< マルコの福音書 5 >

1 然て湖を渡りてゲラサ人の地に至りしが、
Mme erile fa ba goroga ka kwa ntlheng e nngwe ya lecha monna mongwe yo o tsenyweng ke mewa e e maswe a betsega mo diphupung, fa Jesu a fologa mo mokorong.
2 イエズス船より出で給ふや、汚鬼に憑かれたる人、墓より出でて來り迎ふ。
3 此人墓を住處とし、鎖を以てすら、誰も之を繋ぎ得ず、
Monna yo o ne a nna mo diphupung, a nonofile mo e leng gore le fa a ne a golegilwe jaaka a ne a tle a dirwe o ne a tle a kgaole dikeetane mo mabogong a gagwe a tsamae. Go ne go se ope yo o mo kgonang.
4 即數次桎と鎖とを以て繋がれたりしも、鎖を断り桎を摧きて、誰も之を制し得る者なかりき。
5 斯て絶えず叫び、且自ら石もて傷けつつ、夜晝墓と山の中に居りしが、
Motshegare otlhe le mo bosigong o ne a lala a tsamaya mo diphupung le mo dithabeng, a goa a itshegaka ka maje a a bogale.
6 遥にイエズスを見て、走り寄りて禮拝し、
Mme e rile Jesu a sa le kgakala kwa ntle mo metsing, monna yo a bo a setse a mmone, a taboga a mo kgatlhantsha, a ba a wela fa pele ga gagwe.
7 聲高く呼はり云ひけるは、最高き神の御子イエズスよ、我と汝と何の關係かあらん。我神によりて希ふ、我を苦しむること勿れ、と。
Hong Jesu a bua le mowa o o maswe o o neng o le mo monneng yo, a re, “Tswa, wena mowa o o maswe.” Mme wa goela kwa godimo wa re, “O ya go dirang ka nna, Jesu Morwa Modimo Mogodimodimo? Ke go ikanisa ka Modimo, o se ka wa ntlhokofatsa.”
8 其はイエズス是に向ひて、汚鬼、斯人より出よ、と曰へばなり。
9 イエズス、汝の名は何ぞ、と問ひ給ひしに、彼、我名は軍団なり、我等は數多ければなり、と云ひて、
Mme Jesu a botsa moya o o maswe a re, “Leina la gago ke mang?” moya o o maswe wa re, “Mophato, gonne re bantsi thata mo mothong yo.”
10 己を此地より逐払ひ給はざらん事を、切に願ひ居たり。
Hong mewa e e maswe ya mo rapela gangwe le gape gore a se ka a e romela kwa lefatshing le le kgakala.
11 然て此處に豚の大いなる群、山辺に在りて草を食み居りしが、
Mme ga bo go le serapa sa dikolobe se hula fa mhapheng wa thaba ntlheng ya lecha.
12 [惡]鬼等希ひて、我等を遣りて豚の中に入ることを得させ給へ、と云ひければ、
“Mewa e e maswe ya mo rapela ya re, re romele mo serapeng sele sa dikolobe.”
13 イエズス直に之を允し給ひしに、汚鬼等出でて、豚の中に入り、凡二千頭計の群、勢凄じく湖に飛入りて、湖の中に溺死せり。
Mme Jesu a e letla. Hong mewa e e maswe ya tswa mo monneng ya tsena mo dikolobeng, mme serapa sotlhe sa kgokologa mo mhapheng wa thaba sa thabuela mo lecheng sa betwa ke metse.
14 此豚を牧ひ居りし者等、遁げて、町に田舎に吹聴したれば、人々事の顛末を見んとて出でしが、
Mme badisa ba siela mo metseng e e gaufi le mo tikologong ya lefatshe leo ba anamisa dikgang fa ba ntse ba taboga mme mongwe le mongwe a ya go iponela.
15 イエズスの許に來りて、彼惡魔に悩まされし人の、既に衣服を着、心確にして坐せるを見て、怖れたり。
Mme batho ba le bantsi ba tloga ba kokoanela fa Jesu a neng a le teng. Ya re ba bona monna yoo a ntse fa fatshe, a apere e bile a ikutlwa sentle, ba tshoga thata.
16 又見たりし者、彼惡魔に憑かれたりし人に成されたる次第と、豚の事とを告げしかば、
Bao botlhe ba ba neng ba bona se se diragetseng ba bolelela mongwe le mongwe ka ga sone.
17 彼等イエズスに其境を去り給はん事を願出でたり。
Mme bontsi jwa batho jwa simolola go rapela Jesu gore a tsamae a ba tlogele!
18 イエズス、船に乗り給ふ時、彼惡魔に悩まされし人、伴はん事を願出でたれど、
Jalo a boela mo mokorong. Mme monna yo o neng a tsenwe ke mewa e e maswe a kopa Jesu gore a mo letle a tsamae nae.
19 イエズス之を容れずして曰ひけるは、汝の家汝の親戚に至りて、主が汝の身に如何ばかり大いなる事をなし、[如何に]汝を憐み給ひしかを彼等に告げよ、と。
Mme Jesu a gana a mo raya a re, “Ya gae kwa ditsaleng tsa gago, o ba bolelele dilo tse dintle tse Modimo o di go diretseng; le ka fa o ileng wa nna le kutlwelo botlhoko ka teng.”
20 彼即去りて、イエズスの己に為し給ひし事の如何ばかり大いなるかを、デカポリに言弘め始めしかば、人皆感嘆したり。
Hong monna a simolola go etela metse e le some mo tikologong eo a bolelela mongwe le mongwe ka ga dilo tse dikgolo tse Jesu o di mo diretseng; mme ba gakgamadiwa thata ke se o neng a se bolela.
21 イエズス復船にて湖を渡り給ひしかば、群衆夥しく其許に集りしが、湖辺に居給ふ折しも、
Mme e rile fa Jesu a sena go kgabaganyetsa ka kwa ntlhenge nngwe ya lecha ka mokoro, batho ba le bantsi ba phuthaganela kwa go ene fa lotshitshing.
22 會堂の司の一人なる、ヤイロと云へる者出來り、イエズスを見るや、足下に平伏して、
Mme moeteledipele wa tempele, yo o neng a bidiwa Jairo, a tla a wela fa pele ga gagwe,
23 我女死に垂とす、助かりて活くる様、來りて是に按手し給へ、と切に希ひければ、
a mo rapela gore a fodise morwadie. A bua ka tlhwaafalo e kgolo a re, “O gaufi le go swa. Tswee-tswee tla o mmee diatla gore a tshele.”
24 イエズス彼と共に往き給ふに、群衆夥しく從ひて擠迫り居たり。
Hong Jesu a tsamaya nae, mme bontsi jwa batho jwa mo sala morago.
25 茲に十二年血漏を患へる婦ありて、
Mo bontsintsing joo go ne go na le mosadi yo o saleng a lwala tshologo ya madi dingwaga di le lesome le bobedi.
26 曾て數多の醫師に係りて様々に苦しめられ、有てる物を悉く費したれど、何の効もなく、却て益惡しかりしに、
Mme o ne a sa bolo go tshwenyega thata mo dingakeng di le dintsi ka dingwaga e bile a humanegisitswe ke go di duela, mme go ne go sa tokafale ka gope, go ntse go tswelela pele.
27 イエズスの事を聞きしかば、雑沓の中を後より來りて、其衣服に触れたり。
Mme o ne a setse a utlwile dikgakgamatso tse Jesu o di dirileng, ke gone ka moo o ileng a tla kafa morago ga gagwe mo bontsintsing jwa batho a ama diaparo tsa gagwe.
28 是は其衣服にだに触れなば癒ゆべし、と謂ひ居たればなり。
Gonne o ne a gopotse ka boene gore, “Fa ke ka ama diaparo tsa gagwe, ke tlaa fola.”
29 斯て出血忽ちに歇みて、婦は病の癒えたるを身に感じたり。
Mme ka boammaaruri, erile fela fa a sena go mo ama, go tshologa ga madi ga khutla, mme a itse gore o fodile.
30 イエズス直に己より霊能の出でしを覚り給ひ、群衆を顧みて、誰か我衣服に触れしぞ、と曰ふや、と。
Hong Jesu a lemoga ka bonako gore nonofo ya phodiso e dule mo go ene, a retologela kwa bontsintsing jwa batho a ba botsa a re, “Ke mang yo o amileng diaparo tsa me?”
31 弟子等云ひけるは、群衆の汝に擠迫るを見ながら猶誰か我に触りしぞ、と曰ふや、と。
Barutwa ba mo raya ba re, “Bontsintsi jwa batho bo go pitlaganyeditse, mme o botsa gore ke mang yo o go amileng.”
32 イエズス之を為しし人を見んとて視廻し給へば、
Mme a bo a ntse a batlisisa go bona gore ke mang yo o dirileng selo seo.
33 婦は我が身に成りたる事を知りて、恐れ慄きつつ來り、御前に平伏して、具に實を告げたり。
Hong mosadi yo o tshogileng, a roromisiwa ke letshogo ka se se mo diragaletseng, a tla a wela fa dinaung tsa gagwe a mmolelela se a se dirileng.
34 イエズス是に曰ひけるは、女よ、汝の信仰、汝を救へり、安んじて往け、汝の病癒えてあれかし、と。
Mme Jesu a mo raya a re, “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse; tsamaya ka kagiso, o fodile mo bolwetsing jwa gago.”
35 尚語り給ふ中に、會堂の司の家より人來りて云ひけるは、汝の女死せり。何ぞ尚師を煩はすや、と。
Erile fa a sa ntse a bua le ene, barongwa ba goroga ba tswa kwa legaeng la ga Jairo, ka mafoko a a reng morwadio o sule, jalo ga go tlhole go tlhokega gore Jesu a tle.
36 イエズス其告ぐる所を聞きて、會堂の司に曰ひけるは、恐るること勿れ、唯信ぜよ、と。
Mme Jesu a tlhokomologa puo ya bone a raya Jairo a re, “Se boife! Ikanye nna.”
37 而してペトロとヤコボとヤコボの兄弟ヨハネとの外、誰にも随行を許さずして、
Hong Jesu a kganela bontsintsi jwa batho, mme a se ka a letla ope go tsena nae mo legaeng la ga Jairo, fa e se Petere le Jakobe le Johane.
38 會堂の司の家に至り給ひしが、其騒甚しく、人々泣き、且太く嘆きつつ居るを見て、
Mme erile fa ba goroga, Jesu a bona gore dilo tsotlhe di tlhakatlhakanye, go le selelo se segolo le kuruetso.
39 イエズス内に入り給ひ、汝等何ぞ騒ぎ且泣くや、女は死にたるに非ず、寝たるなり、と曰へば、
A tsena mo teng a bua le batho, a ba botsa gore, “Ke ka ntlha yang fa go le selelo se se kanakana? Ngwana ga a swa o robetse fela!”
40 人々之を哂ひ居たり。然れど人を皆外に出し、女の父母と己が從者とを連れて、女の臥せる處に入り、
Ba mo tshega ka tshotlo, mme a ba ntshetsa kwa ntle botlhe, a tsaya rraa-ngwana le mma-ngwana le barutwa ba gagwe ba le bararo, a tsena mo ntlung e ngwana o neng a beilwe mo go yone.
41 女の手を取りて、タリタクミ、と曰へり、訳して、女よ、我汝に命ず、起きよ、の義なり。
A mo tshwara ka seatla a mo raya a re, “Tsoga mosetsana!” (O ne a na le dingwaga di le lesome le bobedi). Mme a nanoga a tsamaya! Batsadi ba gagwe ba gakgamala thata.
42 女直に起きて歩めり、年は十二歳なりき。人々愕然として甚く驚きしが、
43 イエズス此事を誰にも知らすべからずと厳しく戒め、食物を女に與へん事を命じ給へり。
Jesu a ba laela ka tlhoafalo gore ba se ka ba bolelela ope se se diragetseng, mme a ba raya a re ba nee ngwana sengwe a je.

< マルコの福音書 5 >