< ヨハネの黙示録 5 >

1 第二款 羔及び七封印の巻物 我又玉座の上に坐し給ふものの右の御手の上に、内外に文字ありて七の印を以て封ぜられたる巻物を見、
Mme ka bona lokwalo lo lo mennweng mo let sogong je legolo la yo o neng a ntse mo setilong sa bogosi, lokwalo lo kwadilwe mo teng le ka fa morago, e bile lo kaneletswe ka dikano di supa.
2 又一の強き天使の聲高く、巻物を開きて其封印を解くに堪ふる者は誰ぞ、と布告するを見たり。
Moengele yo o nonofileng a goa ka lentswe le legolo a botsa potso e, a re, “Ke mang yo o nonofileng go ka kanolola dikano tse di mo lokwalong lo, le go lo menolola?”
3 而も天にも地上にも地下にも、巻物を開きて之を眺むる事だに能くする者なかりき。
Mme go ne go se ope mo legodimong lotlhe, kgotsa mo lefatsheng kgotsa mo baswing yo o neng a letleletswe go lo bula le go lo bala.
4 斯て誰も巻物を開きて見るにすら堪へたりと認めらるる者なきにより、我大いに泣き居たりしかば、
Hong ka lela ka maswabi a magolo gonne go ne go se ope gope yo o neng a na le tshwanelo; go ne go sena ope yo o ka re bolelelang se lo se buang.
5 翁の一人我に謂ひけるは、泣く勿れ、看よやユダ族の獅子ダヴィドの萌蘗、勝利を得て巻物を開き、其七封印を解くを得給ふと。
Mme mongwe wa bagolwane ba ba masome a mabedi le bone a nthaya a re, “Lesa go lela, gonne bona! Tau ya lotso lwa Juda, Modi wa ga Dafide, o fentse, ebile o itshupile a nonofile go bula lokwalo le go kanolola dikano tsa lone tse supa!”
6 我見たるに、折しも玉座と四の動物との中央、翁等の中央に屠られたるが如き羔立ちて、是に七の角あり、又全世界に遣られし神の七霊なる七の眼あり。
Ka leba mme ka bona Kwana e eme foo fa pele ga bagolwane ba ba masome a mabedi le bone, fa pele ga setilo sa bogosi le fa pele ga ditshedi, mo go Kwana go ne go na le dintho tse di kileng tsa dira loso lwa gagwe. O ne a na le dinaka di supa le matlho a supa, tse di emetseng Mewa e supa ya Modimo e e rometsweng mo ntlheng tsotlhe tsa lefatshe.
7 羔來りて玉座に坐し給ふものの右の御手より巻物を受けしが、
A sutelela kwa pele a tsaya lokwalo lo lo mennweng mo letsogong je legolo la yo o ntseng mo setilong sa bogosi.
8 其巻物を受くるや、四の動物と廿四人の翁とは羔の前に平伏し、各琴[の如きもの]又聖人等の祈なる香の充ちたる金の香炉を持ちて、
Mme ya re a tsaya lokwalo, bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba obama fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe ka harepa le ka mabotlolo a gauta a tletse maswalo, dithapelo tsa batho ba Modimo!
9 新しき賛美歌を謳ひ、主よ汝は巻物を受けて其封印を解くに堪へ給へり、其は屠られ給ひて、御血を以て、神の為に諸族、諸語、諸民、諸國の中より人々を贖ひ、
Ba ne ba mo opelela sefela se sesha ka mafoko a. “O nonofile go tsaya lokwalo o lo kanolola o bo o lo bula; gonne o ne wa tlhajwa, mme madi a gago a rekile batho mo morafeng mongwe le mongwe e le dimpho tsa Modimo.
10 之を我等の神の為に王たらしめ司祭たらしめ給ひたればなり、彼等は地上を統治すべし、と言ひ居れり。
Mme o ba phuthetse mo bogosing mme wa ba dira baperesiti ba Modimo wa rona; ba tlaa busa lefatshe.”
11 我尚見たるに、玉座と動物と翁等との周圍に在る、多くの天使の聲を聞けり、其數萬々億々にして、
Hong mo ponatshegelong ya me ka utlwa moopelo wa didikadike tsa baengele ba dikaganyeditse setilo sa bogosi le ditshedi le bagolwane:
12 聲高く言ひけるは、屠られ給ひし羔は、権威と富有と、叡智と能力と、尊貴と光榮と祝福とを受くるに堪へ給ふものなり、と。
Ba opelela kwa godimo ba re, “Kwana e nonofile, Kwana e e neng e tlhabilwe. E tshwanetswe ke go amogela nonofo, le mahumo le botlhale, le thata, le tlotlego, le kgalalelo, le tshegofatso.”
13 又天にも、地上にも地下にも、海上にも何處にも、被造物の悉く言へるを聞けり、玉座に坐し給ふものと羔とに、祝福と尊貴と、光榮と権能と、世々に限なし、と。 (aiōn g165)
Mme foo ka utlwa mongwe le mongwe mo legodimong le mo lefatshing, le mo baswing ka fa tlase ga lefatshe mo teng ga lewatle, ba goa ba re, “Tshegofatso le tlotlo le kgalalelo le nonofo ke tsa yo o ntseng mo setilong sa bogosi, le kwa go Kwana ka metlha le metlha.” (aiōn g165)
14 而して四の動物はアメンと言ひ、廿四人の翁は平伏して、世々に限なく活き給ふものを禮拝し奉れり。
Mme ditshedi tse nne tsa tswelela di ntse di re, “Amen!” Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba wela fa fatshe ba mo obamela.

< ヨハネの黙示録 5 >