< マタイの福音書 13 >

1 第二款 天國の喩 其日イエズス家を出でて湖辺に坐し居給へるに、
Mme ya re morago ga lone letsatsi leo, Jesu a tswa mo tlung a fologela kwa lotshitshing lwa lewatle,
2 群衆夥しく其許に集まりしかば、イエズス小舟に乗りて坐し給ひ、群衆皆濱に立ち居りしが、
kwa boidiidi jwa batho bo neng jwa tloga jwa kokoanela teng. O na a tsena mo mokorong mme a ruta a le mo go one fa batho ba reeditse ba le mo lotshitshing. O na a bolela dipolelo di le dintsi ka ditshwantsho jaaka e e reng, “Mojadi o ne a jala mabele mo masimong a gagwe.
3 喩を以て數多の事を彼等に語りて曰ひけるは、種撒く人撒きに出でしが、
4 撒く時或種は路傍に遺ちしかば、空の鳥來りて、之を啄めり。
Erile fa a ntse a gasa peo, e nngwe ya wela mo tseleng mme dinonyane tsa tla tsa e e ja.
5 或種は土少き磽地に遺ちしかば、土の浅きに由りて直に生出でたれど、
“Mme e nngwe ya wela mo mmung o o maje, mo go neng go na le mmunyana o o motlhofo; dijalo tsa tlhoga ka bofefo sentle mo mmunyaneng oo,
6 日出でて灼け、根なきに因りて枯れたり。
mme letsatsi le le molelo la tloga la di fisa mme tsa swaba tsa a swa, ka gore di ne di na le medinyana fela.
7 或種は茨の中に遺ちしかば、茨長ちて之を塞げり。
Dipeo tse dingwe tsa wela mo mitlweng, mme mitlwa ya di hupetsa di sena go tlhoga.
8 或種は沃土に遺ちて、或は百倍、或は六十倍、或は三十倍の實を結べり。
Mme tse dingwe tsa wela mo mmung o o siameng, mme tsa ungwa ga masome a mararo, masome a marataro, le lekgolo go le go tona go feta jaaka a ne a jetse.
9 聴く耳を有てる人は聴け、と。
Fa lo na le ditsebe utlwang!”
10 弟子等近づきて、何ぞ喩を以て彼等に語り給ふや、と云ひしかば、
Barutwa ba gagwe ba tla ba mmotsa ba re, “Ke eng fa o aga o dirisa ditshwantsho tse di thata go tlhaloganngwa?”
11 答へて曰ひけるは、汝等は天國の奥義を知る事を賜はりたれども、彼等は賜はらざるなり。
Hong a ba tlhalosetsa gore ke bone fela ba ba letleletsweng go tlhaloganya ka ga Bogosi jwa Legodimo, mme ba bangwe bone ga ba a letlelelwa.
12 夫有てる人は尚與へられて裕ならん、然れど有たぬ人は其有てる所をも奪はれん。
A ba a ba tlhalosetsa a re, “Ka gore yo o nang le sengwe o tlaa okelediwa, o tlaa nna le go le go tona; mme yo o senang sepe o tlaa tseelwa le bonnyenyane jo a nang najo. Ke sone se ke dirisang ditshwantsho tse ka sone, jalo he batho ba tlaa utlwa, ba bo ba bona, mme ga ba kitla ba tlhaloganya.”
13 喩を以て彼等に語るは、彼等見れども見えず、聞けども聞えず、又暁らざるが故なり、と。
14 斯てイザヤの預言彼等に於て成就す、曰く「汝等は聞きて聞ゆれども暁らず、見て見ゆれども認らざらん。
“Mo go diragatsa seporofeso sa ga Isaia se se reng, ‘Ba a utlwa, mme ga ba tlhaloganye; ba a leba mme ga ba bone.
15 其は目に見えず、耳に聞えず、心に暁らず、立歸りて我に醫されざらん為に、此民の心鈍くなりて、其耳は聞くに嬾く、其目は閉ぢたればなり」と。
Gonne dipelo tsa bone di thata, ditsebe tsa bone di kabetse, mme ba ipuduladitse mo borokong.
16 汝等の目は福なり、見ゆればなり、汝等の耳も[福なり、]聞ゆればなり。
Jalo ga ba kitla ba bona le go utlwa le go tlhaloganya le go boela kwa Modimong gape, le go ntetla go ba fodisa.’ Mme go sego matlho a lona gonne lo a bona; le ditsebe tsa lona gonne di a utlwa.
17 我誠に汝等に告ぐ、多くの預言者と義人とは、汝等の見る所を見んと欲せしかど見えず、汝等の聞く所を聞かんと欲せしかど聞えざりき。
Baporofiti ba le bantsi le batho ba ba boifang Modimo ba tlhologeletswe go bona dilo tse lo di bonyeng, le go utlwa dilo tse lo di utlwileng, mme ga ba a ka ba di utlwa le fa e le go di bona.
18 然れば汝等種捲く播く人の喩を聞け、
“Jaanong tlhaloso ya polelo e ke e lo boleletseng kaga molemi a jala ke e:
19 総て人[天]國の言を聞きて暁らざる時は、惡魔來りて其心に播かれたるものを奪ふ、此路傍に播かれたるものなり。
tsela e e kwakwaletseng e peo e nngwe e neng ya wela mo go yone e raya pelo ya motho yo o utlwang mafoko a a molemo kaga Bogosi mme a ba a sa a tlhaloganye; mme Satane a ba a tla a phamola peo mo pelong ya gagwe.
20 磽地に播かれたるは、言を聞きて直に喜び受くれども、
Mmu o o maje o o motlhofo o raya pelo ya motho yo o utlwang molaetsa a ba a o amogela ka boitumelo,
21 己に根なく暫時のみにして、言の為に患難と迫害と起れば、忽に躓くものなり。
mme a se na modi mo botshelong jwa gagwe, le peo ga e tlhogele kwa teng, mme e re moragonyana fa matshwenyego a tla, kgotsa pogiso e simologa ka ntlha ya tumelo ya gagwe, tlhoafalo ya gagwe e swe, a ba a we mo tumelong.
22 茨の中に播かれたるは、言を聞けども、此世の慮と財の惑と其言を塞ぎて、實らずなれるものなり。 (aiōn g165)
Mmu o o tlhogileng o o khurumeditsweng ke mitlwa o raya motho yo o utlwang molaetsa, mme ditlhobaelo tsa botshelo le keletso ya gagwe ya madi di hupetse Lefoko la Modimo, mme a direle Modimo ka boutsana. (aiōn g165)
23 沃土に播かれたるは、言を聞きて暁り、實を結びて或は百倍、或は六十倍、或は三十倍を出すものなり、と。
Mmu o o siameng o raya pelo ya motho yo o reetsang molaetsa a ba a o tlhaloganya a tswela kwa ntle a ya go lere ba bangwe ba le masome mararo, masome marataro kgotsa lekgolo mo Bogosing.”
24 イエズス又他の喩を彼等に提出でて曰ひけるは、天國は良き種を其畑に播きたる人に似たり。
Setshwantsho se sengwe ke se, se Jesu o neng a se dirisa: “Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le molemi a jala peo e e siameng mo tshimong ya gagwe.
25 人々の寝たる間に、其敵來りて麦の中に毒麦を播きて去りしが、
Mme ya re bosigo bongwe a robetse, mmaba wa gagwe a tla a jala mhero mo gare ga mabele.
26 苗長ちて實りたるに、毒麦も現れしかば、
Erile dijalo di simolola go tlhoga, mhero le one wa tlhoga.
27 僕等近づきて家父に云ひけるは、主よ、良き種を畑に播きたるに非ずや、然れば毒麦は何によりてか生えたる。
“Batlhanka ba mong wa tshimo ba tla ba mmolelela ba re,
28 彼云ひけるは、敵なる人之を為せり、と。僕等、我等往きて之を集めなば如何に、と云ひしに、
“Mmaba ke ene a dirileng jalo, mme ba mo raya ba re, ‘A re ka kumula mhero?’
29 家父云ひけるは、否、恐らくは、汝等毒麦を集むるに、是と共に麦をも抜かん。
“Mme a fetola a re, ‘Nyaa lo tlaa utlwisa mabele botlhoko fa lo dira jalo.
30 収穫まで兩ながら長て置け、収穫の時我刈る者に對ひて、先毒麦を集めて焚く為に之を束ね、麦をば我倉に収めよ、と云はん、と。
Lesang gotlhe go gole mmogo go fitlhelela motlha wa thobo, mme ke tlaa raya barobi ba kokoanya mhero ba o tshuba, ba baya mabele mo ntlung ya polokelo’.”
31 又他の喩を彼等に提出て曰ひけるは、天國は人の取りて其畑に播きたる芥種に似たり。
Sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe ke se: “Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le peo e nnyennyane ya mosetara e e lemilweng mo tshimong. Ke peo e potlana mo dipeung tsotlhe, mme e nna setlhare se se tona mo ditlhareng tsotlhe, se be se gole go nna setlhare se dinonyane di ka tlang tsa aga mo go sone.”
32 凡ての種の中最小きものなれども、長ちて後は凡ての野菜より大くして、空の鳥其枝に來りて棲む程の樹と成る、と。
33 又他の喩を彼等に語り給ひけるは、天國は麪酵に似たり、即婦之を取りて三斗の粉の中に隠せば悉く脹るるに至る、と。
Gape o dirisa sekai se: “Bogosi jwa Legodimo bo ka tshwantshiwa le mosadi a dira senkgwe. O tsaya selekanyo sa bopi a se tlhakanye mo sebidisong go fitlhelela se tlhakatlhakana le bopi.”
34 イエズス総て是等の事を喩もて群衆に語り給ひしが、喩なしには語り給ふ事なかりき。
Jesu o na a dirisa ditshwantsho tse gangwe le gape ka tlhaloso fa a bua le bontsintsi jwa batho. Tota le gone ka gore baporofiti ba ne ba boletse gore o tlaa dirisa di le dintsi, o na a seke a bua le bone kwa ntleng ga go dirisa setshwantsho. Gonne go no ga porofitwa gatwe, “Ke tlaa bua ka ditshwanatsho, ke tlaa tlhalosa dikgakgamatso tse di saleng di lojwa go tswa kwa tshimologong.”
35 是預言者に託りて云はれたりし事の成就せん為なり、曰く「我喩を設けて口を開き、世の始より隠れたる事を告げん」と。
36 然て群衆を去らしめ、家に至り給ひしに、弟子等に近づきて、畑の毒麦の喩を我等に解き給へ、と云ひければ、
Mme erile a tlogela matshwititshwiti kwa ntle a tsena mo tlung. Barutwa ba gagwe ba mo kopa gore a ba tlhalosetse polelo ya mhero le mabele.
37 答へて曰ひけるは、良き種を撒く者は人の子なり、
A re, “Go siame”. Ke nna molemi yo o jalang peo e siameng.
38 畑は世界なり、良き種は[天]國の子等なり、毒麦は惡魔の子等なり、
“Tshimo e emetse lefatshe ka bophara, mme peo e emetse batho ba Bogosi jwa Legodimo mme mhero ke batho ba ga Satane.
39 之を撒きし敵は惡魔なり、収穫は世の終なり、刈る者は[天]使等なり、 (aiōn g165)
Mmaba yo o jalang mhero mo mabeleng ke Diabole; thobo ke bokhutlo jwa lefatshe mme barobi ke baengele. (aiōn g165)
40 然れば毒麦の集められて火に焚かるる如く、此世の終にも亦然らん。 (aiōn g165)
“Fela jaaka ere mo polelong e, mhero o bo o tlosiwa mo mabeleng o ba o tshujwa, go tlaa nna fela jalo ka bokhutlo jwa lefatshe. (aiōn g165)
41 人の子其使等を遣はし、彼等は其國より総て躓かする者と惡を為す者とを集めて、
Ke tlaa romela baengele bame mme ba tlaa tlosa mo Bogosing jwa Legodimo, thaelo nngwe le nngwe le botlhe ba ba boleo,
42 火の窯に入れん。其處には痛哭と切歯とあらん。
mme ba ba latlhele mo moubeng ba ba tshube. Go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno.
43 其時義人等は父の國にて日の如く輝かん。聴く耳を有てる人は聴け。
Jalo ba ba itshepileng ba tlaa phatsima jaaka letsatsi mo Bogosing jwa ga Rraabo. A ba ba nang le tsebe ba utlwe!
44 天國は畑に蔵れたる寶の如し、見出せる人は之を秘し置きて喜つつ去り、其所有物を悉く売りて、其畑を購ふなり。
“Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le letlotlo le monna mongwe a neng a le bona mo tshimong. Monna yo, erile ka go tsenekega, a rekisa ditsagagwe tsotlhe gore a tle a reke tshimo a bo a rue letlotlo leo.
45 天國は又、美き眞珠を求むる商人の如し、
“Gape, Bogosi jwa Legodimo bo tshwana le morekisi wa mekgabisa (diperela) mme a tsoma tsa marata-go-lejwa.
46 値高き眞珠一個を見出すや、往きて其所有物を悉く売りて、之を購ふなり。
O ne a bona ya botlhokwa, e e tlhotlhwa kgolo—mme a rekisa gotlhe mo a neng a na nago gore a tle a e reke.
47 天國は又、海に張りて種々の魚を集むる網の如し、
“Gape, Bogosi jwa legodimo bo ka tshwantshanngwa le motshwara-ditlhapi, yo o latlhelang letloa la gagwe mo metsing a ba a tshwara methalethale ya ditlhapi, dingwe di le tlhotlhwa kgolo tse dingwe di sena tiro. Fa letloa le tletse, o le gogela fa lotshitshing, a nna fatshe a tlhopha tse di ka nnang monate a bo a di paka mo matloleng mme tse dingwe a di latlhela koo.
48 充ちたる時人之を引揚げ、濱に坐して良き魚を器に入れ、否き魚をば棄つるなり。
49 世の終に於て斯の如くなるべし、即[天]使等出でて、義人の中より惡人を分ち、 (aiōn g165)
Go tlaa nna fela jalo ka bokhutlo jwa lefatshebaengele ba tlaa tla go tlhopha baikepi mo baitsheping, (aiōn g165)
50 之を火の窯に入れん、其處には痛哭と切歯とあらん。
ba latlhela ba ba bosula mo moleting. Go tlaa nna selelo le khuranyo ya meno.
51 汝等此事を皆暁りしか、と宣へるに、彼等然りと答へければ、
A lo a utlwisisa?” Mme ba araba ba re, “Ee re a utlwisisa!”
52 イエズス曰ひけるは、然れば天國の事を教へられたる凡ての律法學士は、新しきものと古きものとを其庫の中より出す家父に似たり、と。
Mme o ne a tswelela a re, “Baitseanape ba molao wa Sejuta ba jaanong e leng barutwa ba me ba humile ntlheng tsotlhe-ebong mo kitsong ya Testamente E Kgologolo le mo go ya e Ntsha.”
53 第三款 處々への旅行。ファリザイ人の憎彌増す。 斯てイエズス此喩を宣ひ了り、其處を去りて、
Erile Jesu a sena go bolela dipolelo tse, a boela kwa ga gabo kwa Nasaretha mo Galalea mme a ruta mo ntlung ya thuto mo a gakgamaditseng batho ka botlhale jwa gagwe le dikgakgamatso.
54 故郷に至り、諸會堂にて教へ給へるに、人々感嘆して云ひけるは、彼は此智恵と奇蹟とを何處より得たるぞ、
55 彼は職人の子に非ずや、其母はマリアと呼ばれ、其兄弟はヤコボヨゼフシモンユダと呼ばるる[者等]に非ずや、
Batho ba ne ba ipotsa ba re, “A ke gone? Ke ngwana fela wa mmetli, le Marea mmaagwe re a mo itse le bomorwarraagwe bo Jakoba, Josefa, Simone le Jutase.
56 其姉妹も皆我等の中に居るに非ずや。然れば此凡ての事は何處より得來りしぞ、と。
Le bokgaitsadie, botlhe ba nna mono. O ka tuma jang mo go kanakana?”
57 遂に彼に関きて躓き居たりしに、イエズス曰ひけるは、預言者の敬はれざるは、唯其故郷、其家に於てのみ、と。
Mme ba mo shakgalela. Mme Jesu a ba raya a re, “Moporofiti o tlotlwa gongwe le gongwe, fa ese kwa ga gabo a bile a nyadiwa ke ba ga gabo.”
58 斯て彼等の不信仰に因りて、數多の奇蹟を其處に為し給ふこと能はざりき。
Jalo o ne a dira dikgakgamatso di se kaenyana fela, ka ntata ya go tlhoka tumelo ga bone.

< マタイの福音書 13 >