< ルカの福音書 24 >

1 第三項 イエズスの御復活 安息日の翌日、婦人等支度せし香料を携へて朝早く墓に至り、
Erile go sa le mo mosong ka Tshipi ba tseela ditlolo tsa bone kwa phupung,
2 墓より石の転ばし退けられたるを見て、
mme ba fitlhela lentswe le legolo le le neng le khurumeditse phupu le hidikolotswe.
3 内に入りけるに、主イエズスの御屍見當らざしかば、
Jalo ba tsena mo teng, mme setopo sa ga Jesu sa bo se seyo.
4 之に當惑したりしが、折しも輝ける衣服を着けたる二人の男、彼等の傍に立てり。
Ba ema foo ba reregile ba akanya gore se ka bo se diragaletswe ke eng? Ka tshoganetso banna ba babedi ba iponatsa mo go bone, ba apere diaparo tse di tshweu di lakasela mo e leng gore matlho a bone a ne a kaloga.
5 彼等懼れて俯きたるに、其二人言ひけるは、何ぞ生者を死者の中に尋ぬるや、
Basadi ba bo ba tshogile thata mme ba obama fa pele ga bone. Mme banna ba ba botsa ba re, “Ke eng fa lo batla motshedi mo diphupung?
6 彼は此處に在さず、復活し給へり。思出せ、未だガリレアに居給ひし時、如何に汝等に語りしかを。
Ga a yo fa! O rudile! A ga lo gakologelwe se o neng a se lo bolelela kwa Galalea gore Mesia o tshwanetse go okelwa mo nonofong ya batho ba ba bosula a bo a bapolwa mme a tsoge ka letsatsi la boraro?”
7 即ち、人の子は必ず罪人の手に付され、十字架に釘けられ、三日目に復活すべし、と曰ひしなり、と。
8 婦人等此御言を思出し、
Mme ba gakologelwa,
9 墓より歸りて、一切の事を十一使徒及び他の人々に告げたり。
ba sianela kwa Jerusalema go ya go bolelela barutwa ba gagwe ba ba lesome le bongwe le mongwe le mongwe se se diragetseng.
10 使徒等に告げしは、マグダレナ、マリアとヨハンナとヤコボの母マリア及び伴へる婦人等なりしが、
(Basadi ba ba neng ba ya kwa phupung e ne e le Marea Magatalena, Joana le Marea mmagwe Jakobe le ba bangwe ba le bantsinyana).
11 其言荒誕の様に覚えて、使徒等は之を信ぜざりき。
Mme polelo e ya utlwala ekete dinaane fela mo bathong, ba se ka ba e dumela.
12 然れどペトロは起ちて墓に走行き、身を屈めて唯布のみ置かれたるを見しかば、有りし次第を心に怪しみつつ去れり。
Le fa go ntse jalo, Petere a sianela kwa phupung go ya go bona. A obama a okomela mme a bona diphutho tse di senang sepe; a boela gae, a gakgamaletse se se diragetseng.
13 然て同日に弟子の二人、エルザレムより約三里を隔てたる、エンマウスと名くる村に往く途中、
Ka lone letsatsi leo, balatedi bangwe ba ga Jesu ba le babedi ba bo ba ya kwa motsaneng wa Emau; bokgakala jwa dimmaele di supa go tswa kwa Jerusalema.
14 此起りたる凡ての事を語合ひ居たりしが、
Ya re ba ntse ba tsamaya ba bo ba bua; kaga loso lwa ga Jesu,
15 斯く語合ひて僉議しつつある程に、イエズス御自らも近づきて、彼等に伴ひ居給へり。
mme ka tshoganetso Jesu ka sebele a tla a tseisanya nabo tsela!
16 然れど彼等の目は之を認めざる様、覆はれてありき。
Mme ba se ka ba mo lemoga, gonne Modimo o ne wa dira gore ba seka ba lemoga.
17 斯て彼等に向ひ、汝等が歩みながら語合ひつつ悲しめるは何の談ぞ、と曰ひしかば、
A ba raya a re, “Lo lebega o ka re lo tshotse kgang e tona ka ga sengwe. Lo tshotse kgang ka ga eng?” Ba ema go se kae ba tlhontse difatlhogo.
18 名をクレオファと云へる一人答へて云ひけるは、汝は獨りエルザレムに於る旅人にして、此頃彼處に起りし事を知らざるか、と。
Mme mongwe wa bone, ebong Keleopase a fetola a re, “E tshwanetse ya bo e le wena fela mo Jerusalema yo o iseng o utlwalele dilo tse di gakgamatsang tse di diragetseng mo bekeng e e fetileng.”
19 イエズス何事ぞ、と曰ひしに彼等言ひけるは、ナザレトのイエズスの事なり、彼は預言者にして、言行ともに神と一般の人民とに對して勢力ありしが、
Jesu a botsa a re, “Dilo di fe?” Ba re, “Dilo tse di dirageletseng Jesu, wa Monasara. E ne e le Moporofiti yo o neng a dira dikgakgamatso tse di leng thata go dumelwa ebile e le Moruti yo mogolo yo o neng a tlotlwa thata ke Modimo le batho.
20 我大司祭、及び首領等は、之に死罪を言渡して十字架に釘けたる次第なり。
Mme baperesiti ba bagolo le baeteledipele ba tumelo ya rona ba mo tshwara ba mo neela mmuso wa Se-Roma go atlholelwa loso, ba bo ba mmapola.
21 我等は、彼こそイスラエルを贖ふべき者なれと、待設け居たりしが、此等の事ありてより今日は早三日目なり。
Re ne re solofetse gore e ne e le Mesia yo o galalelang yo o tsileng go golola Iseraele. Mme jaanong, mo godimo ga mo gotlhe mo go diragetseng mo malatsing a mararo a a fetileng,
22 然て我等の中の或婦人等も亦我等を驚かせたり、即ち彼等未明に墓に至りしに、
basadi bangwe ba setlhopha sa rona sa balatedi ba gagwe ba ne ba le kwa phupung phakela thata mme ba boa ka polelo e e hakgamatsang e e reng setopo sa gagwe ga seyo, le gore ba bonye baengele gone ba ba ba boleletseng gore Jesu o a tshela!
23 イエズスの御屍見當らず、而も天使等の現れて、彼は活き給へりと告ぐるを見たり、と云ひつつ來れり、
24 斯て我等の中より或人々墓に往きしに、婦人等の云ひし如くなるを見しも、彼をば見付けざりき、と。
Bangwe ba rona ba ne ba sianela teng go ya go bona, mme ka boammaaruri jo bo tletseng setopo sa ga Jesu sa bo se seyo, fela jaaka basadi ba boletse.”
25 イエズス彼等に曰ひけるは、嗚呼愚にして預言者等の語りし凡ての事を信ずるに心鈍き者よ、
Mme Jesu a ba raya a re, “Lo dieleele go le kae? A batho ba ba dieleele! Lo palelwa ke go dumela se baporofiti ba se kwadileng mo dikwalong!
26 キリストは、是等の苦を受けて而して己が光榮に入るべき者ならざりしか、と。
A ga go a tlhalosiwa pele ke baporofiti gore Mesia o tlaa bogela dilo tse tsotlhe pele ga a tsena mo kgalalelong ya Gagwe!”
27 斯てモイゼ及び諸の預言者を初め、凡ての聖書に就きて、己に関する所を彼等に説明し居給ひしが、
Mme a ba phuthololela mafoko ka go latelana ga one mo dikwalong tsa baporofiti, a simolola ka lokwalo lwa Genesese mme a tsamaya le dikwalo tse dingwe, a tlhalosa gore mafoko a ne a raya eng le gore a ne a bua kaga gagwe.
28 彼等其之く所の村に近づきし時、イエズス行過ぎんとするものの如くにし給へるを、
Ka nako e ba ne ba atamela Emau kwa ba neng ba ya teng. Jesu a dira jaaka o ka re o santse a fetela kwa pele,
29 彼等強ひて、日既に傾きて暮れんとすれば、我等と共に留り給へ、と云ひしかば共に入り給へり。
mme ba mo kopa go lala nabo, ka nako e ne e setse e fetile. Jalo a ya lwapeng nabo.
30 斯て共に食卓に就き給へるに、麪を取りて之を祝し、擘きて彼等に授け給ひければ、
Mme ya re ba nna fa fatshe ba a ja, a kopela dijo tshegofatso mo Modimong mme a tsaya senkgwe se sennye a se ngathoganya a se ba naya,
31 彼等の目開けてイエズスを認りしが、忽ちにして其目より消え給へり。
ka bonako matlho a bone a bulega mme ba mo lemoga! mme ka sone sebaka se a nyelela.
32 彼等語合ひけるは、路次語りつつ聖書を我等に説明かし給へる間、我等の心は胸の中に熱したりしに非ずや、と。
Ba simolola go bolelelana ka fa dipelo tsa bone di tlhotlhelesegileng ka teng fa a bua le bone a tlhalosa dikwalo fa ba ntse ba tsamaya mo tseleng.
33 時を移さず、立上りてエルザレムに歸れば、十一使徒及び伴へる人々既に集りて、
Fela ka yone nako eo ba nanoga ba boela kwa Jerusalema, kwa barutwa ba ba lesome le motso le balatedi ba bangwe ba ga Jesu ba neng ba ba dumedisa ka mafoko a, “Ruri Morena o tsogile. O iponaditse mo go Petere!”
34 主實に復活してシモンに現れ給ひたり、と云ひ居れるに遇ひ、
35 己等も亦、途中にて起りし事、及び麪を擘き給ひし時に主を認めし次第を語れり。
Mme ba babedi ba ba tswang Emau ba bolela ka fa Jesu a iponaditseng mo go bone ka teng fa a ngathoganya senkgwe.
36 此等の事を語る程に、イエズス其眞中に立ちて、汝等安かれ、我なるぞ、畏るること勿れ、と曰ひければ、
Mme ya re ba sa ntse ba bua ka gone, ka tshoganetso Jesu a bo a setse a eme foo mo gare ga bone, a ba dumedisa!
37 彼等驚き怖れて、幽霊を見たりと思へるを、
Mme botlhe ba bo ba tshogile thata, ba gopola gore ba bona sepoko.
38 イエズス曰ひけるは、汝等何ぞ取亂して心に種々の思を起すや。
A ba botsa a re, “Lo tshositswe ke eng? Ke eng fa lo belaela gore a ruri ke Nna?
39 我手我足を見よ、即ち我自身なり、撫で試みよ、幽霊は、汝等が我に於て見る如き骨肉ある者に非ず、
“Lebelelang dinao tsa me! Lo ka bona gore ke nna ka sebele. Nkamang gore lo tlhomamise sentle gore ga ke sepoko! Gonne dipoko ga di na mebele, jaaka lo bona nna ke na le one.”
40 と曰ひて手足を彼等に示し給へり。
Mme ya re a bua jaana, a tsholetsa diatla gore ba bone [dipadi tsa dipekere] mo diatleng tsa gagwe, a ba a ba kaela dintho mo dinaong tsa gagwe.
41 彼等歓喜の餘に驚嘆しつつも、猶信ぜざりければ、イエズス、茲に食すべき物ありや、と曰ひ、
Le fa go ntse jalo ba nna foo ba sa itse gore ba ka reng, ba tletse boitumelo le pelaelo. Mme a ba botsa a re, “A lo na le sengwe se se jewang fano?”
42 彼等焼魚の一片と、一房の蜂蜜とを呈したるに、
Ba mo naya setoki sa tlhapi e e besitsweng.
43 彼等の前にて食し給ひ、殘を取りて彼等に與へ給へり。
Mme a e ja ba mo lebeletse.
44 然て彼等に曰ひけるは、是我が未だ汝等と共に在りし時に、モイゼの律法と預言者等の書と詩篇とに、我に関して録したる事は、悉く成就せざるべからず、と汝等に語りし事なり、と。
Mme a ba raya a re, “Mafoko a, ke ona a ke kileng ka a bua le lona ke santse ke na le lona fa dilo tsotlhe di na le go diragala, ebong tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe, le mo baporofiting le mo dipesalemeng, kaga me.”
45 是に於て聖書を暁らしめん為に、彼等の精神を啓きて曰ひけるは、
Hong a rarabolola tlhaloganyo ya bone, gore ba tlhaloganye dikwalo.
46 録されたる所斯の如く、又キリストは苦を受けて、死者の中より三日目に復活すること、斯の如くなるべかりき。
Mme a ba raya a re, “Go kwadilwe jaana, fa ene Keresete a tla swa jalo, mme a ba a tsoga mo losong ka letsatsi la boraro;
47 又改心と罪の赦とは、エルザレムを始め、凡ての國民に、其名に由りて宣傳へられざるべからず、
le gore go rerelwe merafe yotlhe boikotlhao jwa dibe ka leina la gagwe, go simolola mo Jerusalema.
48 汝等は此等の事の證人なり。
“Lona lo basupi ba dilo tse.
49 我は父の約し給へるものを汝等に遣はさんとす、汝等天よりの能力を着せらるるまで市中に留れ、と。
Mme, bonang, ke tlisa polelo ya tsholofetso ya ga Rre mo go lona: mme lo name lo sa diegile mo motseng wa Jerusalema, go tlo go tsamaye lo amogele nonofo e e tswang kwa godimo.”
50 イエズス終に彼等をベタニアに伴ひ、手を挙げて之を祝し給ひしが、
Mme a ba etelela pele ba ya go fitlha go lebagana le Bethania; mme a choletsa mabogo a gagwe, a ba segofatsa.
51 祝しつつ彼等を離れて、天に上げられ給ひぬ。
Mme ga diragala ya re a sa ntse a ba segofatsa, a kgaogana nabo, mme a tsholelediwa kwa legodimong.
52 彼等之を拝し奉り、大いなる喜を以てエルザレムに歸りしが、
Mme ba mo obamela; mme ba boela kwa Jerusalema ka boitumelo jo bogolo,
53 其より常に[神]殿に在りて、神を頌賛し且祝し奉りつつありき、アメン。
mme ba tlhola ba ntse ba le mo tempeleng ka gale, ba baka Modimo.

< ルカの福音書 24 >