< ヘブル人への手紙 9 >

1 抑前の約には拝禮の規定あり、世に属する聖所ありき。
Mme jaana mo kgolaganong ya pele e e neng e le fa gare ga Modimo le batho ba One go ne go na le melao ya kobamelo ebile go ne go na le mo-tlaagana mo lefatsheng. Mo teng ga motlaagana o wa kobamelo go ne go na le matlwana a le mabedi.
2 即ち第一の幕屋を造り、是に燈台と机と供の\麪と在りて、之を聖所と云ふ。
Ntlwana ya ntlha e ne e na le setlhomo sa lobone sa gouta le lomati lwa bojelo go na le dinkgwe tse di itshephileng tsa tshupelo mo godimo ga lone; ntlwana e, e ne e bidiwa Felo ga Boitshepo.
3 又第二の幕の後に至聖所と云ふ幕屋ありて、
Gape go ne go na le sesiro mme ka fa morago ga sesiro seo go ne go na le ntlwana e e bidiwang Boitshepo jwa Maitshepo.
4 其内に、金の香台と全面金を着せたる契約の櫃と在り、其櫃の内には、マンナを入れたる金の壷と、芽ざしたりしアアロンの杖と、契約の二の石標と在り、
Mo ntlwaneng eo go ne go na le leiswana le go fisediwang maswalo mo go lone le agilwe ka gouta, le bidiwa letlole la kgolagano, le manegilwe ka gouta gotlhelele ka ntlha tsotlhe. Mo teng ga letlole go ne go na le matlapana a a kwadilweng Melao e e Some, le nkgwana e e bopilweng ka gouta e beile mana, le thobane ya ga Arone ya lotlhaka e e neng e tlhoga.
5 尚其櫃の上に、贖罪所を覆る光榮の[二]ケルビム有しが、是等に就きては今逐一言ふに及ばず。
Mo godimo ga letlole la kgolagano go ne go na le ditshwantsho tse di bopilweng tsa baengele tse di neng di bidiwa dicheruba e le batlhokomedi ba kgalalelo ya Modimo, diphuka tsa bone di ne di tsharologile di okame letlole le le agilweng ka gouta, le le neng le bidiwa senno sa kutlwelo botlhoko. Mme go lekanye go bua kaga dilo tse.
6 然て是等の物の備はる事斯の如くにして、第一の幕屋には禮拝を行ふ司祭等常に入れども、
Mme jaana, e ne e re fa gotlhe go setse go siame, baperesiti ba tsene ba bo ba tswele kwa ntle ga ntlwana ya ntlha ka fa ba batlang ka teng, ba dira tiro ya bone.
7 第二の幕屋には一年に一度大司祭のみ入り、而も己が為、又民の不知罪の為に献ぐる血を持たざる事なかりき。
Mme moperesiti yo mogolo ke ene fela a neng a tsena kwa ntlwaneng e e kwa teng, e e neng e bidiwa Boitshepo jwa Maitshepo, gangwe fela mo ngwageng, a le nosi fela, a tshotse madi a a neng a a kgatsha mo setilong sa kutlwelo botlhoko e le mpho e a e nayang Modimo go bipa diphoso tsa gagwe le dibe tsa gagwe, le diphoso le dibe tsa batho botlhe.
8 是聖霊が、第一の幕屋の存する間は、聖所に入る道の未開けざるを示し給ふ所以にして、
Mme Mowa O O Boitshepo o dirisa gotlhe mo go re supegetsa gore ka fa tsamaisong e kgologolo batho fela ba ne ba ka seka ba tsena mo Boitshepong jwa Maitshepo fela fa e le gore ntlwana e e ka kwa ntle le tsamaiso yotlhe e e e emetseng e santse e dirisiwa.
9 現時の為の前表なり。即ち供物と犠牲とは献げらると雖も、是等の物は禮拝者をして其良心をも完全ならしむる能はず、
Tsamaiso e, e na le thuto ya botlhokwa mo go rona gompieno. Gonne ka fa tsamaisong e kgologolo, dineo le ditlhabelo di ne di ntshiwa mme di ne tsa palelwa ke go ntlafatsa dipelo tsa batho ba ba neng ba di ntsha.
10 唯改正の時まで設けられたる飲食物、種々の洗潔、肉身上の掟に止れり。
Gonne tsamaiso e kgologolo e ne e le melao ya senama fela, gore go tshwanetse ga jewa dijo tse di ntseng jang ga nowa dino tse di ntseng jang, melao ya go itlhapisa, le melao kaga se le sele. Batho ba ne ba tshwanetse go tshegetsa melao e go fitlhelela Keresete a tla ka tsamaiso e ncha e e botoka ya Modimo.
11 然るにキリストは、将來の恵の大司祭として來り給ひ、更に広く、更に完全にして、人の手に成らざる、即ち此造物ならざる幕屋を経て、
Keresete o tsile e le Moperesiti yo Mogolo wa tsamaiso e e botoka e jaanong re nang nayo. O ile a tsena mo motlaaganeng o mogolwane o o iteka-netseng wa selegodimo o o sa agiwang ka diatla tsa batho ebile e se wa tlholego eno,
12 牡山羊、犢の血を用ひず、己が血を以て一度聖所に入り、不朽の贖を得させ給ひしなり。 (aiōnios g166)
mme a tsaya madi gangwe fela e le la bofelo a tsena nao mo ntlwaneng e e kwa teng, ebong Boitshepo jwa Maitshepo, mme a a kgatsha mo setilong sa kutlwelo botlhoko; mme e ne e se madi a dipodi kgotsa a dinamane. Nnyaa, o ne a tsaya madi a gagwe, mme ka sebele, a tlhomamisa poloko ya rona ya bosakhutleng. (aiōnios g166)
13 蓋牡山羊、牡牛の血、及び若き牝牛の焼灰を注ぐ事は、穢れたる人々を、肉身上に於て潔めて聖とするものなれば、
Mme fa e le gore ka fa tsamaisong e kgologolo madi a dipoo le a dipodi le melora ya dikgongwana a ne a ka tlhapisa mebele ya batho dibe,
14 况や聖霊を以て、己が穢なき身を神に献げ給ひしキリストの御血は、活き給へる神に事へ奉らしめん為に、死せる業より我等の良心を潔むべきをや。 (aiōnios g166)
a o ko akanye gore madi a ga Keresete one a ne a ka fetola matshelo le dipelo tsa rona go le kae. Setlhabelo sa gagwe se re golola mo go tshwenyegeng go patelesega go obamela melao e megologolo, ebile se re dira gore re batle go direla Modimo o o tshelang. Gonne ka thuso ya Mowa O O Boitshepo wa bosakhutleng, Keresete o ne a ineela mo Modimong ka go rata go swela dibe tsa rona, ene a le boitekanelo, a se na le fa e le sebe kgotsa molato. (aiōnios g166)
15 故にキリストは新約の仲介者に在して、死を凌ぎて前の約の下に犯されたる過を贖ひ、召されたる人々に永遠の世嗣の約束を得させ給ふなり。 (aiōnios g166)
Keresete o tsile ka kgolagano e ncha e, gore botlhe ba ba lalediwang ba ka nna ba tla gore ba tle ba bone dilo tsotlhe tse di molemo tse Modimo o di ba solofeditseng. Gonne Keresete o swetse gore a ba falotshe mo go otlhaelweng dibe tse ba di dirileng ba santse ba le ka fa tlase ga kgolagano e kgologolo. (aiōnios g166)
16 遺言書ある時は遺言者の死を要す、
Jaanong, fa mongwe a a swa a tlogela lokwalo lwa go aba boswa e le sesupo sa dilo tsotlhe tse di tshwanetseng go neelwa batho bangwe fa a a swa, ga go na ope yo o neelwang sepe go fitlhelela go supiwa gore motho yo o kwadileng lokwalo lwa boswa o sule.
17 其は遺言書は人死して後に効力あり、遺言せる人の存命せる間は、未だ其効あらざればなり。
Lokwalo lwa go aba boswa lo simolola go dira fela morago ga loso lwa motho yo o lo kwadileng. Fa a santse a tshela ga go na ope yo o ka dirisang lokwalo lo go tsaya sengwe sa dilo tse a di ba solofeditseng.
18 然れば第一の約も、血なくして立てられしには非ず、
Ke gone ka moo madi a neng a kgatshiwa (e le sesupo sa loso lwa ga Keresete) le pele ga Kgolagano e kgologolo e dirisiwa.
19 蓋モイゼ、律法によれる掟を悉く民一同に読聞かせし後、緋色の毛、ヒソッポと共に犢の血と牡山羊の血と水とを取り、律法の巻物と一般の民とに沃ぎて、
Gonne erile Moshe a sena go neela batho gotlhe ga melao ya Modimo, a tsaya madi a dinamane le dipodi, mmogo le metse mme a kgatsha lokwalo lwa Modimo lwa melao ka madi le batho botlhe, a dirisa dikala tsa ditlhatshana tsa mosimama le boboa jo bohibidu go kgatsha ka tsone.
20 言ひけるは、是ぞ神の汝等に命じ給へる約の血なる、と、
Mme a re, “Se ke madi a a supang tshimologo ya kgolagano ya lona le Modimo, kgolagano e Modimo o ntaotseng go e dira le lona.”
21 又幕屋と凡ての祭器とにも同じく血を沃ぎたり。
Mme ka yone tsela e, a kgatsha madi mo motlaaganeng le mo go sengwe le sengwe se se neng se dirisiwa mo kobamelong.
22 斯て律法に從ひては、殆ど一切のもの血を以て潔められ、血を流す事なくしては赦さるる事なし。
Tota re ka re ka fa kgolaganong e kgologolo sengwe le sengwe se ne se ntlafadiwa ka go kgatshiwa ka madi, mme kwa ntle ga go tsholola madi ga go na boitshwarelo jwa dibe.
23 然れば在天の事物に象りたるものすら、血によりて潔まれば、在天の事物其物は、是等に優る犠牲によりて潔められざるべからず。
Ke gone ka moo motlaagana o o mo lefatsheng, le sengwe le sengwe se se mo go one, tsotlhe di ne di tshwantsha dilo tse di kwa legodimong, tsotlhe di ne di tshwanelwa ke go ntlafadiwa ke Moshe ka tsela e, ka go kgatshiwa ka madi a diruiwa. Mme dilo tse e leng tsone tota kwa legodimong, tse e leng gore tse di mo lefatsheng ke ditshwantsho tsa tsone di ne tsa ntlafadiwa ka dineo tsa botlhokwa.
24 蓋イエズスの入り給ひしは、眞實のものの象に過ぎざる、手にて造られし聖所には非ず、天其物に入り給ひて、今は我等の為に、神の御目前に謁給ふなり。
Gonne Keresete o tsenye mo legodimong ka bo lone, go tla fa pele ga Modimo e le Tsala ya rona. Ga a a dira jaana mo felong ga kobamelo ya lefatshe, gonne moo e ne e le setshwantsho fela sa tempele ya boammaaruri e e kwa legodimong.
25 又大司祭が他のものの血を持ちて年々至聖所に入るが如く、屡己を献げ給はんとに非ず、
Le gone ga a ise a ke a intshe setlhabelo gantsi, jaaka moperesiti yo mogolo mo lefatsheng a isa madi a diruiwa mo Boitshepong jwa Maitshepo ngwaga le ngwaga.
26 然らずんば、開闢以來屡苦しみ給ふべかりしなり。然れど今世の末に當りて、己を犠牲として罪を亡ぼさん為に、一度現れ給ひしなり。 (aiōn g165)
Fa e ne e le gore go dira jalo go ne go tlhokega o ka bo a ne a tshwanelwa ke go swa gantsi, go tswa tshimologong ya lefatshe. Mme ga go a nna jalo! O ne a tla gangwe fela ebile e le lwa bofelo, kwa bokhutlong jwa metlha, go tlosa nonofo ya sebe ka bosakhutleng ka go re swela. (aiōn g165)
27 斯て人一度死して然る後に審判ある事の定まれるが如く、
Mme fela jaaka go laotswe gore batho ba swe gangwe fela, mme morago ga moo go tle tshekiso,
28 キリストも多くの人の罪を贖はんとて一度身を献げ給ひ、然て之を待ち奉る人々を救はん為に、再び罪を負はずして現れ給ふべし。
fela jalo Keresete le ene o sule gangwe fela e le setlhabelo sa dibe tsa batho ba le bantsi; mme o tlaa tla gape, mme legale a sa tlele go dirana le dibe tsa rona. Jaanong o tlaa tla a lerile poloko kwa go botlhe ba ba mo letileng ka tlhwaafalo le bopelotelele.

< ヘブル人への手紙 9 >