< マルコの福音書 14 >

1 第四項 イエズスの受難の預備 然て過越と無酵麪との祝、最早二日の後にあるべければ、司祭長律法學士等、如何に詭りてかイエズスを捕へ且殺すべき、と相謀りたりしが、
Mme Modiro wa Tlolaganyo wa simologa morago ga malatsi a le mabedi, e le letsatsi la boitapoloso la Bajuta la ngwaga le ngwaga le go neng go sa jewe senkgwe se se bedisitsweng, baperesiti ba bagolo le ba bangwe baeteledipele ba Sejuta ba bo ba sa ntse ba batla leano le ba ka tshwarang Jesu ka lone ka sephiri go mmolaya.
2 「祝日には之を為すべからず、恐くは人民の中に騒動起らん」と云ひ居たり。
Mme ba re, “Ga re ka ke ra dira jalo ka letsasi la modiro wa Tlolaganyo, e ka re kgotsa ga nna pheretlhego.”
3 イエズスベタニアに在りて、癩病者シモンの家にて食卓に就き給へるに、一人の女、價高き穂ナルドの香油を盛りたる器を持ちて來り、其器を破りて彼が頭に注ぎしかば、
Ka lobaka loo Jesu o ne a le kwa Bethania, mo tlung ya ga Simone wa molepero; ka nako ya dijo tsa maitseboa, mosadi mongwe a tla a tshotse kurwana ya setlolo se se tlhwatlhwa kgolo se se nkgang monate. Hong a thuba kurwana, a tshela setlolo mo tlhogong ya gagwe.
4 或人々心に憤りて、何の為に香油を斯は費したるぞ、
Bangwe ba ba neng ba le fa lomating lwa bojelo ba galefa thata kaga “tshenyo” eo, ka fa ba neng ba bua ka teng. Ba re, “O ka bo a rekisitse setlolo seo ka tlhwatlhwa e e kwa godimo mme a naya bahumanegi madi ao!”
5 此香油は三百デナリオ以上に売りて、貧者に施し得たりしものを、と云ひて、身顫しつつ此女を怒りたるに、
6 イエズス曰ひけるは、此女を措け、何ぞ之を累はすや。彼は我に善業を為ししなり。
Mme Jesu a re, “Mo leseng, lo mo omanyetsang ka go dira selo se se molemo.
7 其は貧者は常に汝等の中に在れば、随時に之を恵むことを得べけれど、我は常に汝等の中に居らざればなり。
Gonne lo na le bahumanegi malatsi otlhe mme ba tlhoka thuso mo go lona thata, lo ka kgona go ba thusa nako nngwe le nngwe e lo batlang go ba thusa ka yone; mme ga ke na go nna le lona ka lobaka lo lo leele.
8 此女は、其力の限を為して、葬の為に預め我身に油を注ぎたるなり。
O dirile se a neng a ka se kgona, mmele wa me o o tloleditse phitlho go sa le gale.
9 我誠に汝等に告ぐ、全世界何處にもあれ、福音の宣傳へられん處には、此女の為しし事も其記念として語らるべし、と。
Mme ke lo bolelela ka tlhwaafalo ya boammaaruri gore gongwe le gongwe kwa Mafoko a a Molemo a rerwang gone mo lefatsheng lotlhe, tiro ya mosadi yo, e tlaa nna e gakologelwa, e bo e galalediwa.”
10 時に十二人の一人なるイスカリオテのユダ、イエズスを司祭長等に売らんとて、彼等の許に至りしが、
Mme Judase Isekariota, mongwe wa barutwa ba gagwe, a ya kwa ditlhogong tsa baperesiti go ya go rulaganya go ba okela Jesu.
11 彼等之を聞きて喜び、金を與へんと約せしかば、ユダ如何にして機好くイエズスを付さんかと、企み居たり。
Erile fa baperesiti ba bagolo ba utlwa gore o tletse eng ba itumela thata ba bo ba mo solofetsa tuelo. Hong a simolola go batla nako e e siameng le lefelo le o ka okelang Jesu mo go lone.
12 斯て無酵麪の祝の首の日、即過越[の羔]を屠る日、弟子等イエズスに向ひ、我等が何處に往きて過越の食を汝の為に備へん事を欲し給ふか、と云ひしかば、
Ka letsatsi la ntlha la modiro wa Tlolaganyo, letsatsi le go neng go ntshiwa ditlhabelo tsa dikonyana, barutwa ba gagwe ba mmotsa gore o rata go ya go jela modiro wa Tlolaganyo kae?
13 イエズス二人の弟子を遣はすとて、是に曰ひけるは、市に行け、然らば水瓶を肩にせる人汝等に遇はん、其後に從ひて行き、
Mme a roma ba le babedi kwa Jerusalema go ya go dira dithulaganyo a ba raya a re, “E tlaa re fa lo sa ntse lo tsamaya, lo tlaa bona monna a tla a lebaganye le lona a rwele nkgwana ya metse. Lo mo sale morago.
14 何處にもあれ、彼が入る家の主に向ひて云へ、師曰く、我が弟子と共に過越を食すべき席は何處なるぞ、と。
Mo tlung e o tsenang mo go yone, bolelelang mong-wa ntlo lo re, ‘Morena wa rona o re rometse go tla go bona ntlwana e lo e re baakanyeditseng, e re tlaa jelang modiro wa Tlolaganyo mo go yone maitseboeng ano!’
15 然らば、彼既に整えたる大なる高間を汝等に示さん、其處にて我等の為に備へよ、と。
O tlaa lo isa kwa ntlwaneng e e kwa godimo e kgolo e e baakantsweng. Baakanyang dijo tsa rona gone.”
16 弟子等出でて市に至りしに、遇ふ所イエズスの曰ひし如くなりしかば、食事の準備を為せり。
Mme barutwa ba babedi ba tswelela jalo ba tsena mo motsing ba fitlhela sengwe le sengwe se ntse jaaka Jesu a ba boleletse, mme ba baakanyetsa Tlolaganyo.
17 夕暮に及びて、イエズス十二人と共に至り、
Mo maitseboeng Jesu a goroga le barutwa ba bangwe,
18 一同席に着きて食しつつあるに、イエズス曰ひけるは、我誠に汝等に告ぐ、汝等の中一人、我と共に食するもの、我を付さんとす、と。
mme ya re ba ntse fa lomating lwa bojelo ba a ja, Jesu a re “Ammaaruri ke a lo raya mongwe wa lona o tlaa nkoka, mongwe wa lona yo o leng fano yo ke jang nae.”
19 彼等憂ひて、各我なるかと云出でしに、
Mme ba tlala khutsafalo e kgolo botlhe, mme mongwe le mongwe wa bone a mmotsa a re, “A ke nna?”
20 イエズス彼等に曰ひけるは、十二人の一人にして、我と共に手を鉢に着くるもの、即是なり。
Mme a araba a re, “Ke mongwe wa lona ba ba lesome le bobedi yo ke jang nae fano gompeino.
21 抑人の子は、己に就きて録されたる如く逝くと雖、人の子を付す者は禍なる哉、此人生れざりしならば、寧其身に取りて善かりしものを、と。
Ke tshwanetse go swa, fela jaaka baporofiti ba boletse bogologolo; mme a bo go latlhega monna yo o nkokang. Go ka bo go le molemo fa a ka bo a sa tsalwa.”
22 弟子等の食するに、イエズス麪を取り、祝して之を擘き、彼等に與へて曰ひけるは、取れよ汝等、是我體なり、と。
Ya re ba ntse baa ja Jesu a tsaya senkgwe a se segofatsa a se ngathoganya a se ba naya a re, “Jaang se, ke mmele wa me.”
23 又杯を取り、謝して彼等に與へ給ひ、皆之を以て飲みしが、
A tsaya senwelo sa mofine a leboga Modimo kaga sone a se ba naya, mme botlhe ba a nwa mo go sone.
24 イエズス彼等に曰ひけるは、是衆人の為に流さるべき新約の我血なり。
Mme a ba raya a re, “Se ke madi a me, a a tshololetsweng batho ba le bantsi, a a kanelang kgolagano e ncha ya Modimo le batho.
25 我誠に汝等に告ぐ、神の國にて、汝等と共に新なるものを飲まん日までは、我今より復此葡萄の液を飲まじ、と。
Ammaaruri ke a lo raya ga nke ke tlhola ke e nwa loungo lwa mofine go fitlhelela letsatsi le ke nwang mofuta o sele mo Bogosing jwa Modimo.”
26 斯て賛美歌を誦へ畢り、彼等橄欖山に出行きしが、
Hong ba opela sefela mme ba ya kwa Thabeng ya Lotlhware.
27 イエズス曰ひけるは、汝等皆今夜我に就きて躓かん、其は録して「我牧者を撃たん、斯て羊散らされん」とあればなり、
Mme Jesu a ba raya a re, “Lotlhe lo tlaa ntlogela, gonne Modimo o buile jaana ka baporofiti wa re, ‘Ke tlaa ya kwa Galalea go ya go kopana le lona teng.’”
28 然れど我復活したる後、汝等に先だちてガリレアに往かん、と。
Petere a mo raya a re, “Nna ga nkake ka go tlogela le fa ba bangwe ba ka go tlogela!”
29 ペトロイエズスに向ひ、假令皆汝に就きて躓くとも、我は然らず、と云へるを、
30 イエズス曰ひけるは、我誠に汝に告ぐ、汝、今日今夜、鶏二次鳴く前に、必ず三次我を否まん、と。
Jesu a re, “Petere, Pele ga koko e tonanyana e lela la bobedi ka moso mo mosong o tla bo o intatotse gararo.”
31 彼尚言張りて、假令汝と共に死すとも、我は汝を否まじ、と云ひければ、一同も亦齊しく云ひ居たり。
Mme Petere a re, “Nnyaa! Le fa nkabo ke na le go swa nao ga nkake ka go itatola!” Mme ba ikana fela jalo botlhe.
32 第五項 イエズスの御受難 彼等ゲッセマニと云へる田舎家に至るや、イエズス弟子等に向ひ、我が祈る間、汝等此處に坐せよ、と曰ひて、
Hong ba fitlha fa felong fa go bidiwang tshimo ya Gethesemane, a feta a raya barutwa ba gagwe a re, “Nnang fa, ke sa ntse ke ya go rapela.”
33 ペトロとヤコボとヨハネとを随へ行き給ひしに、畏れ且忍びがたくなりて、
Mme a tsaya Petere, Jakobe le Johane a ya nabo, a simolola go fuduega thata le go tshwenyega.
34 彼等に曰ひけるは、我魂死ぬばかりに憂ふ。汝等此處に留りて醒めて在れ、と。
A ba raya a re, “Mowa wa me o hutsafetse thata mo ruri go isang losong; nnang fano, lo lebelele le nna.”
35 斯て少しく進みて、地に平伏し、叶ふべくば己より此時の去らん事を祈り給ひしが、
A tsamaela fa pelenyana a wela fa fatshe, a rapela gore fa go ne go kgonega nako e e boitshegang e e mo letetseng e seka ya mo diragalela.
36 又曰ひけるは、アバ、父よ、汝は総て能はざる事なし、此杯を我より去らしめ給へ、然れど我が思ふ所の如くにはあらで、思召す儘なれかし、と。
Mme a re, “Rara, Rara, dilo tsotlhe di ka diragala mo go wena. Tlosa senwelo se mo go nna. Le fa go ntse jalo ke batla thato ya gago, eseng ya me.”
37 斯て來り給ひて、弟子等の眠れるを見、ペトロに曰ひけるは、シモン汝眠れるか、我と共に一時間を醒め居る能はざりしか。
Hong a boela kwa barutweng ba gagwe ba bararo a ba fitlhela ba robetse, a re, “Simone a o robetse? A o ne o sa ka ke wa leta le nna lobaka lwa oura e le nngwe fela?
38 汝等誘惑に入らざらん為に醒めて祈れ、精神は逸れども肉身は弱し、と。
lebelelang le nna lo rapele gore moraedi a seka a lo fenya. Gonne le fa mowa o le tlhaga mmele o bokoa.”
39 復往きて、同じ詞を以て祈り給ひしが、
Mme a boa gape a ya go rapela, a boeletsa kopo ya gagwe.
40 復返りて弟子等の眠れるを見給へり。蓋彼等の目疲れて、イエズスに如何に答ふべきかを知らざりしなり。
A boela gape kwa go bone a fitlhela ba robetse, gonne ba ne ba lapile thata. Ba bile ba sa itse ka fa ba ka mo fetolang ka teng.
41 三度目に來りて彼等に曰ひけるは、今は早眠りて息め、事足れり、時は來れり、今や人の子罪人の手に付されんとす、
La boraro fa a boela kwa go bone a ba raya a re, “Tswelelang lo robale; Lo itapolose! Nnyaa! Nako ya go robala e setse e fetile! Bonang! ke okelwa mo diatleng tsa batho ba ba bosula.
42 起きよ、我等往かん、すは我を付さんとするもの近づけり、と。
Tsogang! Re tshwanetse go tsamaya! yo o nkokang o gaufi!”
43 イエズス尚語り給ふに、十二人の一人なるイスカリオテのユダ來り、司祭長律法學士長老等の許より來れる夥しき群衆剣棒などを持ちて之に伴へり。
Mme erile ka bonako a sa ntse a bua, Judase mongwe wa barutwa ba gagwe a goroga le setlhopha sa batho ba ba ipapanneng ka dichaka le melamu ba ba romilweng ke baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba bangwe ba Sejuta.
44 イエズスを売りたる者、曾て彼等に合圖を與へて、我が接吻する所の人其なり、捕へて確と引行け、と云ひいたりしが、
Judase o ne a ba boleletse gore, “Yo ke tlaa yang kwa go ene go mo dumedisa, lo itse gore ke ene mme lo mo tshware. Mme lo ka mo tsaya motlhofo.”
45 來りて直にイエズスに近づき、ラビ安かれ、と云ひて接吻せしかば、
Mme erile fela jaaka ba goroga, a tlhamalalela kwa go Jesu, a re, “Morena!” Mme a mo tlamparela ka tshupo ya botsalano jo bogolo.
46 彼等イエズスに手を掛けて、之を捕へたり。
Jalo setlhopha sa batho sa mo tshwara.
47 側に立てる者の一人、剣を抜き、大司祭の僕を撃ちて其耳を切落ししが、
Gone fela foo, mongwe a somola chaka, a kgaola motlhanka wa moperesiti yo mogolo tsebe.
48 イエズス答へて群衆に曰ひけるは、汝等強盗に[向ふ]如く、剣と棒とを持ちて我を捕へに出來りしか、
Jesu a ba botsa a re, “A ke serukhutlhi se se diphatsa, gore lo bo lo tla ka tsela e lo tlang ka yone, lo tla kwa go nna lo ipapanne ka ditlhabano?
49 我日々に[神]殿に於て、汝等の中に在りて教へたりしに、汝等我を捕へざりき。但是[聖]書の成就せん為なり、と。
Ke eng lo ile lwa seka lwa ntshwara kwa Tempeleng? Ke ne ke le teng koo, ke ruta letsatsi le letsatsi. Mme le fa go ntse jalo, dilo tse di dirafala gore di tlatse diperofeso tse di buang ka ga me.”
50 時に、弟子等彼を舍きて、皆遁去れり。
Ka nakonyana, barutwa ba gagwe botlhe ba bo ba tshabile.
51 一人の青年肌に広布を纏ひたる儘イエズスに從ひたりしが、人々之をも捕へしかば、
Mme le fa go ntse jalo ga bo go le lekawana lengwe le mo setse morago, le apere seaparo sa leloba e le seaparo sa bosigo. Ya re setlhopha seo se leka go mo tshwara, a falola, le fa go ntse jalo diaparo tsa gagwe tsa gagoga, a tshaba a sa ikatega.
52 広布を抛棄て、裸にて逃れ去れり。
53 斯て彼等、イエズスを大司祭の許に引行きしに、司祭律法學士長老等、皆此處に集りしが、
Hong Jesu a isiwa kwa legaeng la Moperesiti yo Mogolo kwa bagolwane botlhe ba baperesiti le baeteledipele bangwe ba Sejuta ba neng ba phuthaganela teng.
54 ペトロ遥にイエズスに從ひて、大司祭の中庭までも入込み、僕等と共に坐して火に燠り居れり。
Mme Petere a bo a mo setse morago a le kgakalanyana nae a ba a tla a tsena ka kgoro ya motse wa Moperesiti yo Mogolo a kotama fa molelong a nna fa gare ga batlhanka.
55 大司祭等及議會挙りて、イエズスを死に付さんとし、之が證據を求むれども、得ざりき。
Mo teng baperesiti ba bagolo le ba Kgotla kgolo ya tshekelo ya Sejuta ba ne ba leka go bona sengwe se ba ka pegang Jesu molato ka sone gore ba tle ba mmolaye. Mme ga se ka ga kgonega.
56 蓋數多の人、彼に對して僞證すれども、其證據一致せず、
Basupi ba le bantsi ba maaka ba ne ba ithaopa, mme bosupi jwa bone jwa ganetsanya.
57 又或者等起ちて彼に對して僞證し、
Lwa bofelo ga ema banna ba bangwe ba bua maaka ka ga gagwe ba re,
58 彼は手にて造れるこの[神]殿を毀ち、三日の中に別に手にて造らざるものを建てんと云へるを、我等聞けり、と云ひしも、
“Re mo utlwile a re, ‘Ke tlaa senya Tempele e e agilweng ka diatla tsa batho mme mo malatsing a le mararo ke tlaa aga e nngwe e e sa dirwang ka diatla!’”
59 彼等の證言一致せざりき。
Le fa go ntse jalo ga ba ise ba ke ba bo ba bue polelo e e tlhamaletseng!
60 大司祭眞中に立上り、イエズスに問ひて、彼等より咎めらるる所に對して、汝は何事をも答へざるか、と云ひたれど、
Hong Moperesiti yo mogolo a ema fa pele ga Lekgotla a botsa Jesu a re, “A o gana go arabela molato o? O na le eng se o ka iphemelang ka sone?”
61 イエズス黙然として、一言も答へ給はず、大司祭再問ひて、汝は祝すべき神の子キリストなるか、と云ひしかば、
Mme Jesu a seka a araba. Hong Moperesiti yo mogolo a mmotsa a re, “A o Mesia, Morwa Modimo?”
62 イエズス是に曰ひけるは、然り、而して汝等、人の子が全能に在す神の右に坐して、空の雲に乗り來るを見ん、と。
Jesu a araba a re, “Ke ene, mme lo tlaa mpona ke ntse ka fa letsogong la Modimo le legolo, ke tla mo lefatsheng ka maru a legodimo.”
63 茲に於て大司祭己が衣服を裂き、我等何ぞ尚證人を求めんや。
Hong moperesiti yo Mogolo a ikgagola diaparo a re, “Re sa ntse re tlhoka eng gape? Re sa ntse re tlhoka bosupi jwa eng? Lo setse lo utlwile tlhapatso ya gagwe. Katlholo ya lona ya reng?” Mme ba dumalana ka bongwe fela jwa pelo gore a atlholelwe loso.
64 汝等は冒涜の言を聞けり。之を如何に思へるぞ、と云ひしに一同、イエズスの罪死に當ると定めたり。
65 斯て或者等はイエズスに唾し、御顔を覆ひ、預言せよ、と云ひて、拳にて撃ちなどし始め、僕等は平手にて之を打ち居たり。
Mme bangwe ba bone ba simolola go mo kgwela mathe, ba mmipa sefatlhogo ba mo itaya ka mabole. Ba mo sotla ba re, “Ke mang yo o go iteileng moporofiti?” Ba mo nyonnyobetsa. Le masole tota a ne a mo itaya ka mabole fa a ntse a tsamaya nae.
66 然てペトロは下なる庭に居りしが、大司祭の下女の一人來りて、
Mme ka lobaka loo Petere o ne a le kwa tlase mo lolwapaneng. Mongwe wa basetsana ba ba neng ba direla Moperesiti yo Mogolo a lemoga Petere a ikomosa fa molelong. A tsepega Petere matlho a goa a re, “O ne o na le Jesu, wa Monasara.”
67 ペトロの火に燠れるを見しかば、之を熟視めて、汝もナザレトのイエズスと共に在りき、と云ひたるに、
68 彼否みて、我は知らず、汝の云ふ所を解せず、と云ひしが、軈て庭の前に出行きしに、鶏鳴けり。
Petere a itatola a re, “Ga ke itse se o buang ka ga sone!” A tswela kwa ntle kwa mathuding a lolwapa. Gone fela foo koko e tonanyana ya lela.
69 又或下女彼を見て、側に立てる人々に向ひ、此人は彼等の徒なり、と云出でけるを、
Mme morweetsana a mmona a eme foo a simolola go bolelela ba bangwe, a re, “Ke yole morutwa wa ga Jesu!”
70 ペトロ又否めり。暫時ありて、傍に立てる人々又ペトロに向ひ、汝は實に彼等の徒なり、齊しくガリレア人なれば、と云ひしかば、
Petere a itatola gape. Moragonyana bangwe ba ba neng ba dikaganyeditse molelo ba simolola go raya Petere ba re, “Le wena o mongwe wa bone, gonne o tswa Galalea!”
71 ペトロ詛ひ且誓出でて、我汝等の云へる彼人を知らず、と云ひしが、
A simolola go tlhapatsa a ikana a re, “Ga ke mo itse monna yo lo buang ka ga gagwe.”
72 忽鶏二次鳴けり。斯てペトロ、鶏二次鳴く前に汝三次我を否まん、とイエズスの曰ひたりし御言を思出でて、泣出せり。
Ka bonako koko e tonanyana ya lela lwa bobedi. Mme Petere a gakologelwa mafoko a ga Jesu a a reng, “Pele ga koko e tonanyana e lela lwa bobedi o tla a bo o intatotse gararo.” Mme a simolola go lela.

< マルコの福音書 14 >