< ヨハネの手紙第一 2 >

1 我小子よ、是等の事を汝等に書贈るは、汝等が罪を犯さざらん為なり。然れど若罪を犯したる者あらば、我等は父の御前に辯護者を有せり。是即ち義者イエズス、キリストにして、
Bananyana ba me, ke lo bolelela selo se gore lo tle lo ikgaphe mo boleong. Mme fa lo leofa, go na le mongwe go lo rapelela mo go Rara. Leina la gagwe ke Jesu Keresete, ene yo e leng mosiami ebile a itumedisa Modimo ka botlalo.
2 彼は我等が罪の贖にて在す、啻に我等の罪のみならず、全世界の罪に對しても亦然るなり。
Ke ene yo o rweleng bogale jwa Modimo ka ntlha ya dibe tsa rona go re golola mo bogaleng jwa Modimo, a bo a re lere mo bolekaneng le Modimo, ebile ke boitshwarelo jwa dibe tsa rona, le gale e seng tsa rona fela, ebong tsa lefatshe lotlhe.
3 我等御掟を守る時に、是によりて彼を識り奉れる事を覚る。
Mme re ka tlhomamisa jang gore re ba gagwe? Re ka tlhomamisa ka go sekaseka bokafateng jwa rona ra re: a tota re leka go dira se a batlang re se dira?
4 自ら彼を識り奉れりと言ひて御掟を守らざる人は、虚言者にして眞理其衷に在らず。
Mongwe o ka re, “Ke Mokeresete; ke mo tseleng ya me go ya legodimong; ke wa ga Keresete.” Mme fa a sa dire se Keresete a mo rayang a re a se dire, ke moaki.
5 其御言を守る人には、神に對するの愛ありて完全なり。我等は是によりて、己の彼に在る事を覚る。
Mme ba ba dirang se Keresete a se ba rayang gore ba se dire, ba tlaa nna ba rata Modimo thata. Ke yone tsela ya go itse gore a o Mokeresete kgotsa nnyaa.
6 彼に止り奉ると言ふ人は、己も亦彼が歩み給ひし如くに歩まざるべからず。
Le fa e le mang yo a reng ke Mokeresete a tshele fela jaaka Keresete a ne a tshela.
7 至愛なる者よ、我が汝等に書贈るは新しき掟に非ず、汝等が初より受けたる古き掟にして、古き掟とは汝等の聞きし御言なり。
Bakaulengwe ba ba rategang, ga ke lo kwalele taolo e ncha gore lo e obamele, gonne ke taolo e kgologolo e lo ntseng lo na nayo ka malatsi otlhe go tswa tshimologong. Lotlhe lo sale lo e utlwile pele.
8 又新しき掟を汝等に書贈る。是は彼に於ても汝等に於ても等しく眞なり、其は暗黒過去りて眞の光既に照ればなり。
Le fa go ntse jalo e ncha ka malatsi otlhe ebile e lo direla fela jaaka e ne e direla Keresete; mme fa re obamela taolo e, ebong go ratana, lefifi le a nyelela mo matshelong a rona, mme mo go rona go pha-tsime lesedi le lesha la botshelo la ga Keresete.
9 自ら光に在りと言ひて己が兄弟を憎む人は、今に至るまで暗黒の衷に居るなり。
Le fa e le mang yo o reng o tsamaya mo leseding la ga Keresete mme a ila Mokeresete ka ene o santse a le mo lefifing.
10 己が兄弟を愛する人は、光に止まりて、彼には躓く所なし。
Mme le fa e le mang yo o ratang Mokeresete ka ene o “tsamaya mo leseding” ebile o ka bona tsela ya gagwe a sa kgopiwe mo lefifing le mo boleong.
11 然れど己が兄弟を憎む人は、暗黒に在りて暗黒に歩み、暗黒の為に目を眩されたるが故に、往くべき所を知らざるなり。
Gonne yo o ilang Mokeresete ka ene otsamaya mo lefifing la semowa ebile ga a itse kwa a yang teng, gonne lefifi le mo foufaditse gore a seka a bona tsela.
12 小子よ、我が汝等に書贈るは、汝等の罪キリストの御名によりて赦されたるが故なり。
Ke lo kwalela dilo tse lotlhe, bananyana ba me, gonne lo itshwaretswe dibe mo leineng la ga Jesu Mmoloki wa rona.
13 父等よ、我が汝等に書贈るは汝等が初より存し給へるものを識りたるが故なり。青年等よ、我が汝等に書贈るは、汝等が惡魔に勝ちたる故なり。
Ke lo kwalela dilo tse lona ba lo godileng gonne ruri lo itse Keresete, ene yo o ntseng a tshedile go tswa tshimologong. Mme lona makau, ke bua le lona gonne lo fentse ntwa ya ga Satane. Gape ke kwalela lona basimanyana le lona basetsanyana gonne le lona lo ithutile go itse Modimo Rraa-rona.
14 子兒等よ、我が汝等に書贈りしは、汝等が父を識り奉れる故なり。父等よ、我が汝等に書贈りしは、汝等が父を識り奉りたりし故なり。若き者よ、我が汝等に書贈りしは、汝等が強くして神の御言汝等の衷に止り、汝等惡魔に勝ちたる故なり。
Mme lona borrabana ba lo itseng Modimo wa bosakhutleng, le lona makawana a a nonofileng, ka Lefoko la Modimo mo dipelong tsa lona, ebile lo fentse ntwa ya ga Satane, ke lo raya ke re:
15 世及び世に在る事を愛する勿れ、人若世を愛せば父に對する愛之に存する事なし、
khutlisang go rata lefatshe leno le le bosula, le gotlhe mo le go lo neelang, gonne fa lo rata dilo tse, lo supa tota gore ammaaruri ga lo rate Modimo;
16 其は総て世に在る事、肉の慾、目の慾、生活の誇は父より出でずして世より出づればなり。
gonne dilo tse tsotlhe tsa lefatshe, dikeletso tse di bosula tse, dikeletso tsa boaka, kgatlhego ya go reka sengwe le sengwe se se gapang maikutlo a gago, le boikgodiso jo bo dirwang ke khumo le go tlotlega, dilo tse ga di tswe kwa Modimong. Ditswa mo lefatsheng leno le le bosula.
17 而して世も其慾も過去れど、神の御旨を行ふ人は限なく存するなり。 (aiōn g165)
Mme lefatshe leno le a fela, mme dilo tse di bosula tse di idiwang tse di tlaa fela le lone, mme le fa e le mang yo o tswelelang a dira go rata ga Modimo o tlaa tshelela ruri. (aiōn g165)
18 小子よ、末の時なり、曾て非キリスト來ると汝等の聞きし如く、今既に非キリストと成れるもの多し。我等は之によりて末の時なるを知る。
Bana ba me ba ba rategang, nako ya bofelo ya lefatshe leno e setse e tsile. Lo utlwile ka Moganetsa Keresete yo o tlang, ene yo o tlhabantshang Keresete, le gompieno batho ba le bantsi ba ba ntseng jaana ba setse ba tsile. Tiragalo e, e re dira gore re tlhomamise tota gore bokhutlo jwa lefatshe bo atametse.
19 彼等は我等の中より出でたれど、素より我等のものたらざりき。若我等のものたりしならば、我等と共に止りしならん、然るに[斯の如くなるは]彼等が皆我等のものたらざる事の明に成らん為なり。
Batho ba ba tlhabantshang Keresete ba, e kile ya ne e le maloko a diphuthego tsa rona, mme tota e ne e se ba rona, gonne fa go ne go ntse jalo ba ka bo ba sa lomologa mo go rona. E rile ba lomologa mo go rona, ga supa sentle gore e ne e se ba rona gotlhelele.
20 汝等は聖なるものより注油せられて、一切の事を識れり。
Mme lona ga lo a nna jalo, gonne Mowa O O Boitshepo o tsile mo go lona, ebile lo itse boammaaruri.
21 我が汝等に書贈りしは、眞理を知らざる者としてに非ず、之を知り、又偽は総て眞理より出でざる事を知れる人として書贈れるなり。
Jalo ga ke lo kwalele jaaka ekete ke kwalela batho ba ba tlhokang go itse boammaaruri, mme ke lo kgalemela lo le ba lo itseng go lemoga pharologanyo fa gare ga boammaaruri le mmaaka.
22 僞る者は誰ぞ、イエズスのキリストにて在す事を否める人に非ずや。御父及び御子を否める人、是こそは非キリストなれ。
Ana moaki yo mogolo ke mang? Ke yo o reng Jesu ga se Keresete. Motho yo o ntseng jalo ke moganetsa-Keresete, gonne ga a dumele mo go Modimo Rara le mo go Morwaone.
23 総て御子を否める人は御父をも有し奉らず、御子を宣言する人は御父をも有し奉るなり。
Gonne motho yo o sa dumeleng mo go Keresete, Morwa Modimo, ga a kake a dumela le mo Modimong. Mme yo o nang le Keresete Morwa Modimo, o na le One Modimo Rara.
24 願はくは汝等が初より聞きし所汝等の衷に止らん事を。若初より聞きし所汝等の衷に止らば、汝等も亦御子及び御父の衷に止り奉らん。
Jalo nnang lo dumele se lo se rutilweng go tswa tshimologong. Fa lo dira jalo, lo tlaa aga lo le mo bolekaneng jo bo nitameng thata le Modimo Rara le Morwaone.
25 夫御子が自ら我等に約し給ひし約束は、即ち永遠の生命なり。 (aiōnios g166)
Mme ene ka sebele o re solofeditse se: botshelo ja bosakhutleng. (aiōnios g166)
26 我汝等を惑はす人々に就きて是等の事を書贈りたれども、
Dilo tse ke di buang tse ka moganetsa-Keresete di raya fela ba ba tlaa ratang go lo dira difofu ba bo ba lo timetsa.
27 汝等は彼より賜はりし注油其身に止りて、人に教へらるるを要せず、其注油は萬事に就きて汝等を教へ、而も眞にして偽に非ず、汝等其教へたる儘に之に止れ。
Mme lo amogetse Mowa O O Boitshepo ebile o nna mo go lona, mo dipelong tsa lona, gore lo seka lwa tlhokana le ope go lo ruta se se siameng. Gonne o lo ruta dilo tsotlhe, ebile o Boammaaruri, ga se moaki; mme fela jaaka a buile, lo tshwanetse go nna mo go Keresete, lo sa kgaogane nae.
28 小子よ、卒主の衷に止り奉れ、然らば其顕れ給はん時、我等は憚る所なく、其降臨に於て彼より辱められじ。
Mme jaanong bananyana ba me, nnang mo bolekaneng jwa boitumelo le Morena gore e re fa a tla lo bo lo tlhomamisa gore gotlhe go siame, mme ga re na go tlhajwa ke ditlhong re bo re boela kwa morago fa re tshwanetse go mo kgatlhantsha.
29 第二項 神は義にて在せば我等は義に據るべし。 汝等神が義にて在すことを識らば、又義を為す人の彼より生れ奉りしを辨へよ。
E re ka re itse gore Modimo o siame ka malatsi otlhe o bile o dira fela se se siameng, re ka tseela fela gore botlhe ba ba dirang tshiamo ke bana ba One.

< ヨハネの手紙第一 2 >