< ヨハネの福音書 1 >

1 元始に御言あり、御言神の御許に在り、御言は神にてありたり。
Erile pele ga tlholego ya dilo tshotlhe, Keresete a bo a ntse a le teng le Modimo. Ga a bolo go nna a tshela mme a le Modimo ka sebele.
2 是元始に神の御許に在たるものにして、
3 萬物之に由りて成れり、成りしものの一も、之に由らずして成りたるはあらず。
O tlhodile sengwe le sengwe se se leng teng, ga gona sepe se se tshelang se se sa tlholwang ke ene.
4 之がうちに生命ありて、生命又人間の光たりしが、
Botshelo jo bo sa khutleng bo mo go ene, mme botshelo jo bo naya batho lesedi.
5 光闇に照ると雖も、闇之を暁らざりき。
Botshelo jwa gagwe ke lesedi le le phatsimang mo lefifing, mme lefifi ga le kake la tima lesedi.
6 神より遣はされて、名をヨハネと云へる人ありしが、
Modimo o ne wa roma Johane wa Mokolobetsi e le mosupi wa gore Jesu Keresete ke lesedi la Boammaaruri.
7 其來りしは證明の為にして、光を證明し、凡ての人をして己に籍りて信ぜしめん為なりき。
8 彼は光に非ずして、光を證明すべき者たりしなり。
Johane e ne e se lesedi ka boene; o ne a le mosupi wa lone fela.
9 [御言こそ、]此世に出來る凡ての人を照らす眞の光なりけれ。
Moragonyana, yo e leng ene lesedi la boammaaruri a goroga go tla go phatsima mo go mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng.
10 曾て世に在り、世又之に由りて成りたれども、世之を知らず、
Mme le fa tota a dirile lefatshe, lefatshe ga le a ka la mo itse fa a sena go tla.
11 己が方に來りしも、其族之を承けざりき。
Le fa e le mo lefatsheng la ga gabo le mo go ba ga gabo ebong Bajuta, ga a a ka a amogelesega. Ba se kae fela ba ne ba mo amogela. Mme botlhe ba ba neng ba mo amogela, o ne a ba naya tshiamelo ya go nna bana ba Modimo. Gotlhe mo ba neng ba tlhoka go go dira, e ne e le go mo ikanya gore a ba boloke.
12 然れど之を承けし人々には各神の子となるべき権能を授けたり。是即ち其名を信ずる者、
13 血統に由らず、肉の意に由らず、人の意に由らず、神に由りて生れ奉りたる者なり。
Botlhe ba ba dumelang se, ba tsalwa sesha eseng ga senama mo go tswang mo thatong ya motho kgotsa leano; mme go tswa mo go rateng ga Modimo.
14 斯て御言は肉と成りて、我等の中に宿り給へり、我等は其光榮を見奉りしが、其は父より來れる獨子の如き光榮なりき、即ち恩寵と眞理とに満ち給ひしなり。
Mme Keresete a nna motho mme a nna mo lefatsheng mo gare ga rona a tletse lorato lwa boitshwarelo le boammaaruri. Bangwe ba rona ba bonye kgalalelo ya gagwe; kgalalelo ya Morwa yo o esi wa ga Rara wa Legodimo!
15 ヨハネは彼に就きて證明し、呼はりて曰く、我より後に來るべき人は、我に先ちて存したるが故に我より先にせられたり、と云ひて我が曾て指示ししは是なり、と。
Johane a mo supegetsa batho, a bolelela batho ba le bantsintsi a re, “Yo ke ene yo ke neng ka bua ka ga gagwe ke re, ‘Mongwe o e tla yo o mphetang go menaganye; gonne ga a bolo go nna pele ga ke tsalwa.’”
16 斯て我等は皆其充満せる所より授かりて、恩寵に恩寵を加へられたり。
Rotlhe re amogetse mahumo a a tswang mo matlhogonolong a gagwe a o a re lereditseng, letlhogonolo mo godimo ga letlhogonolo go koegilwe mo go rona!
17 蓋律法はモイゼを以て與へられたるも、恩寵と眞理とはイエズス、キリストを以て成りたるなり。
Gonne Moshe o re neetse molao fela o o nang le maikaelelo a a thata go tshegediwa, le tshiamo e e senang kutlwelobotlhoko, fa Jesu Keresete ene a re lereditse lorato le boitshwarelo.
18 誰も曾て神を見奉りし人はあらず、父の御懐に在す獨子の自ら説き顕し給ひしなり。
Ga go na ope yo tota o kileng a bona Modimo ka matlho, fa e se Morwawe fela a le esi yo o mmonyeng, gonne ke mopati wa ga Rara ebile o re boleletse gotlhe ka ga Ene.
19 第一款 洗者ヨハネイエズスを證明す。 第一篇 イエズス言行を以て其神性及び派遣を證し給ふ 第一項 最初の證明及行為 抑ヨハネの證明は次の如し。ユデア人がエルザレムより司祭及びレヴィ人等を彼に遣はして、汝は誰なるぞ、と問はしめし時、
Baeteledipele ba Sejuta ba roma baperesiti le bathusi ba bone go tsweng kwa Jerusalema go botsa Johane gore a o ne a ipitsa Mesia.
20 彼は宣言せしが、否む事なくして、我キリストに非ずと宣言せり。
Mme a ganela mo go senang gotwe sepe. A re, “Ga ke Keresete.”
21 彼等、然らば何ぞや、汝はエリアなるか、と問ひしに、彼、然らずと云ひ、[彼]預言者なるか、と云ひしに、否と答へたり。
Mme ba mmotsa ba re, “Go siame, jaanong o mang? A o Elija?” A fetola a re, “Nnyaa.” “A o moporofiti?” “Nnyaa.”
22 斯て彼等、汝は誰なるぞ、我等を遣はしし人々に答ふる事を得しめよ、自ら己を何と稱するぞ、と云ひしかば、
“Jaanong o mang? Re bolelele gore re tle re kgone go neela ba ba re romileng karabo. Wa reng fa o ikarabela?”
23 彼云ひけるは、我は預言者イザヤの云ひし如く、「汝等主の道を平にせよ」と野に呼はる者の聲なり、と。
A fetola a re, “Ke lentswe le le tswang mo sekakeng se se senang sepe, ke goa fela jaaka Isaia a porofitile a re, ‘ipaakanyetseng go tla go Morena’.”
24 此遣はされし人々はファリザイの徒なりしが、
Mme ba ba neng ba romilwe ke Bafarasai ba mmotsa ba re, “Fa o se Mesia kgotsa Elija kgotsa moporofiti, o tsaya kae tetlelelo ya go kolobetsa?”
25 又ヨハネに問ひて、然らば汝はキリストにも非ず、エリアにも非ず、[彼]預言者にも非ざるに、何ぞ洗するや、と云ひしに
26 ヨハネ答へて云ひけるは、我は水にて洗すれども、汝等の中に、汝等の知らざる一個の人立てり、
Johane a ba raya a re, “Ke kolobetsa fela ka metsi, mme mo gare ga bontsintsi jwa batho, go na le mongwe yo lo iseng lo ke lo rakane nae.
27 是ぞ我後に來るべき者、我より先にせられたる者にして、我は其履の紐を解くにだも堪へず、と。
Yo o tlaa tlogang a simolola tirelo-Modimo mo go lona, mme ga ke a lekana go nna le fa e le lekgoba la gagwe.”
28 此等の事は、ヨハネの洗しつつありしヨルダン[河]の彼方、ベタニアにて成りき。
Tiragalo e e ne ya diragala kwa Bethania, motse o o ka fa ntlheng e nngwe ya Noka ya Jorodane kwa Johane o neng a kolobetsa teng.
29 明日ヨハネ、イエズスの己に來り給ふを見て云ひけるは、看よ神の羔を、看よ世の罪を除き給ふ者を。
Letsatsi le le latelang Johane a bona Jesu a tla ntlheng ya gagwe mme a re, “Bonang! Kwana ya Modimo e e tlosang boleo jwa lefatshe!
30 我が曾て、我より後に來る者あり、我より先に存したるが故に我より先にせられたり、と云ひて指示ししは是なり。
Ke ene yo ke neng ke bua ka ga gagwe ke re, ‘Monna yo o mphetang thata o tlaa tloga a tla ka bofefo, yo o sa bolong go nna pele ga me!’
31 我原之を知らざりしかど、水にて洗しつつ來れるは、彼をイスラエルに於て顕れしめん為なり、と。
Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme ke fano ke kolobetsa ka metse gore ke mo supe mo chabeng ya Iseraele.”
32 ヨハネ又證明して云ひけるは、我は[聖]霊が鳩の如く天より降りて彼の上に止り給ふを見たり。
Mme Johane a bolela ka go bona Mowa O O Boitshepo o fologela mo go Jesu o le mo setshwa-nong sa lephoi o tswa kwa legodimong.
33 我原彼を知らざりしかど、我を遣はして水にて洗せしめ給へえるもの、我に曰ひけらく、汝[聖]霊の降りて人の上に止り給ふを見ば、是ぞ聖霊にて洗する者なる、と。
Gape Johane a re, “Ke ne ke sa itse gore ke ene, mme erile ka nako e Modimo o neng o nthoma ka yone go tla go kolobetsa wa re, ‘Fa o bona Mowa O O Boitshepo o fologa o nna mo mongweng, ke ene yo o mmatlang. Ke ene yo o kolobetsang ka Mowa O O Boitshepo.’
34 斯て我之を目撃して、彼が神の御子たる事を證明したるなり、と。
Ke bonye go diragala mo monneng yo, mme ke sone se ke supang gore ke Morwa Modimo.”
35 第二款 イエズス自らを證明し給ふ 翌日ヨハネ又弟子兩人と共に立ち居て、
Letsatsi le le latelang fa Johane a eme le barutwa ba bangwe ba le babedi,
36 イエズスの歩み給ふを見、看よ神の羔を、と云ひしかば、
Jesu a feta gautshwane le bone. Johane a mo leba thata mme a bua a re, “Bonang Kwana ya Modimo!”
37 二人の弟子斯く語るを聞きて、イエズスに随行きしに、
Mme barutwa ba babedi ba ga Johane ba retologa ba sala Jesu morago!
38 イエズス回顧りて其從へるを見、之に曰ひけるは、汝等何を求むるぞ、と。彼等、ラビ――訳せば師よ――何處に住み給ふぞ、と云ひしかば、
Jesu a retologa a ba bona ba mo setse morago. Mme a ba botsa a re, “Lo batlang?” Ba mo raya ba re, “Rra, o nna kae?”
39 イエズス、來て見よ、と曰へり、彼等往きてイエズスの住み給ふ處を見、其日は其處に留れり。時は四時頃なりき。
A ba raya a re, “Tlang lo bone.” Mme ba ya le ene kwa a neng a nna teng mme ba nna nae lobaka lo e neng e ka nna go simologa nako ya bone mo tshokologong go fitlhelela go nna lotlatlana.
40 シモンペトロの兄弟アンデレアは、ヨハネより聞きてイエズスに從ひし兩人の其一人なりしが、
(Mongwe wa banna ba e ne e le Anderea Monnaa Simone Petoro).
41 先其兄弟シモンに出逢ひて之に云ひけるは、我等メッシア――訳せばキリスト――に遇へり、と。
Mme Anderea a ya go senka Petoro mogolowe a mo raya a re, “Re bonye Mesia.”
42 斯て之をイエズスの許に連來りしに、イエズス之を熟視めて曰ひけるは、汝はヨナの子シモンなり、ケファ――訳せばペトロ――と名けられん、と。
Mme a isa Petoro kwa go Jesu. Jesu a tlhoma Petoro matlho le mogopolo ka lobakanyana mme a re, “O Simone, morwa Johane, mme o tlaa bidiwa Petoro, ke gore Lefika!”
43 次日ガリレアに往かんとして、フィリッポに遇ひ給ひしかば、イエズス、我に從へ、と曰ひしが、
Letsatsi le le latelang Jesu a ikaelela go ya Galalea. Mme bona Filipo a mo raya a re, “Ntshala morago.”
44 フィリッポは、アンデレアとペトロとの故郷なる、ベッサイダの人なりき。
Filipo a ya go senka Nathaniele mme a mo raya a re, “Re bonye Mesia! Ene tota motho yo Moshe le baporofiti ba boletseng ka ga gagwe! Leina la gagwe ke Jesu, morwa Josefe yo o tswang Nasaretha!”
45 フィリッポナタナエルに遇ひて云ひけるは、我等モイゼの律法にも預言者等にも録されし人に遇へり、即ちナザレトのヨゼフの子イエズスなり、と。
Nathaniele a hakgamala a re.
46 ナタナエル、何等の善き者かナザレトより出づるを得んや、と云ひしかば、フィリッポ、來て見よ、と云へり。
“Kwa Nasaretha! a gona le sengwe se se siameng se se ka tswang teng?” Filipo a re, “Tla fela o iponele.”
47 イエズスナタナエルの己に來るを見給ひ、之を指して、是實に野心なきイスラエル人なり、と曰へば、
Ya re ba atamela Jesu a re, “Monna yo o ikanyegang ke yo o e tla, Moiseraele wa boammaaruri.”
48 ナタナエル、如何にして我を知り給ふぞ、と云ひしに、イエズス答へて曰ひけるは、フィリッポが汝を呼ぶ前に、我汝が無花果樹の下に居るを見たり、と。
Nathaniele a re, “O nkitsile jang?” Mme Jesu a fetola a re, “Erile o le ka fa tlase ga setlhare sa mofeige, Filipo a ise a go bone, ke ne ke go bona.”
49 ナタナエル答へて、ラビ汝は神の御子なり、イスラエルの王なり、と云ひしかば、
Nathaniele a fetola a re, “Rra, O Morwa Modimo, Kgosi ya Iseraele!”
50 イエズス答へて曰ひけるは、汝が信じたるは、我汝が無花果樹の下に居るを見たりと告げしによりてなり。汝、之よりも更に大いなる事を見ん、と。
Jesu a mmotsa a re, “A o dumela gotlhe mo fela ka gore ke go boleletse gore ke ne ka go bona ka fa tlase ga setlhare sa mofeige? O tlaa bona ditshupo tse dikgolo go na le tse.
51 又之に曰ひけるは、誠に實に汝等に告ぐ、汝等は天開けて神の使等が人の子の上に陟降するを見るべし、と。
O tlaa bo o bone le legodimo le atlhamologa le baengele ba Modimo ba boaboela ba tla kwa go nna, Monna wa kgalalelo.”

< ヨハネの福音書 1 >