< ヨハネの黙示録 6 >

1 第三款 六封印解かる 我又見たるに、羔七封印の一を解き給ひしかば、四の動物の一、雷の如き聲して、來りて見よと言へるを聞けり。
Erile fa ke leba, ka bona Kwana e kanolola sekano sa ntlha mme ya simolola go menolola lokwalo. Hong sengwe sa Ditshedi tse nne, sa goa ka lentswe le le dumang jaaka tumo ya maru, sa re “Tla!”
2 又見たるに、折しも一の白馬ありて、之に乗れる者は弓を持ち且冠を授けられ、勝ちて勝たんとて出でたり。
Ka leba, mme kwa pele ga me ga bo go le pitse e tshweu. Mopalami wa yone a tshotse bora, mme serwalo sa bo se beilwe mo godimo ga tlhogo ya gagwe; a bolola go ya go fenya mo ditlhabanong di le di ntsi le go fenya ntwa.
3 [羔]第二の封印を解き給ひしかば、我第二の動物の、來りて見よ、と言へるを聞けり。
Hong a menolola lokwalo go ya sekanong sa bobedi. Mme ka utlwa Setshedi sa bobedi se re, “Tla!”
4 而して又一の赤馬出來りて、之に乗れるものは、地上より平和を取去りて人々をして相殺さしむる事と、大いなる剣とを授けられたり。
Ka nako e, ga tswa pitse e khunou. Mopalami wa yone o ne a neetswe chaka e telele le taolo ya go tlosa kagiso le go tlisa pheretlhego mo lefatsheng; ntwa le polaano ya tswa gongwe le gongwe.
5 [羔]又第三の封印を解き給ひしかば、我第三の動物の、來りて見よと言へるを聞けり。然て一の黒馬ありて、之に乗れる者は手に量を持てり。
Ya re a sena go kanolola sekano sa boraro, ka utlwa Setshedi sa boraro se re “Tla!” Mme ka bona pitse e ntsho, le mopalami wa yone a tshotse dilekanyo tse pedi mo letsogong la gagwe.
6 斯て四の動物の間に聲の如きものありて、小麦一升、一デナリオ、大麦三升、一デナリオなり、葡萄酒と油とを害ふ勿れ、と言へるを聞けり。
Mme lentswe la tswa mo Ditsheding tse nne la re, “Senkgwe se ja ledi le le lengwe selekanyo sa bopi jwa korong, mme ga go na lookwane kgotsa mofine.”
7 [羔]又第四の封印を解き給ひしかば、我第四の動物の聲の、來りて見よと言へるを聞けり。
Mme e rile sekano sa bone se sena go kanololwa, ka utlwa setshedi sa bone se re “Tla!”
8 折しも死色の馬ありて、之に乗れるものは名を死と云ひ、冥府其後に從ひ、彼は剣と飢饉と死亡と地の猛獣とを以て地上の人の四分の一を殺す権力を授けられたり。 (Hadēs g86)
Mme jaanong ka bona pitse e tshetlha, mme leina la mopalami wa yone ene e le Loso. Mme ya salwa morago ke pitse e nngwe e leina la mopalami wa yone e neng e le Molete. Ba ne ba neelwa taolo mo karolong ya bone ya lefatshe, go bolaya lefatshe ka ntwa le ka leuba le ka bolwetse le ka dibatana tsa naga. (Hadēs g86)
9 [羔]又第五の封印を解き給ひしかば、我神の御言の為、及び其為しし證明の為に殺されたる人々の魂、祭壇の下に在るを見たり。
Mme ya re a kanolola sekano sa botlhano, ka bona aletara, mme ka fa tlase ga yone ga bo go le mewa yotlhe ya ba ba bolaetsweng go rera Lefoko la Modimo le go ikanyega mo bosuping jwa bone.
10 彼等聲高く呼はりて、聖にして眞實にて在せる主よ、何時までか審判し給はずして、地に住める人々に我等が血の復讐を為し給はざる、と言ひ居れり。
Ba goela kwa Moreneng ba re, “Morena yo mogolo, yo o boitshepo le boammaaruri, go tlaa nna goleele go le kae pele ga o atlhola batho ba lefatshe kaga se ba se re diretseng? O tlaa busolosetsa leng madi a rona mo go ba ba tshelang mo lefatsheng?”
11 斯て各白き衣を授けられ、暫く安んじて己等の如くに殺さるべき同じ僕と兄弟との數の満つるを待て、と謂はれたり。
Mme ba newa dikobo tse di tshweu tse di kgokgothang, mme ba laelwa gore ba name ba sa ntse ba itapolositse go fitlhelela bakaulengwe ba bangwe ba bone, batlhanka ka bone ba ga Jesu ba bolaelwa tumelo mo lefatsheng ba bo ba kopana nabo.
12 [羔]又第六の封印を解き給ひしかば、我見たるに、折しも大地震ありて、日は毛衣の如くに黒く成り、月は全面血の如くに成れり。
Ka lebelela fa a kanolola sekano sa borataro, mme ga bo go le thoromo e kgolo ya lefatshe; mme letsatsi la fifala jaaka letsela le le ntsho, le ngwedi a bo a le mohibidu jaaka madi.
13 而して天より星の地上に落つる事、恰も無花果の樹の大風に吹揺らるる時、晩生の果の落つるが如し。
Hong dinaledi tsa legodimo tsa bonala ekete di wela mo lefatsheng, jaaka loungo lo lo tala lo lo wang mo ditlhareng tsa mofeige lo tlhotlhorwa ke phefo e e bokete.
14 天は巻物を捲くが如くに去り、山と島とは悉く其處を移され、
Mme magodimo a a tsabakelang ka dinaledi a nyelela jaaka e ka re go phuthilwe momeno mme a tlosiwa; mme thaba nngwe le nngwe le setlhaketlhake tsa tshikinyega tsa bo tsa suta.
15 地上の帝王と大人と、千夫長と富豪と、権力者と、又奴隷も自由なる者も、皆身を洞穴、山の巌の内に匿し、
Dikgosi tsa lefatshe, le baeteledipele ba lefatshe le bahumi, le batho botlhe ba bagolo ba sesole, batho botlhe, bagolo le bannye, ditshwarwa, le ba ba golotsweng ba iphitlha mo dikgageng le mo mafikeng a dithaba,
16 山と巌とに對ひて言ひけるは、汝等我等が上に墜ちて、玉座の上に坐し給ふものの御顔と羔の御怒とを避けしめよ、
mme ba lelela mo dithabeng gore di ba wele. Ba kopa ba re, “Re weleng godimo! Lo re fitlhele sefatlhogo sa yo o ntseng mo setilong sa bogosi, le mo bogaleng jwa Kwana,
17 蓋彼等の御怒の大いなる日は來れり、誰か立つ事を得べき、と。
ka gore letsatsi le legolo la bogale jwa bone le tsile, mme e mang yo o ka bo falolang?”

< ヨハネの黙示録 6 >