< Luke 22 >

1 Mme jaanong moletlo wa Tlolaganyo wa bo o le gaufi, moletlo wa Sejuta o go neng go dirisiwa senkgwe se se sa bedisiwang.
除酵节(又名逾越节)近了。
2 Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba tumelo ba ne ba tlhoafaletse polao ya ga Jesu ba leka go senka tsela e ba ka mmolayang ka yone kwa ntle ga go tsosa mokubukubu, selo se ba neng ba se tshaba segolo.
祭司长和文士想法子怎么才能杀害耶稣,是因他们惧怕百姓。
3 Mme Satane a tsena mo go Judase Isekariota, yo e neng e le mongwe wa barutwa ba ba lesome le bobedi,
这时,撒但入了那称为加略人犹大的心;他本是十二门徒里的一个。
4 a ya kwa baperesiting ba bagolo le bagolwane ba batlhokomedi ba Tempele go ya go buisanya ka tsela e e siameng ya go ba okela Jesu.
他去和祭司长并守殿官商量,怎么可以把耶稣交给他们。
5 Mme ba ne ba rata, ba itumelela go itse fa a ipaakanyeditse go ba thusa mme ba mo solofetsa tuelo.
他们欢喜,就约定给他银子。
6 Hong a simolola go ba senkela nako ya go tshwara Jesu ka tidimalo batho ba seyo.
他应允了,就找机会,要趁众人不在跟前的时候把耶稣交给他们。
7 Mme letsatsi la moletlo wa Tlolaganyo la fitlha, le ka lone kwana ya modiro e neng ya bolawa ya ba ya jewa le senkgwe se se sa bedisiwang.
除酵节,须宰逾越羊羔的那一天到了。
8 Jesu a roma Petere le Johane go ya go batla felo fa go tlaa baakanyediwang Tlolaganyo ya bone gone.
耶稣打发彼得、约翰,说:“你们去为我们预备逾越节的筵席,好叫我们吃。”
9 Mme ba botsa ba re, “O batla re ya kae?”
他们问他说:“要我们在哪里预备?”
10 Mme a fetola a re, “E tlaa re fela fa lo tsena mo Jerusalema, lo tlaa bona monna a tshotse nkgwana ya metsi. Mo lateleng go ya kwa lwapeng lo a tsenang mo go lone,
耶稣说:“你们进了城,必有人拿着一瓶水迎面而来,你们就跟着他,到他所进的房子里去,
11 mme lo reye monna yo o nnang foo lo re, ‘Moruti wa rona a re o re kaele ntlo ya baeti fa a ka jelang Tlolaganyo gone le barutwa ba gagwe.’
对那家的主人说:‘夫子说:客房在哪里?我与门徒好在那里吃逾越节的筵席。’
12 Mme o tlaa lo tseela kwa godimo kwa tlung e tona e re setseng re e baakanyeditswe. Ke lone lefelo leo. Tsamaelang pele lo ye go baakanya dijo gone.”
他必指给你们摆设整齐的一间大楼,你们就在那里预备。”
13 Mme ba tswa ba ya kwa motseng mme ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse fela jaaka Jesu a boletse, mme ba baakanya dijo tsa Tlolaganyo.
他们去了,所遇见的正如耶稣所说的;他们就预备了逾越节的筵席。
14 Mme Jesu le ba bangwe ba goroga, mme ka nako e e tshwanetseng ba nna fa fatshe botlhe fa lomating lwa bojelo;
时候到了,耶稣坐席,使徒也和他同坐。
15 mme a ba raya a re, “Ke lebeletse lobaka lo ka tlhoafalo e kgolo, ke batla go ja Tlolaganyo e le lona pele ga pogiso ya me e simologa.
耶稣对他们说:“我很愿意在受害以先和你们吃这逾越节的筵席。
16 Gonne ke a lo bolelela gompieno gore ga nkitla ke tlhola ke e ja gape; go fitlhela se e se emetseng se diragala mo Bogosing jwa Modimo.”
我告诉你们,我不再吃这筵席,直到成就在 神的国里。”
17 Mme a tsaya senwelo sa mofine, ya re a sena go se lebogela a re, “Tsaya se lo se kgaogane.
耶稣接过杯来,祝谢了,说:“你们拿这个,大家分着喝。
18 Gonne ga nkitla ke e nwa mofine gape go fitlhelela Bogosi jwa Modimo bo tla.”
我告诉你们,从今以后,我不再喝这葡萄汁,直等 神的国来到。”
19 Mme a tsaya senkgwe; mme a se lebogela, a se ngathoganya a se ba naya a re, “Se ke mmele wa me, o lo o neetsweng. O jeng e le segopotso sa me.”
又拿起饼来,祝谢了,就擘开,递给他们,说:“这是我的身体,为你们舍的,你们也应当如此行,为的是记念我。”
20 Morago ga dijo a ba naya senwelo se sengwe sa mofine a re, “Mofine o, ke sesupo sa kgolagano e ncha ya Modimo go lo boloka, kgolagano e e kanetsweng ka madi a ke tlaa a tshololang go reka mewa ya lona.
饭后也照样拿起杯来,说:“这杯是用我血所立的新约,是为你们流出来的。
21 Mme fano fa lomating lwa bojelo go ntse mongwe jaaka tsala mo gare ga rona, ke ene monna yo o tlaa nkokang.
看哪,那卖我之人的手与我一同在桌子上。
22 Ke tshwanetse go swa. Ke ntlha nngwe ya leano la Modimo. Mme bomadimabe bo letile monna yo, yo o nkokang,”
人子固然要照所预定的去世,但卖人子的人有祸了!”
23 Mme barutwa ba ikgakgamalela gore ke ofe wa bone yo o ka dirang selo se se ntseng jalo.
他们就彼此对问,是哪一个要做这事。
24 Ba simolola go ganetsanya gore ke ofe yo o tlaa nnang mo maemong a a kwa godimo [mo Bogosing jo bo tlang].
门徒起了争论,他们中间哪一个可算为大。
25 Mme Jesu a ba raya a re, “Mo lefatsheng leno dikgosi le banna ba batona ba laola batlhanka ba bone, mme batlhanka ga ba ke ba itlhophela fa e se go ineela fela!
耶稣说:“外邦人有君王为主治理他们,那掌权管他们的称为恩主。
26 Mme mo gare ga lona, ene yo o lo direlang ke ene o tlaa nnang moeteledipele wa lona.
但你们不可这样;你们里头为大的,倒要像年幼的,为首领的,倒要像服事人的。
27 Mo lefatsheng Morena o nna fa lomating lwa bojelo mme a direlwe ke batlhanka ba gagwe. Mme e seng fano! Gonne ke motlhanka wa lona.
是谁为大?是坐席的呢?是服事人的呢?不是坐席的大吗?然而,我在你们中间如同服事人的。
28 Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya gore lo ntse lo le boammaaruri mo go nna mo malatsing a a matshwenyego,
我在磨炼之中,常和我同在的就是你们。
29 le ka ntlha ya gore Rre a nneetse Bogosi, le Nna gompieno ke lo naya tshwanelo,
我将国赐给你们,正如我父赐给我一样,
30 ya go ja le go nwa fa lomating lwa bojelo mo Bogosing joo; mme lo tlaa nna mo ditilong tsa segosi lo atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele.
叫你们在我国里,坐在我的席上吃喝,并且坐在宝座上,审判以色列十二个支派。”
31 “Simone, Simone, Satane o lopile gore lo mo neelwe, gore a lo fefere jaaka mabele,
主又说:“西门!西门!撒但想要得着你们,好筛你们像筛麦子一样;
32 mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e seka ya fenngwa gotlhelele. Mme e re fa o sena go sokologa o bo o boela mo go nna gape, o nonotshe tumelo ya bakaulengwe ba gago o bo o e age.”
但我已经为你祈求,叫你不至于失了信心。你回头以后,要坚固你的弟兄。”
33 Simone a re, “Morena ke ipaakanyeditse go ya kgolegelong le wena, le go swa le wena.”
彼得说:“主啊,我就是同你下监,同你受死,也是甘心!”
34 Mme Jesu a mo raya a re, “Petere, mma ke go bolelele sengwe. Go simolola ka nako eno go ya go tsena ka moso mo mosong fa mokoko o lela, o tlaa bo o intatotse gararo, o bolela gore ga o nkitse.”
耶稣说:“彼得,我告诉你,今日鸡还没有叫,你要三次说不认得我。”
35 Mme Jesu a ba botsa a re, “E rile fa ke lo phatlalatsa go ya go rera Mafoko a a Molemo lo sena madi, sekgwama kgotsa diaparo tse dingwe, lo ne lwa tsamaya jang?” Mme ba fetola ba re, “Re tsamaile sentle.”
耶稣又对他们说:“我差你们出去的时候,没有钱囊,没有口袋,没有鞋,你们缺少什么没有?”他们说:“没有。”
36 A re, “Jaanong a yo o nang le sekgwama a se tseye le madi. Mme le yo o senang chaka, go botoka gore a rekise diaparo tsa gagwe a ye go e reka!
耶稣说:“但如今有钱囊的可以带着,有口袋的也可以带着,没有刀的要卖衣服买刀。
37 Gonne lobaka lo fitlhile lwa gore polelelo pele ka ga me e e reng: ‘O tlaa bonwa molato jaaka dinokwane,’ e diragale! Ee, sengwe le sengwe se se kwadilweng ka ga me ke baporofiti se tlaa diragala.”
我告诉你们,经上写着说:‘他被列在罪犯之中。’这话必应验在我身上,因为那关系我的事必然成就。”
38 Mme ba fetola ba re, “Morena, re na le dichaka tse pedi,” mme a ba fetola a re, “Di lekane!”
他们说:“主啊,请看!这里有两把刀。”耶稣说:“够了。”
39 Mme a tswa mo tlung e e kwa godimo a ya kwa Thoteng ya Lotlhware jaaka gale.
耶稣出来,照常往橄榄山去,门徒也跟随他。
40 Mme ya re teng koo a ba raya a re, “Rapelang Modimo gore lo se ka lwa fenngwa ke thaelo.”
到了那地方,就对他们说:“你们要祷告,免得入了迷惑。”
41 Mme a tsamaya gongwe e ka ne e le sebaka sa konopelo ya lentswe, a khubama a rapela thapelo e: “Rara, fa o rata tsweetswee, tlosa senwelo se sa tlhokofatso mo go nna mme ke batla go rata ga gago, e seng ga me.”
于是离开他们约有扔一块石头那么远,跪下祷告,
说:“父啊!你若愿意,就把这杯撤去;然而,不要成就我的意思,只要成就你的意思。”
43 Mme moengele yo o tswang legodimong a iponatsa a mo nonotsha,
有一位天使从天上显现,加添他的力量。
44 gonne o ne a le mo tlhokofatsong ya mowa mo o neng a rotha mofufutso wa madi; ka marothodi a magolo a wela fa fatshe fa a ntse a rapela thata ka tlhoafalo.
耶稣极其伤痛,祷告更加恳切,汗珠如大血点滴在地上。
45 Mme ya re lwa bofelo a boela gape kwa barutweng ba gagwe, a ba fitlhela ba robetse, ba lapisitswe ke bohutsana.
祷告完了,就起来,到门徒那里,见他们因为忧愁都睡着了,
46 A ba raya a re, “A lo robetse! Tsogang! Rapelang gore lo se ka lwa fenngwa fa lo raelwa.”
就对他们说:“你们为什么睡觉呢?起来祷告,免得入了迷惑!”
47 Mme ya re fa a sa ntse a bua jaana lesomo la batho la tla le eteletswe pele ke Judase, mongwe wa barutwa ba gagwe ba ba neng ba le lesome le bobedi. Judase a tsamaela kwa go Jesu a mo atla mo lerameng ka tumediso ya botsalano.
说话之间,来了许多人。那十二个门徒里名叫犹大的,走在前头,就近耶稣,要与他亲嘴。
48 Mme Jesu a mo raya a re, “Judase ke eng fa o dira jaana, o oka Morwa Motho ka katlo?”
耶稣对他说:“犹大!你用亲嘴的暗号卖人子吗?”
49 Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se se tlaa tlogang se direga ba goa ba re, “Morena a re ka lwa? Re tsile le dichaka!”
左右的人见光景不好,就说:“主啊!我们拿刀砍可以不可以?”
50 Mme mongwe wa bone a rema tsebe e e kafa letsogong le legolo la motlhanka wa Moperesiti yo Mogolo a e kgaola.
内中有一个人把大祭司的仆人砍了一刀,削掉了他的右耳。
51 Mme Jesu a re, “Lo seka lwa busolosa ka gope”. Mme a ama fa tsebe e neng e le teng a e busetsa.
耶稣说:“到了这个地步,由他们吧!”就摸那人的耳朵,把他治好了。
52 Mme Jesu a bua le baperesiti ba bagolo le balaodi ba batlhokomedi ba Tempele le baeteledipele ba tumelo ba ba neng ba eteletse lesomo la batho pele. A botsa a re, “A ke serukutlhi, fa lo tsile ka dichaka le melamu go ntshwara jaana?”
耶稣对那些来拿他的祭司长和守殿官并长老说:“你们带着刀棒出来拿我,如同拿强盗吗?
53 Ke eng fa lo ne lo sa ntshware mo Tempeleng. Ke ne ke le koo malatsi otlhe. Mme lo ke lobaka lwa lona, lobaka lo nonofo ya ga Satane e busang thata ka lone.
我天天同你们在殿里,你们不下手拿我。现在却是你们的时候,黑暗掌权了。”
54 Jalo ba mo tshwara ba mo isa kwa bonnong jwa Moperesiti yo Mogolo, mme Petere a ba latela a katogetse kgakajana.
他们拿住耶稣,把他带到大祭司的宅里。彼得远远地跟着。
55 Mme masole a gotsa molelo mo lwapeng ba nna fa fatshe ba ora, mme Petere a ora nabo.
他们在院子里生了火,一同坐着;彼得也坐在他们中间。
56 Mme motlhanka wa morweetsana a mo lemoga mo leseding la molelo hong a simolola go mo tlhoma matlho. Mme ya re lwa bofelo a re, “Monna yo o ne a na le Jesu!”
有一个使女看见彼得坐在火光里,就定睛看他,说:“这个人素来也是同那人一伙的。”
57 Petere a itatola a re, “Mosadi, ga ke itse monna yoo gotlhelele!”
彼得却不承认,说:“女子,我不认得他。”
58 Morago ga lobakanyana mongwe a mo leba a re, “O tshwanetse wa bo o le mongwe wa bone!” Petere a fetola a re, “Nnyaa rra, ga ke ene!”
过了不多的时候,又有一个人看见他,说:“你也是他们一党的。”彼得说:“你这个人!我不是。”
59 E rile kwa moragonyana e ka nna lobaka lwa oura mongwe a tlhomamisa a re, “Ke itse motho yo, ke mongwe wa barutwa ba ga Jesu, gonne ba tswa Galalea mmogo.”
约过了一小时,又有一个人极力地说:“他实在是同那人一伙的,因为他也是加利利人。”
60 Mme Petere a re, “Monna ke wena, ga ke itse gore o bua kaga eng.” Mme ya re a bua mafoko a, mokoko wa lela.
彼得说:“你这个人!我不晓得你说的是什么!”正说话之间,鸡就叫了。
61 Mme ya re ka lobaka loo Jesu a retologa a leba Petere mme Petere a gakologelwa gore o ne a mo reile a re, “Pele ga mokoko o lela ka moso mo mosong o tlaa bo o intatotse gararo.”
主转过身来看彼得,彼得便想起主对他所说的话:“今日鸡叫以先,你要三次不认我。”
62 Hong Petere a tswa mo lwapeng, a lela mo go botlhoko.
他就出去痛哭。
63 Mme badisa ba ba neng ba disitse Jesu ba simolola go mo sotla. Ba mo fapa matlho ba mo itaya ka mabole ba mmotsa ba re, “E mang yo o neng a go itaya ka nako eo, moporofiti?”
看守耶稣的人戏弄他,打他,
又蒙着他的眼,问他说:“你是先知,告诉我们打你的是谁?”
65 Ba mo tlhaeletsa ka matlhapa a mefuta yotlhe.
他们还用许多别的话辱骂他。
66 E rile letsatsi le tlhaba mo mosong o o latelang Kgotla e Tona ya Sejuta ya phuthega, go na le baperesiti ba bagolo le baruti ba molao ba bagolo ba Sechaba, Jesu a tlisiwa fa pele ga Lekgotla leo,
天一亮,民间的众长老连祭司长带文士都聚会,把耶稣带到他们的公会里,
67 mme a tewa gatwe a tlhomamise gore a o ipitsa Mesia kgotsa nnyaa. Mme a fetola a re, “Le fa nka lo bolelela ga lo kitla lo ntumela kgotsa lo ntetla go ntsha ngongorego ya me.
说:“你若是基督,就告诉我们。”耶稣说:“我若告诉你们,你们也不信;
我若问你们,你们也不回答。
69 “Mme nako e e tla ka bofefo fa Nna, Morwa Motho, ke tlaa nnang fa seatleng se segolo sa nonofo ya Modimo.”
从今以后,人子要坐在 神权能的右边。”
70 Hong ba goa botlhe ba re, “A jaanong o ipitsa gore o Morwa Modimo?” Mme a fetola a re, “Ee ke ene.”
他们都说:“这样,你是 神的儿子吗?”耶稣说:“你们所说的是。”
71 Mme ba goa ba re, “Re santse re tlhoka eng? Gonne rona ka bo rona re mo ikutlwetse a bua jalo.”
他们说:“何必再用见证呢?他亲口所说的,我们都亲自听见了。”

< Luke 22 >