< ヨハネの黙示録 2 >

1 エフェゾ教會の天使に斯く書遣れ、右の御手に七の星を持ち、七の金の燈台の中央に歩み給ふもの曰く、
“Kwalela moeteledipele wa phuthego e e kwa Efeso lokwalo o mmolelele se: ke kwala ke go itsise molaetsa o o tswang mo go yo o tsamayang mo gare ga diphuthego a tsholetsa baeteledipele ba tsone ka seatla sa gagwe se segolo. O go raya a re:
2 我は汝の業と働と忍耐とを知り、又汝が惡人を忍び得ざる事と、自ら使徒と稱しつつ然らざる人々を試みて其僞れる者たるを認めし事と、
ke itse dilo tse di molemo tse o di dirang. Ke bonye tiro ya gago e e bokete e o e dirileng le bopelotelele jwa gago, ke a itse gore ga o itshokele boleo mo malokong a phuthego ya gago, ebile o sekasekile ka kelotlhoko ba ba ipitsang baaposetoloi mme e se bone. O bonye ka fa ba akang ka teng.
3 汝の忍耐ある事と、我名の為に患難を忍びて倦まざりし事とを知れり。
O mpogetse ka bopelotelele o sa lape.
4 然れども汝に咎むる所あり、即ち汝は最初の愛を離せり、
“Le fa go ntse jalo go na le sengwe se se sa siamang; ga o nthate jaaka lwa ntlha!
5 然れば其何處より堕落せしかを思ひ、改心して最初の業を為せ。若然らずして改心せずば、我汝の許に至り、汝の燈台を其處より取除かん。
A ko o akanye ka dipaka tsa lorato lwa gago lwa ntlha (gore go pharologanyo jang gompieno)! Mme o boele gape kwa go nna o dire jaaka pele; kgotsa e seng jalo ke tlaa tla mme ke tlose setlhomo sa lobone lwa gago mo mannong a sone mo gare ga diphuthego.
6 然りながら汝に長所あり、即ちニコライ党の業を憎める事にして、我も亦之を憎めるなり。
“Mme go na le selo sengwe ka ga gago se se molemo: o ila ditiro tse di makgapha tsa Banikolaitane, fela jaaka ke di ila.
7 耳ある者は[聖]霊の諸教會に曰ふ所を聞け、即ち勝利を得たる人には我わが神の樂園に在る生命の樹の果を食せしめん。
“A molaetsa o o thothomele mo ditsebeng tsa mongwe le mongwe yo o utlwang se Mowa o se buang le diphuthego: mongwe le mongwe yo o fenyang, ke tlaa mo naya loungo lo lo tswang mo setlharing sa Botshelo mo Paradaiseng ya Modimo.
8 又スミルナ教會の天使に斯く書遣れ、最初のものにして最終のものたり、且死したりしに活き給へるもの曰く、
“Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e mo Semerena lokwalo lo o re: molaetsa o o tswa mo go ene yo e leng Tshimologo le Bokhutlo, yo o neng a sule mme a rula.
9 我は汝の患難と貧窮とを知れり、然れど汝は富めり。又自らユデア人と稱しつつ、然らずして、却てサタン教會たる人々に罵らるるなり。
“Ke itse ka fa o bogelang Morena ka teng, e bile ke itse gotlhe ka khumanego ya gago (mme o na le dikhumo tsa selegodimo)! Ke itse kgobololo ya ba ba go ganetsang, ba ba reng ke Bajuta, bana ba Modimo, mme e se bone, gonne ba eme nokeng maikaelelo a ga Satane.
10 受けんとする苦を一も懼るる事勿れ、看よ惡魔は汝等を試みんとて、汝等の幾人を監獄に入るべく、汝等は十日の間患難に遇はんとす。汝等死に至るまで忠信なれ、然らば我生命の冠を汝に與へん。
Lesa go boifa se o tlaa tlogang o se bogela, gonne Satane o tlaa akofa a latlhela bangwe ba lona mo kgolegelong go lo leka. O tlaa lo bogisa selekanyo sa ‘malatsi a le lesome’ Ikanyege le fa o lebaganye le loso, mme ke tlaa go naya serwalo sa botshelo, bokamoso jo bo galalelang jo bo sa khutleng.
11 耳ある者は[聖]霊の諸教會に曰ふ所を聞け、即ち勝利を得たる人は第二の死に害せられじ。
A mongwe le mongwe yo o utlwang, a reetse se Mowa o se buang le diphuthego: yo o fenyang ga a kitla a tlhokofadiwa ke loso lwa bobedi.
12 又ベルガモ教會の天使にかく書遣れ、兩刃の利き剣を持ち給へるもの曰く、
“Kwalela Moeteledipele wa phuthego e e kwa Perefamose lokwalo lo o re: molaetsa o tswa kwa go Ene yo o tshotseng chaka e e lootsegileng ntlha tsoopedi.
13 我は汝の何處に住むかを知れり、即ちサタンの座の有る處なり。然るに汝我名を保ちて、我忠信なる證人アンチパスが汝等の中なるサタンの住む處にて殺されし時すら、汝は我に於る信仰を否まざりき。
Ke itse ka botlalo gore o nna mo motsing o setilo sa ga Satane sa Bogosi se leng mo go one, kwa bogareng jwa kobamelo ya ga Satane; mme le fa go ntse jalo o ntse o ikanyega mo go nna, wa ba wa gana go intatola, le motlhang Antipase, mosupi wa me yo o ikanyegang, a neng a bolaelwa tumelo mo go lona ke balatedi ba ga Satane.
14 然れども少しく汝に咎むべき事あり、即ち汝の處にはバラアムの教を保てる人々あり、彼は禁物を食せしめ又私通せしめん為に、躓く物をイスラエルの子等の前に置くべしと、バラクに教へ居りしが、
“Mme le fa go ntse jalo ke na le dilo di se kae tse ke kgatlhanong nao ka tsone. O dumalana le bangwe mo go lona ba ba dirang jaaka Balame a ne a dira fa a ruta Balake go senya batho ba Iseraele ka go ba tsenya mo boakeng a bo a ba kgothatsa go ya medirong ya medimo ya disetwa.
15 斯の如く汝の地にニコライ党の教を保てる人々あり。
Ee, o na le bangwe ba balatedi ba ga Balame!
16 汝も亦改心せよ、然らずんば我速に汝の許に至り、我口の剣を以て彼等と戰はん。
“Fetola mogopolo wa gago le maikutlo, e seng jalo ke tlaa tla kwa go wena ka tshoganetso ke ba tlhabantsha ka chaka ya molomo wa me.
17 耳ある者は[聖]霊の諸教會に曰ふ所を聞け、即ち勝利を得たる人に我隠れたるマンナを與へ、又白き石に新しき名を記して與へん、其名は白き石を受くる者の外之を知る者なし。
“A mongwe le mongwe yo o utlwang a reetse se mowa o se buang le diphuthego. Mongwe le mongwe yo o fenyang o tlaa ja ga mana a a fitlhilweng, kotla e e sa itseweng e e tswang legodimong; mme e tlaa naya mongwe le mongwe leje le lesweu, mme mo lejeng go tlaa kwalwa leina le lesha le motho ope a sa le itseng fa e se fela yo o le amogelang.
18 又チアチラ教會の天使に斯く書遣れ、神の御子、即ち御目は焔の如く、御足は青銅の如くに在すもの曰く、
“Kwalela Moeteledipele wa Phuthego e e kwa Thiatira Lokwalo lo o re: o ke molaetsa o o tswang kwa go Morwa Modimo, yo matlho a gagwe a ntseng jaaka dikgabo tsa molelo, yo dinao tsa gagwe di ntseng jaaka kgotlho e e phatshimang.
19 我は汝の業と信仰と、愛と務と忍耐と、又後の業の前の業より多き事とを知れり。
Ke itse ditiro tsotlhe tsa gago tse di molemo, tshiamo ya gago mo bahumaneging, dimpho tsa gago le go ba direla, gape ke itse lorato lwa gago le tumelo le bopelotelele, e bile ke bona boiteko jwa gago jo bo tsweletseng pele mo dilong tsotlhe tse.
20 然れども聊汝に咎むべき所あり、即ち汝は預言者と自稱する婦人イエザベルの、我僕等を教へ且惑はして、私通せしめ偶像に献げられし物を食せしむるを措けり。
“Le fa go ntse jalo ke na le selo sengwe kgatlhanong le wena: o letlelela Jesebele, yo o ipitsang moporofiti wa sesadi, go ruta batlhanka ba me gore boaka ga se boleo jwa sepe; o ba kgothatsa go dira boaka le go ja nama e e tlhabetsweng medimo ya disetwa.
21 我彼婦人に改心すべき暇を與へたれど、敢えて其私通より改心せず、
Ke mo neetse lobaka go fetola mogopolo wa gagwe le maikhutlo, mme o ganne.
22 看よ、我彼を床に臥さしむべく、又彼と共に姦淫を為す人々にして、己が業より改心せずば、大いなる患難に遇ふべく、
Mme ela-tlhoko se ke se go bolelelang: ke tlaa mo robatsa mo bolaong, ka bolwetse jwa tlhokofatso e kgolo mmogo le balatedi ba gagwe ba ba itshekologileng, fa ba sa boele gape mo go nna, ba ikwatlhaela dibe tsa bone le ene;
23 我又彼が子等を撃殺すべく、斯て諸教會は我が人の心腸を探るる者たるを知るに至るべく、我又汝等に各其業に應じて報ゆる所あらん。而して汝等、
mme ke tlaa bolaya bana ba gagwe. Mme diphuthego tsotlhe di tlaa itse gore ke nna yo ke sekasekang boteng jwa dipelo tsa batho, le megopolo; ke tlaa naya mongwe le mongwe wa lona se se mo tshwanetseng.
24 即ちチアチラに在る他の人々に謂はん、総て彼教を有たざるもの、所謂サタンの奥義を知らざるもの我汝等に他の荷を負はせじ。
“Lona ba lo setseng mo Thiatira ba lo sa latelang dithuto tse tsa tsietso (‘boammaaruri jo bo kwa teng’ jaaka ba bo bitsa, boammaaruri jwa ga Satane, tota) ga ke kitla ke tlhola ke lo kopa sepe, tshegetsang thata fela se lo nang naso go fitlhelela ke tla.
25 但汝等が有てる所を我が來るまで保て、
26 而して勝利を得て、終まで我業を守りたる人には、與ふるに諸國民に對する権威を以てすべし、
“Go mongwe le mongwe yo o fenyang, yo kwa bofelong a ntseng a tsweletse go dira dilo tse di intumedisang, ke tlaa mo naya nonofo mo merafeng.
27 彼は鉄の杖を以て之を治め、彼等は土器の如くに砕かれん、
O tlaa e busa ka thobane ya tshipi fela jaaka Rre a nneile taolo ya go ba busa; ba tlaa thubaganngwa jaaka pitsana ya letsopa e thubegile go nna dikapetlana.
28 猶我にも我父より賜はりたるが如し。而して我亦彼人に暁の明星を與ふべし。
Mme ke tlaa lo naya Naledi ya Moso!
29 耳ある者は[聖]霊の諸教會に曰ふ所を聞け。
“A botlhe ba ba utlwang, ba reetse se Mowa o se buang le diphuthego.

< ヨハネの黙示録 2 >