< ヨハネの福音書 9 >

1 第二款 生來の瞽者醫さる イエズス通りかかりに、一人の生れながらの瞽者を見給ひしかば、
Mme ya re a santse a tsamaya, a bona monna yo o saleng a tsalwa a foufetse.
2 弟子等、ラビ此人の瞽者に生れしは誰の罪ぞ、己の罪か兩親の罪か、と問ひたるに、
Mme barutwa ba gagwe ba mmotsa ba re, “Morena, ke eng fa monna yo a tsetswe e le sefofu? A ke ka ntlha ya dibe tsa gagwe kgotsa dibe tsa batsadi ba gagwe?”
3 イエズス答へ給ひけるは、此人も其親も罪を犯ししに非ず、彼が身の上に神の業の顕れん為なり。
Mme Jesu a araba a re, “Ga se ka ntlha ya dibe dipe. Go ne go direlwa gore nonofo ya Modimo e supiwe.
4 我を遣はし給ひし者の業を我晝の間に為さざるべからず、誰も業を為す能はざる夜は将に來らんとす、
Rotlhe re tshwanetse go akofa ra dira ditiro tse re di neetsweng ke yo o nthomileng, gonne go setse nakonyana fela pele ga bosigo bo tla mme tiro yotlhe e bo e khutla.
5 我世に在る間は世の光なり、と。
Mme fa ke santse ke le fano mo lefatsheng, ke naya lefatshe lesedi la me.”
6 斯く曰ひて、イエズス地に唾し、唾を以て泥を造り、之を彼の目に塗りて、
Mme a kgwela mathe mo mmung a duba seretse ka mathe mme a se tshasa mo matlhong a monna yo o foufetseng,
7 曰ひけるは、シロエの池に至りて洗へ、と。シロエとは遣はされたるものと訳せらる。彼即ち往きて洗ひしに、目明きて歸れり。
mme a mo raya a re, “Tsamaya o ye go tlhapa mo lekadibeng la Siloame” (lefoko le le reng ‘Siloame’ le raya gore ‘Romilwe’) jalo monna a ya kwa a romilweng teng, mme a feta a tlhapa a boela kwa morago a bona!
8 斯て隣人及び曾て彼が乞食せるを見し人々は、是坐りて乞食し居たりし者ならずや、と云へば、或人は其なりと言ひ、
Mme ba ga gabo le batho ba bangwe ba ba mo itseng e le sefofu sa mokopi ba botsanya ba re, “A yo ke ene tota, mokopi yo re mo itseng?”
9 或人は否其に似たる人なりと言ふを彼は、我其なりと云ひ居たり。
Bangwe ba re, ee, mme ba bangwe ba re nnyaa. Jalo ba akanyetsa ba re, “Ga e ka ke ya nna ene, mme o lebega jaaka ene!” Mme mokopi a ba raya a re, “Ke nna yo lo nkitseng!”
10 然れば彼等、汝の目は如何にして明きたるぞ、と言へるに、
Mme ba mmotsa gore go diragetse jang gore a foufologe. Tota-tota go tsamaile jang!
11 彼答へけるは、彼イエズスと稱する人、泥を造りて我目に塗り、シロエの池に至りて洗へと云ひしかば、我往きて洗ひて、然て見ゆるなり、と。
Mme a ba raya a re, “Monna yo ba mmitsang Jesu o ne a duba seretse a se tshasa mo matlhong a me mme a nthaya a re ke ye kwa lekadibeng la Siloame ke ye go tlhapa seretse. Mme ke ne ka dira jalo, jaanong ke a bona!”
12 人々、其人何處に居るぞと云ひしに彼、我は之を知らず、と云へり。
Mme ba mmotsa ba re, “O kae jaanong?” Mme a araba a re, “Ga ke itse.”
13 彼等其瞽者なりし人をファリザイ人の許に伴ひ行きしが、
Mme ba tsaya monna ba mo isa kwa Bafarasaing.
14 イエズスの泥を造りて其目を明け給ひしは、安息日なりければ、
Mme ya re mo go diragala ga bo go le letsatsi la Sabata.
15 ファリザイ人更に、如何にして見ゆるに至りしぞ、と問へるを彼答へて、彼人わが目に泥を塗り、我之を洗ひたれば見ゆるなり、と云ひしかば、
Mme Bafarasai ba mmotsa gotlhe ka ga tiragalo eo. Jalo a ba bolelela ka fa Jesu a neng a dira seretse ka teng a se tshasa mo matlhong a gagwe, mme ya re a sena go tlhapa a bona!
16 ファリザイ人の或者は、安息日を守らざる彼人は神よりの者に非ずと云ひ、或者は、罪人なる者争でか斯る奇蹟を行ふを得んや、と云ひて彼等の間に諍論ありき。
Bangwe ba bone ba re, “Motho yo Jesu ga a tswe kwa Modimong gonne o dira go le Sabata.” Ba bangwe ba re, “Mme motho fela wa modira dibe ao ka dira dikgakgamatso tse jang?” Mme ga nna kgaogano e tona ya megopolo mo go bone.
17 然れば重ねて瞽者なりし人に、汝は其目を明けし人を何と謂ふぞ、と云へば、彼は、預言者なり、と云へり。
Mme Bafarasai ba retologela kwa monneng yo a neng a foufetse ba mmotsa ba re, “Wa re monna yo o go foufolotseng ke mang?” Mme monna a re, “Ke bona gore e tshwanetse ya bo e le moporofiti a romilwe ke Modimo.”
18 ユデア人は、彼が曾て瞽者にして、見ゆる様になれるを信ぜざれば、遂に彼目明きし人の兩親を呼び、
Mme Baeteledipele ba Sejuta ba seka ba dumela gore o ne a foufetse, go fitlhelela ba botsa batsadi ba gagwe.
19 問ひて云ひけるは、瞽者に生れしと汝等が云へる其子は是なるか、然らば如何にして今見ゆるぞ、と。
Erile ba sena go ba bitsa ba ba botsa ba re, “A motho yo ke morwaa lona? A o-tsetswe a foufetse? Fa go ntse jalo, ke eng fa a bona?”
20 兩親答へて、彼が我子なる事と、瞽者に生れし事とは、我等之を知る、
Batsadi ba gagwe ba fetola ba re, “e itse gore motho yo ke ngwana wa rona le gore o tsetswe e le sefofu,
21 然れど如何にして今見ゆるかを知らず、又其目を明けし者の誰なるかは、我等は知らざるなり、彼に問へ、彼年長けたれば自ら己が事を語るべし、と云へり。
mme ga re itse gore go diragetse jang gore a foufologe, kgotsa gore o foufolotswe ke mang. O setse a godile o lekanye go ikarabela. Mmotseng.”
22 兩親の斯く云ひしは、ユデア人を懼れたる故にして、彼等が、イエズスをキリストなりと宣言する人あらば、之を會堂より逐出すべし、と言合せたるに因れり、
Ba ne ba bua jaana ka ba boifa baeteledipele ba Sejuta ba ba neng ba setse ba anamisitse gore mongwe fela yo o reng Jesu ke Mesia o tlaa kgaolwa mo phuthegong.
23 彼年長けたれば之に問へ、と兩親の云ひしは之が為なり。
24 是に於て彼等、再び彼瞽者なりし人を呼出して、汝神に光榮を歸せよ、我等は彼人の罪人なる事を知れり、と云ひしかば、
Mme lwa bobedi ba bitsa monna yo o foufolotsweng ba mo raya ba re, “Galaletsa Modimo e seng Jesu, gonne re itse gore Jesu ke motho yo o bosula.”
25 彼云ひけるは、彼が罪人なりやは我之を知らず、我が知る所は一、即ち瞽者なりしに今見ゆる事是なり、と。
Mme monna a fetola a re, “Ga ke itse gore a o siame kgotsa o bosula, mme nna ke itse fela gore, ke ne ke le sefofu mme jaanong ke a bona!”
26 其時彼等又、彼人汝に何を為ししぞ、如何にして汝の目を明けしぞ、と云ひしに、
Ba mmotsa ba re, “O ne a dira eng? O ne a go fodisa jang”?
27 彼、我既に汝等に告げて汝等之を聞けり、何為ぞ復聞かんとはする、汝等も其弟子と成らん事を欲するか、と答へしかば、
Mme monna a ba botsa a re, “Bonang! Ke lo boleletse gagwe fela, a lo ne lo sa reetsa? Ke eng fa lo mpotsa gape? A le lona lo batla go nna barutwa ba gagwe?”
28 彼等之を詛ひて云ひけるは、汝は彼の弟子にてあれ、我等はモイゼの弟子なり、
Mme ba mo hutsa ba mo raya ba re, “Morutwa wa gagwe, mme rona re barutwa ba ga Moshe.
29 我等は神がモイゼに語り給ひし事を知れど、彼人の何處よりせるかを知らず、と。
Re itse gore Modimo o buile le Moshe, mme fa e le yo ene ga re itse sepe ka ga gagwe.”
30 瞽者なりし人答へて、汝等が其何處よりせるかを知らざるこそ怪しけれ、彼我目を明けしものを。
Mme a fetola a re, “Ka ntlha yang, go a hakgamatsa!
31 我等は知る、神は罪人に聴き給はず、然れど神に奉事して御旨を行ふ人あれば之に聴き給ふことを。
O foufolola difofu, mme o na le ditsebe tse di bulegetseng ba ba o obamelang ba dirago rata ga one.
32 開闢以來生れながらなる瞽者の目を明けし人ある事を聞かず、 (aiōn g165)
Fa e sale lefatshe le simologa ga go ise go ke go nne le ope yo a neng a ka foufola matlho a mongwe yo o tsetsweng a le sefofu. (aiōn g165)
33 彼人若神より出でたるに非ずば何事をも為し得ざりしならん、と云ひしかば、
Fa monna yo a ne a sa tswe kwa Modimong, o ka bo a sa kgona go foufolola difofu.”
34 ファリザイ人答へて、汝は全く罪の中に生れたるに、猶我等を教ふるか、と云ひて之を逐出だせり。
Mme ba goa ba re, “Ngwana wa mpa ya dikgora ke wena! A o leka go re ruta?” Mme ba mo kgoromeletsa kwa ntle.
35 イエズス其逐出だされし事を聞き、之に出遇ひ給ひし時、汝神の子を信仰するか、と曰ひしに、
Erile fa Jesu a utlwalela se se diragetseng, a bona monna yo mme a mo raya a re, “A o dumela mo go Mesis?”
36 彼答へて、主よ、我が之を信仰すべき者は誰ぞ、と云ひしかば、
Mme monna a araba a re, “E mang, rra, gonne ke a batla.”
37 イエズス曰ひけるは、汝それを見たり、汝と語る者即ち是なり、と。
Mme Jesu a re, “O mmonye, ebile ke ene yo o buang le wena!”
38 彼、主よ、我は信ず、と云ひて平伏しつつイエズスを禮拝し奉れり。
Monna a re, “Ee, Morena, Ke a dumela!” mme a obamela Jesu.
39 イエズス曰ひけるは、我審判の為に此世に來れり、即ち目見えざる人は見え、見ゆる人は瞽者と成るべし、と。
Mme Jesu a mo raya a re, “E tletse mo lefatsheng go naya ba ba foufetseng mo moweng pono le go kaela ba ba ithayang ba re ba a bona gore ba foufetse.”
40 ファリザイ人の中イエズスと共に在りし者之を聞きて、我等も瞽者なるか、と云ひしかば、
Bafarasai ba ba neng eme foo ba botsa ba re, “A wa re re foufetse?”
41 イエズス彼等に曰ひけるは、汝等瞽者ならば罪なかるべし、然れど今自ら見ゆと云ふに由りて、汝等の罪は遺るなり。
Mme Jesu a ba raya a re, “Fa lo ne lo foufetse, lo ka bo lo se molato! Mme lo molato gonne lo ipona gore lo itse se lo se dirang.”

< ヨハネの福音書 9 >