete o re golotse. Jaanong tlhomamisang gore lo nne lo golotswe mme lo seka lwa golegelwa lotlhe gape mo dikeetaneng tsa botlhanka tsa melao le mediro ya Sejuta.
2 然て我パウロ汝等に断言す、若割禮を受けなば、キリストは聊も汝等に益あらざるべし。
Ntheetsang ka tlhawaafalo, gonne se ga se dinyana: fa e le gore lo ikaegile mo go rupisiweng ebile lo tshegetsa melao ya Sejuta go lo siamisa mo Modimong, jalo Keresete ga a kake a lo boloka.
3 我は又更に、総て割禮を受くる人に證明す、彼は悉く律法を守るべき負債あり。
Ke ipoeletsa gape ka re: le fa e le mang yo o lekang go nna botsalano le Modimo ka go rupisiwa o tshwanetse go obamela molao mongwe le mongwe wa Sejuta malatsi otlhe e seng jalo a nyelele.
4 律法によりて義とせられんとする人々よ、汝等はキリストを離れたるなり、恩寵より堕落せるなり。
Keresete ga a na thuso epe mo go lona fa lo ganelela mo go phimoleng molato wa lona kwa Modimong ka go tshegetsa melao eo: lo latlhegile mo tshegofatsong ya Modimo.
5 我等は即ち[聖]霊を以て信仰に由りてこそ義の希望[する所]を待てるなれ。
Mme rona ka thuso ya Mowa O O Boitshepo re ikaegile mo losong lwa ga Keresete go phimola dibe tsa rona le go re siamisa mo Modimong.
6 蓋キリスト、イエズスに於て價値あるは割禮に非ず無割禮に非ず、愛を以て働く所の信仰是なり。
Le gone rona ba Keresete a re neetseng botshelo jo bo sa khutleng ga go tlhokege gore re tshwenyege ka gore a re rupisitswe kgotsa nnyaa; kgotsa gore a re obamela mediro ya Sejuta kgotsa nnyaa; gonne gotlhe mo re go tlhokang ke tumelo e e dirang ka lorato.
7 汝等は能く走り居たりしものを、誰か眞理に從はせじとて妨げしぞ、
Lo ne lo direla Modimo sentle thata. Yo o lo kgoreleditseng a lo busetsa kwa morago mo go saleng boammaaruri morago ke mang?
8 斯る勧は汝等を召し給ふものより出でず、
Tota ga se Modimo o o dirileng jalo, gonne ke one o o lo bileditseng mo kgololesegong mo go Keresete.
9 少しの酵は麪の全體を腐敗せしむ、
Mme motho a le mongwe fela yo o sa siamang mo gare ga lona o siamolola ba bangwe botlhe.
10 我が汝等に就き主によりて希望する所は、汝等が別意なからん事是なり。然れど誰にもあれ汝等を擾す人は、其罪を負ふべし。
Ke ikanya Morena go lo busetsa mo go dumeleng jaaka ke dumela kaga dilo tse. Modimo o tlaa atlhola mosiamolodi yoo, le fa e ka ne e le mang, yo o ntseng a lo tshwenya ebile a lo tlhakatlhakanya ditlhogo.
11 兄弟等よ、我もし尚割禮の事を宣傳ふるならば、何ぞ迫害を受けつつあらんや。果して然らば、十字架に躓く事は歇みたるならん。
Batho bangwe ba re Nna tota ke rera gore thupiso le melao ya Sejuta di tlhokega mo leanong la poloko. Jalo he, fa e le gore ke rerile jalo, ke ka bo ke sa tlhole ke bogisiwa, gonne molaetsa oo ga o kgopise ope. Lebaka le ke santseng ke bogisiwa ka lone, le supa gore ke santse ke rera poloko ka tumelo mo mokgorong wa ga Keresete a le nosi.
12 願はくは汝等を惑はす人々の裁除かれん事を。
Ke eletsa fela gore baruti ba, ba ba batlang gore lo ikgaole ka go rupisiwa ba ikgaole mo go lona ba lo tlogele!
13 蓋兄弟等よ、汝等既に召されて自由を得たれば、其自由を肉の機會として與ふる事なく、(霊の)愛を以て互に事へよ。
Gonne bakaulengwe, lo neetswe kgololesego: e seng kgololesego ya go dira bosula, mme e leng kgololesego ya go ratana le go direlana.
14 其は、「汝近き者を己の如く愛すべし」、との一言に於て、律法は悉く全うせらるればなり。
Gonne Molao otlhe o ka khutshwafalediwa mo taolong e e reng: “Rata ba bangwe jaaka o ithata.”
15 然れど汝等もし互に相咬み相食まば、互に亡ぼされざる様用心せよ。
Mme fa mo boemong jwa gore lo supe kgolagano ya lorato mo go lona, malatsi otlhe lo buana bosula lo rumolana, itlhokomeleng! Itiseng mo go koafatsaneng.
16 我は言はん、霊に從ひて歩め、然らば肉の慾を行ふまじ。
Ke lo gakolola gore lo obamele ditaolo tsa Mowa O O Boitshepo fela. O tlaa lo bolelela gore lo ye kae le gore lo dire eng; jalo ga lo na go dira dilo tse di sa siamang malatsi otlhe tse tlholego ya lona e e bosula e batlang lo di dira.
17 蓋肉の望む所は霊に反し、霊の望む所は肉に反す、其相戻るは汝等が欲する所を悉く為さざらん為なり。
Gonne ka tlholego re rata go dira dilo tse di bosula tse e leng gore ke dilo di sele fela mo dilong tse Mowa O O Boitshepo o re bolelelang gore re di dire; mme dilo tse di molemo tse re batlang go di dira fa Mowa O O Boitshepo o re kaela tsela ke dilo di sele mo dithatong tsa rona tsa tlholego. Dinonofo tse pedi tse, tse di mo go rona, di tsweletse ka go lwela go re laola, mme dikeletso tsa rona ga di a gololesega mo dikgatelelong tsa tsone.
18 汝等若霊に導かるれば、律法の下に在らず。
Mme fa lo gogwa ke Mowa O O Boitshepo ga go sa tlhole go tlhokega gore lo ipateletse go obamela melao ya Sejuta.
19 然て肉の業は顕なり、即ち私通、不潔、猥褻、邪淫、
Mme fa lo sala morago dithato tsa lona tse di bosula, matshelo a lona a tlaa ungwa maungo a a bosula a: megopolo e e leswe le keletso ya dithato tsa senama,
20 偶像崇拝、魔術、怨恨、争闘、嫉妬、憤怒、喧嘩、擾亂、異説、
go rapela medimo ya disetwa, mewa e e maswe (ke gore go kgothatsa tiriso ya badimo), kilo le go lwa, lefufa le kgakalo, go ikgagapela, dingongorego le go buana bosula, maikutlo a gore mongwe le mongwe o phoso fa e se ba ba mo setlhopheng sa gago fela, gape go tlaa nna thuto e e seng ya boammaaruri,
21 猜忌、殺人、酩酊、饕食等是なり。既に豫め汝等に告げし如く今も言ひ置く、斯る事を為す人は神の國を得ざるべし。
bopelotshetlha, go bolaya, botagwa, botlhapelwa le gotlhe fela moo. Mmang ke lo bolelele gape jaaka pele, gore le fa e le mang yo o tshelang botshelo jo bo ntseng jalo ga a kitla a rua bogosi jwa Modimo.
22 然るに霊の好果は、(愛)、喜、平安、堪忍、慈恵、善良、(忍耐)、
Mme fa Mowa O O Boitshepo o laola matshelo a rona o tlaa ungwa loungo lwa mofuta o mo go rona: lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, bomolemo, boikanyego,
23 温良、眞實、謹慎、節制、貞操なり、斯るものに向ひては律法ある事なし。
tshiamo le boitshwaro; mme fa ga gona kgogakgogano le melao ya Sejuta.
24 夫キリストのものたる人々は、己が肉身を其惡徳及び諸慾と共に十字架に釘けたるなり。
Ba e leng ba ga Keresete ba kokotetse dithato tse di bosula tsa bone tsa tlholego mo mokgorong wa gagwe ba di bapola gone foo.
25 我等若霊によりて活きなば、又霊によりて歩むべし。
Fa e le gore jaanong re tshela ka nonofo ya Mowa O O Boitshepo, a re gogweng ke Mowa O O Boitshepo mo tokololong nngwe le nngwe ya matshelo a rona.
26 虚榮を好みて相挑み相猜む者と成ること勿れ。
Mme ga re na go tlhokana le go ipatlela tlotlo le go itsege mo go gogelang kwa lefufeng le mo go tsholaneng ka dipelo.

< ガラテヤ人への手紙 5 >