< ヘブル人への手紙 6 >

1 然れば我等は、キリストに関する教の初歩を措きて、死せる業よりの改心、神に於る信仰、
A re khutliseng go tlhola re ntse re boelela selo se le sengwe fela gangwe le gape, ka malatsi otlhe re ruta dithuto tsele tsa pele kaga Keresete. Go na le moo, a re tsweleleng pele mo dilong tse dingwe re bo re gole mo go tlhaloganyeng ga rona, jaaka Bakeresete ba ba nonofileng ba tshwanetse go nna. Tota ga re tlhoke go tswelela re buela pele ka boeleele jwa go leka go bolokwa ka go nna tshiamo, kgotsa ka botlhokwa jwa tumelo mo Modimong;
2 及び諸洗禮、按手禮、死者の復活、永遠の審判等に関する教の基礎を再び築く事を為ずして、尚完全なる事に進まん、 (aiōnios g166)
ga lo tlhoke go rutelwa pele ka kolobetso le dineo tsa semowa le tsogo ya baswi le tshekiso ya bosakhutleng. (aiōnios g166)
3 神許し給はば我等は之を為すべし。
Mme fa Modimo o ka re leta, re tlaa tswelela pele mo dilong tse dingwe jaanong.
4 蓋一度照らされて、天の賜を味ひ、聖霊の分配にも與り、
Ga go thuse sepe go leka go lo busetsa mo Moreneng gape fa lo kile lwa tlhaloganya Mafoko a a Molemo lwa ba lwa lekeletsa dilo tse di molemo tsa legodimo lwa ba lwa nna le seabe mo Moweng O O Boitshepo,
5 且神の善き御言と來世の勢力とを味ひながら、 (aiōn g165)
lo bile lo itse ka fa Lefoko la Modimo le leng molemo ka teng, lwa ba lwa ikutlwela dinonofo tse dikgolo tsa lefatshe le le tlang, (aiōn g165)
6 堕落したる人々は、己が罪として神の御子を再び十字架に釘け、之を辱め奉る者なれば、更に改心する様一新せらるる事を得ず。
mme jaanong lo tsogologetse Modimo. Ga lo kake lwa kgona go ikwatlhaya gape fa lo kokotetse Morwa Modimo mo mokgorong ka go mo gana, lo mo tsholeditse go sotlwa le go tlhabisiwa ditlhong mo pepeneneng.
7 即ち土屡其上に降來る雨を吸入れて、耕す人を益すべき草を生ずれば、神より祝福を受くと雖も、
Fa tshimo e netswe ke dipula tse dintsi, mme dijalo tse dintle di tlhoga, lefatshe leo le bonye tshegofatso ya Modimo e wela mo go lone.
8 荊棘と薊とを生ずれば、棄てられて詛はるるに近く、其終は焼かるべきのみ。
Mme fa le tswelela go mela mesetlho le mitlwa, go akanngwa gore ga le a siama ebile le emetse katlholo le go nyelediwa ka molelo fela.
9 至愛なる者よ、我等は斯く言ふと雖も、汝等に就きては尚善くして救霊に近からん事を希望す。
Ditsala tse di rategang, le fa ke bua jaana, ga ke dumele tota gore se ke se buang se raya lona. Ke tlhomamisa gore lo ungwa maungo a mantle a a tsamaelanang le poloko ya lona.
10 蓋神は、汝等が曾て聖徒等に供給し、今も尚供給しつつあるに、汝等の業と汝等が御名に對して顕はしし愛とを忘れ給ふ如き、不義なる者には在さず。
Gonne Modimo ga o patike. O ka lebala jang tiro ya lona e e bokete e lo e o direlang, kgotsa wa lebla tsela e lo neng lo tle lo supe ka yone ka fa lo o ratang ka teng, mme ebile lo sa ntse lo tshwere lo dira jalo ka go thusa bana ba one?
11 我等の望む所は、汝等が各希望を全うするまで、始終同様の励を顕し、
Re eletsa thata gore lo tle lo amogele tuelo ya lona e e itekanetseng.
12 怠慢に流れずして、信仰と忍耐とを以、約束の世嗣と成るべき人々に倣う者と成らん事是なり。
Mme ka o itse se se lo emetseng mo malatsing a a kwa pele, ga o kitla o lapisiwa ke go nna Mokeresete, le fa e le go tshwakgafala go tshwana le ba ba amogelang tsotlhe tse Modimo o di ba solofeditseng ka ntlha ya tumelo ya bone e e nonofileng le bopelotelele.
13 蓋神アブラハムに約し給ひし時、己より大いにして指して以て誓ふべきものなきが故に、御自らを指して、誓ひて、
Sekai ke se, go ne ga nna tsholofetso ya Modimo mo go Aberehame: Modimo o ne wa ikana ka leina la One, gonne go ne go se na ope yo mogolo yo Modimo o neng o ka ikana ka ene,
14 曰く、「我祝して汝を祝せん、殖して汝を殖さん」と。
gore o tlaa segofatsa Aberahame gangwe le gape, o bo o mo fa ngwana wa mosimane, o bo o mo dira rara wa chaba e kgolo ya batho.
15 斯てアブラハム忍耐を以て待御約束の事を得たり。
Jalo Aberahame a leta ka bopelotelele go fitlhelela lwa bofelo Modimo o mo naya ngwana wa mosimane, ebong Isake, fela jaaka o ne o solofeditse.
16 即ち人々は最も大いなるものを指して誓ひ、又保證と成る誓は其一切の論を決す。
Fa motho a ikana, o a bo a bitsa mongwe yo o fa godimo ga gagwe ka maemo gore a mo pateletse go dira se a se solofeditseng kgotsa go mo otlhaya fa a gana go se dira; maikano a fedisa manganga otlhe.
17 斯の如く、神は約束の世嗣たる人々に對て、其規定の變ぜざる事を尚十分に示さんとて、誓を加へ給ひしなり。
Modimo le One o ne wa itlama ka maikano, gore ba o ba solofeditseng go ba thusa, ba tlhomamise sentle thata le gone ba seka ba belaela gore a ruri Modimo o se nke o tloga o fetogela ditsholofetso tsa One.
18 是備へられたる希望を捉へんとして倚縋り奉りたる我等に、神の僞り給ふ能はざる二の動かざる事を以て、最も強き慰を得させ給はん為なり。
O re neetse tsholofetso ya One le maikano, e le dilo tse pedi tse re ka di dumelang gotlhelele, gonne ga go kgonege gore Modimo o bue maaka. Jaanong botlhe ba ba tshabelang kwa go One go ba boloka ba ka kgothatsega sesha fa ba utlwa kaga ditsholofetso tse, tse di tswang kwa Modimong; ebile jaanong ba ka itse, kwa ntle ga go belaela, gore Modimo o tlaa ba neela poloko e o e ba solofeditseng.
19 此希望は、安全にして堅固なる魂の碇として我等之を保ち、
Tsholofetso e e tlhomamisegang e ya go bolokwa ke seitsetsepelo se se nonofileng se se ikanyegang sa mewa ya rona, se re gokaganya le Modimo ka bo One ka fa morago ga sesiro sa boitshepo sa legodimo,
20 更にイエズスが限なくメルキセデクの如き大司祭と為られて、我等の為に先駆として入り給ひし幕屋の中までも、[此希望は]入るものなり。 (aiōn g165)
kwa Keresete a tsamaetseng kwa pele teng go re rapelela a le mo maemong a gagwe e le Moperesiti wa rona, a le mo tlotlong le mo maemong a a lekanang le a ga Melekisedeke. (aiōn g165)

< ヘブル人への手紙 6 >