< マタイの福音書 10 >

1 イエズス己が十二の弟子を召集め、是に汚鬼等を逐払ひ、諸の病、諸の患を醫す権能を賜ひしが、
Jesu a ipiletsa barutwa ba ba lesome le bobedi, mme a ba naya taolo go kgoromeletsa mewa e e maswe ntle le go fodisa malwetse mangwe le mangwe le dipobolo.
2 其十二使徒の名は、第一ペトロと云へるシモン、其兄弟アンデレア、
Maina a barutwa ba gagwe ba ba lesome le bobedi ke a; Simone yo o bidiwang Petere, Anderea monnaa Petere; Jakobe morwa Sebede, Johane monnaa Jakobe,
3 ゼベデオの子ヤコボ及其兄弟ヨハネ、フィリッポ及バルトロメオ、トマ及税吏マテオ、アルフェオの[子]ヤコボ及タデオ、
Filipo, Baretholomica, Thomase, Mathaio wa mokgethisi, Jakobe morwa Alefaio, Thadaeo,
4 カナアンのシモン及イエズスを売りしイスカリオテのユダ是なり。
Simone (leloko la “diganka” tsa mokgatlho wa dipolotiki o o neng o batla go diga puso), Judase Isekariota yo o neng a mo oka.
5 イエズス此十二人を遣はすとて、命じて曰ひけるは、汝等異邦人の道に往かず、サマリア人の町にも入らず、
Jesu o ne a ba roma ka ditaelo tse; “Se yeng kwa go Badichaba kgotsa Basamaria,
6 寧イスラエルの家の迷へる羊に往け。
mme yang fela kwa bathung ba Iseraela; dinku tsa Modimo tse di latlhegileng.
7 往きて天國は近づけりと宣教へよ。
Tsamayang lo anamise mo go bone gore Bogosi jwa legodimo bo atametse.
8 病人を醫し、死人を蘇らせ、癩病人を淨くし、惡魔を逐払へ。價無しに受けたれば價無しに與へよ。
“Fodisang ba ba lwalang, tsosang baswi, fodisang balepero, lo bo lo kgoromeletse mewa e e maswe kwa ntle. Nayang fela jaaka lo amogetse fela.
9 金銀又は銭を汝等の帯に持つこと勿れ、
“Se tseyeng madi mo dipateng fa lo tsamaya;
10 旅嚢も二枚の下着も、沓も杖も亦同じ、其は働く人は其糧を受くるに價すればなり。
lo se ka lwa tsaya le fa e le kgetsi ya diaparo e na le diaparo tse dingwe le ditlhako, le fa e le seikokotlelo, gonne ba lo ba thusang ba tshwanetse go lo otla le go lo tlhokomela.
11 何れの町村に入るも、其中に相應しき人の誰なるかを尋ねて、出るまで其處に留まれ。
Nako le nako fa lo tsena mo motseng le mo metsaneng, senkang motho yo o boifang Modimo lo nne mo legaeng la gagwe go fitlhelela lo tswela kwa motseng o mongwe.
12 家に入る時、此家に平安あれかしと云ひて之を祝せよ、
Fa lo kopa tetlelelo ya go nna, nnang botsalano le batho.
13 其家果して是に値するものならば、汝等の[祈る]平安其上に臨まん、若し値せざるものならば、其平安汝等に歸らん。
Mme fa le itshupa e le legae la SeModimo, le segofatseng, fa go sa nna jalo, nnang ka tshegofatso ya lona.
14 総て汝等を承けず、汝等の言を聞かざる人に向ひては、其家又は町を出て足の塵を払へ。
Motse mongwe le mongwe kgotsa legac le le sa lo amogeleng sentle, lo itlhotlhore lorole lwa lefelo leo mo dinaong tsa lona fa lo tsamaya.
15 我誠に汝等に告ぐ、審判の日に當りて、ソドマ人とゴモラ人との地は、此町よりも忍び易からん。
Ammaaruri, metse e e maswe ya Sodoma le Gomora e tlaa nna botoka bogolo go metse eo ka Letsatsi la Katlholo.
16 看よ、我が汝等を遣はすは、羊を狼の中に[入るるが]如し、故に蛇の如く敏く、鴿の如く素直なれ。
“Ke lo roma jaaka dinku mo gare ga diphiri. Nnang botlhale jaaka dinoga le bori jaaka maphoi.
17 人に警戒せよ、其は汝等を衆議所に付し、又其諸會堂にて鞭つべければなり。
Mme itlhokomeleng! Gonne lo tlaa tshwarwa, lo sekisiwa lo kgwathisiwa mo matlung a thuto.
18 又我為に汝等官吏帝王の前に引かれて、彼等及異邦人に證となる事あるべし、
“Ee, lo tshwanetse go emela tshekiso fa pele ga balaodi le dikgosi ka ntlha ya me. Mo go tlaa lo neela lobaka lwa go ba bolelela ka ga me, ee, go supegetsa lefatshe.
19 付さるる時、如何に又何を云はん、と案ずること勿れ、云ふべき事は其時汝等に賜はるべければなり。
“Fa lo tshwarwa, se tshwenyegeng gore lo tlaa reng mo tshekong, gonne lo tlaa newa mafoko a a tshwanetseng ka nako e e tshwanetseng.
20 蓋其語るは汝等に非ずして、父の霊の汝等の中に在して語り給ふなり。
Gonne e tlaa bo e se lona ba lo buang; e tlaa bo e le Mowa wa ga Rraeno wa legodimo o bua ka lona.
21 然りながら兄弟は兄弟を死に付し、父は子を付し、子等は兩親に逆らひ、且之を殺さん、
“Motho o tlaa okela morwa rraagwe losung, mme borabana ba tlaa oka bana ba bone. Mme bana ba tlaa tsogologela batsadi ba bone ba ba neela losung.
22 又我名の為に、汝等凡ての人に憎まれん、然れど終まで堪忍ぶ人は救はるべし。
Mongwe le mongwe o tlaa lo ila ka ntlha ya gore lo ba me. Mme lotlhe ba lo itshokang go ya bokhutlong lo tlaa bolokwa.
23 此町にて迫害せられなば他の町に遁れよ、我誠に汝等に告ぐ、人の子の來る迄に、汝等イスラエルの町々を盡さざるべし。
“Fa lo bogisiwa mo motseng mongwe, tshabelang kwa go o mongwe! Ke tlaa boa pele ga lo tsena mo go yone yotlhe!
24 弟子は其師に優らず、僕は其主人に優らざるなり。
Morutwana ga a mogolo go feta moruti wa gagwe. Motlhanka ga a mogolo go mong wa gagwe.
25 弟子としては其師の如く、僕としては其主人の如くなれば足れり。人々家父をベエルゼブブと名けたれば、况や其族をや。
Morutwana o tshwanetse go gata mo dikgatong tsa yo o mo rutang, motlhanka a latele mong wa gagwe. Mme fa ba reile nna mong wa ntlo lona jaanong go tlaa nna jang!
26 然れは彼等を怖るる勿れ、其は蔽はれて顕れざるべきは無く、隠れて知れざるべきは無ければなり。
“Mme lo se ka lwa boifa ba ba lo bopelang. Gonne nako e e tla e boammaaruri bo tlaa senolwang ka yone: merero ya bone ya sephiri e tlaa itsiwe ke batho botlhe.
27 我が暗黒に於て汝等に云ふ事を、汝等光明に於て云へ、耳を當てて聞く事を屋根の上にて宣べよ。
Se ke se lo bolelelang mo lefifing jaanong jaana, se phatlalatseng kgakala fa bosigo bo o sa! Se ke se sebelang mo ditsebeng tsa lona, se phatlalatseng lo le mo ditlhoeng tsa matlo!
28 又身を殺して魂を殺し得ざる者を怖るること勿れ、寧魂と身とを地獄に亡ぼし得る者を怖れよ。 (Geenna g1067)
“Se boifeng ba ba ka bolayang mebele ya lona fela; mme ba ka seka ba ama mewa ya lona! Boifang Modimo fela o o nonofileng go ka nyeletsa mowa le mmele mo moleting. (Geenna g1067)
29 二羽の雀は二銭にて売るに非ずや、然も汝等の父によらずしては、其一羽だも地に落つる事あらじ。
Ga go thaga (kana di ja bokae? A di ja thebe di le pedi?) e e welang fa fatshe Rraeno wa Legodimo a sa itse.
30 汝等は毛髪までも皆數へられたり、
Mme le e leng meriri ya ditlhogo tsa lona tota e badilwe yotlhe.
31 故に怖るること勿れ、汝等は多くの雀に優れり。
Ke gone se tshwenyegeng! Lona lo botlhokwa thata mo Modimong go feta dithaga tse dintsi.
32 然れば総ての人の前に我を宣言する人は、我も亦天に在す我父の御前に之を宣言すべく、
“Fa mongwe fela a mpolela mo mpepeneneng e le tsala yame ke tlaa mmolela ele tsala yame fa pele ga ga Rre yo o kwa legodimong.
33 人の前に我を否む人は、我も亦天に在す我が父の御前に之を否むべし。
Mme fa mongwe a intatola mo mpepeneneng, ke tlaa mo itatola mo mpepeneneng fa pele ga ga Rre yo o kwa Legodimong.
34 我地に平和を持來れりと思ふこと勿れ、我が持來れるは平和に非ずして刃なり。
“Se gopoleng gore ke tletse go lere kagiso mo lefatsheng! Nnyaa fa e se chaka.
35 我が來れるは、人を其父より、女を其母より、嫁を其姑より分つべきなり。
Ke tletse go lotlhanya motho le rraagwe, mosetsana le mmaagwe, ngwetsi le matsalaa yone.
36 人の族は其仇となるべし。
“Bana ba motho ba ba maswe go fetisa selekanyo ba tlaa bo ba le mo ntlung ya gagwe tota.
37 我よりも父若くは母を愛する人は我に應はず、我よりも子若くは女を愛する人は我に應はず、
Fa o rata rrago le mmago go gaisa jaaka o nthata, ga o a tshwanela go nna wa me; kgotsa fa o rata morwao kgotsa morwadio go mpheta, ga o a tshwanela go nna wa me.
38 又己が十字架を取りて我に從はざる人は我に應はざるなり、
Fa o gana go itshikarela mokgoro o ntshala morago, ga o a tshwanela go nna wa me.
39 己が生命を保つ人は之を失ひ、我為に生命を失ふ人は之を保たん。
Fa o ngaparela botshelo jwa gago, bo tlaa go latlhegela, mme yo o latlhegelwang ke botshelo jwa gagwe ka ntlha ya me, o tlaa bo boloka.
40 汝等を承くる人は我を承くるなり、我を承くる人は我を遣はし給ひし者を承くるなり。
“Ba ba lo tsholang ‘sentle ba tshola nna. Mme fa ba ntshola ba tshola Modimo oo nthomileng’.
41 預言者の名の為に預言者を承くる人は、預言者の報を受け、義人の名の為に義人を承くる人は、義人の報を受けん。
Fa lo tshola moporofiti ka ntlha ya gore ke monna wa Modimo, lo tlaa newa tuelo e moporofiti o e bonang. Mme fa lo amogela batho ba ba siameng, ba ba boifang Modimo ka ntlha ya boModimo jwa bone, lo tlaa newa tuelo e e tshwanang le ya bone.
42 誰にもあれ、弟子の名の為に、冷水の一杯をも、此最小き者の一人に飲まする人は、我誠に汝等に告ぐ、其報を失ふことあらじ、[と宣へり]。
Mme fa lo siela ngwanyana kopi ya metse a a tsididi lo le baemedi ba me, ruri lo tlaa duelwa.”

< マタイの福音書 10 >