< ヨハネの手紙第二 1 >

1 長老は選を蒙りたる夫人及び其子等、即ち我並に、啻我のみならず、総て眞理を識れる人も亦、
Lokwalo lo lo tswa kwa go: Nna Johane Mogolwane wa phuthego. Ke lo kwalela: Siria mosadi yo o rategang, mongwe wa ba e leng ba Modimo tota, le bana ba gagwe ba ke ba ratang thata, jaaka mongwe le mongwe a ba rata mo phuthegong.
2 今我等の中に止りて、而も限なく我等と共に存すべき眞理に對して、眞に愛する所の者に[書簡を贈る]。 (aiōn g165)
Ere ka boammaaruri bo le mo dipelong tsa rona ka bosakhutleng, (aiōn g165)
3 願はくは恩寵と慈悲と平安とが、父にて在す神及び父の御子イエズス、キリストより賜はりて、眞理及び愛に於て汝等と共に在らん事を。
Modimo Rara le Jesu Keresete Morwaone ba tlaa re segofatsa ka kutlwelo botlhoko e kgolo le kagiso, le ka boammaaruri le lorato.
4 我汝の子等の中に、我等が父より掟を受け奉りし如くに歩める者あるを認めて、甚だ喜べり。
Ke itumela thata jang go bona bangwe ba bana ba gago fano, le go ba bona ba tshela jaaka ba tshwanetse, ba setse boammaaruri morago, ba obamela taolo ya Modimo.
5 夫人よ、今新しき掟を書贈るものとせず、之を初より受けたるものとして相愛せん事を汝に冀ふ。
Mme jaanong ke batla go lo gakolola ka bofefo ditsala tse di rategang, ka molao o mogologolo o Modimo o saleng o o re naya go tswa tshimologong, gore Bakeresete ba tshwanetse go ratana.
6 愛とは我等が其御掟に從ひて歩むべき事是なり。御掟とは即汝等が初より聞きたるがままに歩むべきもの是なり。
Fa re rata Modimo, re tlaa dira sengwe le sengwe se o se re bolelelang. Mme o sale o re bolelela go tswa tshimologong gore re ratane.
7 蓋肉體にて來り給ふイエズス、キリストを宣言せざる、多くの誘惑者世に出でたり、是ぞ誘惑者にして又非キリストなる。
Itlhokomeleng mo baeteledingpele ba e seng ba boammaaruri, mme go na le ba le bantsi ba bone mo tikologong, ba ba sa dumeleng gore Jesu Keresete o tsile mo lefatsheng e le motho a na le mmele o o tshwanang le wa rona. Batho ba ba ntseng jalo ba kgatlhanong le boammaaruri le Keresete.
8 汝等己に省みて、我等が曾て働きし所を失はず、充満せる報酬を受くる様にせよ。
Itlhokomeleng mo go nneng jaaka bone, lo bo lo latlhegelwa ke sekgele se lona le nna re ntseng re fufulela go se tsaya. Tlhomamisang gore lo amogela tuelo ya lona e e tletseng e e tswang kwa Moreneng.
9 総てキリストの教に止らずして退く者は神を有し奉らず、教に止る者は父及び御子を有し奉る。
Gonne fa lo tlolela kwa pele go feta thuto ya ga Keresete, lo tlaa tlogela Modimo kwa morago; mme fa lo ikanyega mo dithutong tsa ga Keresete, lo tlaa nna le Modimo. Mme lo tlaa nna le Rara le Morwa.
10 若汝等に至る者にして、此教を齎す事なくば、之を家に入るる事なく、之に挨拶すること勿れ。
Fa mongwe a tla go lo ruta, mme a sa dumele se Keresete a se rutileng, lo se ka lwa bo lwa mo laletsa kwa malapeng a lona. Lo se ka lwa mo kgothatsa ka gope.
11 其は之に挨拶する人は、其惡しき業に與ればなり。
Fa lo ka mo laletsa kgotsa lwa mo kgothatsa lo tlaa bo lo tlhakanetse nae boikepo jwa gagwe.
12 書贈るべき事尚多くあれども、我は紙と墨とを以てするを好まず、是汝等の喜の全からん為に、汝等の中に在りて口づから語らん事を希望すればなり。
Ke ne ke eletsa go bua tse dingwe, mme ga ke batle go di bua mo lokwalong lo, gonne ke solofela go tla go lo bona ka bofefo mme ke gone re tlaa buisanyang ka tsone re bo re nna le nako ya boitumelo.
13 選を蒙りたる汝の姉妹の子等、汝に宜しくと言へり。
Bana ba ga kgaitsadio ba a go dumedisa, yo e leng mongwe wa ba ba itshenketsweng ke Modimo. Wa lona ruri, Johane.

< ヨハネの手紙第二 1 >