< ローマ人への手紙 3 >

1 然らばユデア人に何の長ぜる所かある、又割禮に何の益かある、
Mme go thusang go nna Mojuta? A go na le botlhokwa bongwe mo thupisong ya Sejuta?
2 其は各方面に多し、即ち先神の曰し御言は彼等に托せられたるなり。
Ee, go nna Mojuta go na le dithuso di le dintsi. Santlha Modimo o ne wa ba neela melao ya one ka go ba ikanya [gore ba tle ba itse mme ba dire go rata ga one].
3 假令彼等の中に信ぜざる者ありしも、是何かあらん、彼等の不信仰は神の眞實を空しからしむべきか、決して然らず。
Boammaaruri ke gore, bangwe ba bone ba ne ba sa ikanyege, mme fela ka ntlha ya gore ba ne ba senya ditsholofetso tsa bone mo Modimong, a seo se raya gore Modimo o tlaa senya ditsholofetso tsa one?
4 神は眞實にて在し、人は総て僞る者なり。録して「(主よ)是汝が其言に於て義とせられ、審判せられ給ふも勝を得給はん為なり」、とあるが如し。
Ga go a nna jalo! Le fa batho mo lefatsheng e le baaki, Modimo one ga o a nna jalo. A o gakologelwa se se buiwang ke lokwalo lwa Dipesalema kaga selo se? Gore mafoko a Modimo a tlaa aga a supega a le boammaaruri a bile a siame, ga gore sepe gore mongwe o a ganetsa.
5 若我等の不義が神の義を顕すとせば、我等何をか云はん、怒を加へ給ふ神は不義なるか、――
Mme bangwe ba re, “Mme go senya tumelo ya rona mo Modimong go siame, tsa rona dibe di bontsha tshiamo, gonne batho ba tlaa lemoga gore Modimo o siame thata jang fa ba bona ka fa re leng maswe ka teng. A go siame jaanong, gore o re otlhae fa dibe tsa rona di o thusa?” (Ke ka fa batho bangwe ba buang ka teng.)
6 是は人の云ふ如くに云へり――決して然らず、若然りとせば、神は如何にしてか此世を審判し給ふべき。
Modimo o a gana wa re a go se tualo! Gonne e ne e tlaa bo e le Modimo o o ntseng jang, fa o tlodisa sebe matlho? O ne o ka atlhola le fa e le mang jang?
7 若我等の僞によりて神の眞實顕れ、其光榮の増したらんには、争でか我も罪人と定めらるる事あらんや。
Gonne o ne o ka seka wa ntshekisa wa bo wa nkatlhola ke le moleofi fa go tlhoka go ikanyega ga me go ne go o leretse kgalalelo ka go supa go ikanyega ga one fa go tshwantshanngwa le maaka a me.
8 また――我等の罵られて然稱ふと或人々に云はるる如く――善を來さん為に惡を為すべけんや、斯る人々の罪せらるるは宜なり。
Fa o tsweletse ka mogopolo o o reng: Modimo o itumela fa re le baleofi! Katlholo e go emetse wena yo o buang dilo tse di ntsengjaana. Legale bangwe ba re ke sone se ke se rutang se!
9 然らば何ぞや、我等は異邦人に先つ者なるか、決して然らず、其は既にユデア人もギリシア人も皆罪の下に在りと證したればなり。
Jalo he, a rona Bajuta re botoka go na le ba bangwe? Nnyaa, le goka, gonne re setse re supile gore batho botlhe ke baleofi ka go tshwana, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba.
10 録して、「誰も義しき者なく、
Jaaka dikwalo di bua, “Ga go na ope yo o siameng, ga go na ope mo lefatsheng lotlhe yo o senang molato.”
11 覚る者なく、神を求むる者なし、
Ga go na le fa e le ope yo o kileng a tsamaya sentle mo ditseleng tsa Modimo, kgotsa le fa e le go batla go tsamaya mo go tsone ka boammaaruri.
12 皆迷ひて相共に空しき者となれり、善を為す者なし、一人だもある事なし。
Botlhe ba leofile ba fapogile. Ga go na ope le fa e le kae yo o tsweletseng pele a dira se se siameng; le fa e le a le mongwe.
13 彼等の喉は開きたる墓なり、其舌を以て欺き、其唇の下に蝮の毒あり、
Dipuo tsa bone di leswe ebile di bosula jaaka monkgo wa sebodu o o tswang mo phupung e e atlhameng. Diteme tsa bone di tletse maaka. Sengwe le sengwe se ba se buang se na le lobolela le botlhole jwa dinoga tse di bolayang.
14 其口は詛と苦とに充ち、
Melomo ya bone e tletse thogakano le bogalaka.
15 其足は血を流す為に疾く、
Ba bofefo go bolaya, ba ila le fa e le mang yo o sa dumalaneng le bone.
16 破と禍とは、其道途に在り、
Gongwe le gongwe kwa ba yang teng ba tlogela tshotlego le matshwenyego kwa morago,
17 彼等は平和の道を知らず、
le gone ga ba ise ba ke ba itse tsela ya kagiso le fa e le go akola masego a Modimo.
18 其目前に神に對する畏れなし」とあるが如し。
Ga ba boife sepe kaga Modimo le fa e le se Modimo o se gopolang kaga bone.
19 但総て律法の言ふ所は律法の下に在る人々に向ひて言ふこと、我等之を知れり、是凡ての口塞りて、全世界が神に屈服するに至らん為なり。
Jalo tshegetsa melao ya Modimo mo boemong jwa go dira dilo tse tsotlhe tse di bosula; ga go na le fa e le ope wa bone yo o nang le seipato; ka boammaaruri lefatshe lotlhe le didimetse ebile le molato fa pele ga Modimo Mothatayotlhe.
20 蓋神の御前には、如何なる人も律法の業に由りて義とせらるる事あらじ、律法に由りて得るは罪の意識なればなり。
Jaanong a lo lemoga sentle? Ga go na le fa e le ope yo o ka siamisiwang mo ponong ya Modimo ka go dira se molao o se laolang. Gonne fa re ntse re tswelela ka go itse melao ya Modimo, re simolola go lemoga sentle gore ga re e obamele; melao ya one e dira gore re bone gore re baleofi.
21 然るに律法と預言者とに證せられて、神の[賜ふ]義は今や律法の外に顕れたり。
Mme jaanong Modimo o re supegeditse tsela e sele ya go ya kwa legodimong, e seng “ka go siama ga rona” le go leka go tshegetsa melao ya one, mme e leng ka tsela e ncha (lefa go ntse jalo tota ga e ncha, gonne dikwalo ga di bolo go bolela ka ga yone bogologolo).
22 即ちイエズス、キリストに於る信仰に由て神の「賜ふ」義は信仰する者の凡に及び、凡ての上に在り、蓋し差別ある事なし、
Jaanong Modimo wa re o tlaa re amogela o bo o re golola, o re supa “re se molato” fa re ikanya Jesu go tlosa dibe tsa rona. Mme le rona rotlhe re ka bolokwa mo go yone tsela e, ka go tla kwa go Keresete, ga gore sepe gore re bomang kgotsa gore ra re re ntse jang.
23 其は皆罪を犯したる者にして、神の光榮を要すればなり。
Ee, botlhe ba leofile; botlhe ba tlhaela kgalaletso ya Modimo;
24 人々の義とせらるるは、功なくして唯神の恩寵に由り、キリスト、イエズスに於る贖に由りてなり。
mme le fa go ntse jalo Modimo o re supa “re se molato” wa go o leofela fa re ikanya mo go Jesu Keresete, yo mo bopelonoming jwa gagwe o tlosang dibe tsa rona kwa ntle ga tuelo epe.
25 即ち神は從前の罪を忍び給ひしに、其赦を以て己が正義を顕さん為に、イエズス、キリストを宥の犠牲に供へ、其御血に於る信仰を有たしめ、
Gonne Modimo o rometse Jesu Keresete go tlosa kwatlhao ya rona ka ntlha ya dibe tsa rona, le go fedisa bogale jotlhe jwa Modimo jo bo re okameng. Modimo o dirisitse madi a ga Keresete le tumelo ya rona e le tsela ya go re boloka mo bogaleng jwa one. Ka yone tsela e, o ne wa supa tshiamo ya one o sa patike ope, le fa o ise o ke o otlhae ba ba neng ba leofa mo metlheng ya pele. Gonne o ne o lebetse kwa pele nako e Keresete o neng a tlaa tla ka yone go tlosa dibe tseo tsotlhe.
26 今は己が正義を證せんとて、自ら其正義を顕し給ひ、イエズス、キリストに於る信仰の人をも義と為し給ひしなり。
Mme jaanong le mo malatsing ano, o ka amogela baleofi ka yone tsela e, gonne Jesu o tlositse dibe tsa bone. A mme tota golo mo go siame gore Modimo o golole badira bosula, mme o bo o re ga ba na le fa e le molato ope? Nnyaa, gonne o go dira ka go ikanya ga bone mo go Jesu yo o tlositseng dibe tsa bone.
27 然らば誇る所何處にか在る、其は除かれたり。如何なる法を以て除かれたるか、業を以てなるか、然らず、信仰の法を以てなり。
Mme re ka ipelafatsa ka go dira eng gore re bone poloko? Ga go sepe gotlhelele. Ka go reng? Gonne kgololo ya rona ga e a ikaega mo ditirong tsa rona tse di molemo; e ikaegile mo go se Keresete o se dirileng, le tumelo ya rona mo go ene.
28 蓋我等謂ふに、人の義とせらるるは律法の業に由らずして信仰に由る。
Jalo go raya gore re bolokwa ka tumelo ya rona mo go Keresete e seng ka ditiro tse di molemo tse re di dirang.
29 神豈ユデア人のみの神ならんや、異邦人にも亦然るに非ずや、然り異邦人にも神たるなり。
A mme Modimo o boloka Bajuta fela ka yone tsela e? Nnyaa, le Badichaba ba ka tla kwa go ene ka yone tsela e.
30 其は神は唯一に在して、割禮の人を信仰に由りて義とし、無割禮の人をも信仰に由りて義とし給へばなり。
Modimo o re tsaya fela ka go tshwana; botlhe fela, a e ka ne e le Bajuta kgotsa Badichaba, ba a gololwa fa ba na le tumelo.
31 然らば我等は信仰を以て律法を亡ぼすか、然らず、却て律法を固うするなり。
Mme jalo he, fa re bolokwa ka tumelo, a mo go raya gore ga re sa tlhole re tlhokana le go obamela melao ya Modimo? Nnyaa ga go a nna jalo! Tota fela fa re ikanya Jesu ke gone re ka o obamelang ka boammaaruri.

< ローマ人への手紙 3 >