< Mareko 14 >

1 Mme Modiro wa Tlolaganyo wa simologa morago ga malatsi a le mabedi, e le letsatsi la boitapoloso la Bajuta la ngwaga le ngwaga le go neng go sa jewe senkgwe se se bedisitsweng, baperesiti ba bagolo le ba bangwe baeteledipele ba Sejuta ba bo ba sa ntse ba batla leano le ba ka tshwarang Jesu ka lone ka sephiri go mmolaya.
さて過越と除酵との祭の二日 前となりぬ。祭司長・學者ら詭計をもてイエスを捕へ、かつ殺さんと企てて言ふ
2 Mme ba re, “Ga re ka ke ra dira jalo ka letsasi la modiro wa Tlolaganyo, e ka re kgotsa ga nna pheretlhego.”
『祭の間は爲すべからず、恐らくは民の亂あるべし』
3 Ka lobaka loo Jesu o ne a le kwa Bethania, mo tlung ya ga Simone wa molepero; ka nako ya dijo tsa maitseboa, mosadi mongwe a tla a tshotse kurwana ya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se se nkgang monate. Hong a thuba kurwana, a tshela setlolo mo tlhogong ya gagwe.
イエス、ベタニヤに在して、癩病人シモンの家にて食事の席につき居給ふとき、或 女、價 高き混なきナルドの香 油の入りたる石膏の壺を持ち來り、その壺を毀ちてイエスの首に注ぎたり。
4 Bangwe ba ba neng ba le fa lomating lwa bojelo ba galefa thata kaga “tshenyo” eo, ka fa ba neng ba bua ka teng. Ba re, “O ka bo a rekisitse setlolo seo ka tlhwatlhwa e e kwa godimo mme a naya bahumanegi madi ao!”
ある人々、憤ほりて互に言ふ『なに故かく濫に油を費すか、
5
この油を三 百デナリ餘に賣りて、貧しき者に施すことを得たりしものを』而して甚く女を咎む。
6 Mme Jesu a re, “Mo leseng, lo mo omanyetsang ka go dira selo se se molemo.
イエス言ひ給ふ『その爲すに任せよ、何ぞこの女を惱すか、我に善き事をなせり。
7 Gonne lo na le bahumanegi malatsi otlhe mme ba tlhoka thuso mo go lona thata, lo ka kgona go ba thusa nako nngwe le nngwe e lo batlang go ba thusa ka yone; mme ga ke na go nna le lona ka lobaka lo lo leele.
貧しき者は常に汝らと偕にをれば、何時にても心のままに助け得べし、されど我は常に汝らと偕にをらず。
8 O dirile se a neng a ka se kgona, mmele wa me o o tloleditse phitlho go sa le gale.
此の女は、なし得る限をなして、我が體に香 油をそそぎ、あらかじめ葬りの備をなせり。
9 Mme ke lo bolelela ka tlhwaafalo ya boammaaruri gore gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, tiro ya mosadi yo, e tlaa nna e gakologelwa, e bo e galalediwa.”
まことに汝らに告ぐ、全世界いづこにても、福音の宣傅へらるる處には、この女の爲しし事も記念として語らるべし』
10 Mme Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti go ya go rulaganya go ba okela Jesu.
ここに十二 弟子の一人なるイスカリオテのユダ、イエスを賣らんとて祭司長の許にゆく。
11 Erile fa baperesiti ba bagolo ba utlwa gore o tletse eng ba itumela thata ba bo ba mo solofetsa tuelo. Hong a simolola go batla nako e e siameng le lefelo le o ka okelang Jesu mo go lone.
彼 等これを聞きて喜び、銀を與へんと約したれば、ユダ如何にしてか機 好くイエスを付さんと謀る。
12 Ka letsatsi la ntlha la modiro wa Tlolaganyo, letsatsi le go neng go ntshiwa ditlhabelo tsa dikonyana, barutwa ba gagwe ba mmotsa gore o rata go ya go jela modiro wa Tlolaganyo kae?
除酵祭の初の日、即ち過越の羔羊を屠るべき日、弟子たちイエスに言ふ『過越の食をなし給ふために、我らが何處に往きて備ふることを望み給ふか』
13 Mme a roma ba le babedi kwa Jerusalema go ya go dira dithulaganyo a ba raya a re, “E tlaa re fa lo sa ntse lo tsamaya, lo tlaa bona monna a tla a lebaganye le lona a rwele nkgwana ya metse. Lo mo sale morago.
イエス二人の弟子を遣さんとして言ひたまふ『都に往け、然らば水をいれたる瓶を持つ人、なんぢらに遇ふべし。之に從ひ往き、
14 Mo tlung e o tsenang mo go yone, bolelelang mong-wa ntlo lo re, ‘Morena wa rona o re rometse go tla go bona ntlwana e lo e re baakanyeditseng, e re tlaa jelang modiro wa Tlolaganyo mo go yone maitseboeng ano!’
その入る所の家主に「師いふ、われ弟子らと共に過越の食をなすべき座敷は何處なるか」と言へ。
15 O tlaa lo isa kwa ntlwaneng e e kwa godimo e kgolo e e baakantsweng. Baakanyang dijo tsa rona gone.”
さらば調へ備へたる大なる二階 座敷を見すべし。其處に我らのために備へよ』
16 Mme barutwa ba babedi ba tswelela jalo ba tsena mo motsing ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse jaaka Jesu a ba boleletse, mme ba baakanyetsa Tlolaganyo.
弟子たち出で往きて都に入り、イエスの言ひ給ひし如くなるを見て、過越の設備をなせり。
17 Mo maitseboeng Jesu a goroga le barutwa ba bangwe,
日 暮れてイエス十二 弟子とともに往き、
18 mme ya re ba ntse fa lomating lwa bojelo ba a ja, Jesu a re “Ammaaruri ke a lo raya mongwe wa lona o tlaa nkoka, mongwe wa lona yo o leng fano yo ke jang nae.”
みな席に就きて食するとき言ひ給ふ『まことに汝らに告ぐ、我と共に食する汝らの中の一人、われを賣らん』
19 Mme ba tlala khutsafalo e kgolo botlhe, mme mongwe le mongwe wa bone a mmotsa a re, “A ke nna?”
弟子たち憂ひて一人 一人『われなるか』と言ひ出でしに、
20 Mme a araba a re, “Ke mongwe wa lona ba ba lesome le bobedi yo ke jang nae fano gompeino.
イエス言ひたまふ『十二のうちの一人にて、我と共にパンを鉢に浸す者は夫なり。
21 Ke tshwanetse go swa, fela jaaka baporofiti ba boletse bogologolo; mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo fa a ka bo a sa tsalwa.”
實に人の子は己に就きて録されたる如く逝くなり。されど人の子を賣る者は禍害なるかな、その人は生れざりし方よかりしものを』
22 Ya re ba ntse baa ja Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa a se ngathoganya a se ba naya a re, “Jaang se, ke mmele wa me.”
彼ら食しをる時、イエス、パンを取り、祝してさき、弟子たちに與へて言ひたまふ『取れ、これは我が體なり』
23 A tsaya senwelo sa mofine a leboga Modimo kaga sone a se ba naya, mme botlhe ba a nwa mo go sone.
また酒杯を取り、謝して彼らに與へ給へば、皆この酒杯より飮めり。
24 Mme a ba raya a re, “Se ke madi a me, a a tshololetsweng batho ba le bantsi, a a kanelang kgolagano e ncha ya Modimo le batho.
また言ひ給ふ『これは契約の我が血、おほくの人の爲に流す所のものなり。
25 Ammaaruri ke a lo raya ga nke ke tlhola ke e nwa loungo lwa mofine go fitlhelela letsatsi le ke nwang mofuta o sele mo Bogosing jwa Modimo.”
まことに汝らに告ぐ、神の國にて新しきものを飮む日までは、われ葡萄の果より成るものを飮まじ』
26 Hong ba opela sefela mme ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware.
かれら讃美をうたひて後、オリブ山に出でゆく。
27 Mme Jesu a ba raya a re, “Lotlhe lo tlaa ntlogela, gonne Modimo o buile jaana ka baporofiti wa re, ‘Ke tlaa ya kwa Galalea go ya go kopana le lona teng.’”
イエス弟子たちに言ひ給ふ『なんぢら皆 躓かん、それは「われ牧羊者を打たん、さらば羊 散るべし」と録されたるなり。
28 Petere a mo raya a re, “Nna ga nkake ka go tlogela le fa ba bangwe ba ka go tlogela!”
されど我よみがへりて後、なんぢらに先だちてガリラヤに往かん』
時にペテロ、イエスに言ふ『假令みな躓くとも、我は然らじ』
30 Jesu a re, “Petere, Pele ga koko e tonanyana e lela la bobedi ka moso mo mosong o tla bo o intatotse gararo.”
イエス言ひ給ふ『まことに汝に告ぐ、今日この夜、鷄ふたたび鳴く前に、なんぢ三たび我を否むべし』
31 Mme Petere a re, “Nnyaa! Le fa nkabo ke na le go swa nao ga nkake ka go itatola!” Mme ba ikana fela jalo botlhe.
ペテロ力をこめて言ふ『われ汝とともに死ぬべき事ありとも、汝を否まず』弟子たち皆かく言へり。
32 Hong ba fitlha fa felong fa go bidiwang tshimo ya Gethesemane, a feta a raya barutwa ba gagwe a re, “Nnang fa, ke sa ntse ke ya go rapela.”
彼らゲツセマネと名づくる處に到りし時、イエス弟子たちに言ひ給ふ『わが祈る間、ここに座せよ』
33 Mme a tsaya Petere, Jakobe le Johane a ya nabo, a simolola go fuduega thata le go tshwenyega.
かくてペテロ、ヤコブ、ヨハネを伴ひゆき、甚く驚き、かつ悲しみ出でて言ひ給ふ
34 A ba raya a re, “Mowa wa me o hutsafetse thata mo ruri go isang losong; nnang fano, lo lebelele le nna.”
『わが心いたく憂ひて死ぬばかりなり、汝ら此處に留りて目を覺しをれ』
35 A tsamaela fa pelenyana a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ne go kgonega nako e e boitshegang e e mo letetseng e seka ya mo diragalela.
少し進みゆきて、地に平伏し、若しも得べくば此の時の己より過ぎ往かんことを祈りて言ひ給ふ
36 Mme a re, “Rara, Rara, dilo tsotlhe di ka diragala mo go wena. Tlosa senwelo se mo go nna. Le fa go ntse jalo ke batla thato ya gago, eseng ya me.”
『アバ父よ、父には能はぬ事なし、此の酒杯を我より取り去り給へ。されど我が意のままを成さんとにあらず、御意のままを成し給へ』
37 Hong a boela kwa barutweng ba gagwe ba bararo a ba fitlhela ba robetse, a re, “Simone a o robetse? A o ne o sa ka ke wa leta le nna lobaka lwa oura e le nngwe fela?
來りて、その眠れるを見、ペテロに言ひ給ふ『シモンよ、なんぢ眠るか、一 時も目を覺しをること能はぬか。
38 lebelelang le nna lo rapele gore moraedi a seka a lo fenya. Gonne le fa mowa o le tlhaga mmele o bokoa.”
なんぢら誘惑に陷らぬやう、目を覺しかつ祈れ。實に心は熱すれども肉體よわきなり』
39 Mme a boa gape a ya go rapela, a boeletsa kopo ya gagwe.
再びゆき、同じ言にて祈り給ふ。
40 A boela gape kwa go bone a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba lapile thata. Ba bile ba sa itse ka fa ba ka mo fetolang ka teng.
また來りて彼らの眠れるを見たまふ、是その目いたく疲れたるなり、彼ら何と答ふべきかを知らざりき。
41 La boraro fa a boela kwa go bone a ba raya a re, “Tswelelang lo robale; Lo itapolose! Nnyaa! Nako ya go robala e setse e fetile! Bonang! ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula.
三度 來りて言ひたまふ『今は眠りて休め、足れり、時きたれり、視よ、人の子は罪人らの手に付さるるなり。
42 Tsogang! Re tshwanetse go tsamaya! yo o nkokang o gaufi!”
起て、われらは往くべし。視よ、我を賣る者ちかづけり』
43 Mme erile ka bonako a sa ntse a bua, Judase mongwe wa barutwa ba gagwe a goroga le setlhopha sa batho ba ba ipapanneng ka dichaka le melamu ba ba romilweng ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuta.
なほ語りゐ給ふほどに、十二 弟子の一人なるユダ、やがて近づき來る、祭司長・學者・長老らより遣されたる群衆、劍と棒とを持ちて之に伴ふ。
44 Judase o ne a ba boleletse gore, “Yo ke tlaa yang kwa go ene go mo dumedisa, lo itse gore ke ene mme lo mo tshware. Mme lo ka mo tsaya motlhofo.”
イエスを賣るもの、あらかじめ合圖を示して言ふ『わが接吻する者はそれなり、之を捕へて確と引きゆけ』
45 Mme erile fela jaaka ba goroga, a tlhamalalela kwa go Jesu, a re, “Morena!” Mme a mo tlamparela ka tshupo ya botsalano jo bogolo.
かくて來りて直ちに御許に往き『ラビ』と言ひて接吻したれば、
46 Jalo setlhopha sa batho sa mo tshwara.
人々イエスに手をかけて捕ふ。
47 Gone fela foo, mongwe a somola chaka, a kgaola motlhanka wa moperesiti yo mogolo tsebe.
傍らに立つ者のひとり、劍を拔き、大 祭司の僕を撃ちて、耳を切り落せり。
48 Jesu a ba botsa a re, “A ke serukhutlhi se se diphatsa, gore lo bo lo tla ka tsela e lo tlang ka yone, lo tla kwa go nna lo ipapanne ka ditlhabano?
イエス人々に對ひて言ひ給ふ『なんぢら強盜にむかふ如く、劍と棒とを持ち、我を捕へんとて出で來るか。
49 Ke eng lo ile lwa seka lwa ntshwara kwa Tempeleng? Ke ne ke le teng koo, ke ruta letsatsi le letsatsi. Mme le fa go ntse jalo, dilo tse di dirafala gore di tlatse diperofeso tse di buang ka ga me.”
我は日々なんぢらと偕に宮にありて教へたりしに、我を執へざりき、されど是は聖書の言の成就せん爲なり』
50 Ka nakonyana, barutwa ba gagwe botlhe ba bo ba tshabile.
其のとき弟子みなイエスを棄てて逃げ去る。
51 Mme le fa go ntse jalo ga bo go le lekawana lengwe le mo setse morago, le apere seaparo sa leloba e le seaparo sa bosigo. Ya re setlhopha seo se leka go mo tshwara, a falola, le fa go ntse jalo diaparo tsa gagwe tsa gagoga, a tshaba a sa ikatega.
ある若者、素肌に亞麻 布を纏ひて、イエスに從ひたりしに、人々これを捕へければ、
亞麻 布を棄て裸にて逃げ去れり。
53 Hong Jesu a isiwa kwa legaeng la Moperesiti yo Mogolo kwa bagolwane botlhe ba baperesiti le baeteledipele bangwe ba Sejuta ba neng ba phuthaganela teng.
人々イエスを大 祭司の許に曳き往きたれば、祭司長・長老・學者ら皆あつまる。
54 Mme Petere a bo a mo setse morago a le kgakalanyana nae a ba a tla a tsena ka kgoro ya motse wa Moperesiti yo Mogolo a kotama fa molelong a nna fa gare ga batlhanka.
ペテロ遠く離れてイエスに從ひ、大 祭司の中庭まで入り、下役どもと共に坐して火に煖まりゐたり。
55 Mo teng baperesiti ba bagolo le ba Kgotla kgolo ya tshekelo ya Sejuta ba ne ba leka go bona sengwe se ba ka pegang Jesu molato ka sone gore ba tle ba mmolaye. Mme ga se ka ga kgonega.
さて祭司長ら及び全 議會、イエスを死に定めんとて、證據を求むれども得ず。
56 Basupi ba le bantsi ba maaka ba ne ba ithaopa, mme bosupi jwa bone jwa ganetsanya.
それはイエスに對して僞證する者 多くあれども、其の證據あはざりしなり。
57 Lwa bofelo ga ema banna ba bangwe ba bua maaka ka ga gagwe ba re,
遂に或 者ども起ちて僞證して言ふ
58 “Re mo utlwile a re, ‘Ke tlaa senya Tempele e e agilweng ka diatla tsa batho mme mo malatsing a le mararo ke tlaa aga e nngwe e e sa dirwang ka diatla!’”
『われら此の人の「われは手にて造りたる此の宮を毀ち、手にて造らぬ他の宮を三日にて建つべし」と云へるを聞けり』
59 Le fa go ntse jalo ga ba ise ba ke ba bo ba bue polelo e e tlhamaletseng!
然れど尚この證據もあはざりき。
60 Hong Moperesiti yo mogolo a ema fa pele ga Lekgotla a botsa Jesu a re, “A o gana go arabela molato o? O na le eng se o ka iphemelang ka sone?”
ここに大 祭司、中に立ちイエスに問ひて言ふ『なんぢ何をも答へぬか、此の人々の立つる證據は如何に』
61 Mme Jesu a seka a araba. Hong Moperesiti yo mogolo a mmotsa a re, “A o Mesia, Morwa Modimo?”
されどイエス默して何をも答へ給はず。大 祭司ふたたび問ひて言ふ『なんぢは頌むべきものの子キリストなるか』
62 Jesu a araba a re, “Ke ene, mme lo tlaa mpona ke ntse ka fa letsogong la Modimo le legolo, ke tla mo lefatsheng ka maru a legodimo.”
イエス言ひ給ふ『われは夫なり、汝ら、人の子の全能者の右に坐し、天の雲の中にありて來るを見ん』
63 Hong moperesiti yo Mogolo a ikgagola diaparo a re, “Re sa ntse re tlhoka eng gape? Re sa ntse re tlhoka bosupi jwa eng? Lo setse lo utlwile tlhapatso ya gagwe. Katlholo ya lona ya reng?” Mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore a atlholelwe loso.
此のとき大 祭司おのが衣を裂きて言ふ『なんぞ他に證人を求めん。
なんぢら此の瀆言を聞けり、如何に思ふか』かれら擧りてイエスを死に當るべきものと定む。
65 Mme bangwe ba bone ba simolola go mo kgwela mathe, ba mmipa sefatlhogo ba mo itaya ka mabole. Ba mo sotla ba re, “Ke mang yo o go iteileng moporofiti?” Ba mo nyonnyobetsa. Le masole tota a ne a mo itaya ka mabole fa a ntse a tsamaya nae.
而して或 者どもはイエスに唾し、又その顏を蔽ひ、拳にて搏ちなど爲始めて言ふ『預言せよ』下役どもイエスを受け、手掌にてうてり。
66 Mme ka lobaka loo Petere o ne a le kwa tlase mo lolwapaneng. Mongwe wa basetsana ba ba neng ba direla Moperesiti yo Mogolo a lemoga Petere a ikomosa fa molelong. A tsepega Petere matlho a goa a re, “O ne o na le Jesu, wa Monasara.”
ペテロ下にて中庭にをりしに、大 祭司の婢女の一人きたりて、
ペテロの火に煖まりをるを見、これに目を注めて『汝もかのナザレ人イエスと偕に居たり』と言ふ。
68 Petere a itatola a re, “Ga ke itse se o buang ka ga sone!” A tswela kwa ntle kwa mathuding a lolwapa. Gone fela foo koko e tonanyana ya lela.
ペテロ肯はずして『われは汝の言ふことを知らず、又その意をも悟らず』と言ひて庭 口に出でたり。
69 Mme morweetsana a mmona a eme foo a simolola go bolelela ba bangwe, a re, “Ke yole morutwa wa ga Jesu!”
婢女かれを見て、また傍らに立つ者どもに『この人はかの黨與なり』と言ひ出でしに、
70 Petere a itatola gape. Moragonyana bangwe ba ba neng ba dikaganyeditse molelo ba simolola go raya Petere ba re, “Le wena o mongwe wa bone, gonne o tswa Galalea!”
ペテロ重ねて肯はず、暫くしてまた傍らに立つ者どもペテロに言ふ『なんぢは慥にかの黨與なり、汝もガリラヤ人なり』
71 A simolola go tlhapatsa a ikana a re, “Ga ke mo itse monna yo lo buang ka ga gagwe.”
此の時ペテロ盟ひかつ誓ひて『われは汝らの言ふ其の人を知らず』と言ひ出づ。
72 Ka bonako koko e tonanyana ya lela lwa bobedi. Mme Petere a gakologelwa mafoko a ga Jesu a a reng, “Pele ga koko e tonanyana e lela lwa bobedi o tla a bo o intatotse gararo.” Mme a simolola go lela.
その折しも、また鷄なきぬ。ペテロ『にはとり二度なく前に、なんぢ三度われを否まん』とイエスの言ひ給ひし御言を思ひいだし、思ひ反して泣きたり。

< Mareko 14 >