< マルコの福音書 10 >

1 第七項 イエズスペレア地方に留り遂にエルサレムに赴き給ふ イエズス此處を立出でて、ヨルダン[河]の彼方なるユデアの境に至り給ひしに、群衆復其許に集りければ、例の如く復彼等を教へ居給へり。
Erile a tloga mo Kaperanama a ya ntlheng ya Borwa kwa melelwaneng ya Judea le mo kgaolong ya botlhabatsatsi jwa Noka ya Jorodane. Fela jaaka gale ga bo go le matshutitshuti a batho mme a ba ruta.
2 時にファリザイ人等近づきて之を試み、人其妻を出すは可か、と問ひしに、
Bangwe ba Bafarasai ba tla kwa go ene ba mmotsa ba re, “A o letlelela tlhalo?” le fa go ntse jalo ba ne ba leka go mo lalela.
3 イエズス答へて、モイゼは汝等に何を命ぜしぞ、と曰ひしかば、
Jesu a ba botsa a re, “Moshe o ne a reng ka ga tlhalo?”
4 彼等云ふ、モイゼは離縁状を書きて妻を出す事を許せり。
Ba araba ba re, “O rile e siame.” O rile, “Se se tlhokafalang ke gore monna a kwalele mosadi lokwalo lwa tlhalo.”
5 イエズス彼等に答へて曰ひけるは、彼は汝等の心の頑固なるによりてこそ、彼掟を汝等に書與へつれ。
Jesu a ba botsa a re, “Mme o ne a buelang jalo? Ke tla lo bolelela gore ke ka ntlha yang fa a ne a bua jalo. Ke ka ntlha ya boikepo jwa bopeloethata jwa lona.
6 然れど開闢の初に、神は人を男女に造り給へり、
Mme tota ga se ka fa tseleng ya Modimo, gonne e rile mo tshimologong O dirile monna le mosadi go ba kopanya go nnela ruri mo nyalong; ke gone ka moo monna o tlaa tlogelang rraagwe le mmaagwe,
7 此故に人は父母を離れて其妻に合し、
8 兩人一體となるべし。然れば既に二人に非ずして一體なり。
mme ene le mosadi wa gagwe ba kopane gore ba se nne bobedi, fa e se bongwe fela.
9 故に神の合せ給ひし所、人之を分つべからず、と。
Mme ke gone go seng ope yo o tshwanetseng go kgaoganya se Modimo o se kopantseng.”
10 弟子等家に於て、復同じ事に就きて問ひしかば、
Ya re morago, a le nosi le barutwa ba gagwe mo tlung, ba lere kgang eo.
11 彼等に曰ひけるは、誰にても妻を出して他に娶るは、是彼女に對して姦淫を行ふなり。
Mme a ba raya a re, “Fa monna a tlhala mosadi wa gagwe a nyala o sele, o a mo akafalela.
12 又妻其夫を棄てて他に嫁ぐは、是姦淫を行ふなり、と。
Mme fa mosadi a tlhala monna wa gagwe a nyalwa gape, le ene o dira boaka.”
13 時にイエズスの是に触れ給はん為に、人々幼兒等を差出したるに、弟子等其差出す人を叱りければ、
E rile ka nako nngwe fa bomma-bana ba lere bana ba bone kwa go Jesu gore a ba segofatse, barutwa ba ba leleka, ba ba raya ba re ba seka ba mo tshwenya.
14 イエズス之を見て憤り給ひ、彼等に曰ひけるは、幼兒等の我に來るを容せ、之を禁ずること勿れ、神の國は斯の如き人の為なればなり。
Mme e rile Jesu a bona se se diragalang o ne a seka a itumedisiwa ke barutwa ba gagwe mme a ba raya a re, “Lesang bana ba tle kwa go nna, gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo. Se ba lelekeng!
15 我誠に汝等に告ぐ、総て幼兒の如くに神の國を承けざる人は、竟にに是に入らじ、と。
Ke lo bolelela ka tlhoafalo jaaka ke itse gore fa mongwe a gana go tla mo Modimong jaaka ngwana yo monnye ga a kitla a letlelelwa go tsena mo Bogosing jwa One.”
16 斯て幼兒等を抱き、按手して之を祝し居給へり。
Hong a tsaya bana ka mabogo a gagwe a ba baya diatla a ba segofatsa.
17 イエズス途に出で給ひしに、一人馳來り、其前に跪きて、善き師よ、永遠の生命を得んには、我何を為すべきか、と問ひければ、 (aiōnios g166)
E rile fa a simolola go tsaya loeto, monna mongwe a tla a tabogela kwa go ene a khubama ka mangole a re, “Moruti yo o molemo, ke tshwanetse gore ke direng go tsena kwa legodimong?” (aiōnios g166)
18 イエズス是に曰ひけるは、何ぞ我を善きと云ふや、神獨の外に善きものなし、
Jesu a mmotsa a re, “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa mosiami?
19 汝は掟を知れり、姦淫する勿れ、殺す勿れ、盗む勿れ、僞證する勿れ、害する勿れ、汝の父母を敬へ、と是なり、と。
Mme mo karabong ya potso ya gago o itse ditaolo tse di reng, o seka wa bolaya, o seka wa dira boaka, o seka wa utswa, o seka wa bua maaka, o seka wa tsietsa, tlotla rrago le mmago.”
20 彼答へて、師よ、我幼年より悉く之を守れり、と云ひしかば、
Monna a araba a re, “Moruti, ga ke ise ke ko ke tlole le fa e le o le mongwe fela wa melao eo.”
21 イエズス是に目を注ぎ、寵みて曰ひけるは、汝尚一を缼けり、往きて有てる物を悉く売り之を貧者に施せ、然らば天に於て寳を得ん、而して來りて我に從へ、と。
Mme Jesu a ikutlwa a rata monna yo fa a mo leba, a mo raya a re, “O tlhoka selo se le sengwe fela, tsamaya o ye go rekisa dilo tsotlhe tse o nang natso mme o tseye madi o a abele bahumanegi mme o tlaa nna le khumo kwa legodimong, mme o tle o ntshale morago.”
22 彼此言に悲み憂ひつつ去れり。其は多くの財産を有てる者なればなり。
Mme sefatlhogo sa monna sa sulafala, a tsamaya ka kutlobotlhoko, gonne o ne a humile thata.
23 イエズス見廻しつつ弟子等に、難い哉金を有てる人の神の國に入る事、と曰ひければ、
Jesu a mo lebelela a tsamaya, hong a retologa a raya barutwa ba gagwe a re, “Ga go motlhofo gore mohumi a tsene mo Bogosing jwa Modimo!”
24 弟子等此言に驚きしかば、イエズス又答へて曰ひけるは、小子よ、難い哉金を恃める人の神の國に入る事。
Mme mafoko a, a ba gakgamatsa. Hong Jesu a boelela mafoko a gape a re, “Bana ba ba rategang, go thata jang mo go ba ba ikantseng dikhumo go tsena mo Bogosing jwa Modimo.
25 富者が神の國に入るよりも、駱駝が針の孔を通るは易し、と。
Go motlhofo mo kammeleng go tsena ka leroba la nnale go na le mohumi go tsena mo Bogosing jwa Modimo.”
26 彼等愈怪しみて語合ひけるは、然らば誰か救はるることを得ん、と。
Mme go ne ga nna thata, gore barutwa ba dumele mafoko ao. Hong ba botsa ba re, “Mme he, e be e le mang mo lefatsheng yo o ka bolokwang fa mohumi a sa bolokwe?”
27 イエズス彼等に目を注ぎつつ曰ひけるは、其は人に於て能はざる所なれども、神に於ては然らず、神に於ては何事も能はざる所なし、と。
Jesu a ba tsepega matlho a re, “Kwa ntle ga Modimo go retetse. Mme mo Modimong sengwe le sengwe se a direga.”
28 ペトロイエズスに向ひて、然て我等は一切を棄てて汝に從ひたり、と云出でたるに、
Hong Petere a simolola go bolela kaga tsotlhe tse ene le barutwa ba bangwe ba di tlogetseng a re, “Re tlogetse sengwe le sengwe go go sala morago.”
29 イエズス答へて曰ひけるは、我誠に汝等に告ぐ、総て我為また福音の為に、或は家、或は兄弟、或は姉妹、或は父、或は母、或は子等、或は田畑を離るる人は、
Mme Jesu a araba a re, “Mma ke go tlhomamisetse gore ga go na ope yo o tlogetseng sepe, ebong legae, bokgaitsadie, bomorwa rraagwe, mmaagwe, rraagwe, bana kgotsa dithoto tsa gagwe, ka ntlha ya go nthata le go bolelela ba bangwe kaga mafoko a me a a Molemo,
30 誰にてもあれ、百倍程を受けざるはなし、即今此世にては、家、兄弟、姉妹、母、子等、田畑を迫害と共に[受け、]後の世にては、永遠の生命を受けざるはなし。 (aiōn g165, aiōnios g166)
yo o se kitlang a newa ga lekgolo go menagane, ebong magae, bomorwa rraagwe, bokgaitsadie, le bo mmaagwe, bana le masimo di na le dipogisego! Tse tsotlhe e tlaa nna tsa gagwe mo lefatsheng leno le mo go le le tlang o tlaa bona botshelo jo bo sa khutleng. (aiōn g165, aiōnios g166)
31 但多く先なる人は後になり、後なる人は先になるべし、と。
Bontsi jwa batho ba ba bonalang e ka re ba tlhokwa jaanong jaana ba tlaa nna ba ba botlana ka nako eo, mme ba bantsi ba ba bonalang ba le ba botlana fano ba tlaa nna bagolo ka nako eo.”
32 エルザレムに上る途中、イエズス弟子等に先ち給ふを、彼等驚き且怖れつつ從ひ居りしに、イエズス再十二人を近づけて、己に起るべき事を語出で給ひけるは、
Mme ya re ba le mo tseleng ba ya Jerusalema, Jesu a ba eteletse pele barutwa ba gagwe ba mo setse morago ba tlelwa ke poifo. Hong Jesu a ba tseela kwa thoko, a simolola gape go ba tlhalosetsa gotlhe mo go tlaa mo diragalelang fa ba goroga kwa Jerusalema.
33 看よ、我等エルザレムに上る。斯て人の子は司祭長、律法學士、長老等に売られ、彼等は之を死罪に處し、異邦人に付し、
A ba raya a re, “E tlaa re re tsena teng. Nna, Mesia ke tlaa tshwarwa ke isiwa fa pele ga baperesiti ba bagolo le bagolwane ba Bajuta ba ba tlaa nkatlholelang loso ba bo ba neele Baroma go mpolaya.
34 且之を弄り、之に唾し、之を鞭ちて殺さん、而して三日目に復活すべし、と。
Ba tlaa ntshotla, ba nkgwele mathe ba mpetse ka dithupa tsa bone; mme morago ga malatsi a mararo ke tlaa rula.”
35 時に、ゼベデオの子ヤコボとヨハネとイエズスに近づきて云ひけるは、師よ、望むらくは、我等の願ふ所を、何事にもあれ我等に為し給はん事を、と。
Hong Jakobe le Johane, bomorwa Sebede, ba tla ba bua le ene ka lentswe le le kwa tlase ba re, “Morena, re batla gore o re direle ka fa re batlang ka teng.”
36 イエズス、我が汝等に何を為さん事を願ふぞ、と曰ひければ、
Mme a ba botsa a re, “Lo batla ke lo direla eng?”
37 彼等汝の光榮の中に一人は其右、一人は其左に坐することを我等に得させ給へ、と云ひしに、
Ba mo raya ba re, “Re batla go nna mo ditilong tsa bogosi re bapa nao mo bogosing jwa gago, yo mongwe ka fa letsogong la gago le legolo yo mongwe ka fa letsogong la gago la molema!”
38 イエズス曰ひけるは、汝等は願ふ所を知らず、汝等我が飲む杯を飲み、我が洗せらるる洗禮にて洗せられ得るか、と。
Mme Jesu a araba a re, “Ga lo itse se lo se lopang! A lo nonofile go nwa mo senwelong se se botlhoko sa khutsafalo se ke tshwanetseng go nwa mo go sone? Kgotsa go kolobediwa ka kolobetso ya pogisego e ke tshwanetseng go kolobediwa ka yone?”
39 彼等、我等は得、と云ひしに、イエズス曰ひけるは、汝等實に我が飲む杯を飲まん、又我が洗せらるる洗禮にて洗せられん、
Ba mo raya ba re, “Ee, re nonofile!” Mme Jesu a re, “Lo tlaa nwa mo senwelong se ke nwang mo go sone lo bo lo kolobediwa ka kolobetso ya me e ke kolobeditsweng ka yone,
40 然れど我が右或は左に坐するは、我が汝等に得さすべき事に非ず、待設けられたる人々に得さすべきなり、と。
mme ga ke na thata ya go lo baya mo ditilong tsa bogosi go bapa le sa me. Ba ba tshwanetseng ba setse ba go baakanyeditswe.”
41 十人の者之を聞きて、大いにヤコボとヨハネとを憤り始めければ、
Fa ba bangwe ba barutwa ba tla go lemoga se Jakobe le Johane ba se lopileng, ba kgotswa thata.
42 イエズス彼等を呼びて曰ひけるは、異邦人を司ると見ゆる人が之に主となり、又其君たる人が権を其上に振ふは、汝等の知れる所なり。
Hong Jesu a ba biletsa kwa go ene mme a re, “Lo a itse fa dikgosi le banna ba bagolo ba lefatshe ba laola batho;
43 然れど汝等の中に於ては然らず、却て誰にもあれ、大いならんと欲する者は汝等の召使となり、
mme mo go lona go pharologanyo. Le fa e le mang yo o ratang go nna mogolo mo go lona o tshwanetse go nna motlhanka wa lona.
44 誰にもあれ、汝等の中に第一の者たらんと欲する者は一同の僕となるべし。
Mme le fa e le mang yo o ratang go ka nna mogolo mo go botlhe o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe.
45 即人の子の來れるも、仕へらるる為に非ず、却て仕へん為、且衆人の贖として生命を與へん為なり、と。
Gonne le nna tota, Mesia, ga ke fano go tla go direlwa fa e se go thusa ba bangwe, le go ntsha botshelo jwa me gore e nne thekololo ya batho ba le bantsi.”
46 斯て皆エリコに至りしが、イエズス弟子等と夥しき群衆を伴ひてエリコを出で給ふ時、チメオの子なる瞽者バルチメオ、路傍に坐して施を乞ひ居りしに、
Mme ba fitlha kwa Jeriko. Ya re morago fa ba tloga mo motseng bontsi jwa batho jo bogolo jwa ba sala morago. Hong ga diragala gore monna wa sefofu wa mokopi yo o bidiwang Baratimaio (morwa Timaio) a ba a ntse fa thoko ga tsela fa Jesu a feta.
47 是ナザレトのイエズスなりと聞くや、叫び出でてダヴィドの子イエズスよ、我を憫み給へ、と云ひければ、
Mme e rile fa Baratimaio a utlwa gore Jesu wa Nasaretha o gaufi a simolola go goa, a re, “Jesu Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!”
48 多くの人彼を叱りて黙せしめんとすれども、彼益激しく、ダヴィドの子よ、我を憫み給へ、と呼はり居たり。
Mme batho bangwe ba mo kgalemela ba re, “Didimala!” Mme a goa segolo bogolo gangwe le gape a re, “Ao! Morwa Dafide, nkutlwela botlhoko!”
49 イエズス立止りて、彼を呼ぶ事を命じ給ひしかば、人々瞽者を呼びて、心安かれ、起て、汝を召し給ふぞ、と云ふや、
Erile Jesu a mo utlwa a ema foo mo tseleng, mme a re, “Mo reyeng lo re a tle kwano.” Hong ba bitsa monna wa sefofu. Ba re, “Heela wena yo o letlhogonolo, tla Jesu o a go bitsa.”
50 瞽者上着を抛棄て、躍揚りて御許に至りしが、
Hong Baratimaio a apola seaparo sa gagwe se segologolo a se latlhela kwa thoko, a tlola a tla kwa go Jesu.
51 イエズス答へて、我に何を為られん事を欲するぞ、と曰ひしに瞽者は、ラッボニ、我目の見えん事を、と云へり。
Jesu a mmotsa a re, “O batla ke go direla eng?” Monna wa sefofu a araba a re, “Moruti, ke batla go bona.”
52 イエズス之に向ひて、往け、汝の信仰汝を救へり、と曰ひしかば、彼忽見る事を得て途中までイエズスに從ひ行けり。
Jesu a mo raya a re, “Gotlhe go siame, go diragetse. Tumelo ya gago e go fodisitse.” E rile gone fela foo monna wa sefofu a bona, a sala Jesu morago mo tseleng!

< マルコの福音書 10 >