< ヨハネの福音書 17 >

1 第四款 イエズスの司祭的祈祷 イエズス斯く語り果てて、目を翹げ天を仰ぎて曰ひけるは、父よ時來れり、御子をして汝に光榮あらしめん為に、御子に光榮あらしめ給へ、
Erile fa Jesu a sena go fetsa go bua dilo tse tsotlhe, a lelalela kwa legodimong mme a re, “Rara, Nako e gorogile. Senola kgalalelo ya ga Morwao gore a tle a kgone go e busetsa kwa go wena.
2 其は父より賜はりし人々に永遠の生命を與へしめんとて、之に萬民の上に権能を賜ひたればなり。 (aiōnios g166)
Gonne o mo neile taolo mo godimo ga banna le basadi mo lefatsheng lotlhe. O neela mongwe le mongwe botshelo jo bo sa khutleng jo o bo mo neileng. (aiōnios g166)
3 抑永遠の生命は、唯一の眞の神にて在す汝と、其遣はし給へるイエズス、キリストとを知るに在り。 (aiōnios g166)
Mme tsela e e isang botshelong jo bosa khutleng ke e—ke ka go go itse wena Modimo o o boammaaruri o le esi, le Jesu Keresete, ene yo o mo romileng mo lefatsheng! (aiōnios g166)
4 我は地上にて汝に光榮あらしめ、我に為さしめんとて賜ひし業を全うせり。
Ke go lereditse kgalalelo mo lefatsheng ka go dira sengwe le sengwe se o ntheileng wa re ke se dire.
5 父よ、世界の存在に前だちて我が汝と共に有せし光榮を以て、今汝と共に我に光榮あらしめ給へ。
Mme jaanong, Rara, senola kgalalelo ya me jaaka ke eme fa pele ga gago, kgalalelo e re neng ra e tlhakanela pele ga lefatshe le simologa.
6 我は、此世より選みて我に賜ひし人々に御名を顕せり。彼等汝のものたりしに之を我に賜ひ、彼等は汝の言を守り、
“Ke boleletse batho, ba, gotlhe ka ga gago. Ba ne ba le mo lefatsheng, mme wa ba nneela. Tota tota e ne e le ba gago ka malatsi otlhe, mme wa ba nnaya, mme ba go reetsa.
7 我に賜ひし事悉く汝より出づることを今にして暁れり。
Jaanong ba itse gore sengwe le sengwe se ke nang naso ke mpho e e tswang kwa go wena,
8 蓋我に賜ひし言を我彼等に授け、彼等は之を受けて、深く我が汝より出でたるを暁り、汝の我に遣はし給ひしことを信ぜり。
gonne ke ba neetse melao e o e nneetseng; mme ba e amogetse ebile ba itse ka botlalo gore ke tsile mo lefatsheng ke tswa kwa go wena, jalo ba dumela fa o nthomile.
9 我彼等の為に祈る。我が祈るは世の為に非ずして、我に賜ひたる人々の為なり、彼等は汝のものなればなり。
“Thapelo ya me ga se go rapelela lefatshe, mme ke go rapelela ba o ba nneileng gonne ke ba gago.
10 我ものは悉く汝のもの、汝のものは我ものにして、我彼等の中に光榮を得たり。
Mme botlhe fela, ka e le ba me, ke ba gago; mme o ba buseditse mo go nna ka sengwe le sengwe se e leng sa gago, jalo ba o ba nneileng ke kgalalelo ya me!
11 我最早世に居らず、彼等は世に居り、我は汝に至る。聖なる父よ、我に賜ひたる人々を御名を以て護り給へ、是我等の如く彼等も一ならん為なり。
Jaanong ke tloga mo lefatsheng, mme ke ba tlogela kwa morago, ke tla kwa go wena. Rara yo o Boitshepo, ba babalele, botlhe ba o ba nneileng, gore ba nne selo se le sengwe fela jaaka re ntse, go sa latlhega ope.
12 我彼等と共なりし間、御名を以て彼等を護り居たりしが、我に賜ひたる人々を保ち、其中の一人も失せず、唯聖書の成就せん為に、亡の子の失せたるのみ。
Ka nako ya fa ke sa ntse ke le mono, ke bolokile batho botlhe ba o ba nneileng ba lwapa lwa gago. Ke ne ka ba tlhokomela gore le fa e le ope wa bone a seka a nyelela, fa e se morwa tatlhego fela fela jaaka dikwalo di boletse pele.
13 今は我汝に至る、世に在りて斯く語るは、我喜を彼等の身に円満ならしめんが為なり。
“Mme jaanong ke tla kwa go wena. Ke ba boleletse dilo tse dintsi fa ke sa ntse ke na le bone gore ba tle ba tlale boitumelo jwa me.
14 我は御言を彼等に授け、世は彼等を憎めり、是は我も世のものに非ざる如く、彼等は世のものに非ざればなり。
Ke ba neetse ditaolo tsa gago. Mme lefatshe le a ba ila gonne ga ba dire mekgwa ya lone e e maswe, fela jaaka nna ke sa e dire.
15 我が祈るは彼等を世より取去り給へとには非ず、彼等を護りて惡を逃れしめ給へとなり。
Ga ke go kope gore o ba ntshe mo lefatsheng, mme ke kopa gore o ba boloke ba se ka ba wela mo nonofong ya ga Satane.
16 我も世のものに非ざる如く、彼等は世のものに非ず、
Ga ba sa tlhole e le ba lefatshe leno jaaka le nna ke se wa lone.
17 願くは彼等を眞理の中に聖ならしめ給へ、御言は即ち眞理なり、
Ba ntlafatse o ba itshepise ka go ba ruta mafoko a gago a boammaaruri.
18 我を世に遣はし給ひし如く、我も彼等を世に遣はせり、
Fela jaaka o nthomile mo lefatsheng, le nna ke ba roma mo lefatsheng.
19 且彼等をも眞理の中に聖ならしめんとして、彼等の為に己を聖ならしむ。
Mme ke ineela gore ke ba thuse mo ditlhokong tsa bone tsa go gola mo boammaaruring le mo boitshepong.
20 我が祈るは彼等の為のみならず、又彼等の言によりて我を信ずる人々の為にして、
“Ga ke rapelele fela ba, mme ke rapelela le badumedi ba malatsi a a tlang ba ba tlaa tlang kwa go nna ka ntlha ya bosupi jwa bone ba.
21 彼等が悉く一ならん為なり。父よ、是汝の我に在し我が汝に居るが如く、彼等も我等に居りて一ならん為にして、汝の我を遣はし給ひし事を世に信ぜしめんとてなり。
Go ba rapelela ga me botlhe ke gore ba nne pelo e le nngwe le mogopolo o le mongwe fela jaaka wena le nna re ntse, Rara. Gore fela jaaka o le mo go nna le nna ke le mo go wena, le bone ba tle ba nne mo go rona, jalo lefatshe le tlaa dumela fa o nthomile.
22 我に賜ひし光榮を我彼等に與へたり、是は我等の一なるが如く、彼等も一ならん為なり。
“Ke ba neile kgalalelo e o e nneileng, kopano e e galalelang ya go bopagana, jaaka re ntse,
23 我彼等に居り汝我に在す、是は彼等が一に全うせられん為、又汝の我を遣はし給ひし事と、我を愛し給ひし如く彼等をも愛し給ひし事とを、世の暁らん為なり。
Nna ke le mo go bone le wena o le mo go nna, botlhe ba ntlafaleditswe mo go bopaganeng, gore lefatshe le tle le itse fa o nthomile le bo le tlhaloganye gore o ba rata fela jaaka o nthata.
24 父よ、願くは我に賜ひし人々も、我が居る處に我と共ならん事を、是世界開闢以前より我を愛し給ひて我に賜ひたる我光榮を、彼等に見せん為なり。
Rara, ke batla gore ba o ba nneetseng ba, ba nne le nna kwa ke gone, gore ba tle ba bone kgalalelo ya me. O nneetse kgalalelo gonne o sale o nthata pele ga lefatshe le simologa!
25 正しき父よ、世は汝を知らざれども我は汝を知り、彼等も亦汝の我を遣はし給ひしことを知れり。
“Oo Rara yo o tshiamo, lefatshe ga le go itse, mme nna ke a go itse; le barutwa ba, ba itse fa o nthomile.
26 我は御名を彼等に知らせたり、又知らせんとす、是我を愛し給ひたる愛の彼等に存して、我も彼等に居らん為なり、[と曰へり]。
Mme ke go senotse mo go bone, jalo ke tlaa nna ke go senola gore lorato lwa gago lo logolo lo o ntshotseng ka lone lo nne mo go bone, le nna ke nne mo go bone.”

< ヨハネの福音書 17 >