< Luke 22 >

1 Mme jaanong moletlo wa Tlolaganyo wa bo o le gaufi, moletlo wa Sejuta o go neng go dirisiwa senkgwe se se sa bedisiwang. 2 Baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba tumelo ba ne ba tlhoafaletse polao ya ga Jesu ba leka go senka tsela e ba ka mmolayang ka yone kwa ntle ga go tsosa mokubukubu, selo se ba neng ba se tshaba segolo. 3 Mme Satane a tsena mo go Judase Isekariota, yo e neng e le mongwe wa barutwa ba ba lesome le bobedi, 4 a ya kwa baperesiting ba bagolo le bagolwane ba batlhokomedi ba Tempele go ya go buisanya ka tsela e e siameng ya go ba okela Jesu. 5 Mme ba ne ba rata, ba itumelela go itse fa a ipaakanyeditse go ba thusa mme ba mo solofetsa tuelo. 6 Hong a simolola go ba senkela nako ya go tshwara Jesu ka tidimalo batho ba seyo. 7 Mme letsatsi la moletlo wa Tlolaganyo la fitlha, le ka lone kwana ya modiro e neng ya bolawa ya ba ya jewa le senkgwe se se sa bedisiwang. 8 Jesu a roma Petere le Johane go ya go batla felo fa go tlaa baakanyediwang Tlolaganyo ya bone gone. 9 Mme ba botsa ba re, “O batla re ya kae?” 10 Mme a fetola a re, “E tlaa re fela fa lo tsena mo Jerusalema, lo tlaa bona monna a tshotse nkgwana ya metsi. Mo lateleng go ya kwa lwapeng lo a tsenang mo go lone, 11 mme lo reye monna yo o nnang foo lo re, ‘Moruti wa rona a re o re kaele ntlo ya baeti fa a ka jelang Tlolaganyo gone le barutwa ba gagwe.’ 12 Mme o tlaa lo tseela kwa godimo kwa tlung e tona e re setseng re e baakanyeditswe. Ke lone lefelo leo. Tsamaelang pele lo ye go baakanya dijo gone.” 13 Mme ba tswa ba ya kwa motseng mme ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse fela jaaka Jesu a boletse, mme ba baakanya dijo tsa Tlolaganyo. 14 Mme Jesu le ba bangwe ba goroga, mme ka nako e e tshwanetseng ba nna fa fatshe botlhe fa lomating lwa bojelo; 15 mme a ba raya a re, “Ke lebeletse lobaka lo ka tlhoafalo e kgolo, ke batla go ja Tlolaganyo e le lona pele ga pogiso ya me e simologa. 16 Gonne ke a lo bolelela gompieno gore ga nkitla ke tlhola ke e ja gape; go fitlhela se e se emetseng se diragala mo Bogosing jwa Modimo.” 17 Mme a tsaya senwelo sa mofine, ya re a sena go se lebogela a re, “Tsaya se lo se kgaogane. 18 Gonne ga nkitla ke e nwa mofine gape go fitlhelela Bogosi jwa Modimo bo tla.” 19 Mme a tsaya senkgwe; mme a se lebogela, a se ngathoganya a se ba naya a re, “Se ke mmele wa me, o lo o neetsweng. O jeng e le segopotso sa me.” 20 Morago ga dijo a ba naya senwelo se sengwe sa mofine a re, “Mofine o, ke sesupo sa kgolagano e ncha ya Modimo go lo boloka, kgolagano e e kanetsweng ka madi a ke tlaa a tshololang go reka mewa ya lona. 21 Mme fano fa lomating lwa bojelo go ntse mongwe jaaka tsala mo gare ga rona, ke ene monna yo o tlaa nkokang. 22 Ke tshwanetse go swa. Ke ntlha nngwe ya leano la Modimo. Mme bomadimabe bo letile monna yo, yo o nkokang,” 23 Mme barutwa ba ikgakgamalela gore ke ofe wa bone yo o ka dirang selo se se ntseng jalo. 24 Ba simolola go ganetsanya gore ke ofe yo o tlaa nnang mo maemong a a kwa godimo [mo Bogosing jo bo tlang]. 25 Mme Jesu a ba raya a re, “Mo lefatsheng leno dikgosi le banna ba batona ba laola batlhanka ba bone, mme batlhanka ga ba ke ba itlhophela fa e se go ineela fela! 26 Mme mo gare ga lona, ene yo o lo direlang ke ene o tlaa nnang moeteledipele wa lona. 27 Mo lefatsheng Morena o nna fa lomating lwa bojelo mme a direlwe ke batlhanka ba gagwe. Mme e seng fano! Gonne ke motlhanka wa lona. 28 Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya gore lo ntse lo le boammaaruri mo go nna mo malatsing a a matshwenyego, 29 le ka ntlha ya gore Rre a nneetse Bogosi, le Nna gompieno ke lo naya tshwanelo, 30 ya go ja le go nwa fa lomating lwa bojelo mo Bogosing joo; mme lo tlaa nna mo ditilong tsa segosi lo atlhola ditso tse di lesome le bobedi tsa Iseraele. 31 “Simone, Simone, Satane o lopile gore lo mo neelwe, gore a lo fefere jaaka mabele, 32 mme ke go rapeletse gore tumelo ya gago e seka ya fenngwa gotlhelele. Mme e re fa o sena go sokologa o bo o boela mo go nna gape, o nonotshe tumelo ya bakaulengwe ba gago o bo o e age.” 33 Simone a re, “Morena ke ipaakanyeditse go ya kgolegelong le wena, le go swa le wena.” 34 Mme Jesu a mo raya a re, “Petere, mma ke go bolelele sengwe. Go simolola ka nako eno go ya go tsena ka moso mo mosong fa mokoko o lela, o tlaa bo o intatotse gararo, o bolela gore ga o nkitse.” 35 Mme Jesu a ba botsa a re, “E rile fa ke lo phatlalatsa go ya go rera Mafoko a a Molemo lo sena madi, sekgwama kgotsa diaparo tse dingwe, lo ne lwa tsamaya jang?” Mme ba fetola ba re, “Re tsamaile sentle.” 36 A re, “Jaanong a yo o nang le sekgwama a se tseye le madi. Mme le yo o senang chaka, go botoka gore a rekise diaparo tsa gagwe a ye go e reka! 37 Gonne lobaka lo fitlhile lwa gore polelelo pele ka ga me e e reng: ‘O tlaa bonwa molato jaaka dinokwane,’ e diragale! Ee, sengwe le sengwe se se kwadilweng ka ga me ke baporofiti se tlaa diragala.” 38 Mme ba fetola ba re, “Morena, re na le dichaka tse pedi,” mme a ba fetola a re, “Di lekane!” 39 Mme a tswa mo tlung e e kwa godimo a ya kwa Thoteng ya Lotlhware jaaka gale. 40 Mme ya re teng koo a ba raya a re, “Rapelang Modimo gore lo se ka lwa fenngwa ke thaelo.” 41 Mme a tsamaya gongwe e ka ne e le sebaka sa konopelo ya lentswe, a khubama a rapela thapelo e: “Rara, fa o rata tsweetswee, tlosa senwelo se sa tlhokofatso mo go nna mme ke batla go rata ga gago, e seng ga me.” 42 43 Mme moengele yo o tswang legodimong a iponatsa a mo nonotsha, 44 gonne o ne a le mo tlhokofatsong ya mowa mo o neng a rotha mofufutso wa madi; ka marothodi a magolo a wela fa fatshe fa a ntse a rapela thata ka tlhoafalo. 45 Mme ya re lwa bofelo a boela gape kwa barutweng ba gagwe, a ba fitlhela ba robetse, ba lapisitswe ke bohutsana. 46 A ba raya a re, “A lo robetse! Tsogang! Rapelang gore lo se ka lwa fenngwa fa lo raelwa.” 47 Mme ya re fa a sa ntse a bua jaana lesomo la batho la tla le eteletswe pele ke Judase, mongwe wa barutwa ba gagwe ba ba neng ba le lesome le bobedi. Judase a tsamaela kwa go Jesu a mo atla mo lerameng ka tumediso ya botsalano. 48 Mme Jesu a mo raya a re, “Judase ke eng fa o dira jaana, o oka Morwa Motho ka katlo?” 49 Mme ya re barutwa ba gagwe ba bona se se tlaa tlogang se direga ba goa ba re, “Morena a re ka lwa? Re tsile le dichaka!” 50 Mme mongwe wa bone a rema tsebe e e kafa letsogong le legolo la motlhanka wa Moperesiti yo Mogolo a e kgaola. 51 Mme Jesu a re, “Lo seka lwa busolosa ka gope”. Mme a ama fa tsebe e neng e le teng a e busetsa. 52 Mme Jesu a bua le baperesiti ba bagolo le balaodi ba batlhokomedi ba Tempele le baeteledipele ba tumelo ba ba neng ba eteletse lesomo la batho pele. A botsa a re, “A ke serukutlhi, fa lo tsile ka dichaka le melamu go ntshwara jaana?” 53 Ke eng fa lo ne lo sa ntshware mo Tempeleng. Ke ne ke le koo malatsi otlhe. Mme lo ke lobaka lwa lona, lobaka lo nonofo ya ga Satane e busang thata ka lone. 54 Jalo ba mo tshwara ba mo isa kwa bonnong jwa Moperesiti yo Mogolo, mme Petere a ba latela a katogetse kgakajana. 55 Mme masole a gotsa molelo mo lwapeng ba nna fa fatshe ba ora, mme Petere a ora nabo. 56 Mme motlhanka wa morweetsana a mo lemoga mo leseding la molelo hong a simolola go mo tlhoma matlho. Mme ya re lwa bofelo a re, “Monna yo o ne a na le Jesu!” 57 Petere a itatola a re, “Mosadi, ga ke itse monna yoo gotlhelele!” 58 Morago ga lobakanyana mongwe a mo leba a re, “O tshwanetse wa bo o le mongwe wa bone!” Petere a fetola a re, “Nnyaa rra, ga ke ene!” 59 E rile kwa moragonyana e ka nna lobaka lwa oura mongwe a tlhomamisa a re, “Ke itse motho yo, ke mongwe wa barutwa ba ga Jesu, gonne ba tswa Galalea mmogo.” 60 Mme Petere a re, “Monna ke wena, ga ke itse gore o bua kaga eng.” Mme ya re a bua mafoko a, mokoko wa lela. 61 Mme ya re ka lobaka loo Jesu a retologa a leba Petere mme Petere a gakologelwa gore o ne a mo reile a re, “Pele ga mokoko o lela ka moso mo mosong o tlaa bo o intatotse gararo.” 62 Hong Petere a tswa mo lwapeng, a lela mo go botlhoko. 63 Mme badisa ba ba neng ba disitse Jesu ba simolola go mo sotla. Ba mo fapa matlho ba mo itaya ka mabole ba mmotsa ba re, “E mang yo o neng a go itaya ka nako eo, moporofiti?” 64 65 Ba mo tlhaeletsa ka matlhapa a mefuta yotlhe. 66 E rile letsatsi le tlhaba mo mosong o o latelang Kgotla e Tona ya Sejuta ya phuthega, go na le baperesiti ba bagolo le baruti ba molao ba bagolo ba Sechaba, Jesu a tlisiwa fa pele ga Lekgotla leo, 67 mme a tewa gatwe a tlhomamise gore a o ipitsa Mesia kgotsa nnyaa. Mme a fetola a re, “Le fa nka lo bolelela ga lo kitla lo ntumela kgotsa lo ntetla go ntsha ngongorego ya me. 68 69 “Mme nako e e tla ka bofefo fa Nna, Morwa Motho, ke tlaa nnang fa seatleng se segolo sa nonofo ya Modimo.” 70 Hong ba goa botlhe ba re, “A jaanong o ipitsa gore o Morwa Modimo?” Mme a fetola a re, “Ee ke ene.” 71 Mme ba goa ba re, “Re santse re tlhoka eng? Gonne rona ka bo rona re mo ikutlwetse a bua jalo.”

< Luke 22 >