< Luke 3 >

1 Mme e rile mo ngwageng ya lesome le botlhano ya puso ya ga kgosi kgolo Teberio Kaefase, molaetsa wa tla mo go Johane (morwa Sakarea) ka a ne a nna kwa ntle mo dikakeng (Pilatwe e ne e le mmusi mo Judea ka lobaka loo; Herode e le mmusi mo Galalea, monnawe Filipo e le mmusi mo Iturea le Trakoniti; Lusaniase e le mmusi mo Abilene; Anase le Kaeafase e le baperesiti ba bagolo ba Sejuta).
テベリオ・カイザル在位の十 五 年、ポンテオ・ピラトはユダヤの總督、ヘロデはガリラヤ分封の國守、その兄弟ピリポはイツリヤ及びテラコニテの地の分封の國守、ルサニヤはアビレネ分封の國守たり、
2
アンナスとカヤパとは大 祭司たりしとき、神の言、荒野にてザカリヤの子ヨハネに臨む。
3 Hong Johane a tsamaya gongwe le gongwe mo ditlhakoreng tsoopedi tsa noka ya Jorodane, a rera gore batho ba tshwanetse go kolobediwa go supa gore ba sokologetse mo Modimong, ebile ba sokologile mo dibeng tsa bone, gore ba tle ba itshwarelwe.
かくてヨルダン河の邊なる四方の地にゆき、罪の赦を得さする悔改のバプテスマを宣傳ふ。
4 Mo mafokong a ga moporofiti Isaia, Johane e ne, “E le lentswe le le kuang mo sekakeng, le re baakanyang tsela e Morena o tlaa tsamayang mo go yone! Mo katolosetseng tsela.
預言者イザヤの言の書に『荒野に呼はる者の聲す。「主の道を備へ、その路すじを直くせよ。
5 Ritibatsang dithaba! Katelang melatswana! Tlhamalatsang ditsela tse di kgopo! Rethefatsang le tsone tse di dikhuti!
諸の谷は埋められ、諸の山と岡とは平げられ、曲りたるは直く、嶮しきは坦かなる路となり、
6 Ke gone batho botlhe ba tlaa bonang Mmoloki yo o tswang legodimong.”
人みな神の救を見ん」』と録されたるが如し。
7 Se ke sekai sa thero ya ga Johane mo dikokoanong tsa batho ba ba neng ba tsile kolobetsong: “Losika lwa dinoga ke lona! Lo leka go falola molete kwa ntle ga go sokologela mo Modimong ka boammaaruri! Ke gone ka moo lo batlang go kolobediwa!
さてヨハネ、バプテスマを受けんとて出できたる群衆にいふ『蝮の裔よ、誰が汝らに、來らんとする御怒を避くべき事を示したるぞ。
8 Tsamayang pele lo ye go itshupa ka mokgwa o lo tshelang ka one gore ke boammaaruri lo ikwatlhaile. Le gone lo se ka lwa akanya gore lo falotse ka gore lo losika lwa ga Aberahame. Moo ga go a lekana. Modimo o ka ntsha bana ba ga Aberahame mo majeng a a sekaka a!
さらば悔改に相應しき果を結べ。なんぢら「我らの父にアブラハムあり」と心のうちに言ひ始むな。我なんぢらに告ぐ、神はよく此らの石よりアブラハムの子 等を起し得給ふなり。
9 “Selepe sa katlholo ya gagwe se tlhomilwe mo godimo ga lona, se baakanyeditswe go kgaola medi ya lona le go lo kgaolela fa fatshe. Ee, setlhare sengwe le sengwe se se sa ungweng loungo lo lo siameng se tlaa rengwa se be se latlhelwa mo molelong.”
斧ははや樹の根に置かる。されば凡て善き果を結ばぬ樹は、伐られて火に投げ入れらるべし』
10 Mme batho ba ba kokoaneng ba fetola bare, “O batla gore re direng?” Hong a ba fetola a re,
群衆ヨハネに問ひて言ふ『さらば我ら何を爲すべきか』
11 “Fa o na le dikobo di le pedi,” naya yo o tlhokang e nngwe. Fa o na le dijo tse dingwe di abele ba ba bolailweng ke tlala.
答へて言ふ『二つの下衣をもつ者は、有たぬ者に分け與へよ。食物を有つ者もまた然せよ』
12 Le e leng bone bakgethisi tota ba ba itsegeng ka bosula jwa bone ba tla go kolobediwa mme ba botsa ba re, “Re tlaa go tlhomamisetsa jang gore re latlhile dibe tsa rona?”
取税人もバプテスマを受けんとて來りて言ふ『師よ、我ら何を爲すべきか』
13 Johane a re, “Ke tlaa itse jang boammaaruri jwa lona. Tlhomamisang gore lo seka lwa phutha makgetho a a fetang a mmuso wa Seroma o o lo kopang gore lo a kokoanye.”
答へて言ふ『定りたるものの外、なにをも促るな』
14 Mme masole mangwe a botsa a re, “A le rona? Jaanong ka ga rona?” Johane a fetola a re, “Lo seka lwa gapa madi ka patiko le thubakanyo; lo se pateletse ope ka ga se lo itseng a sa se dire; mme itumeleleng tuelo ya lona!”
兵卒もまた問ひて言ふ『我らは何を爲すべきか』答へて言ふ『人を劫かし、また誣ひ訴ふな、己が給料をもて足れりとせよ』
15 Batho botlhe ba solofetse Mesia go tla ka bonako, ebile ba gakaletse go itse gore a Johane ke ene kgotsa nnyaa. E e ne e le potso ya lobaka lwa oura, mme ba ne ba tsaya kgang ka yone gongwe le gongwe.
民、待ち望みゐたれば、みな心の中にヨハネをキリストならんかと論ぜしに、
16 Johane a araba potso e a re, “Ka nna legale ke lo kolobetsa ka metsi; mme mongwe o e tla yo o nang le nonofo e kgolo go feta yame; yo ke sa tshwanelang le fa e le go nna motlhanka wa gagwe mme ene o tlaa lo kolobetsa ka molelo ka Mowa o o Boitshepo.
ヨハネ凡ての人に答へて言ふ『我は水にて汝らにバプテスマを施す、されど我よりも能力ある者きたらん、我はその鞋の紐を解くにも足らず。彼は聖 靈と火とにて汝らにバプテスマを施さん。
17 O tlaa kgaoganya mmoko le mabele, a tshube mmoko ka molelo o o sa khutleng mme a boloke mabele.”
手には箕を持ちたまふ。禾場をきよめ、麥を倉に納めんとてなり。而して殼は消えぬ火にて焚きつくさん』
18 A dirisa ditlhagiso di le dintsi fa a ntse a bolelela batho mafoko a a molemo a Modimo.
ヨハネこの他なほ、さまざまの勸をなして、民に福音を宣傳ふ。
19 (Mme ya re Johane a sena go bona Herode mmusi wa Galalea molato, ka go nyala Herodease, mosadi wa ga monnawe, le ka ga diphoso tse dintsi tse o di dirileng, Herode a tsenya Johane mo kgolegelong, ka go dira jalo a ba a oketsa sebe se, mo go tse dingwe tse dintsi tsa gagwe).
然るに國守ヘロデ、その兄弟の妻ヘロデヤの事につき、又その行ひたる凡ての惡しき事につきて、ヨハネに責められたれば、
更に復 一つの惡しき事を加へて、ヨハネを獄に閉ぢこめたり。
21 Erile ka letsatsi lengwe Jesu ka boene a tlhakana le boidiidi jwa batho ba ba neng ba kolobediwa ke Johane. Mme e rile fa a sena go kolobediwa, a rapela, mme magodimo a bulega,
民みなバプテスマを受けし時、イエスもバプテスマを受けて祈りゐ給へば、天ひらけ、
22 mme Mowa o o Boitshepo o le mo setshwanong sa lephoi wa tlhomama mo godimo ga gagwe, mme lentswe le le tswang legodimong la re, “O Morwaake yo o rategang thata. Ee, o boitumelo jwa me.”
聖 靈、形をなして鴿のごとく其の上に降り、かつ天より聲あり、曰く『なんぢは我が愛しむ子なり、我なんぢを悦ぶ』
23 Jesu o ne a na le dingwaga di ka nna masome mararo fa a simolola tirelo ya gagwe. O na a itsege e le morwa Josefe.
イエスの、教を宣べ始め給ひしは、年おほよそ三十の時なりき。人にはヨセフの子と思はれ給へり。ヨセフの父はヘリ、
24 Josefe rraagwe e ne e le Eli; Eli rraagwe e ne e le Lefi; Lefi rraagwe e ne e le Meleki; Meleki rraagwe e ne e le Janai; Janai rraagwe e ne e le Josefe;
その先はマタテ、レビ、メルキ、ヤンナイ、ヨセフ、
25 Josefe rraagwe e ne e le Mathatio; Mathatio rraagwe e ne e le Amose; Amose rraagwe e ne e le Nahume; Nahume rraagwe e ne e le Eseli; Eseli rraagwe e ne le Nagai;
マタテヤ、アモス、ナホム、エスリ、ナンガイ、
26 Nagai rraagwe e ne e le Maathe; Maathe rraagwe e ne e le Mathatio; Mathatio rraagwe e ne e le Semeine; Semeine rraagwe e ne e le Joseke; Joseke rraagwe e ne e le Joda;
マハテ、マタテヤ、シメイ、ヨセク、ヨダ、
27 Joda rraagwe e ne e le Joane; Joane rraagwe e ne e le Resa; Resa rraagwe e ne e le Sorobabela; Sorobabela rraagwe e ne e le Salatheile; Salathiele rraagwe e ne e le Neri;
ヨハナン、レサ、ゾロバベル、サラテル、ネリ、
28 Neri rraagwe e ne e le Meleki; Meleki rraagwe e ne e le Adi; Adi rraagwe e ne e le Kosame; Kosame rraagwe e ne e le Elemadame; Elemadame rraagwe e ne e le Ere;
メルキ、アデイ、コサム、エルマダム、エル、
29 Ere rraagwe e ne e le Joshua; Joshua rraagwe e ne e le Eliesere; Eliesere rraagwe e ne e le Jorime; Jorime rraagwe e ne e le Mathate; Mathate rraagwe e ne e le Lefi;
ヨセ、エリエゼル、ヨリム、マタテ、レビ、
30 Lefi rraagwe e ne e le Simione; Simione rraagwe e ne e le Juda; Juda rraagwe e ne e le Josefe; Josefe rraagwe e ne e le Joname; Joname rraagwe e ne e le Eliakime;
シメオン、ユダ、ヨセフ、ヨナム、エリヤキム、
31 Eliakime rraagwe e ne e le Melea; Melea rraagwe e ne e le Mene; Mene rraagwe e ne e le Matatha; Matatha rraagwe e ne e le Nathame; Nathame rraagwe e ne e le Dafide;
メレヤ、メナ、マタタ、ナタン、ダビデ、
32 Dafide rraagwe e ne e le Jese; Jese rraagwe e ne e le Obede; Obede rraagwe e ne e le Boase; Boase rraagwe e ne e le Sala; Sala rraagwe e ne e le Naasone;
エツサイ、オベデ、ボアズ、サラ、ナアソン、
33 Naasone rraagwe e ne e le Aminadabe; Aminadabe rraagwe e ne e le Admine; Admine rraagwe e ne e le Areni; Areni e ne e le rraagwe Eserome; Eserome e ne e le rraagwe Perese; Perese rraagwe e ne e le Juda;
アミナダブ、アデミン、アルニ、エスロン、パレス、ユダ、
34 Juda rraagwe e ne e le Jakobe; Jakobe rraagwe e ne e le Isake; Isake rraagwe e ne e le Aberahame; Aberahame rraagwe e ne e le Thara; Thara rraagwe e ne e le Nagore;
ヤコブ、イサク、アブラハム、テラ、ナホル、
35 Nagore rraagwe e ne e le Seruge; Seruge rraagwe e ne e le Ragau; Ragau rraagwe e ne e le Faleke; Faleke rraagwe e ne e le Ebere; Ebere rraagwe e ne e le Sala;
セルグ、レウ、ペレグ、エベル、サラ、
36 Sala rraagwe e ne e le Kainame; Kainame rraagwe e ne e le Arpagasadi; Arpagasadi rraagwe e ne e le Sheme; Sheme rraagwe e ne e le Lamege;
カイナン、アルパクサデ、セム、ノア、ラメク、
37 Lamege rraagwe e ne e le Methusela; Methusela rraagwe e ne e le Enoke; Enoke rraagwe e ne e le Jareke; Jareke rraagwe e ne e le Mahalele; Mahalele rraagwe e ne e le Kainame;
メトセラ、エノク、ヤレデ、マハラレル、カイナン、
38 Kainame rraagwe e ne e le Enose; Enose rraagwe e ne e le Sethe; Sethe rraagwe e ne e le Adamo; Adamo rraagwe e ne e le Modimo.
エノス、セツ、アダムに至る。アダムは神の子なり。

< Luke 3 >