< ヨハネの手紙第一 5 >

1 第二款 イエズス、キリストに於る信仰及び其の尊き結果。 総てイエズスのキリストにて在すことを信ずる人は、神より生れ奉りたる者にして、総て生み給ひしものを愛する人は、亦神より生れ奉りたり者をも愛するなり。
Fa o dumela gore Jesu ke Keresete, gore ke Morwa Modimo le gore ke Mmoloki wa gago, jalo o ngwana wa Modimo. Mme botlhe ba ba ratang Rara ba rata le bana ba gagwe.
2 我等は神を愛し奉りて其掟を實行する時、之を以て神の子等を愛する事を知る、
Jalo o ka ipatlisisa gore o rata bana ba Modimo go le kae, barwa-rrago le bokgaitsadio mo Moreneng, ka gore o rata Modimo go le kae.
3 其は神に對する愛は、其掟を守るに在ればなり。斯て其掟は難きものに非ず。
Go rata Modimo go dira se Modimo o re bolelelang gore re se dire, mme go bua boammaaruri, go dira jalo ga go thata gotlhelele;
4 蓋総て神より生れ奉りし者は世に勝つ、而して世に勝ちたる勝利は我等の信仰是なり。
gonne ngwana mongwe le mongwe wa Modimo o ka o obamela, a fenya sebe le dikgatlhego tse di bosula ka go ikanya Keresete go mo thusa.
5 世に勝つ者は誰ぞ、イエズスが神の御子にて在すことを信ずる者に非ずや。
Mme ke mang yo o ka kgonang go lwa a bo a fenya ntwa e fa e se ka go dumela gore Jesu ka boammaaruri ke Morwa Modimo?
6 是ぞ水と血とによりて來り給ひしもの、即ちイエズス、キリストなる、唯水のみに非ず水と血とによりてなり。之を證し給ふものは[聖]霊にして、[聖]霊は眞理にて在す。
Mme re itse gore ke Morwa Modimo, gonne Modimo o buile jalo ka lentswe le le tswang kwa legodimong fa Jesu a kolobediwa, le jaaka a ne a lebaganye le loso, ee, eseng fela ka nako ya kolobetso ya gagwe mme e leng le ka nako e a neng a lebaganye le loso ka yone. Le Mowa O O Boitshepo, o o leng boammaaruri ka bosenabokhutlo o bua jalo.
7 蓋(天に於て證するもの三あり、父と御言と聖霊と是なり、而して此三のものは一に歸し給ふ。
Jalo re na le basupi ba le bararo ebong lentswe la Mowa O O Boitshepo mo dipelong tsa rona, lentswe le le neng la tswa kwa legodimong ka nako e Jesu a neng a kolobediwa ka yone, le lentswe le le neng la utlwala pele ga a a swa.
8 又地に於て)證するもの三あり、霊と水と血と是なり、而して此三のものは一に歸す。
Mme botlhe fela basupi ba, ba bua selo se le sengwe: gore Jesu Keresete ke Morwa Modimo.
9 我等人の證を受くれば、神の證は更に大いなり、而して神の此證の大いなるは御子に就きて證し給ひしが故なり。
Re dumela batho ba ba ntshang bosupi mo dikgotleng tsa rona tsa ditsheko, jalo re tlaa dumela ka boammaaruri sengwe le sengwe se Modimo o se re bolelelang. Mme Modimo o supa gore Jesu ke Morwaone.
10 神の御子を信じ奉る人は己の衷に神の證を有す、神を信ぜざる人は之を虚言者と為し奉る者なり、其は神が御子に就きて為し給へる證を信ぜざればなり。
Botlhe ba ba dumelang se ke se buang se, ba itse mo dipelong tsa bone gore ke boammaaruri. Fa motho le fa e le mang a sa dumele se, o dira Modimo moaki, ka gore ga a dumele se Mo-dimo o se buileng ka ga Morwaone.
11 其證は是なり、即ち神我等に永遠の生命を賜ひて、此生命は其御子に在り、 (aiōnios g166)
Mme se tota Modimo o se buileng ke eng? Ke gore o re file botshelo jo bo sa khutleng, le gore jone botshelo jo bo sa khutleng jo, bo mo go Morwaone. (aiōnios g166)
12 御子を有し奉る人は生命を有し、御子を有し奉らざる人は生命を有せざるなり。
Ke gone le fa e le mang yo o nang le Morwa Modimo o na le botshelo; le fa e le mang yo o senang Morwa One, ga a na botshelo.
13 結末。 我が是等の事を汝等に書贈るは、神の御子の御名を信じ奉る汝等をして、自ら永遠の生命を有せる事を知らしめん為なり。 (aiōnios g166)
Ke lo kwaletse se, lona ba lo dumelang mo go Morwa Modimo gore lo itse gore lo na le botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
14 又御旨に從ひて願ふ時は、何事をも我等に聴き給ふ事は、我等が彼に於て確信し奉る所にして、
Ebile re tlhomamisa se, gore o tlaa re reetsa nako le nako fa re kopa sengwe fela mo go ene ka fa go rateng ga gagwe.
15 何事を願ふも我等に聴き給ふ事を知れば、亦願ひし所を得べき事をも知れるなり。
Mme fa re itse gore o a re reetsa fa re bua le ene le fa re isa dikopo tsa rona, mme re ka tlhomamisa gore o tlaa re araba.
16 人若己が兄弟の死に至らざる罪を犯すを見ば祈るべし、然らば生命は死に至らざる罪を為せる人に賜はるべきなり。又死に至る罪あれば、我は之が為に願ふべしと言はず。
Fa o bona Mokeresete a leofa ka mokgwa o o sa iseng losong, o kope Modimo go mo itshwarela mme Modimo o tlaa mo naya botshelo, fa e se a dirile boleo jo bo isang losong. Mme go na le boleo jo bo felelang ka loso mme fa a bo dirile, ga go thuse sepe gore o mo rapelele.
17 凡ての不義は罪なり、又死に至らざる罪あり。
Ee, tshiamololo nngwe le nngwe ke sebe. Ga ke bue ka dibe tse di tlwaelesegileng tse; ke bua ka tshiamololo ele e e isang losong.
18 総て神より生れ奉りたる人は罪を為さず、神より生れ給ひしもの之を守り給ひて、惡魔の之に触るる事なきは我等之を知れり。
Ga go na ope yo e reng e le wa ba ntlo ya Modimo a bo a santse a leofa, gonne Keresete Morwa Modimo, o mo tshegeditse mme diabolo ga a kake a mo leofisa.
19 我等は神よりのものにして、世は挙りて惡魔に属する事は我等之を知れり。
Re itse gore re bana ba Modimo le gore lefatshe lotlhe mo tikologong ya rona le ka fa tlase ga nonofo le taolo ya ga Satane.
20 神の御子が我等に眞の神を識らしめ、我等を其眞の御子に在らしめん為に、來りて智識を與へ給へる事は我等又之を知れり。是ぞ眞の神にして又永遠の生命にて在す。 (aiōnios g166)
Ebile re itse gore Keresete, Morwa Modimo, o tletse go re thusa go tlhaloganya le go itse Modimo wa boammaaruri. Mme jaanong re mo Modimong gonne re mo go Jesu Keresete Morwaone yo e leng Modimo wa boammaaruri a le nosi; ebile e le Botshelo jo bo sa khutleng. (aiōnios g166)
21 小子よ、自ら守りて偶像に遠ざかれ。
Bana bame ba ba rategang, ikgogeng mo go sengwe le sengwe se se ka tsayang maemo a Modimo mo dipelong tsa lona. Amen. Wa lona ruri, Johane.

< ヨハネの手紙第一 5 >