< ヨハネの黙示録 3 >

1 又サルジス教會の天使に斯く書遣れ、神の七霊と七の星とを持ち給へるもの曰く、我は汝の業を知れり、即ち汝は活くるの名ありて而も死せるなり、
“Kwalela Moeteledipele wa Phuthego e e mo Sadisa lokwalo lo o re: molaetsa o, o romelwa ke yo o nang le mewa e supa ya Modimo le dinaledi di supa. Ke itse tumo ya gago jaaka phuthego e e tlhaga e e tshelang, mme o sule.
2 警戒して将に死せんとする殘を堅固ならしめよ、其は我汝の業が我神の御前に円満ならざるを認むればなり。
“Mme jaanong tsoga! Nonotsha bonnye jo bo setseng, gonne le jone bonnye jo bo setseng bo tlaa tloga bo o swa. Ditiro tsa gago di kgakala le tshiamo mo matlhong a Modimo.
3 然れば汝曾て受けし所聞きし所の如何なりしかを思起し、之を守りて改心せよ、汝警戒せずんば、我盗人の如く汝の許に至るべく、汝は其何れの時に至るかを知らじ。
“Boela kwa go se o se utlwileng wa bo wa se dumela lwa ntlha; se tshegetse thata mme o boele mo go nna gape. Fa o sa dire jalo, ke tlaa tla ka tshoganetso mo go wena, jaaka legodu, mme ke go otlhae.
4 然りながらサルジスに於て己が衣裳を汚さざりしもの、汝等の中に數人あり、彼等は白衣を着て我と共に歩まん、其は之に値する者なればなり。
“Le fa go ntse jalo mo Sadisa bangwe ga ba ise ba ke ba suputse diaparo tsa bone ka leswe la lefatshe; ba tlaa tsamaya le nna ba apere bosweu, gonne ba tshwanetse.
5 勝利を得たる人は斯の如く白衣を着せらるべく、我其名を生命の名簿より消さず、我父の御前にも其使等の前にも、彼の名を宣告すべし。
“Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa apara bosweu, mme ga nkitla ke phimola leina la gagwe mo lokwalong lwa botshelo, mme ke tlaa bolela fa pele ga ga Rre le baengele gore ke wa me.
6 耳ある者は[聖]霊の諸教會の曰ふ所を聞け。
“A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.”
7 又フィラデルフィア教會の天使に斯く書遣れ、聖にして信實にて在すもの、ダヴィドの鍵を有し給ひて、開き給へば誰も閉づる事なく、閉ぢ給へば誰も開く事なきもの曰く、
“Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e mo Filadelefia lokwalo lo o re: molaetsa o lo o romeletswe ke yo o boitshepo le boammaaruri, ebile a na le dilotlole tsa ga Dafide tsa go bula se ope a se ka keng a se tswala le go tswala se ope a se ka keng a se bula.
8 我は汝の業を知れり。看よ、誰も閉ぢ得ざる門を我汝の前に開き置けり、其は汝力乏しと雖も、我言を守りて我名を否まざりし故なり。
“Ke go itse sentle: ga o a nonofa, mme o lekile go nkutlwa e bile ga o a itatola leina la me. Jalo ke go buletse kgoro e ope a se ka keng a e tswala.
9 看よ我サタン教會の中より、自らユデア人と稱しつつ然らずして僞れる人々を與ふ、看よ、我彼等をして至りて汝の足下に拝伏せしむべく、斯て彼等は我が汝を愛したる事を知るべし。
Tlhokomela se: ke tlaa pateletsa ba ba emeng nokeng maikaelelo a ga Satane, ntswa ba ipitsa ba me (mme e se bone, ba aka) go wela fa dinaong tsa gago gore ba tle ba itse fa ke go ratile.
10 汝わが忍耐の言を守りし故に、我も亦汝を守りて、地上に住める人々を試みん為に全世界に來るべき試の時に之を免かれしめん。
“Ka ntlha ya gore o nkutlwile ka bopelotelele le fa go ne go na le dipogiso, jalo ke tlaa go sireletsa mo lobakeng lwa pitlagano e kgolo le thaelo, e e tlaa tlang mo lefatsheng go leka mongwe le mongwe yo o tshelang.
11 看よ我速に至る、汝が既に有てるものを保ちて、汝の冠を誰にも奪はるる事勿れ。
Bona, Ke e tla ka bonako! Tshegetsa thata nonofonyana e o nang nayo, gore ope a se go tseele serwalo.
12 我勝利を得たる人をして我神の聖殿に於る柱たらしめん、斯て彼は最早外に出づる事なかるべく、我彼の上に書記すに、我神の御名と我神の都、即ち天より降だれる新しきエルザレムの名と、我が新しき名とを以てすべし。
“Mme ene yo o fenyang, ke tlaa mo dira pinagare mo tempeleng ya Modimo wa me; o tlaa babalesega, mme ga a kitla a tlhola a tswela kwa ntle; mme ke tlaa kwala leina la Modimo wa me mo go ene, mme o tlaa nna monni wa motse wa Modimo wa me, Jerusalema yo mosha, yo o fologang kwa legodimong a tswa kwa Modimong wa me, le leina la me le lesha le tlaa kwalwa mo go ene.
13 耳ある者は[聖]霊の諸教會に曰ふ所を聞け。
“A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.”
14 又ラオディケア教會の天使に斯く書遣れ、アメンなるもの、神の造物の最初にして、忠信眞實にて在せる證者曰く、
“Kwalela moeteledipele wa phuthego e e mo Laodisia lokwalo lo o re: molaetsa o o tswa kwa go ene yo o emeng a nitame, Mosupi yo o ikanyegang wa boammaaruri. (Wa gone gotlhe mo go teng kgotsa mo go neng go le teng, kgotsa mo go tlaa nnang teng ka metlha).
15 我汝の業を知れり、即ち汝は冷かなるにも非ず熱きにも非ざるなり、寧冷かに或は熱くあらばや。
“Ke go itse sentle, ga o molelo e bile ga o tsididi; ke eletsa o ka bo o ne o le molelo kgotsa o le tsididi.
16 然れど汝は冷かにも熱くも非ずして温きが故に、我は汝を口より吐出さんとす。
Mme e re ka o le motlha fela, ke tlaa go tlhatsa mo molomong wa me!
17 蓋汝自ら、我は富めり、豊かにして乏しき所なし、と言ひつつ、其實は不幸にして憫むべく、且貧しく且瞽にして且赤裸なるを知らざるなり。
“O ithaya o re, ‘Ke humile, ka sengwe le sengwe se ke se batlang; ga ke tlhoke sepe!’ Mme ga o lemoge gore mo semoweng o latlhegile, o tlhomola pelo, o mohumanegi, o sefofu ebile ga o a ikatega.
18 我汝に勧む、火にて験されし金を、富まん為に我より買へ、又身に纏ひて汝が赤裸の恥を顕さざらん為に、白き衣裳を買へ、又見る事を得ん為に、汝の目に目薬を塗れ。
“Kgakololo ya me mo go wena ke gore o reke gauta e e itshekileng mo go nna, e e itshekisitsweng ka molelo, ke gone o tlaa bong o humile ka boammaaruri. Le gore o reke mo go nna diaparo tse di tshweu tse di phepa tse di itshekileng, gore o se ka wa bonala o sa ikatega le fa e le go tlhajwa ke ditlhong; le go tsaya molemo mo go nna go alafa matlho a gago gore o boelwe ke pono ya gago gape.
19 我は我が愛する人々を責め且懲らすなり、然れば奮發して改心せよ。
“Ke tsweletse ka go laya ke bo ke otlhaya mongwe le mongwe yo ke mo ratang; jalo ke tshwanetse go go otlhaya, fa o sa sokologe mo boitlhokomolosong jwa gago mme wa nna le ke-letso ya kgatlhego mo dilong tsa Modimo.
20 看よ、我門前に立ちて敲く、我聲を聞きて我に門を開く人あらば、我其内に入りて彼と晩餐を共にし、彼も亦我と共にすべし。
“Bona! Ke eme fa kgorong ga ke khutlise go kokota. Fa mongwe a nkutlwa ke mmitsa a bo a bula kgoro, ke tlaa tsena ke tsalana nae le ene a tsalana le nna.
21 勝利を得たる人をして、我玉座に我と共に坐するを得しめん事、猶我が勝利を得て我父と共に其玉座に坐せるが如くなるべし。
Ke tlaa letla mongwe le mongwe yo o fenyang gore a nne go bapa le nna mo setilong sa me sa Bogosi, fela jaaka le nna ke tshotse bonno go bapa le Rre mo setilong sa gagwe sa Bogosi, fa ke se na go fenya.
22 耳ある者は[聖]霊の諸教會に曰ふ所を聞け、と曰へり。
A ba ba nang le kutlo, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.”

< ヨハネの黙示録 3 >