< ヨハネの福音書 7 >

1 第一款 幕屋祭に往き給ふ ユデア人が殺さんと謀れるに因り、イエズス其後はユデアを巡ることを好み給はず、ガリレアを巡り給ひしが、
Erile morago ga mo, Jesu a ya Galalea, a tsena motse le motsana gonne o ne a batla go nna ka kwa ntle ga Judea kwa Bajuta ba neng ba mo logela leano la go mmolaya teng.
2 ユデア人の幕屋の祝日近づきければ、
Mme jaana ya bo e le lobaka lwa Mediro ya Metlaagana letsatsi lengwe la ngwaga la boitapoloso la Sejuta.
3 兄弟等イエズスに向ひ、汝の行へる業を弟子等に見せん為、此處を去りてユデアに往け、
Mme bomonnaa Jesu ba mo tlhotlheletsa gore a ye kwa Judea kwa medirong. Ba mo raya ka tshotlo ba re, “Ya kwa batho ba bantsi ba ka bonang dikgakgamatso tsa gago gone!
4 蓋公に知れん事を求めながら、而も窃に事を為す人はあらず、斯る事を為す上は己を世を顕せかし、と云へり。
Ga o ka ke wa tuma fa o iphitlha jaana! Fa o le mogolo jaana, itshupegetse lefatshe!”
5 是其兄弟等も之を信ぜざりし故なり。
Gonne le bomonnawe ba ne ba sa dumele mo go ene.
6 然ればイエズス彼等に曰ひけるは、汝等の時は恒に備はれども、我時は未だ至らず、
Jesu a fetola a re, “Ga e ise e nne nako e e ntshwanetseng gore ke ye teng. Mme lona lo ka nna lwa tsamaya nako nngwe fela ga go na go dira pharologanyo epe mo go lona.
7 世は汝等を憎む能はざるに我をば憎めり、其は我之に就きて、其所業の惡きことを證すればなり、
Gonne lefatshe ga le ka ke la lo ila; mme nna le a nkila gonne ke le bona molato kaga sebe le bosula.
8 汝等は此祭日に上れ、我時未だ満たざれば、我は此祭日に上らず、と。
Lona tsamayang, ke tlaa tla kwa morago fa nako e setse e siame.”
9 斯く曰ひてガリレアに留り給ひしが、
Jalo a sala mo Galalea.
10 兄弟等の上りたる後、自らも顕ならず忍びたる様にて祭日に上り給へり。
Mme erile bomonnawe ba sena go ya moletlong, le ene a tsamaya, le fa go ntse jalo a ngwangwaela a sa bonwe ke ope.
11 然れば祭日に當りて、ユデア人、彼は何處に居るぞとて之を探し、
Baeteledipele ba Sejuta ba leka go mo senka kwa moletlong mme ba nna ba botsa gore a ope ga a ise a ke a mmone.
12 又群衆の中に之に就きて囁く者多かりき。即ち或人は彼は善人なりと謂ひ、或人は否人民を惑はすのみと謂ひ居たり、
Go ne, go na le ditlotlo tse dintsi kaga gagwe mo bathong. Bangwe ba re, “Ke monna yo o gakgamatsang,” fa ba bangwe bone ba ne ba re, “Nnyaa, o timetsa batho.”
13 然れど孰もユデア人の懼ろしさに、彼に就きて顕に語る人なかりき。
Mme ga bo go sena motho ope yo o neng a na le maikaelelo a go mmuelela mo pontsheng ka ntlha ya go tshaba ipusolosetso ya baeteledipele ba Sejuta.
14 斯て祭日の半に、イエズス[神]殿に上りて教へ給ひければ、
Mme erile go setse go le fa gare ga moletlo, Jesu a ya kwa Tempeleng mme a feta a ruta mo pontsheng.
15 ユデア人驚嘆して、彼曾て學ばざるに如何にして文字を知れるぞ、と云ひ居たるを、
Baeteledipele ba Sejuta ba hakgamala fa ba mo utlwa, mme ba botsanya ba re, “Ke eng fa a itse thata jaana mme a ise a ke a tsene dikole tsa rona?”
16 イエズス彼等に答へて曰ひけるは、我教は我のに非ず、我を遣はし給ひし者の[教]なり。
Mme Jesu a ba raya a re, “Ga ke lo rute megopolo ya me, fa e se ya Modimo o o nthomileng.
17 其思召を肯て為さん人は、此教が神よりせるか又は我が私を以て言へるかを暁らん。
Fa mongwe wa lona a ikaelela go dira go rata ga Modimo ka boammaaruri, hong lo tlaa itse gore a thuto ya me e tswa Modimong kgotsa ke ya me fela.
18 己が私を以て語る人は己の光榮を求むれども、己を遣わしし者の光榮を求むる人は、眞實にして衷に不義ある事なし。
Le fa e le mang yo o ntshang megopolo ya gagwe o a bo a ipuisa a batla go galalediwa, mme yo o batlang go tlotla yo o mo romileng, ke motho yo o siameng yo o boammaaruri.
19 モイゼは律法を汝等に授けしに、汝等の中に之を行ふ者なきは何ぞや、
Ga go na ope wa lona yo o obamelang melao ya ga Moshe! Jalo ke eng fa lo ntshwaya phoso ka go sa e obameleng? Ke eng fa lo mpolaela go dira jaana?”
20 汝等如何ぞ我を殺さんとは謀る、と。群衆答へて、汝は惡魔に憑かれたり、誰か汝を殺さんとはする、と云ひしかば、
Mme bontsi jwa batho jwa fetola jwa re, “O a tsenwa! Yo o lekang go go bolaya ke mang?”
21 イエズス答へて曰ひけるは、我一の業を為ししに汝等皆之を訝れり、
Jesu a fetola a re, “Ke dirile go le Sabata ke fodisa motho, mme lo ne lwa hakgamala. Mme le lona lo dira go le Sabata, fa lo obamela molao wa ga Moshe wa go rupisa (tota, le gale, mokgwa o wa go rupisa o mogologolo go na le molao wa ga Moshe); ka gore fa nako e e siameng ya go rupisa bana ba lona e tla go le Sabata, lo tswelela pele lo rupisa, jaaka lo tshwanetse. Jaanong ke eng fa ke atlholelwa go fodisa motho go le Sabata?
22 夫モイゼ割禮を汝等に授けたれば、――モイゼより出しに非ずして先祖より出でたるものなるに、――汝等安息日にも人に割禮を行ひ、
23 モイゼの律法を破らじとて、人は安息日にも割禮を受くるに、我が安息日に人の全身を醫したればとて、汝等の我を憤るは何ぞや。
24 外見によりて是非すること無く、正しき判断によりて是非を定めよ、と。
Aka-nyang selo se mme lo tlaa bona gore ke bolelela ruri.”
25 是に於てエルザレムの或人々言ひけるは、是人々が殺さんと謀れる者に非ずや、
Bangwe ba batho ba ba neng ba nna koo mo Jerusalema ba buisanya ba re, “A monna yo ga se ene yo ba lekang go mmolaya?
26 看よ公然と談話すれども人は之に何をも言はず。司等は彼がキリストたる事を眞に認めたるか、
Mme ke yo fa, o rera mo mpepeneneng, ga ba mo reye sepe. A e kane e le gore baeteledipele ba rona ba bonye gore ke Mesia tota?
27 然りながら我等は此人の何處の者なるかを知れり、キリストの來る時には其何處よりせるかを知る人あらじ、と。
Mme o ka nna Mesia jang? Gonne re itse kwa monna yo a tsaletsweng teng; fa Keresete ene a tla, o tlaa bonala fela mme ga gona ope yo o tlaa itseng kwa o tswang teng.”
28 然るにイエズス神殿にて呼はりつつ教へて曰ひけるは、汝等は我を知り、亦我が何處より來れるかを知れり、然れども我は己によりて來りたるには非ず、我を遣はし給ひし者は眞實にて在す、汝等は之を知らず、
Mme Jesu mo therong ya gagwe mo Tempeleng a goa a re, “Ee, lo a nkitse le kwa ke tsaletsweng gone le kwa ke neng ka godisediwa gone, mme ke moemedi wa mongwe yo lo sa mo itseng, mme ene o Boammaaruri.
29 我は之を知れり、其は我彼より出でて、彼我を遣はし給ひたればなり、と。
Ke a mo itse nna ka gore ke ne ke na nae, mme o nthomile mo go lona.”
30 是に於て彼等イエズスを捕へんと謀れども、誰も手を掛くる者なかりき、其は彼が時未だ至らざればなり。
Mme baeteledipele ba Sejuta ba batla go mo tshwara, le fa go ntse jalo ga se ka ga nna letsogo le le mo amang, gonne nako e a e beetsweng ke Modimo e ne e ise e nne yone.
31 然れど人民の中には之を信じたる者多く、キリスト來ればとて豈此人の為すより多くの奇蹟を為さんや、と云ひ居たり。
Ba le bantsi mo bontsintsing jwa batho kwa Tempeleng ba dumela mo go ene ba re, “Oai, lo solofela dikgakgamatso dife mo go Mesia tse monna yo a sa di dirang?”
32 人民がイエズスに就きて斯く囁ける由ファリザイ人の耳に入りしかば、司祭長とファリザイ人とは、下役等を遣はしてイエズスを捕へしめんとせしを、
Erile Bafarasai ba utlwa gore bontsintsi bo ne bo le mo mogopolong o, bone le ditlhogo tsa baperesiti ba romela mapodise a Tempele go tshwara Jesu.
33 イエズス彼等に曰ひけるは、我尚暫く汝等と共に居て、然て我を遣し給し者の御許に之かんとす、
Mme Jesu a ba raya a re, “Ga e ise e nne nako! Ke tshwanetse go nna fa ka lobakanyana. Hong ke gone ke tlaa boelang kwa go yo o nthomileng.
34 汝等我を尋ぬべけれど而も我に遇はじ、我が居る處には汝等來る事能はず、と。
Lo tlaa mpatla mme ga lo na go mpona, gape ga lo na go kgona go tla kwa ke gone!”
35 是に於てユデア人等語合ひけるは、我等彼に遇はじとて、彼は何處に往かんとするぞ、異邦人の中に散在せる同邦人の許に往きて、異邦人を教へんとするか、
Baeteledipele ba Sejuta ba akabadiwa ke polelo e, mme ba botsanya ba re, “O ikaelela go ya kae? Kgotsa o akanya go tswa mo kgaolong e a tsamaya e le moruti mo Bajuteng mo dikgaolong tse dingwe tsa lefatshe, kgotsa le fa e le kwa go Badichaba!
36 其言に、汝等我を尋ぬべけれど而も我に遇はじ、我が居る處には汝等來る事能はず、と云ひしは何事ぞや、と。
O raya eng fa a re, re tlaa mmatla mme ga re na go mmona, le gore, ‘Ga lo kitla lo kgona go tla kwa ke leng teng?’”
37 祭の終の日、即ち其大祭日に、イエズス立ちて呼はりつつ曰ひけるは、渇ける人あらば我許に來りて飲め、
Mo letsatsing la bofelo, e le pheletso ya malatsi a boitapoloso, Jesu a goela kwa bontsintsing jwa batho a re, “Le fa e le mang yo o nyorilweng, a a tle kwa go nna a nwe.
38 我を信ずる人は、聖書に云へる如く、活ける水の川其腹より流出づべし、と。
Gonne dikwalo tsa re dinoka tsa metse a a tshedileng di tlaa elela ditswa mo teng ga yoo o dumelang mo go nna.”
39 斯く曰ひしは、己を信ずる人々に賜はるべき[聖]霊の事なりき、其はイエズス未だ光榮を受け給はざるにより、[聖]霊は未だ賜はざりしが故なり。
(O ne a bua ka Mowa O O Boitshepo, o o tlaa newang mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene; mme Mowa o ne o ise o abiwe, gonne Jesu o ne a ise a boele kwa kgalalelong ya gagwe kwa legodimong).
40 斯て彼群衆の中に、是等の言を聞きて、是眞に彼預言者なり、と謂ふ人あり、
Erile bontsintsi bo utlwa a buajaana, bangwe ba bone ba re, “Ammaaruri monna yo ke moporofiti yo o tlaa tlang pele ga Mesia.”
41 是キリストなり、と謂ふ人もありき。然れど或人は、キリストはガリレアより出づべき者なるか、
Bangwe ba re, “Ke Mesia.” Mme ba bangwe bone ba nna ba re, “Ga e ka ke ya nna ene! A Mesia o tlaa tswa kwa Galalea? Gonne dikwalo di bua sentle fela gore Mesia o tlaa tsalwa ke ba ntlo ya bogosi jwa ga Dafide, mo Bethelehema, motse o Dafide o neng a tsalelwa mo go one.”
42 聖書にキリストはダヴィドの裔より、又ダヴィドの居たりしベトレヘムの町より出づ、と云へるに非ずや、と云ひつつ、
43 イエズスに就きて群衆の中に諍論を生じたり。
Jalo ga tsoga kgaogano mo bontsing jwa batho ka ga gagwe.
44 中にはイエズスを捕へんと欲する者ありたれど、誰も手を掛くる者なかりき。
Mme bangwe ba batla gore a tshwarwe mme ga seka ga nna ope yo o mo amang ka letsogo.
45 然れど下役等は、司祭長とファリザイ人との許に還りしに、何ぞ彼を引來らざる、と云はれて、
Mapodisi a Tempele a a neng a romilwe go mo tshwara a boela kwa ditlhogong tsa baperesiti le Bafarasai. Mme tsa feta tsa ba botsa tsa re, “Ke eng lo ne lo sa tle le ene?”
46 下役等、此人の如く語りし人は未だ曾てあらず、と答へしかば、
Mme mapodisi a dumaduma a re, “O bua dilo tse di hakgamatsang! Ga re ise re ke re be re utlwe sepe se se ntseng jaaka se a se buang.”
47 ファリザイ人答へけるは、汝等も亦惑はされしか、
Mme Bafarasai ba fetola ka tshotlo ba re, “Go raya gore le lona lo timeditswe?”
48 長及びファリザイ人の中に、一人だも彼を信じたる者ありや、
“A go na le mongwe mo go rona babusi ba Sejuta kgotsa Bafarasai yo o dumelang fore Jesu ke Mesia?
49 然れど律法を知らざる彼群衆は詛はれたる者なり、と。
Bontsintsi jo jwa dieleele bo a dumela, ee, mme baitse ka ga gone? Le gale ba hutsegile!”
50 曾て夜イエズスに至りし彼ニコデモは、其中の一人なりしが、彼等に向ひて、
Mme Nikodemo a bua. (A lo a mo gakologelwa? Ke ene yole yo e neng e le moeteledipele wa Sejuta yo o neng a tla ka sephiri go tla go buisanya le Jesu),
51 我律法は、先其人にも聴糺さず、其為す所をも知らずして、之を罪に定むるものなるか、と云ひしかば、
A botsa a re, A go ka fa molaong go atlhola motho pele ga a sekisiwa?
52 彼等答へて云ひけるは、汝も亦ガリレア人なるか、聖書を探り見よ、然て預言者はガリレアより起るものに非ずと暁れ、と。
Mme ba mo gakalela ba re, “A le wena o Mogalalea yo o tlhomolang pelo? Tlhatlhoba dikwalo o iponele, ga go na baporofiti ba ba tlaa tswang kwa Galalea!”
53 斯て各自宅に歸れり。
Mme phuthego ya phatlalala mongwe le mongwe a ya gae.

< ヨハネの福音書 7 >