< ルカの福音書 6 >

1 過越祭の二日目の後、初の安息日に、イエズス麦畑を過り給ふ時、弟子等穂を摘み、手に揉みて食しければ、
Ka Sabata mongwe ya re Jesu le barutwa ba gagwe ba tsamaya mo gare ga masimo mangwe a mabele, ba kgetla diako ba sosorela ditlhaka mo diatleng tsa bone mme ba a ja mabele.
2 ファリザイの或人々彼等に云ひけるは、何ぞ安息日に為すべからざる事を為せるや。
Mme Bafarasai bangwe ba re, “Ga go ka fa molaong! Barutwa ba gago ba roba mabele, mme go kgatlhanong le molao wa Sejuta go dira jalo go le Sabata.”
3 イエズス答へて曰ひけるは、ダヴィドが己及伴へる人々の飢ゑし時為しし事を、汝等読まざりしか。
Jesu a fetola a re, “A ga lo bale dikwalo? a ga lo ise lo ke lo bale se Kgosi Dafide o neng a se dira fa ene le batho ba gagwe ba ne ba tshwerwe ke tlala?
4 即彼神の家に入り、司祭等の外は食すべからざる供の麪を取りて食し、伴へる人々にも與へしなり、と。
O ne a tsena mo teng ga Tempele mme a tsaya senkgwe sa tshupelo, senkgwe se se neng se tlhophetswe go bewa fa pele ga Morena, mme a se ja se sa letlelelwa go jewa fela jaaka mo go sa letlelelwa mme a se kgaogana le ba bangwe.”
5 又彼等に曰ひけるは、人の子は亦安息日の主たるなり、と。
Mme Jesu a tlatsa a re, “Ke Morena le wa Sabata tota.”
6 又他の安息日に當り、イエズス會堂に入りて教へ給へるに、右の手萎えたる人其處に居りければ、
Ka Sabata nngwe o ne a le mo tlung ya thuto a ruta, mme monna mongwe a ba a le foo yo o golafetseng letsogo le legolo.
7 律法學士、ファリザイ人等、イエズスを訟ふる廉を見出さん為に、彼安息日に醫すやと窺ひ居りしが、
Baruti ba molao le Bafarasai ba lebelela sentle go bona gore a o tlaa fodisa monna ka letsatsi leo, ka e ne e le la Sabata. Gonne ba ne ba ikaeletse go mmaya molato.
8 イエズス其心を知りて、手萎えたる人に、起きて眞中に立て、と曰ひければ、彼起きて立てり。
Hong a itse megopolo ya bone jang! Mme a raya monna yo o neng a golafetse letsogo a re, “Tla o eme fa, fa mongwe le mongwe a tlaa go bonang gone.” Mme monna a dira jalo.
9 イエズス彼等に向ひ、我汝等に問はん、安息日に許さるるは善を為す事か、惡を為す事か、生命を救ふ事か、之を亡ぼす事か、と曰ひて、
Hong Jesu a raya Bafarasai le baruti ba molao a re, “Ke na le potso. A go siame go dira tshiamo ke letsatsi la Sabata, kgotsa go tlhokofatsa? Go boloka botshelo kgotsa go bo senya?”
10 一同を見廻らし給ひ、彼人に、手を伸べよ、と曰ひしかば、彼伸べて其手痊えたり。
A leba mongwe le mongwe wa bone mme a raya monna a re, “Otlolola letsogo la gago,” mme ya re a le otlolola, la fola!
11 然るに彼等が愚を極めたるや、如何にしてイエズスを處分せんかと語合ひ居たり。
Mme ya re ka ntlha ya tiragalo e, baba ba ga Jesu ba galefa thata, mme ba simolola go rerisanya polao ya gagwe.
12 第二款 十二使徒選定後の事實 其頃イエズス祈らんとて山に登り、終夜祈祷し居給ひしが、
Ka letsatsi lengwe Jesu a tswela mo dithabeng go ya go rapela, bosigo jotlhe.
13 天明に至りて弟子等を招び、其中より十二人を選みて、更に之を使徒と名け給へり。
Mme ya re letsatsi le tswa a bitsa balatedi ba gagwe a tlhopha ba le lesome le bobedi mo go bone go nna baeteledipele ba barutwa ba gagwe. (Ba ne ba tlhomamisiwa jaaka “Baapostoloi,” ba gagwe kgotsa “Barongwa.”)
14 即ちペトロと名け給へるシモンと其兄弟アンデレア、ヤコボとヨハネ、フィリッポとバルトロメオ、
Maina a bone ke a: Simone (yo o neng a bidiwa Petere), Anderea (monnawe Simone), Jakobe, Filipo, Barotholomea, Mathaio, Thomase, Jakobe, (morwa Alafaio), Simone, (yo o neng a bidiwa “Moselote”) Judase (morwa Jakobe), Judase Isekariota (yo o neng ya re morago a oka Jesu).
15 マテオとトマ、アルフェオの子ヤコボとゼロテと云へるシモン、
16 ヤコボの兄弟ユダと謀叛人となりしイスカリオテのユダとなり。
17 イエズス、是等と共に下りて平かなる處に立ち給ひしが、弟子の一群と共に又夥しき群衆あり。是イエズスに聴き且病を醫されんとて、ユデアの全地方、エルザレム及びチロとシドンとの湖辺より來れるものなり。
Erile fa ba fologa mekgokolosa ya thaba, ba ema le Jesu mo lobaleng lo lo tona, ba dikaganyeditswe ke bontsi jwa balatedi ba gagwe, ba le bone ba neng ba dikaganyeditswe ke bontsintsi jwa batho. Gonne batho botlhe ba ba tswang mo tikologong ya Judea le go tswa Jerusalema le go tswa bokgakala jwa bokone jwa lotshitshi lwa lewatle la Ture le Sidona ba ne ba tsile go mo reetsa a ruta kgotsa a fodisa. Mme a kgoromeletsa mewa e e maswe e le mentsi ntle.
18 斯て汚鬼に悩まさるる人々醫され、
19 群衆皆イエズスに触れんと力め居たり、其は霊能彼の身より出でて、凡ての人を醫せばなり。
Mongwe le mongwe o ne a leka go mo ama, gonne ka go dira jalo nonofo ya phodiso e ne e tswa mo go ene mme ba fodisiwe.
20 イエズス弟子等の方に目を翹げて曰ひけるは、福なる哉汝等貧しき人、其は神の國は汝等の有なればなり。
Hong a retologela kwa barutweng ba gagwe a ba raya a re, “Lo sego lona ba lo bahumanegi, gonne Bogosi jwa Modimo ke jwa lona!
21 福なる哉汝等今飢うる人、其は飽かさるべければなり。福なる哉汝等今泣く人、其は笑ふべければなり。
Lo sego lona ba lo bolawang ke tlala, gonne lo tlaa kgorisiwa. Lo sego lona ba lo lelang gonne nako e e tla, e lo tlaa tshegang ka boitumelo!
22 福なる哉汝等、人の子の為に憎まれ、遠ざけられ、罵られ、其名は惡しとして排斥せらるる時、
“Lo sego motlhang batho ba ba lo ilang ba ikgaoganya le lona ba lo kgoba ba lo senya leina ka ntlha ya gore lo ba me!
23 其日には歓び躍れ、其は汝等の報天に於て大いなればなり。即ち彼等の先祖は預言者等に斯く為したりき。
Fa moo go diragala itumeleng! Ee, ipeleng gonne lo tla nna le tuelo e kgolo. Mme lo tlaa nna mo lesomong le le siameng baporofiti ba bogologolo ba ne ba dirwa jalo le bone.
24 然れども、汝等富める人は禍なる哉、其は今己が慰を有すればなり。
“Mme mafutsana a letile bahumi! Gonne ba na le boitumelo fela fano.
25 汝等飽足れる人は禍なる哉、其は飢うべければなり。汝等今笑ふ人は禍なる哉、其は嘆き且泣くべければなり。
Ba nonne ba tsweletse pele gompieno, mme lobaka lwa tlala e e boitshegang lo ba letile. Ditshego tsa bone tse e seng tsa sepe gompieno di raya kutlobotlhoko.
26 汝等人々に祝せらるる時は禍なる哉、即ち彼等の先祖は僞預言者等に斯く為したりき。
Mme kutlobotlhoko e lebagane ba ba galalediwang ke batho gonne baporofiti ba tsietso ba ne ba aga ba galalediwa jalo.
27 然れば我、聴聞する汝等に告ぐ、汝等の敵を愛し、汝等を憎む人を恵み、
“Reetsang! Ratang baba ba lona. Direlang tshiamo ba ba lo ilang.
28 汝等を詛ふ人を祝し、汝等を讒する人の為に祈れ、
Rapelelang boitumelo ba ba lo hutsang; kopelang ba ba lo utlusang botlhoko matlhogonolo a Modimo.
29 人汝の頬を打たば、是に他の頬をも向けよ。又汝の上衣を奪ふ人には、下衣をも拒むこと勿れ。
“Fa mongwe a go faphola mo lerameng, mo lese a faphole le lengwe! Fa mongwe a go kopa baki, mo nee le hempe ya gago.
30 総て汝に求むる人に與へよ、又汝の物を奪ふ人より取戻すこと勿れ。
Naya se o nang naso yo o se kopang; mme fa dilo di tshotswe mo go wena, se tshwenyege ka gore di boe.
31 汝等が人に為られんと欲する所を、汝等も其儘人に行へ、
Direla ba bangwe jaaka o batla ba go direla.
32 己を愛する人を愛すればとて、汝等に何の酬かあらん、蓋罪人も猶己を愛する人を愛するなり。
“A o gopola gore o tshwanetswe ke tlotlo ka go rata ba ba go ratang fela? Le baleofi ba dira jalo!
33 又汝等に恵む人を恵めばとて、汝等に何の酬かあらん、蓋罪人も猶之を為すなり。
Mme fa o direla molemo fela ba ba go direlang molemo-a moo go siame? Le baleofi ba dira jalo!
34 又受くる所あらんことを期して人に貸せばとて、汝等に何の酬かあらん、蓋罪人も猶均しき物を受けんとて、罪人に貸すなり。
Fa o adima madi fela ba ba go duelang ana ke tshiamo, efe? Le baikepi ba bagolo le bone ba tle ba adime baikepi ka bone gore ba amogele mo go kalo gape!
35 然れど汝等は己が敵を愛し、又報を望まずして貸し、且恵め、然らば汝等の報大いにして、最高き者の子たるべし、其は恩を知らざる者、惡き者の上にも仁慈に在せばなり。
“Ratang baba ba lona! Ba direleng tshiamo. Ba adimeng! Mme lo se ka lwa tshwenyega ka gore ga ba kitla ba duela. Hong tuelo ya lona kwa legodimong e tlaa nna kgolo thata, mme ruri lo tlaa dira jaaka bomorwa Modimo: Gonne o siametse ba ba sa lebogeng le ba ba bosula.
36 然れば汝等も亦慈悲あること、汝等の父の慈悲に在す如くなれ。
“Leka go supa kutlwelo botlhoko e tona jaaka Rraeno a dira.
37 人を是非すること勿れ、然らば汝等も是非せられじ。人を罪すること勿れ、然らば汝等も罪せられじ。宥せ、然らば汝等も宥されん。
“O se ka wa tshwaya diphoso kgotsa wa sekisa, e se re kgotsa ga boela mo go wena. Direla ba bangwe ka bopelonomi; mme le bone ba tlaa go direla jalo.
38 與へよ、然らば汝等も與へられん。即ち量を善くし、壓入れ、揺入れ、溢るる迄にして、汝等の懐に入れられん。其は己が量りたる所の量にて、己も亦量らるべければなり。
Gonne fa o aba, o tlaa bona! Mpho ya gago e tlaa go boela ka botlalo e bile e le selekanyo se se tshologang, e papietswe e tshikintswe go direla tse dingwe photlha, e bile e penologa. A e ka bo e le selekanyo sefe se o se dirisang se se tona kgotsa se se nnye se tlaa dirisiwa go lekanya se se go boelang.”
39 然てイエズス喩を彼等に語り給ひけるは、瞽者は瞽者を導き得るか、二人ながら坑に陥るに非ずや。
Dingwe tsa ditshwantsho tsa dipolelo tse Jesu a neng a di dirisa mo ditherong tsa gagwe ke tse: “Go thusang gore sefofu se etelele se sengwe kwa pele? Gonne e tlaa re se wela mo kgatamping se gogele se sengwe mo teng.
40 弟子は師に優らず、誰にもあれ、己が師の如くならば完全なるべし。
“Moithuti o ka itse jang go gaisa moruti wa gagwe? Mme fa a ithuta thata o ka tshwana le moruti wa gagwe.
41 汝何ぞ兄弟の目に塵を見詰めて、己が目に在る梁を省みざる、
“Mme ke eng fa o tshwenyega kaga selabe se se mo leitlhong la yo mongwe ebong molato o monnye wa gagwe fa mosipori o le mo go la gago?
42 又己が目の梁を見ずして、争でか兄弟に向ひて、兄弟よ、我をして汝の目より塵を除かしめよ、と言ふを得んや。僞善者よ、先己が目より梁を除け、然らば目明にして、兄弟の目より塵を除くを得べし。
O ka akanya jang go mo raya o re, mokaulengwe, tla ke go thuse go ntsha selabe mo leitlhong la gago, fa o sa kgone go bona ka ntlha ya mosipori pele ke gone gongwe o ka bonang sentle go dira sengwe ka selabe sa gagwe. Moitimokanyi:
43 惡き果を結ぶは善き樹に非ず、又善き果を結ぶは惡き樹に非ず、
“Setlhare se se tswang mo thitong e e siameng ga se ka ke sa ungwa loungo lo lo motlhofo le ditlhare tse di tswang mo thitong e e motlhofo ga di ka ke tsa ungwa loungo lo lo tlhophegileng.
44 即ち樹は各其果によりて知らる。茨より無花果を採らず、藪覆盆子より葡萄を取らざるなり。
Setlhare se lemogwa ka mofuta wa loungo lwa sone. Maungo a difeige ga a ka ke a ungwiwa ke ditlhare tse di mitlwa, kgotsa moretlwa mo manganeng.
45 善き人は其心の善き庫より善き物を出し、惡き人は惡き庫より惡き物を出す。口に語るは心に溢れたる所より出づればなり。
“Motho yo o siameng o ntsha ditiro tse di siameng mo pelong e e siameng. Mme motho yo o bosula o ntsha dilo tse di bosula mo boikepong jwa gagwe jo bo fitlhegileng. Sengwe le sengwe se se mo pelong ya gagwe se fetogela mo puong.
46 汝等、主よ主よ、と呼びつつ、我が言ふ事を行はざるは何ぞや。
“Jaanong ke eng fa lo mpitsa Morena lo sa nkutlwe?
47 総て我に來りて、我言を聞き且行ふ人の誰に似たるかを汝等に示さん。
Mme botlhe ba ba tlang go reetsa le go nkutlwa ba tshwana le monna yo o agang ntlo mo motheong o o nonofileng o o beilweng mo lefikeng le le kwa tlase. E re fa merwalela e tlhatloga e thubaka ntlo, e eme e nitame mo lefikeng.
48 即ち彼は家を建つるに地を深く掘りて基礎を岩の上に据ゑたる人の如し。洪水起りて激流其家を衝けども、之を動かす能はず、其は岩の上に基したればなり。
49 然れど聞きて行はざる人は、基礎なくして土の上に家を建てたる人の如し、激流之を衝けば、直に倒れて其家の壊甚し、と。
Mme ba ba reetsang mme ba sa utlwe ba tshwana le monna yo o agileng ntlo e e senang motheo. E re fa merwalela e elelela mo tlung eo, e senyege e be e tswe letlotla.”

< ルカの福音書 6 >