< マタイの福音書 8 >

1 第三款 ガリレアに於る種々の奇蹟 イエズス山を下り給ひしに、群衆夥しく從ひしが、
Bontsintsi jwa batho jwa sala Jesu mora-go fa a fologa mo mhapheng wa lentswe.
2 折しも、一人の癩病者來り、拝して云ひけるは、主よ、思召ならば我を潔くすることを得給ふ、と。
Mme bonang! Molepero a atamela. A-khubama fa pele ga gagwe a obama a mo rapela a re, “Rra, fa o rata o ka mphodisa.”
3 イエズス、手を伸べて彼に触れ、我意なり潔くなれ、と曰ひければ、其癩病直に潔くなれり。
Mme Jesu a mo tshwara a mo raya a re “Ke a rata, fola.” Mme gone fela foo lepero la nyelela.
4 イエズス之に曰ひけるは、慎みて人に語る勿れ、但往きて己を司祭に見せ、彼等への證據として、モイゼの命ぜし禮物を献げよ、と。
Mme Jesu a mo raya a re, “O se ka wa bolelela ope; tlhamalalela kwa moperesiting go ya go tlhatlhojwa; mme o tlaa ntsha mpho e e batlwang ka molao wa ga Moshe wa balepero ba ba fodisitsweng, ebong bosupi jwa phatlhalatsa jwa gore o fodisitswe.”
5 斯てイエズスカファルナウムに入り給ひしが、百夫長近づきて、
Erile Jesu a goroga mo Kaperanama, mogolwane wa sesole sa Roma a tla kwa go ene mme a mo rapela go ya kwa lwapeng lwa gagwe go fodisa motlhanka wa gagwe wa mosimane yo o neng a le mo bolaong a bolawa ke bolwetse jwa teteselo a tlhoafaditswe ke setlhabi.
6 願ひて云ひけるは、主よ、我僕癱瘋にて家に臥し、甚く苦しめり、と。
7 イエズス、我往きて其を醫さん、と曰ひしかば、
Mme Jesu a mo fetola a re, “Ke tlaa tla go mo fodisa.”
8 百夫長答へて云ひけるは、主よ、我は不肖にして、主の我屋根の下に入り給ふに足らず、唯一言にて命じ給へ、然らば我僕痊えん。
Mme mogolwane a re, “Rra ga ke a lekana go go tseela kwa lwapeng lwa me gape ga go tlhokafale gore o tle. Fa o ka nna fela fa mme wa re, ‘Fola’, motlhanka wa me o tlaa fola!
9 蓋我も人の権下に立つ者ながら、部下に兵卒ありて、此に往けと云へば往き、彼に來れ[と云へば]來り、又我僕に是を為せ[と云へば]為すなり、と。
Ke a itse, ka gore ke ka fa tlase ga taolo ya baeteledipele ba me ba bagolo mme ke na le taolo mo masoleng a me, mme ke raya lengwe ke re, ‘Tsamaya’ mme le tsamaye, mme ke reye le lengwe ke re, ‘Tla’ mme le tle, mme ke reye motlhanka wa me wa mosimane ke re, ‘Dira se kgotsa sele’ mme a se dire. Mme ke itse gore o na le thata ya go raya bolwetse jwa gagwe o re bo tsamaye mme bo tlaa tsamaya.”
10 イエズス之を聞きて感嘆し、從へる者に曰ひけるは、我誠に汝等に告ぐ、イスラエルの中にても、斯程の信仰に遇ひし事なし。
Jesu a nna foo a akabetse! Mme a retologela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Ga ke ise ke ke ke bone tumelo e e tshwanang le e mo Iseraele!
11 我汝等に告ぐ、多くの人東西より來りて、アブラハムイザアクヤコブと共に天國に坐せん、
Mme ke lo bolelela se, Badichaba ba le bantsi jaaka mogolwane yo wa Roma, ba tlaa tswa mo tikologong yotlhe ya lefatshe ba nna fa fatshe mo Bogosing jwa Legodimo le Aberahame, Isake le Jakobe.
12 然れど國の子等は外の暗に逐出されん、其處には痛哭と切歯とあらん、と。
Baiseraele ba le bantsi ba ba neng ba baakanyeditswe Bogosi, ba tlaa lelekelwa mo lefifing le le kwa ntle, mo felong ga selelo le tlhokofatso”.
13 斯てイエズス百夫長に向ひ、往け、汝の信ぜし如く汝に成れ、と曰ひければ僕即時に痊えたり。
Hong Jesu a raya mogolwane wa Roma a re, “Tsamaya o ye lwapeng. Se o se dumetseng se diragetse!” Mme mosimane a fola ka yone nako eo.
14 イエズスペトロの家に入り給ひて、彼が姑の熱を病みて臥せるを見、
Erile Jesu a goroga kwa tlung ya ga Petere, mogwagwadia Petere wa mosadi o ne a le mo bolaong a tshwere ke letshoroma.
15 其手に触れ給ひしかば、熱其身を去り、起きて彼等に給仕したり。
Mme erile fa Jesu a tshwara lebogo la gagwe, letshoroma la mo tlogela; mme a ema a ba baakanyetsa dijo.
16 日暮れて後、人々惡魔に憑かれたる者を多く差出ししが、イエズス惡魔を一言にて逐払い、病者をも悉く醫し給へり。
Mo maitseboeng ao batho ba le bantsi ba ba neng ba tsenywe ke mewa e e maswe ba leriwe kwa go Jesu; mme ya re a bua lefoko le le lengwe; mewa e e maswe yotlhe ya sia; mme botlhe ba ba neng ba lwala ba fola.
17 是預言者イザヤによりて云はれし事の成就せん為なり、曰く「彼は我等の患を受け、我等の病を負ひ給へり」と。
Mo ga diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng, “O na a tsaya malwetse a rona, a rwala dipobolo tsa rona.”
18 イエズス周圍に群衆の夥しきを見て、湖の彼方へ往かん事を命じ給ひしかば、
Fa Jesu a lemoga ka fa bontsintsi jwa batho bo neng bo gola ka teng, o na a laela barutwa ba gagwe gore ba ipaakanyetse go kgabaganyetsa ntlheng e nngwe ya lecha.
19 一人の律法學士近づきて、師よ、何處へ往き給ふとも我は從はん、と云ひしに、
Ka yone nako eo mongwe wa baruti ba tumelo ya Sejuda a mo raya a re, “Moruti, ke tlaa go sala morago, ga gore sepe gore o ya kae!”
20 イエズス是に曰ひけるは、狐は穴あり空の鳥は巣あり、然れど人の子は枕する處なし、と。
Mme Jesu a re, “Bophokoje ba na le mesima le dinonyane di na le dintlhaga, mme nna Morwa Motho, ga ke na legae le e leng la me, ga go na fa nka latsang tlhogo gone.”
21 又弟子の一人、主よ、我が先往きて父を葬る事を允し給へ、と云ひしに、
Mongwe wa barutwa ba gagwe a re, “Morena, mma ke tsamaye pele ke ye go fitlha rre.”
22 イエズス曰ひけるは、我に從へ、死人をして其死人を葬らしめよ、と。
Mme Jesu a mo raya a re, “Ntshala morago! Lesa ba ba suleng mo moweng ba tlhokomele baswi ba bone.”
23 イエズス小舟に乗り給ひ、弟子等之に從ひしが、
Mme a tsena mo mokorong a simolola go kgabaganya lecha le barutwa ba gagwe.
24 折しも湖に大なる暴嵐起りて、小舟涛に蔽はるる程なるに、イエズスは眠り居給へり。
Ka tshoganyetso ga tsoga setsuatsue se segolo, makhubu a goletsegile go feta mokoro. Mme Jesu o ne a robetse.
25 弟子等近づきて之を起し、主よ、我等を救ひ給へ、我等亡ぶ、と云ひければ、
Barutwa ba ya kwa go ene ba feta ba mo tsosa, ba gowa ba re, “Morena, re boloke! Re a nwela!”
26 イエズス彼等に曰ひけるは、何ぞ怖るるや、信仰薄き者よ、と。即起て風と湖とを戒め給ひしに、大凪となれり。
Mme Jesu a ba raya a re, “Ao batho ba tumelo e potlana! Ke eng fa lo tshogile jaana?” Hong a ema a kgalemela phefo le makhubu, mme ga nna tuulalo e kgolo.
27 斯て人々感嘆して、是は何人ぞや、風も湖も是に從ふよ、と云へり。
Barutwa ba nna fela foo ba reregile! ba botsanya ba re, “Motho yo ke mang, yo le e leng diphefo tota le lewatle di mo reetsang?”
28 イエズス湖の彼方なるゲラサ人の地に至り給ひしに、惡魔に憑かれたる者二人、墓より出でて迎へ來れり。豫てより其猛き事甚しく、誰も其途を過ぎ得ざる程なりしが、
Erile ba goroga ka fa ntlheng e nngwe ya lecha mo lefatshing la Bagadara, banna ba le babedi ba ba tsenyweng ke mewa e e maswe ba mo kgatlhantsha. Ba ne ba nna mo diphupung ba le diphatsa thata mo motho ope o neng a ka se ka a ralala golo foo.
29 忽叫びて云ひけるは、神の御子イエズスよ、我等と汝と何の関係かあらん、期未至らざるに、我等を苦しめんとて此處に來り給へるか、と。
Mme ba simolola go goela kwa go ene ba re, “O batlang mo go rona, wena Morwa Modimo? Ga o ise o nne le tshwanelo ya go re tlhokofatsa.”
30 然るに彼等を距る事遠からぬ處に、多くの豚の群物喰ひ居ければ、
Serapa sa dikolobe se ne se fula kgakalanyana.
31 惡魔等イエズスに願ひて云ひけるは、若我等を此處より逐払い給はば、豚の群の中に遣り給へ、と。
Jalo mewa e e maswe ya kopa ya re fa o re “kgoromeletsa ntle re, lelekele mo serapeng sele sa dikolobe.”
32 イエズス彼等に、往け、と曰ひしかば、彼等出でて豚に憑き、見る見る群皆遽しく、崖より湖に飛入りて水に死せり。
Jesu a e raya a re, “Go siame, tsamayang” mme ya tswa mo banneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo thoteng ka bofefo sa wela mo metsing kwa tlase.
33 牧者等逃げて町に至り、一切の事と惡魔に憑かれたりし人々の事とを吹聴せしかば、
Mme badisa ba tsone ba sianela kwa motseng o o gaufi go ya go bolela kaga se se diragetseng.
34 直に町挙りてイエズスを出迎へ、是を見るや其境を過ぎ給はん事を乞へり。
Mme batho botlhe ba motse ba sianela go tla go bona Jesu, ba mo kopa gore a tsamaye a ba tlogele ba le bosi.

< マタイの福音書 8 >