< マタイの福音書 5 >

1 第二款 山上の説教 イエズス群衆を見て、山に登りて坐し給ひしかば、弟子等是に近づきけるに、
Mme ya re ka letsatsi lengwe fa bontsintsi jwa batho bo kokoana, a tlhatlogela le barutwa ba gagwe mo mhapheng wa thaba, mme a nna fa fatshe le bone a ba ruta.
2 口を開きて、彼等に教へて曰ひけるは、
3 福なるかな心の貧しき人、天國は彼等の有なればなり。
A ba raya a re, “Go sego ba ba ingotlang gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone.
4 福なるかな柔和なる人、彼等は地を得べければなり。
Go sego ba ba lelang gonne ba tlaa gomodiwa.
5 福なるかな泣く人、彼等は慰めらるべければなり。
“Go sego ba ba bonolo gonne lefatshe lotlhe ke la bone.
6 福なるかな義に飢渇く人、彼等は飽かさるべければなり。
“Go sego ba ba nyoretsweng tshiamo gonne ba tlaa e bona.
7 福なるかな慈悲ある人、彼等は慈悲を得べければなり。
“Go sego ba ba pelontle le kutlwelobotlhoko gonne ba tlaa utlwelwa botlhoko.
8 福なるかな心の潔き人、彼等は神を見奉るべければなり。
“Go sego ba ba pelo di itshekileng gonne ba tlaa bona Modimo.
9 福なるかな和睦せしむる人、彼等は神の子等と稱へらるべければなり。
Go sego ba ba huhulelang kagiso, gonne ba tlaa bidiwa barwa Modimo.
10 福なるかな義の為に迫害を忍ぶ人、天國は彼等の有なればなり。
“Go sego ba ba bogisediwang tshiamo, gonne Bogosi jwa Legodimo ke jwa bone.
11 我が為に人々汝等を詛ひ、且迫害し、且僞りて、汝等に就きて所有る惡聲を放たん時、汝等は福なるかな、
“Fa lo kgobiwa lo bogisiwa, lo akelwa ka ntlha ya gore lo barutwa ba me, lo sego jang!
12 歓躍れ、其は天に於る汝等の報甚多かるべければなり。蓋汝等より先に在りし預言者等も斯く迫害せられたり。
Itumeleng ka ga gone! Ipeleng thata! Gonne tuelo ya lona e kgolo e lo letile kwa legodimong. Mme gakologelwang gore, Baporofiti ba bogologolo le bone ba ne ba bogisiwa.
13 汝等は地の塩なり、塩若其味を失はば、何を以てか是に塩せん、最早用なく、外に棄てられて人に踏まるべきのみ。
“Ke lona letswai la lefatshe, mme fa lona lo latlhegelwa ke molodi go tlaa nna jang ka lefatshe? Le lona lo tlaa latlhelwa kwa ntle lo gatakwa ka dinao lo sena molemo.
14 汝等は世の光なり。山の上に建てたる街は隠るること能はず。
Lo lesedi la lefatshe, motse o o mo thabeng, o o phatsimang bosigo gore botlhe ba o bone.
15 人は又燈を點して枡の下に置かず、家に在る凡ての物を照らさん為に、之を燭台の上に置く。
Se fitlheng lesedi la lona! A le phatsimele botlhe; a ditiro tsa lona tse di molemo di phatsimele botlhe go di bona, gore ba tle ba galaletse Rra lona wa Legodimo.
16 斯の如く、汝等の光は人の前に輝くべし、然らば人は汝等の善業を見て、天に在す汝等の父に光榮を歸し奉らん。
17 我律法若くは預言者を廃せんとて來れりと思ふこと勿れ、廃せんとて來りしには非ず、全うせんが為なり。
“Se tlhokeng go tlhaloganya se ke se tletseng. Ga se go senya melao ya ga Moshe le ditlhagiso tsa baporofiti. Nnyaa ke tletse go di tlhomamisa le gore di diragale jaaka go boletswe.
18 蓋我誠に汝等に告ぐ、天地の過ぐるまでは、律法より一點一画も廃らずして、悉く成就するに至るべし。
“Ka tlhomamiso yotlhe e ke nang nayo ka re: molao mongwe le mongwe o o mo Lokwalong o tlaa tswelela pele go fitlhelela maikaelelo a one a diragala.
19 故に彼最も小き掟の一を廃し、且其儘人に教ふる者は、天國にて最小き者と稱へられん、然れど之を行ひ且教ふる者は、天國にて大なる者と稱へられん。
Jalo he, fa mongwe a tlola molao o mmotlanyana, a ba a ruta ba bangwe go dira jalo, o tlaa nna mmotlana mo Bogosing jwa Legodimo. Mme ba ba rutang melao ya Modimo ba e reetsa ba tlaa nna batona mo Bogosing jwa Legodimo.
20 蓋我汝等に告ぐ、若汝等の義、律法學士ファリザイ人等の其に優るに非ずば、汝等天國に入らざるべし。
“Mme ke a lo tlhagisa ga lo ka ke lwa tsena mo Bogosing jwa Legodimo fa e se tshiamo ya lona e feta ya Bafarasai le baeteledipele ba bangwe ba Bajuda.
21 「殺す勿れ、殺す人は裁判せらるべし」と、古の人に云はれしは、汝等の聞ける所なり。
“Mo melaong ya ga Moshe e ne e le gore, ‘Fa o bolaya motho, o tshwanetse wa swa le wena.’
22 然れど我汝等に告ぐ、総て其兄弟を怒る人は裁判せらるべし、其兄弟を愚者よと云ふ人は衆議所の處分を受けん、狂妄者よと云ふ人は地獄の火に當るべし。 (Geenna g1067)
Mme ke okeditse molao oo, e bile ke lo bolelela gore fa o shakgetse fela, le fa e le mo motseng wa gago, o lebaganywe ke katlholo! Fa o bitsa tsala ya gago seeleele, o ka nna wa tseelwa kwa kgotleng ya tshekelo fa o mo hutsa, o mo diphatseng tsa molete wa molelo. (Geenna g1067)
23 故に汝若禮物を祭壇に献ぐる時、其處に於て、何にもあれ兄弟に怨まるる事あるを思出さば、
“Mme ke gone fa o eme fa pele ga sebeso (aletara) mo Tempeleng, o ntshetsa Modimo setlhabelo, mme ka tshoganetso o bo o gakologelwa gore wa ga eno o na le sekgopi nao,
24 其禮物を其處に、祭壇の前に措き、先往きて兄弟と和睦し、然る後に來りて其禮物を献げよ。
Tlogela setlhabelo sa gago gone foo fa pele ga sebeso (aletara) go ikopa maitshwarelo o bo o letlane nae.
25 汝敵手と共に途に在る中に早く和解せよ、恐らくは敵手より判事に付され、判事より下役に付され、遂に監獄に入れられん、
Akofa outlwane le mmaba wa gago nako e ise e tsamaye thata e se re kgotsa a go gogele kwa tshekong, o bo o latlhelwa mo tlung ya kgolegelo.
26 我誠に汝に告ぐ、最終の一厘を還す迄は其處を出でざるべし。
Gonne o tlaa nna moo go fitlhelela o bo o duela ledinyana la bofelo.
27 「汝姦淫する勿れ」と古の人に云はれしは汝等の聞ける所なり。
“Melao ya ga Moshe e ne e re, ‘O seka wa dira boaka’.
28 然れど我汝等に告ぐ、総て色情を起さんとて婦を見る人は、既に心の中に之と姦淫したるなり。
Mme ka re: Le fa e le mang yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a dirile boaka nae mo pelong.
29 若汝の右の目汝を躓かさば之を抉りて棄てよ、其は汝に取りて、五體の一の亡ぶるは、全身を地獄に投入れらるるに優ればなり。 (Geenna g1067)
“Mme fa leitlho la gago, le fa e ka ne e le leitlho le le itekanetseng le tsosolosa keletso, le gonye o le latlhe. Go botoka gore tokololo e e go leofisang e senngwe go na le gore mmele otlhe wa gago o latlhelwe mo moleting wa molelo. (Geenna g1067)
30 若汝の右の手汝を躓かさば之を切りて棄てよ、其は汝に取りて、五體の一の亡ぶるは、全身の地獄に行くに優ればなり。 (Geenna g1067)
Mme fa seatla sa gago le fa e le sa moja se go leofisa, se kgaole o se latlhe. Gonne go botoka go se kgaola go na le go iphitlhela o le mo moleting ka ntlha ya sone. (Geenna g1067)
31 又「何人も妻を出さば是に離縁状を與ふべし」と云はれたる事あり。
“Molao wa ga Moshe wa re, ‘Fa mongwe a batla go kgaogana le mosadi wa gagwe, o ka mo tlhala fela ka go mo neela lokwalo lwa tlhalo’.
32 然れど我汝等に告ぐ、総て私通の故ならで妻を出す人は、之をして姦淫せしむるなり、又出されたる婦を娶る人も姦淫するなり。
Mme nna ka re monna yo o tlhalang mosadi wa gagwe fa e se ka ntlha ya boaka, o mo dirisa boaka. Mme yo o mo nyalang le ene o dira boaka.
33 又「僞り誓ふ勿れ、誓ひたる事は主に果すべし」と古の人に云はれしは、汝等の聞ける所なり。
“Gape molao wa ga Moshe wa re, ‘Ga o a tshwanela go dirolola maikano a gago le Modimo, o tshwanetse go a diragatsa otlhe.’
34 然れど我汝等に告ぐ、断じて誓ふ勿れ。天を指して[誓ふ勿れ]、其は神の玉座なればなり。
“Mme ka re: o se ka wa dira maikano ape! Lefa e le go ikana ka ‘Magodimo!’ Ke seikano se se boitshepo mo Modimong, ka magodimo ke setulo sa Bogosi jwa Modimo.
35 地を指して[誓ふ勿れ]、其は神の足台なればなり。エルザレムを指して[誓ふ勿れ]、其は大王の都なればなり。
Gape fa o ikana ka ‘Lefatshe’ ke seikano se se boitshepo mo Modimong, ka gore lefatshe ke sebeo sa dinao tsa one. Gape o se ka wa ikana ka Jerusalema ka gore Jerusalema ke motse-mogolo wa Kgosi e kgolo.
36 汝の頭を指して誓ふ勿れ、其は一縷の髪だも、白く或は黒くすることを得ざればなり。
“Gape o se ka wa ikana ka ‘phogwana’! Ka gore ga o kake wa fetola thiri nngwe go nna tshweu kgotsa ntsho.
37 汝等唯、然り然り否々と云へ、是より過ぐる所は惡より出るなり。
Mme go bua ga lona e nne Ee, ke tlaa, kgotsa Nnyaa ga nkake, lefoko la lona le lekanye. Tiisa tsholofetso ya gago ka go ikana, go supa gore sengwe ga se a siama.
38 又「目にて目を[償ひ]、歯にて歯を[償ふべし]」と云はれしは汝等の聞ける所なり。
“Molao wa ga Moshe wa re, ‘Fa motho a gonya leitlho la yo mongwe, le ene o tshwanetse go gonngwa leitlho. Fa mongwe a go itaya a go kgola leino, a leino la motho yoo le ene le kgolwe.’
39 然れど我汝等に告ぐ、惡人に抗ふ勿れ、人若し汝の頬を打たば、他の[頬]をも是に向けよ。
Mme nna ka re: Se emelelaneng le bosula! Fa o phanngwa mo lerameng, retolola le lengwe.
40 又汝を訟へて下着を取らんとする人には上着をも渡せ。
Fa o isiwa tshekong, o bo o tseelwa hempe, ntsha le baki ya gago.
41 又汝を強て一千歩を歩ませんとする人あらば、尚二千歩を彼と共に歩め。
Fa masole a batla gore o rwale dithoto tsa bone sekgala sa mmaele e le nngwe di rwale di mmaele tse pedi.
42 汝に乞ふ人に與へよ、汝に借らんとする人に身を背くること勿れ。
Naya ba ba kopang, o se ka wa hularela yo o batlang go adima mo go wena.
43 「汝の近き者を愛し、汝の敵を憎むべし」と云はれしは、汝等の聞ける所なり。
“Go na le puo e e reng, ‘Rata ditsala tsa gago mme o ile baba ba gago.’
44 然れど我汝等に告ぐ、汝等の敵を愛し、汝等を憎む人を恵み、汝等を迫害し且讒謗する人の為に祈れ。
Mme nna ka re: ‘Rata baba ba gago! Rapelela ba ba go bogisang!’
45 是天に在す汝等の父の子等たらん為なり、其は父は善人にも惡人にも日を照らし、義者にも不義者にも雨を降らし給へばなり。
“Ka tsela eo lo tlaa bo lo dira jaaka bana ba boammaaruri ba Rraeno yo o kwa legodimong. Gonne o tlhabisetsa basiami le ba ba sa siamang letsatsi, a nesetse basiami le ba ba sa siamang pula ka go tshwana.
46 汝等己を愛する人を愛すればとて、何の報をか得べき、税吏も然するに非ずや。
“Fa o rata ba ba go ratang fela, go thusang?, le ba ba bosula ba dira jalo.
47 又己の兄弟等にのみ挨拶すればとて、何の勝れたる事をか為せる、異邦人も然するに非ずや。
Fa o siametse ditsala tsa gago fela, o farologanye jang le batho ba bangwe? Le baheitane tota ba dira fela jalo.
48 故に汝等の天父の完全に在す如く、汝等も亦完全なれ。
Mme lo tshwanetse lwa nna boikanyego, fela jaaka Rraeno yo o kwa legodimong a le boikanyego.

< マタイの福音書 5 >