< テモテへの手紙第一 4 >

1 第一項 聖職者として教ふべき事及び守るべき行状 然るに[聖]霊の明に曰ふ所によれば、末世に至りて或人々、惑の[種々の]例と惡鬼の教とに心を傾けて、信仰に遠ざかる事あらん、
Mme Mowa O O Boitshepo o re bolelela sentle gore mo metlheng ya bofelo bangwe mo phuthegong ba tlaa fularela Keresete mme ba nne balatedi ba baruti ba ba tlhotlheleditsweng megopolo e e bosula ke Satane.
2 是偽を語る人々の偽善による事にして、彼等は其良心に焼鐡を當てられ、
Baruti ba ba tlaa bolela maaka ka difatlhogo tse di gagametseng ba bo ba go dira gantsi thata mo e leng gore digakolodi tsa bone ga di kitla di ba kgoreletsa ka gope.
3 娶る事を禁じ、信徒及び眞理を知れる人々の感謝を以て食する様神の造り給ひし食物を断つ事を命ぜん。
Ba tlaa re go nyala ga go a siama le go ja nama, le fa Modimo o neetse Bakeresete ba ba rutilweng sentle dilo tse go di itumelela le go di lebogela,
4 抑神の造り給ひし物は皆善き物にして、感謝を以て食せらるる物に棄つべきはなし、
gonne sengwe le sengwe se Modimo o se dirileng se siame, mme re ka se ja ka boitumelo fa re se itumelela,
5 其は神の御言と祈祷とを以て潔めらるればなり。
le fa re kopa Modimo go se segofatsa, gonne se siamisiwa ke Lefoko la Modimo le thapelo.
6 是等の事を兄弟等に宣べなば、汝は曾て得たる善き教と信仰の言とを以て修養せられたる、キリストの善き役者たらん。
Fa o tlhalosetsa ba bangwe selo se, o tlaa bo o dira tiro ya gago jaaka moruti yo o itekanetseng yo o otlilweng ka tumelo le ka thuto ya boammaaruri e o e setseng morago.
7 然れど世俗談、老婆談を棄てて、自ら敬虔に練習せよ。
Se senye nako mo dikganetsanyong tsa megopolo ya bomatla le dinaane tsa boeleele le ditlhamane. Dirisa nako ya gago le nonofo mo go itlwaetseng go nna o nitame mo moweng.
8 蓋身體の練習は益する所僅なれども、敬虔は今世と來世とに係る約束を有して萬事に益あり。
Katiso ya mmele e siame, mme katiso ya semowa e botlhokwa thata ebile ke molemo mo go tsotlhe tse o di dirang. Jalo ikatise mo moweng o itlwaetse go nna Mokeresete yo o siameng, ka gore mo go tlaa go thusa e seng fela mo botshelong jono, mme le e leng le mo go jo bo tlang.
9 是全く信ずべき眞の談なり、
Se ke boammaaruri mme mongwe le mongwe o tshwanetse go bo amogela. Re dira thata re bile re boga thata gore batho ba tle ba bo dumele, gonne tsholofelo ya rona e mo Modimong o o tshelang o o re swetseng rotlhe, bogolo jang ba ba amogetseng poloko ya One.
10 我等が勞して罵らるるはこれが為にして、即ち萬民得に信徒の救主にて在す活き給へる神を希望し奉る故なり。
11 汝是等の事を命じ且教へよ。
Ruta dilo tse, o bo o tlhomamise gore mongwe le mongwe o di ithuta sentle.
12 誰も汝の年若きを軽んずべからず、却て汝は、言語、行状、慈愛、信仰、貞操を以て信徒の模範たれ。
Se letle gore ope a go nyatse ka go bo o le mmotlana. Nna sekao sa bone, dira gore ba latele ka fa o ba rutang ka teng le ka fa o tshelang ka teng; nna sekao mo go bone ka lorato lwa gago; tumelo ya gago, le ka megopolo e e phepa.
13 我が至るまで読書、教訓、説教に從事せよ。
Go fitlhelela ke tsena koo, bala o bo o tlhalosetse phuthego Dikwalo; rera Lefoko la Modimo.
14 預言により、長老等の按手を以て賜はりし、汝の衷なる賜を忽にすること勿れ、
Tlhomamisa go dirisa dinonofo tse Modimo o di go neileng ka baporofiti ba One fa bagolwane ba phuthego ba go baya diatla.
15 汝の進歩が衆人に明ならん為に、是等の事を熟考して之に身を委ねよ。
Dirisa dinonofo tse; dira tiro yotlhe ya gago ka botlalo gore batho botlhe ba tle ba lemoge tlhabologo ya gago le tswelelopele.
16 己と説教とに省みて之に耐忍せよ、其は之を行ひて己と汝に聴く人々とを救ふべければなり。
Lebelela ka kelotlhoko mo go tsotlhe tse o di dirang le tse o di akanyang. Nna boammaaruri mo go se se siameng mme Modimo o tlaa go segofatsa o bo o go dirisa go thusa ba bangwe.

< テモテへの手紙第一 4 >