< コリント人への手紙第一 1 >

1 神の思召に由りてイエズス、キリストの使徒と召されたるパウロ、並に兄弟ソステネス、
Lokwalo lo lo tswang kwa go Paulo, yo o tlhophilweng ke Modimo go nna morongwa wa ga Jesu Keresete, le mokaulengwe Sosethenese.
2 コリントに在る神の教會、即ちキリスト、イエズスに於て聖とせられ聖徒と召されたる人々、及び彼等の處我等の處何れの處にも在りて、我主イエズス、キリストの御名を呼べる人々一同に[書簡を贈る]。
A kwalela: Bakeresete ba ba kwa Korinta, ba ba biditsweng ke Modimo go nna batho ba one ba ba itshepisitsweng ke Keresete Jesu. Le go: botlhe Bakeresete gongwe le gongwe, ba ba bitsang leina la ga Jesu Keresete, Morena wa rona le wa bone.
3 願はくは我父にて在す神及び主イエズス、キリストより恩寵と平安とを汝等に賜はらんことを。
A Modimo Rraetsho le Morena Jesu Keresete a lo segofatse, a lo neye kagiso e kgolo ya pelo le mowa.
4 キリスト、イエズスに於て汝等に賜はりたる神の恩寵に就きて、我絶えず汝等の為に我神に感謝し奉る。
Ga ke ka ke ka khutlisa go leboga Modimo kaga dineo tse dintle tse o di lo neileng, gore jaanong lo bo lo le ba ga Keresete.
5 其は汝等彼に於て、凡ての教、凡ての智識、何物にも富める者となりたればなり。
O humisitse botshelo jwa lona jotlhe. O lo neile nonofo ya go bua kaga gagwe le go lo naya go tlhaloganya boammaaruri.
6 蓋キリストの證明汝等の中に堅くせられたれば、
Se ke se lo boleletseng gore Keresete o ka se lo direla se diragetse!
7 汝等如何なる恩寵にも缼くる所なくして、我主イエズス、キリストの顕れ給ふを待てるなり。
Jaanong lo na le letlhogonolo le tshegofatso; mpho nngwe le nngwe ya semowa le nonofo go dira go rata ga one, dilo tse ke tsa lona mo lobakeng lono lwa go letela go bowa ga Morena wa rona Jesu.
8 神は汝等を終まで堅固ならしめ、無罪にして我主イエズス、キリストの降臨の日に至らしめ給ふべし。
O tlaa lo tlhomamisa go ya bokhutlong gore lo tlhokisiwe boleo le molato ka letsatsi le o tlaa bowang ka lone.
9 其は其御子にて在す我主イエズス、キリストに與すべく、汝等を召し給へる神は、眞實にて在せばなり。
Modimo ruri o tlaa lo direla se, gonne o dira ka metlha yotlhe se o se buang, ebile ke one o o lo bileditseng mo botsalanong jo bontle jo le Morwa one, e leng ene Keresete Morena wa rona.
10 第一項 分裂の第一原因即ち此世の智恵 第一編 コリント信者間の分裂を咎む 兄弟等よ、我主イエズス、キリストの御名によりて我汝等に勧告す、汝等皆言ふ所を同うして、其間に分裂ある事なく、同意同説に全く相一致せんことを。
Mme bakaulengwe ba ba tlotlegang, ke a lo kopa mo leineng la Morena wa rona Jesu Keresete go khutlisa dikganetsano mo gareng ga lona. A go nne le kutlwano e e siameng gore go se ka ga nna le dikgaogano mo phuthegong. Ke a lo kopa gore lo nne mogopolo mongwe fela, lo kopane mo kgopolong le mo boikaelelong.
11 蓋我兄弟等よ、クロエの家の人々より報じ來りし所に據れば、汝等の間に[種々の]争論ある由。
Gonne bangwe ba ba nnang kwa tlung ya ga Keloe ba mpoleletse ka dikgane-tsano le dikgogakgogano tsa lona, bakaulengwe ba ba rategang.
12 我之を云はんに、汝等各、我はパウロのもの、我はアポルロのもの我はケファのもの、我はキリストのものなりと云ふ。
Bangwe ba lona ba re, “Ke molatedi wa ga Paulo,” ba bangwe ba re ke balatedi ba ga, Apolose kgotsa Petere, ba bangwe mo bojosing jwa bone ba re ke balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete.
13 キリスト豈分割せられ給ひし者ならんや、パウロは汝等の為に十字架に釘けられしか、或は汝等はパウロの名に由りて洗せられしか。
Mme jalo, e tswa e le ruri lo kgaogantse Keresete. Mme a nna Paulo, ke swetse dibe tsa lona? A go na le mongwe wa lona yo o kolobeditsweng mo leineng la me?
14 我は汝等の中、クリスポとカヨとの外、誰をも洗せざりし事を神に感謝す、
Ke leboga thata ka nako e ka gore ga ke a kolobetsa ope wa lona fa e se Kerisepo le Gaio fela.
15 然れば一人も我名によりて洗せられたりと云ふ者はあらじ。
Gonne jaanong ga go na ope yo o ka akanyang gore ke ne ke batla go simolola sengwe se sesha; ke simolola “phuthego ya ga Paulo.”
16 尚ステファナの一家をも洗したれど、其外には我人を洗したるを知らざるなり。
Ee, ke kolobeditse ba ntlo ya ga Setefanase. Ga ke gakologelwe gore a ke kile ka kolobetsa mongwe o sele.
17 蓋我がキリストより遣はされしは、洗する為に非ずして福音を傳へん為なり。而も言の智恵を以てすべきに非ず、是キリストの十字架の空しくならざらん為なり。
Gonne Keresete ga a nthomela go tla go kolobetsa, fa e se go rera Mafoko a a Molemo; mme le thero ya me e utlwala e le bokoa, gonne ga ke tlatse thero ya me ka mafoko a a boteng le tumo ya megopolo e e kwa godimo, ke tshaba go tima nonofo e kgolo e e mo molaetseng o o motlhofo wa mokgoro wa ga Jesu Keresete.
18 蓋十字架の言は亡ぶる人には愚なる事なれども、救はるる者即ち我等には神の大能なり。
Ke itse sentle gore go utlwala go le boeleele thata mo go ba ba latlhegang, fa ba utlwa gore Jesu o swetse go ba boloka. Mme rona ba re bolokilweng re lemoga molaetsa o e le nonofo ya Modimo.
19 録して、「我は智者の智恵を亡ぼし、賢者の賢さを傷はん」、とあればなり。
Gonne Modimo wa re, “Ke tlaa senya maano otlhe a batho a poloko, ga go re sepe gore a a ka bo a lebega a le botlhale go le kae, le go tlhokomologa megopolo e e botoka ya batho, le e leng batlhalefi tota.”
20 此世の智者何處にか在る、律法學者何處にか在る、論者何處にか在る。神は此世の智を愚ならしめ給ひしに非ずや。 (aiōn g165)
Jaanong go ka tweng ka batho ba ba botlhale, barutegi ba, bakanoki ba ba botlhale ba dilo tse di kgolo tsa lefatshe le? Modimo o ba dirile gore botlhe ba lebege e le dieleele, wa ba wa supa botlhale jwa bone bo sena mosola. (aiōn g165)
21 蓋世[の人]は其智恵を以て、神の全智[の業]に於て神を認めざりしかば、神は宣教の愚を以て信者を救ふを善しとし給へり。
Gonne Modimo mo botlhaleng jwa one o bone gore lefatshe ga le kitla le bona Modimo ka botlhale jwa motho; mme wa tsena wa boloka botlhe ba ba dumetseng molaetsa wa one o lefatshe le o bitsang boeleele le bomatla.
22 即ちユデア人は徴を求め、ギリシア人は智恵を探ぬるに、
Go bonala go le boeleele mo Bajuteng ka gore ba batla sesupo se se tswang legodimong e le tshupo ya gore se se rerwang ke boammaaruri; mme ke boeleele mo go Badichaba ka gore ba dumela fela se se dumalanang le botlhale jwa bone le go re se lebega se le sentle mo go bone.
23 我等は十字架に釘けられ給へるキリストを宣傳ふるなり。是ユデア人に取りては躓くもの、ギリシア人に取りては愚なる事なれども、
Jalo fa re rera kaga Keresete jaaka a swetse go ba boloka, Bajuta ba a kgopisega mme Badichaba bone ba re ke diphirimisi fela.
24 召されしユデア人及びギリシア人に取りては神の大能、神の智恵たるキリストなり。
Mme Modimo o butse matlho a ba ba batlang poloko, Bajuta mmogo le Badichaba go bona gore Keresete ke nonofo e kgolo ya Modimo go ba boloka; Keresete ka bo ene ke pinagare ya leano la Modimo mo polokong ya bone.
25 其は神の愚なる所は人よりも敏く、神の弱き所は人よりも強ければなり。
Leano le la Modimo le go tweng ke “Boeleele” le botlhale thata go gaisa leano la batlhalefi, mme Modimo mo bokoeng jwa one, jwa gore Keresete a swe mo mokgorong o nonofile go gaisa batho botlhe.
26 兄弟等よ、汝等の召されし者を看よ、肉に由れる智者は多からず、有力者は多からず、尊き者は多からず、
Lemogang mo go lona, bakaulengwe ba ba tlotlegang, gore ba se kae fela ba lona ba ba latelang Keresete ba na le maina a magolo kgotsa nonofo kgotsa dikhumo.
27 却て智者を辱めんとて、神は世の愚なる所を召し給ひ、強き所を辱めんとて、神は世の弱き所を召し給ひ、
Mo boemong jwa moo, Modimo o tlhophile ka bomo fela go dirisa ditlhaloganyo tse batho ba lefatshe ba di bonang di le boeleele, ebile di sena mosola, e le go tlhabisa ditlhong batho ba lefatshe le ba ba bonwang ba tlhalefile thata, ebile ba le bagolo.
28 現に在る所を亡ぼさんとて、神は世の卑しき所、蔑にせらるる所、無き所をば召し給ひしなり。
O tlhophile leano le le nyaditsweng ke lefatshe, le le kailweng e se sepe, mme a le dirisa go latofatsa batho ba lefatshe le ba tlotlang,
29 是何人も御前に於て驕らざらん為なり。
gore gongwe le gongwe ope a se ka a ikgantsha fa pele ga Modimo.
30 汝等は神に由りてこそ、我等の智恵と義と成聖と贖とに成り給ひしキリスト、イエズスに在るなれ。
Gonne go tswa fela kwa Modimong gore lo nne le botshelo ka Jesu Keresete. O re bontshitse leano la Modimo la poloka; ke ene yo o dirileng gore re amogelesege mo Modimong; o re itshekisitse a bo a re itshepisa a bo a intsha thekololo ya poloko ya rona.
31 是録されたる如く、「誇る者は主に於て誇らん」為なり。
Jaaka mo dikwalong go twe, “Fa mongwe a ikgantsha a a ikgantshe fela kaga se Morena o se dirileng.”

< コリント人への手紙第一 1 >