< テモテへの手紙第二 1 >

1 神の思召によりキリスト、イエズスに於る生命の約束に從ひてキリスト、イエズスの使徒たるパウロ、
Lokwalo lo lo tswang kwa go: Paulo, mo rongwa wa ga Jesu Keresete, yo o rometsweng ke Modimo go ya go bolelela banna le basadi gongwe le gongwe kaga botshelo jo bo sa khutleng jo o ba bo solofeditseng ka tumelo mo go Jesu Keresete.
2 至愛の子チモテオに[書簡を贈る]。願はくは父にて在す神、及び我主イエズス、キリストより、恩寵と慈悲と平安とを賜はらんことを。
Lo ya kwa go: Timotheo, morwaake yo o rategang. A Modimo Rara le Keresete Jesu Morena wa rona o go nosetse bopelonomi jwa one, kutlwelo-botlhoko le kagiso.
3 第一項 キリストに忠實ならんことを勧む 第一編 福音の為に懼なく戰ふべし 我が祖先以來潔き良心を以て奉事せる神に感謝し奉る、蓋晝夜祈祷の中に絶えず汝を記念し、
Ke leboga Modimo jang ka wena, Timotheo. Ke go rapelela malatsi otlhe, le ka nako tsotlhe mo masigong a maleele ke kopa Modimo wa me go go segofatsa mo go menaganyeng. Ke Modimo wa borre, le wa me, mme maikaelelo a me fela mo botshelong ke go o itumedisa.
4 汝の涙を追想して、喜に満たされん為に、汝を見ん事を欲す、
Ke tlhwaafaletse thata go go bona gape. Kana ke ka itumela thatajang, gonne ke gakologelwa selelo sa gago fa re kgaogana.
5 是汝に在る偽なき信仰の記憶を有てるによりてなり、此信仰は曩に汝の祖母ロイズと母ユニケとに宿りたれば、汝にも亦然ある事を確信す。
Ke itse gore o ikanya Morena go le kae, fela jaaka mmago Yunise le mmago-mogolo Loise ba mo ikanya; ebile ke tlhomamisa gore o santse o mo ikanya thata fela jaaka gale.
6 是故に我按手によりて、汝の衷なる神の賜を更に熱せしめん事を勧告す、
Ka ntlha ya moo, ke batla go go gakolola gore o tlhotlheletse nonofo le bopelokgale jo bo mo teng ga gago, jo bo tsenyeng mo go wena ka nako e ke neng ke go baya diatla ka yone ke go segofatsa.
7 其は神の我等に賜ひたるは、臆する霊に非ずして、能力と慈愛と節制との霊なればなり。
Gonne Mowa O O Boitshepo, neo ya Modimo, ga o rate gore wena o tshabe batho, mme e leng go nna botlhale le nonofo, le go ba rata le go itumelela go nna le bone.
8 然れば我主に對する證明と、其囚人たる我とに耻づる事なく、神の能力に應じて福音の為に我と共に苦を忍べ。
Fa o ka tlhotlheletsa nonofo e e mo teng ga gago ga o kitla o boifa go bolelela ba bangwe ka Morena, wa rona, Kgotsa go ba itsise gore ke tsala ya gago le fa ke le mo kgolegelong fano ka ntlha ya ga Keresete. O tlaa ipaakanyetsa go boga le nna ka ntlha ya Morena, gonne o tlaa go nonotsha mo dipogisong.
9 神の我等を救ひ、且聖なる召を以て召し給ひしは、我等の業によれるには非ず、御自らの規定により、又イエズス、キリストに於て世々の以前より我等に賜ひたる恩寵によれるなり。 (aiōnios g166)
Ke ene yo o re bolokileng le yo o re tlhophetseng tiro ya gagwe e e boitshepo, e seng ka ntlha ya gore e re tshwanetse mme e le ka ntlha ya gore e ne e le leano la One la bogologolo pele ga lefatshe le simologa, go supa lorato lwa One mo go rona le bopelotlhomogi ka Jesu Keresete. (aiōnios g166)
10 此恩寵は、今我救主イエズス、キリストの顕れ給ひしによりて證せられたり、即ち彼は死を亡し、福音を以て生命と不朽とを明にし給ひしなり。
Mme jaanong o dirile mo gotlhe gore go bonale mo go rona sentle ka go tla ga Mmoloki wa rona Jesu Keresete, yo o robileng nonofo ya loso a bo a re bontsha tsela ya botshelo jo bo safeleng ka go mo ikanya.
11 我は此福音の為に立てられて、宣教者たり、使徒たり、異邦人の教師たり。
Mme Modimo o ntlhophile go nna morongwa wa one, go rerela Badichaba le go ba ruta.
12 又之が為に斯る苦を受くと雖も之を耻とせず、其は我が信頼し奉れる者の誰なるかを知り、且我に委托し給ひしものを、彼日まで保ち給ふ能力あるを確信すればなり。
Ke ka moo ke bogang fano mo kgolegelong ebile ga go ntlhabise ditlhong, gonne ke itse yo ke mo ikanyang, ebile ke tlhomamisa gore o nonofile go tlhokomela tsotlhe tse ke di mo neileng go fitlhelela letsatsi la go bowa ga gagwe.
13 汝我に聞きし健全なる言の法を守るに、キリスト、イエズスに於る信仰と愛とを以てし、
Tshegetsa thata sekao sa boammaaruri jo ke go bo rutileng, segolo thata jang tumelo le lorato lo Keresete Jesu a lo go neileng.
14 委托せられし善きものを、我等に宿り給ふ聖霊によりて保て。
Tlhokomela thata, nonofo e o e amogetseng mo Modimong e le mpho e e tswang mo Moweng o o Boitshepo o o nnang mo teng ga gago.
15 [小]アジアに在る人々の、皆我を離れし事は汝の知る所にして、フィゼロとヘルモゼネスと其中に在り。
Jaaka o itse, Bakeresete botlhe ba ba tsileng mono ba tswa kwa Asia ba mphatlalaletse; le e leng Fugalo le Hegemogenese tota ba tsamaile.
16 願はくは主オネジフォロの家に憫を賜はんことを、蓋彼は屡我を励まし、我鎖を耻づる事なく、
A Morena a segofatse Onisiforo le botlhe ba ntlo ya gagwe, ka gore o ne a nketela a bo a nkgothatsa gantsi. Go nketela ga gagwe go ne ga ntsoseletsa jaaka mowa wa phefo e e monate, ebile go nna ga me mo kgolegelong ga go ise go mo tlhabise ditlhong.
17 ロマに來りし時切に尋ねて我を見出せり。
Le gone erile a tla mo Roma o mpatlile gongwe le gongwe, a leka go bona kwa ke teng, mme la bofelo a mpona.
18 願はくは主彼日に於て、彼に主より憫を得させ給はん事を、彼がエフェゾに於て我を厚遇せし事の如何ばかりなりしかは汝の尚能く知る所なり。
A Modimo o mo nee lesego le le faphegileng motlhang Keresete a bowang. Ebile o itse botoka go na le jaaka ke ka go bolelela ka fa o nthusitseng ka teng kwa Efeso.

< テモテへの手紙第二 1 >